Go ikwadisa jaaka Molekanyetsalefatshe

Balekanyetsalefatshe ba Baporofešenale ba ba nang le makwaloithuto botlhe, ba Balekanyetsalefatshe ba Borathekenoloji, Balekanyetsalefatshe ba Borabotegeniki mmogo le Badiri ba Bonetetshi jwa Tshedimosetso ka ga Thutafatshe (GISc) ba tshwanetse go ikwadisa le Lekgotla la Aforika Borwa le le samaganeng le Ditiro tsa Setegeniki tsa Balekanyetsalefatshe (PLATO). Baporofešenale, Borathekenoloji mmogo le Borabotegeniki ba Balekanyetsalefatshe fa ba batla go katisiwa ba ka ikwadisa gape le PLATO.

O ka ikwadisa jaaka:

  • Moporofešenale wa Bolekanyetsalefatshe
  • Moporofešenale wa Boenjenere jwa Bolekanyetsalefatshe
  • Moporofešenale wa Tirelomeepo ya Bolekanyetsalefatshe
  • Moporofešenale wa Bothaloditshwantsho tsa Bolekanyetsalefatshe
  • Moporofešenale wa Bodiri jwa Bonetetshi jwa Tshedimosetso ka ga Thutafatshe (GISc)
  • Moporofešenale wa Bothaloditšhate tsa Bolekanyetsalefatshe

Go nna molekanyetsalefatshe yo a kwadisitsweng mo PLATO o tshwanetse go falola ditlhatlhobo tse di farologaneng tse di maleba, o duelele tuelo ya lekgotla mme o na gape le maitemogelo a tiro.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le thulaganyo ya go ikwadisa, diforomo tsa go dira dikopo le dituelo mo webesaeteng ya PLATO kgotsa golagana le lekgotla mo mogaleng wa 011 626 1040 kgotsa romela imeile mo go office@plato.org.za.

 

Share this page