Go bona taelo ya madi a kotlo ya bana

Madi a kotlo ke maitlamo a go tlamela motho yo mongwe, sekao ngwana yo o saleng monnye, ka marobalo, dijo, diaparo, thuto le kalafi, kgotsa ka mokgwa mongwe le mongwe o o botlhokwa wa go tlamela motho ka dilo tseno tse di tlhokegang. Tiro eno ya semolao ya go tlhokomela e bidiwa ‘tshwanelo ya go tlhokomela’ kgotsa ‘tshwanelo ya go tshegetsa’.

Ngwana o tshwanetse go tlhokomelwa kgotsa go tshegediwa ke batsadi kgotsa batsadi ba batsadi ba gagwe mme taelo ya madi a kotlo e ka diriwa go ba gapeletsa gore ba dire seo.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go bona taelo ya kotlo ya bana kgotsa golagana le Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mo nomorong ya 012 315 1512.

Share this page