Kopo ya visa

Fa o batla go etela Aforika Borwa, o tshwanetse go tlhagisa visa e e mo molaong pele o ka tsena mo nageng. Go tla rebolwa visa mabapi le mabaka a bojanala kgotsa a kgwebo mme e dira sebaka sa matsatsi a le 90.

Dinaga dingwe di golotswe mo taolong ya visa, se se kayang gore baagi ba ba tswang kwa dinageng tseo ga ba tlhoke visa go etela Aforika Borwa.

Divisa ga di rebolwe kwa matsenong a naga a Aforika Borwa, mme batlhankedi ba difofane ba tshwanetse go gatelela go bona divisa pele ba ka letlelela bapalami mo sefofaneng. Fa o goroga kwa ntle ga visa, batlhankedi ba bogorogelo ba patelesega go go pega sefofane se se boelang kwa nageng ya gaeno.

Go ya fela ka maikaelelo a leeto la gago, o ka dira kopo ya Visa ya Baeti gongwe Visa ya Kgabaganyo.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga:

gongwe golagana le Lefapha la Merero ya Selegae.

 

Share this page