Go dira kopo ya boikwadisi jwa VAT

O tshwanetse go kwadisetsa kgwebo ya gago Lekgetho la Boleng jo bo Okeditsweng (VAT) fa boleng jotlhe jwa dithoto gongwe ditirelo tse di kgethisiwang bo feta R1 milione mo pakeng ya dikgwedi di le 12, gongwe go solofetswe gore bo tla feta madi ano.

Kgwebo e ka ikwadisa ka itiriso fa letseno le le bonweng mo dikgweding di le 12 tse di fetileng le fetile R50 000.

VAT ke lekgetho le e seng la tlhamalalo mo tirisong ya dithoto le ditirelo mo ikonoming.

Isa foromo ya ikwadiso kwa lekaleng la SARS la selegae mo matsatsing a le 21 morago ga letlha la go feta boleng jwa R1 milione.

VAT e lefisiwa ka seelo se se tlhomameng sa 15% mo tlamelong ya dithoto le ditirelo ke bagwebi ba ba ikwadisitseng. Go na le mefuta e e lekanyeditsweng ya dithoto le ditirelo tse di lefisiwang VAT ya lefela gongwe di golotswe mo tuelong ya VAT.

Phimola ikwadiso ya gago ya VAT

O ka dira kopo ya go phimola ikwadiso ya gago ya VAT fa boleng jwa dithoto tse di kgethisiwang bo wela kwa tlase ga tekanyetso ya R1 milione, gongwe fa kgwebo e eme.

Ikwadiso ya gago ya VAT e tla phimolwa fela fa Mokhomišenara a kgotsofetse gore dithoto tsa gago tse di kgethisiwang ga di fete R1 milione gongwe gore o emisitse kgwebo.

O tshwanetse go itsese Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (SARS) mo matsatsing a le 21 morago ga go emisa kgwebo ya gago.

Kgwebo ya gago e tla nna e na le maikarabelo a melato e e saletseng kwa morago ya VAT ya fa e ne e kwadisitswe jaaka kgwebo.

Bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le go ikwadisetsa VAT kgotsa go phimola ikwadiso ya gago kgotsa golagana le SARS.
 

 

Share this page