Puo ka Moporesitente Cyril Ramaphosa Tebang le Tswelopele ya Maiteko a Bosetšhaba a go Samagana le Leroborobo la COVID-19

Puo ka Moporesitente Cyril Ramaphosa Tebang le Tswelopele ya Maiteko a Bosetšhaba a go Samagana le Leroborobo la COVID-19 

MaAforika Borwa a a rategang,

Re setse re na le sebaka sa dikgwedi di le 15 fa e sale re simolola go tsenya tirisong Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga ka ntlha ya leroborobo la mogare wa corona. 

Ga re ise re ke re itemogele kgwetlho e e setlhogo go le kana, le seng e e tsereng sebaka go le kana. 

Go a tlhaloganyega gore maAforika Borwa a mantsi a setse a lapile le go nyema mooko. 

Re utlwa botlhoko ka matshelo a mantsi a a re latlhegetseng, e bile re kgaratlha go samagana le seabe se segolo se leroborobo le le nnileng naso mo matshelong a dimilione tsa batho ba rona. 

Ke a itse gore dikiletso tse di leng teng ga jaana mo matshekelong a rona di setse jaanong di re fedisa pele. 
Ke tlhaloganya sentle gore dikiletso tseno di kgoreletsana le kgololesegong ya lona ya go tsaya maeto, go kokoana, go nna le ditsala le ba masika, go ya dikerekeng le meletlong ya sedumedi, mme mo bathong ba bangwe di kgoreletsana le ditsela tseo ba itirelang letseno ka tsone. 

Fela re a itse gore dikiletso tse di thusitse go laola kanamo ya mogare o. 

Re setse re kile ra sutlha le go itshokela ditsuatsue tsa makhubu a a setlhogo a mabedi a ditshwaetso. 

Mme ka go dira mmogo, re ne ra fokotsa ditshwaetso le go thibela go latlhegelwa ke matshelo a batho a mantsi. 

Re a itse gore le fa tota dikgwedi tse 15 tse di fetileng di ne di le bokete, re setse re simolotse ka dikgato tsa go busetsa maemo sekeng. 

Le fa tota letsholo la rona la go enta bontsi le nnile le dikgwetlho di le mmalwa, ga jaana le tswelela pele sentle mme re mo tseleng ya go kgona go laola bolwetse jo. 

Le fa tota re na le lebaka la go nna le tsholofelo, re santse re lebagane le namane e tona ya tiro. 

Lekhubu la boraro la ditshwaetso le gorogile. Re tshwanetse go laola lekhubu le lešwa le la ditshwaetso. 

Go tloga mo motsing yok e neng ke le eme ka lefoko mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, palo ya ditshwaetso tse dišwa tsa letsatsi le letsatsi e menagane gabedi. 

Ka nako eo, re rekotile batho ba ba tshwaetsegang ba le 3 700 ka letsatsi. 

Mo matsatsing a le supa a a fetileng, re rekotile batho ba ba tshwaetsegang ba le 7 500 ka letsatsi. 

Palo ya balwetse ba ba amogelwang mo maokelong ka ntlha ya COVID-19 mo matsatsing a le 14 a a fetileng e nnile kwa godimo ya feta ya matsatsi a le 14 a pele ga ano ka 59%. 

Palo ya batho ba ba tlhokafalang ka ntlha ya COVID-19 letsatsi le letsatsi e oketsegile ka 48% go tswa go 535 mo dibekeng tse pedi tse di fetileng go ya go 791 mo matsatsing a le supa a a fetileng. 
Ntle le Kapa Bokone, diporofense tsotlhe di itemogela koketsego ya ditshwaetso. 

Diporofense tse nne – Gauteng, Foreisetata, Bokone Bophirima le Kapa Bokone – di setse di tsene mo lekhubung la boraro, fa tse dingwe tsona di ntse di latela. 

Seelo sa diteko tsa COVID-19 tse bao ba dirilweng diteko tseno go fitlhetsweng ba na le mogare, e leng diteko tsa seelo sa bao ba nang le mogare, se tswelela go tlhatloga mo Gauteng, Limpopo, Kapa Bophirima, Foreisetata le KwaZulu-Natal.

Gauteng ke yona e e amegileng go gaisa diporofense tse dingwe tse. 

Peditharong ya dikgetse tse dišwa tsa tshwaetso mo bekeng e e fetileng ke tsa Gauteng. 

Lebelo le ditshwaetso tseno mo Gauteng ga jaana di oketsegang ka lona le bonako e bile le kwa godimo thata go gaisa ka nako e mo makhubung a a fetileng. 

Mo matsatsing a se kae a a tlang, go bonala ekete palo ya dikgetse tse dišwa mo Gauteng e tla feta eo re nnileng le yona e e neng e le kwa setlhoeng mo lekhubung la bobedi. 

Maokelo a poraefete mo porofenseng e a kaile fa a setse a le gaufi le go tlala. 
Re tshwanetse go tsaya dikgato tse di nonofileng ka bonako gore re kgone go boloka matshelo a batho. 

Mme gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go boela kwa loe. 

Re tshwanetse go gopola gore mogare ono o anama jang gore mongwe le mongwe wa rona a itshole ka tsela e e fokotsang kgonagalo ya tshwaetso. 

Ga re a tshwanela go itlhokomolosa dikgatothibelo tsa motheo tse re itseng gore le botlhokwa. Borasaense ba rona ba re itsise gore mogare o, o anamisiwa ke maitsholo a rona. 

Re tshwanetse go gakologelwa gore batho ba bantsi ba ba tshwaeditsweng ke COVID-19 ga ba bontshe matshwao. 

Motho yo o ka tswang o ntse fa thoko ga gagwe mo thekising, gongwe modirammogo nao, tsala kgotsa tokololo ya lelapa kwa moletlong wa go tlhaba kgobe, a ka tswa a tshwaetsegile. 

O ka tshwaetsega fa o tsamaya ka thekesi e e sa bulwang matlhabaphefo. 

O ka tshwaediwa ke mogare go tswa go modirammogo yo o sa apareng mmaseke ka tsela e e tswalelang nko le molomo wa gagwe. 

Tsala ya gago kgotsa tokololo ya lelapa a ka tswa a sa tlhapa diatla kgotsa go di tshasa ka sanithaesa pele a go neeletsa seno kgotsa dijo, mme o ka tshwaetsega. 

O ka etela batsadi ba gago ba ba tsofetseng kgotsa bonkoko le borremogolo, o sa itse gore o tshwaetsegile mme o ka ba tshwaetsa. 

O ka etela mongwe wa losika yo o nang le bolwetse jwa sukiri, kgatelelo ya madi, kgotsa bolwetse bofe fela jo bo sa bonaleng mme wa mo tshwaetsa, le fa wena tota o ikutlwa o itekanetese. 

O ka ya kwa kerekeng kgotsa kwa mmosekeng, kgotsa wa ya kwa lebenkeleng la dijo le le tletseng kgotsa kwa tikwatikweng ya marekelo, mme o ntse o tswelela go fetisa mogare le go baya boitekanelo le matshelo a batho ba bangwe mo kotsing. 

Ka bomadimabe, go bonolo fela jalo go anamisa bolwetse jo. 

Fa re itse gore re ne re na le motho yo o tshwaeditsweng ke COVID-19, re tshwanetse go latela melawana ya go itswalela matsatsi a le lesome le fa tota re itse gore se se re duba go le kanakang. 

E ke nngwe ya ditsela tse di mosola tsa go thibela gore mogare o o seka wa anamela go ya pele. 

Diphetogo tse di botlhokwa mo maitsholong di ka dira pharologano e kgolo. 

Mme tsone re setse re buile ka tsona gantsinyana, fela ga re kitla re lapa go nna re di boeletsa gonne ka dinako dingwe re le batho re na le go itebala. 
Re tshwanetse go itlhokomela thata, re itlhokomele ka go tshwana mme re ikele tlhoko mo go sengwe le sengwe se re se dirang. 

Fa re ka itlhokomela thata le go nna malala a laotswe, re tla fokotsa phetisetso ya mogare le go isa seelo sa tshwaetso kwa tlase. 

Fa e le batho ba le mmalwa fela ba ba tshwaeditsweng ka nako e le nngwe, e nna fela batho ba le bannye ba ba lwalang, mme go amogelwa ba le bannye kwa dipetlele, batho ba sekae fela e nna bona ba ba tlhokang tlhokomelo ya ICU, mme ba le mmalwa fela ba tlhoka metšhini ya go ba thusa go hema. 

Se re se itseng ka makhubu a mabedi a a fetileng le go ya ka seo re itemogelang sona go ralala le lefatshe ke gore fa maokelo a rona a tletse go feta tekano, batho ba bantsi ba latlhegelwa ke matshelo. 

Maitlhomomagolo a rona ga jaana, ke go netefatsa gore go na le malao a a lekaneng kwa maokelong, batlhankedi ba boitekanelo ba ba lekaneng, dithusakhemo tse di lekaneng le okesijene e e lekaneng go neelana ka tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo go mongwe le mongwe yo o e tlhokang. 

Tlhatlogo e e kwa godimo ya ditshwaetso tse dišwa e kaya gore re tshwanetse go gagamatsa dikiletso gape mo metsamaong ya batho le dikokoano. 

Re tlhoka go gatelela go ikobela dikiletso le go tsaya dikgato tse di maleba kgatlhanong le ba ba sa ikobeleng melawana. 

Ka ntlha ya tlhatlogo ya ditshwaetso, re sweditse go isa naga kwa Maemong a Tsiboso a Boraro. 

Se se tla tsena tirisong moragonyana mo maitsiboeng a fa melawana e sena go phasaladiwa. 
Se se kaya gore: 

- Diura tsa kganelomotsamao e tla nna go tloga ka ura ya bolesome bosigo go fitlha ka ura ya bone mo matsheng.
- Dikgwebo tse e seng tsa tshoganyetso jaaka mabenkele a go jelwang kwa go ona, dibara, mafelo a ikatiso, di tla tshwanelwa ke go tswala ka ura ya borobongwe bosigo go letla bareki le badiri mo mafelong ano go boela magaeng pele ga nako ya kganelomotsamao. 
- Dikokoano tsotlhe di tla lekanyetswa go batho ba ba sa feteng 50 mo teng ga kago le ba ba sa feteng 100 kwa ntle. 
Fa lefelo le le lennye go ka tshola dipalo tse ka katologano ya batho e e maleba, gone batho mo lefelong leo ga ba tshwanela go feta halofo ya mothamo wa lefelo leo.

Se se akaretsa ditirelo tsa sedumedi, ditiragalo tsa sepolotiki le dikokoano tsa loago, gammogo le mabenkele a go jelwang kwa go ona, dibara, dithafene le mafelo a a jalo. 

- Diphitlho le ditirelo tsa go fisa ditopo ga di a tshwanela go tsenelwa ke batho ba feta 50 ka katologano e e maleba fa gare ga batho le go ikobela melawana e mengwe ya boitekanelo. 

Ditebelelo, dikokoano tsa morago ga phitlho gammogo le mekete ya morago ga phitlho ga e a letlelelwa. 

- Thekiso ya nnotagi kwa dikgwebong tse di nang le dilaesense mme go sa nwelwe koo e tla letlwa go tloga ka ura ya bolesome bosigo go fitlha ka ura ya borataro mo mosong go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labone.

Ntlha e ga e akaretse matsatsi a boikhutso a botlhe. 
Thekiso ya nnotagi kwa mafelong a go nwelwang kwa go ona e tla letlelelwa go ya ka dipeelo tsa laesense go fitlha ka ura ya borobongwe bosigo. 

Go nwa nnotagi mo mafelong a botlhe jaaka kwa mabopong le kwa diphakeng e ileditswe gotlhelele. 

Mo dikgatong tsotlhe tsa rona tsa go samaganan le leroborobo le, re tsere atsapa go diragatsa dikgato tse di maleba tse di tsamaisanang le matshosetsi a a tlhodilweng ke ditshwaetso tseno.

Fa re ka tsaya dikgato pele ga nako, kgotsa ra tsenya dikiletso tse di bokete thata, ikonomi e tla sotlega. 

Le fa go le jalo, fa re ka tsaya dikgato morago ga nako, kgotsa fa tsibogo ya rona e le bokoa thata, re ka latlhegelwa ke taolo ya mogare o. 

Ka jalo, re tsweletse go ela tlhoko tshedimosetso le go tsaya tsia maele a baitseanape le borasaense ba rona. 

Dikgato tse re di tsenyang tirisong gone jaanong, di siametse maemo a kotsi e bile di botlhokwa go boloka matshelo. 

Godimo ga moo, mekgwatsibogo e mengwe ya botlhokwa e santse e le tirisong. 

E santse e le pateletso gore motho mongwe le mongwe a apare mmaseke o o tswalelang nko le molomo wa gagwe ka gale fa a le fa gare ga batho.

Ke tlolomolao go se dire jalo.

Beng le balaodi ba dikago tsa botlhe, ditikwatikwe, mabenkele, mabenkele a go jelwang mo go ona, dithekisi le dibese ba na le maikarabelo a go netefatsa gore batho mo mafelong a bona kgotsa mo diroring tsa bona ba apere dimmaseke. 

Ba tshwanetse go netefatsa gore katologano e e maleba fa gare ga batho e a ikobelwa. 

Go botlhokwa go gakologelwa gore ke tlolomolao fa palo ya batho mo lefelong e feta palo e e beilweng ya bareki kgotsa badiri e e letleletsweng mo lefelong go lebeletswe le seelo sa go diragatsa dikgato tsa go katologana ga batho se se letleletsweng.

Kgato ya go ya kwa Maemong a Tsiboso a Boraro e tla ama dikarolo tse di farologaneng tsa matshelo a rona mme go na le kgonagalo ya gore e tla tlisa diphetogo tse di rileng mo ditiragalong tse re di rulagantseng. 

Se se akaretsa, sekao, dithulaganyetso tsa segopotso sa Letsatsi la Bašwa, le le neng le rulaganyeditswe go tshwarelwa kwa Pietermaritzburg kamoso. 

Tiragalo e jaanong e tla tshwarwa ka tiriso ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano tsa dibidio mme batho ba bat la e tsenelang palo ya bona e tla fokodiwa thata e bile gape le Moporesitente o tla neelana ka puo eno mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano tsa dibidio. 

Rotlhe re na le maikarabelo a go tsaya dikgato tse di maleba go itshireletsa le go sireletsa le ba bangwe. 

Go mo go mongwe le mongwe wa rona go fokotsa kgonego ya kotsi mo go rona le mo go ba bangwe. 

Rotlhe re a itse gore letsholo la rona la go tlhabela moento le tsamaile le kgotšwa ke dikgoreletsi di se kae. 

Dikgoreletsi tsa ntlha di nnile fa morago ga go goroga ga meento ya ntlha, borasaense ba rona ba lemoga gore moento wa AstraZeneca o re neng re o rekile kwa Setheong sa Serum kwa India, o ne o sa tlamele ka tshireletso e e lekaneng kgatlhanong le mofuta wa mogare o o neng o tletse mo Aforika Borwa.

Re amilwe gape ke tlhaelo ya tlamelo ya meento go ralala lefatshe, e e kgoreleditseng mananeo a go enta go ralala Aforika le dinaga tse dingwe tsa lotseno lo lo kwa tlase go ya go le le magareng. 

Morago ga go swabisiwa ke AstraZeneca, moento wa Johnson & Johnson o ne wa bonala e le ona o o botoka mo nageng ya rona ka ntlha ya fa o sirelatsa kgatlhanong le mofuta o, ka ntlha ya fa o tlhoka go entiwa gangwe fela le gore o ka bolokiwa le go tsamaisiwa bonolo. 

Le fa go le jalo, tlamelo ya meento ya Johnson & Johnson e ne ya diegisiwa ke ditlhotlhomiso tsa kgotlelego ya ditswaki kwa bodirelong jo bo tlamelang jwa Baltimore kwa Amerika. 

Go fitlha ga jaana, lenaneo la rona la go enta batho ba bantsi le ikaegile ka moento wa Pfizer o o tlhokang go tlhabiwa gabedi. 

Le fa go le jalo badiredi ba boitekanelo ba le 480 000 ba amogetse moento wa Johnson & Johnson go fitlha ga jaana, e le karolo ya Kgato ya Ntlha ya lenaneo le. 

Jaaka Kgato ya Bobedi, palogotlhe ya badiri mo lephateng la boitekanelo ba le milione le halofo e leng badiredi ba boitekanelo ba bangwe le batho ba bangwe ba dingwaga tse di kwa godimo ga 60 ba amogetse moento wa ntlha awa Pfizer. 
Se se tlisa palogotlhe ya batho ba ba setseng ba amogetse moento go bokana ka dimilione tse 2. 

Lebelo la go enta le ntse le oketsega, mme ga jaana re enta batho ba ka nna 80 000 ka letsatsi kwa mafelong a feta 570 a lekala la botlhe le la poraefete.
Palo e e tla gola ka bonako mo dibekeng tse di lateleng, jaaka re ikaelela go sireletsa batho ba ba bokoa ka bontsi jo bo kgonegang. 

Mathata a moento wa Johnson & Johnson ga jaana a rarabolotswe. 

Ka ntlha ya mathata a, meento e le dimilione tse pedi e e neng e setse e tlhagisitswe, e ka se tlhole e dirisiwa. 

Polante ya Aspen kwa Gqeberha kwa Kapa Botlhaba ga jaana e ka kgona go tswelela ka go tlhagisa meento e mešwa. 
Setlamo se se ikemiseditse go oketsa tlhagiso le go simolola go tlamela naga mo matsatsing a le mmalwa a a latelang. 

Go fitlha ga jaana, re setse re amogetse meento ya Pfizer e ka nna 2,4 dimilione. 

Kwa bokhutlong jwa Seetebosigo, re solofela gore re tla bo re amogetse palogotlhe ya meento ya Pfizer e le dimilione tse 3.1. 

Johnson & Johnson e re lemositse fa e solofela go romela meento e ka nna dimilione tse 2 mo Aforika Borwa kwa bokhutlong jwa kgwedi e. 

Meento ya ntlha e re tla e amogelang go tswa go Johnson & Johnson e tla dirisediwa go enta barutabana mo dikolong tsa rona mme morago ga moo e nne batlhankedi ba tshireletso ba ba di gogang kwa pele. 

Jaanong ka ntlha ya fa bogolo jwa tiego mo tlamelong ya meento e setse e rarabolotswe, tiro ya rona ya botlhokwa ke go konosetsa go enta ba ba kwa godimo ga dingwaga tse 60 ntle le tiego. 

Go kabakanyediwa gore ga jaana re na le mothamo o o lekaneng go enta batho ba ka nna 150 000 ka letsatsi mme re ikaelela go oketsa palo eo go nna 250 000 ka bonako jo bo kgonegang. 

Ka jalo, ke ikuela go mongwe le mongwe mo nageng e yo o leng kwa godimo ga dingwaga tse 60 go ikwadisa – e ka nna ka inthanete, ka SMS, ka mogala kgotsa ka sebele – gore a tle a entiwe ntle tiego. 

Ke ikuela go mongwe le mongwe gore fa o itse mongwe yo o dingwaga tse di kwa godimo ga 60 yo a sa entiwang, tsweetswee mo thuse go kwadisa le gore a entiwe.

Jaaka re bona seelo sa tshwaetso se tlhatloga go ralala naga, go na le dipalopalo tse di re neelang lebaka le le tletseng la go nna le tsholofelo. 
Ka ona motsi o mo lekhubung la bobedi la ditshwaetso kwa tshimologong ya Sedimonthole ngogola, go ne go na le badiredi ba boitekanelo ba le 640 ba ba neng ba tshwaeditswe ke COVID-19 mo pakeng ya matsatsi a le supa. 

Mo matsatsing a le supa a a fetileng, ke badiredi ba boitekanelo ba le 64 ba ba tshwaetsegileng. 
Le fa e tshwanetse go nna maikemisetso a rona a a sa tekatekeng go netefatsa gore go se nne le modiredi wa boitekanelo yo o tshwaetsegang, se ke kwelotlase e e kwa godimo ya ditshwaetso, e leng se re ka se nyalanyang le katlego ya kgato ya ntlha ya letsholo la go enta. 

Se ke bopaki ba gore meento e a dira.

Se se tshwanetse go re rotloetsa go itlhaganedisa thebolo ya meento le go netefatsa gore batho botlhe ba ba tshwanetseng, ba a ikwadisa le go amogela moento. 

Dikgwedi tse 15 tse di fetileng, jaaka ke ne ke lo eme ka lefoko jaaka setšhaba ke le kwa Union Buildings, ke rile: 
“Leroborobo le, le tla feta.

“Fela go tswa mo go rona gore le nna go fitlha leng, le tla senya go le kae, le gore go tla tsaya ikonomi ya naga ya rona sebaka se se kae go boela mannong.

“Ke nnete gore re lebagane le maemo a tshoganyetso. 

“Fela fa re dira mmogo, re tsaya kgato gone jaanong, mme re ipeta sebete, re tla a fenya.”

Morago ga nako yotlhe e e fetileng, morago ga tsotlhe tse re di itemogetseng, morago ga tsotlhe tse re di dirileng le go di fitlhelela jaaka naga, mafoko a, e santse e le boammaaruri. 

Re itshoketse go le gontsi jaaka setšhaba mme re fentse. 

Re ka se tlalediwe ke ketsaetsego, poifo kgotsa go nyema mooko.

Ga re kitla re tshosediwa ke bogolo kgotsa tharaano ya tiro e re e lebileng. 

Ga jaana re bona tselana ya go fenya leroborobo le.

Fela go santse go le gontsi go re tshwanetseng go go dira. 
Re itshupile fa re na le bokgoni le maikaelelo a go lwantsha mogare o. 

Ga jaanong ken a le tsholofelo ya go feta mo malobeng ya gore re tla atlega. 

Modimo tshegofatsa Aforika Borwa le go sireletsa baagi ba yona.

Ke a leboga.
 

Share this page

Similar categories to explore