Go ikwadisa jaaka moenjenere wa porofešenale

Go ikwadisa jaaka moenjenere wa porofešenale kwa Lekgotleng la Boenjenere la Aforika Borwa (ECSA) ke setlhokwa sa semola fa o:

  • Dira tiro ya ditherisano tsa boenjenere
  • Rwala maikarabelo a tiro ya boenjenere
  • Lakatsa go ka nna leloko ka botlalo la ditheo tse di itsegeng.

O ka ikwadisa jaaka motsayakarolo wa moenjenere fa o konoseditse lekwaloithuto le le itsegeng kgotsa le le alogisitsweng semmuso la thuto ya kwa godimo le le jaaka la B.Sc (Eng), B.Eng, kgotsa la Tipoloma ya Bosetšhaba ya Boenjenere. Fa e le gore o na le lekwaloithuto la kwa nageng ya kwa ntle, o tshwanetse go isa khophi ya lekwalonetefaletso la lekwaloithuto mmogo le lenaneokgatiso la dipholo tsa gago le le tlhagisang dirutwa tsotlhe tse o di dirileng mme o di falotse mo nakong ya fa o ne o ithuta.

Morago ga gore o iponele lekwaloithuto mmogo le maitemogelotiro a dingwaga di le tharo o ka nne wa ikwadisa jaaka modiredi wa boenjenere mo ditirong tse di latelang tsa boporofešenale tsa ditlhopha tse di kwadisitsweng tse di latelang:

  • Moenjenere wa Moporofešenale (Pr Eng)
  • Rathekenoloji wa Boenjenere wa Moporofešenale (Pr Tech Eng)
  • Moenjenere yo a nang le Makwalonetefaletso wa Moporofešenale(Pr Cert Eng)
  • Rabotegeniki wa Boenjenere wa Moporofešenale (Pr Eng Techni)

Diforomo tsa go dira kopo mmogo le tshedimosetso ka botlalo di ka fitlhelwa mo kantorong ya ECSA, mo webesaeteng ya bone ya www.ecsa.co.za kgotsa o ka e kopa ka imeile mo imeiling ya engineer@ecsa.co.za.

Share this page