Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
Mongwe le mongwe yo o ratang go rekisetsa badirisi ditlhagiswa tsa petroliamo, o tshwanetse go dira kopo ya laesense ya kgwebokgolo kwa Lefapheng la Diminerale le Maatla.
Laesense e e go letla go reka le go rekisa ditlhagiswa tsa petroliamo ka bontsi (dilitara tse 1 500 kgotsa go feta, ka phetisetso ya ditlhagiswa tsa petroliamo) go tswa go motlhagisi yo o nang le laesense. Laesense eo e tla tswelela go dira fa fela kgwebo e sa ntse e dira.
Dikgato tse di latelwang
- Tlatsa:
- Application for wholesale licence: DME 397 (Kopo ya laesense ya kgwebokgolo: DME 397) le
- Wholesale licence annual information (submission form): DME 394 tse di bonwang kwa Lefapheng la Diminerale le Maatla.
- Romela diforomo tse di tladitsweng kwa Lefapheng la Diminerale le Maatla.
Boemo jwa tirelo
Modirakopo o tshwanetse go bona tsibogo mo matsatsing a le 90 go tloga ka letsatsi la kopo.
Tlhotlhwa
- R1 000 go sa kgathalatsego gore o ne o ntse o dira pele ga go tsena tirisong ga Molao o.
- R500 ya tuelelo ya ngwaga le ngwaga ya laesense.