Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 21 Moranang 2021

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Letsholo la go Tlhaba Moento wa Mogare wa Corona (COVID-19)
1.1.    Kabinete e totobaditse sešwa Letsholo la Kgato ya Bobedi ya go Tlhabela Moento le le tla simololang ka Mosupologo wa bo 17 Motsheganong 2021. Letsholo leno le tla simolola ka bagodi ba ba nanng le dingwaga di le 60 le go ya kwa godimo mme mafapha a naga le a diporofense a boitekanelo a tla gasa tshedimosetso ya gore batho ba tla entela kae mo mafelong a a fetang a le 3 000 a go tla entelwang kwa go ona. 
Letsholo leno la Kgato ya bobedi le tla diragadiwa ka nako e le nngwe le la kgato e e tsweletseng ya go enta badiri ba lephata la tlhokomelo ya boitekanelo (HCWs) ba letsholo la bona la go entiwa le neng la kgorelediwa ke melawanataolo e e neng ya ama moento wa Johnson & Johnson ka ntlha ya ditiragalo tsa kwa Amerika le Yuropa. Letsholo la go tlhabela moento la Sisonke le mafelo a lona a go entela a atolositsweng go fitlha mo go a le 95 mo nageng ka bophara go fitlha ga jaana le setse le entile badiri ba lephata la tlhokomelo ya boitekanelo ba le 434 980 mme le tla khutla ka la bo 14 Motsheganong 2021. Kabinete e itumedisiwa ke gore badiri ba lephata la tlhokomelo ya boitekanelo ba ba setseng ba tla entiwa ka moeto wa Pfizer go fitlha ba kgaoletswa mo nakong e e tla tleng e itsisiwe. 
1.2.    Puso e ikuetse mo bathong ba ba nang le dingwaga di le 60 le go feta go ikwadisetsa go tlhaba moento wa COVID-19 mo Sefalanatshedimosetso sa Ikwadisetso ya go Tlhaba Moento sa Ileketeroniki (EVDS) mo webesaeteng ya https://vaccine.enroll.health.gov.za. Fa o sena didirisiwa tsa inthanete kgotsa mogala wa thekenoloji ya segompieno o ka ikwadisa ka go romela nomoro ya gago ya lekwaloitshupo ka SMS ka go tobetsa *134*832*o tsenye nomoro ya lekwaloitshupo morago o tobetse#. Fa e le gore ga o na nomoro ya lekwaloitshupo o tlhoka fela go tobetsa *134*832#. Jaanong o ka kgona go ikwadisa le ka Whatsapp ka go romela lefoko “REGISTER” mo go 0600 123 456. Baagi ba tshwanetse go netefatsa gore ba tsenya dintlha tse di nepileng tsa bona tsa mogala wa seatla le tsa aterese ya lefelo leo ba dulang kwa go lona gore ba kgone go bona tshedimosetso mabapi le letsholo la go tlhaba moento fa go tlhokagala. Ba ba senang didirisiwa tsa inthanete ba ka ikwadisa kwa mafelong a motse a go tla entelwang kwa go ona kgotsa ba ikwadisa fa modiredi wa lephata la boitekanelo wa mo motseng a tsena ntlwana le ntlwana mo metseng e e farologaneng go kwadisa batho ba ba batlang go enta.
1.3.    Gore batho ba entiwe ba tlhoka pele go ikwadisa go nne seno se tla kgona gore re gate motlhala batho ba ba entilweng gore ba ntse ba ikutwa jang fa mo isagong go tlhokagala gore re dire jalo. 
1.4.    Ditirelo tseno ke mahala ka jalo ga o tlhoke data kgotsa airtime go ikwadisa ka SMS kgotsa ka WhatsApp. Fa o ka kopana le matsapa fa o leka go ikwadisa, o ka letsetsa Mogala wa Tirelo ya ka Bonako wa COVID-19 mo go 0800 029 999.
1.5.    Kabinete e lomilwe tsebe ka matsapa a a tsweletseng a a amanang le ditshwaetso tsa COVID-19 kwa nageng ya India mme e eme nokeng tshwetso ya go neela naga eno didirisiwa tsa yona tsa go thusa go hema e le maitlhomo a Aforika Borwa a go totobatsa ntlha ya gore gore re fenye COVID-19 lefatshe ka bophara re tlhoka go emana nokeng.
1.6.    Kabinete gape e a itse ka ketsaetsego e maAforika Borwa a nang le yona mabapi le seemo sa COVID-19 kwa nageng ya India, mme e netefaletsa maAforika Borwa gore Lefapha la Boitekanelo mmogo le borasaense ba rona ba tsweletse go ela maemo tlhoko mo nageng eo mme e bile gape ditaolelo tsa boitekanelo mmogo le dikgato tsa polokesego di tsweletse go tsewa go babalela matshelo a maAforika Borwa. 
1.7.    Mo godimo ga seno, Kabinete e lomilwe tsebe gape le ka tlhatlogo ya palo ya batho ba ba tshwaetswang ke COVID-19 ka fa nageng ya rona mmogo le dikgato tse di tlhokegang gore di tsewe go thibela go anama ga bolwetse jono. 
1.8.    Kabinete e gakolola maAforika Borwa ka botlhokwa jwa go tswelela go ikobela ditaolelo tsa boitekanelo tse di seng ka ga go nwa melemo mo go thibeleng go tshwaetsana ka COVID-19 ka go tswelela go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho; go katogana le batho ba bangwe ka sekgala sa mitara le halofo; go tlhapa diatla ka gale ka metsi a sesepa kgotsa go itsikitletsa ka sebolayamegare se se ritetsweng ka bokanaka 70% ya alekhohole; mmogo le go ikgatolosa go tsaya maeto go sa tlhokagale ka go nna kwa malapeng a borona.

2.    Tshekego ya Nakwana e e Mabapi le Ditlha tse di Amanang le Ditshwanelo tsa Dithoto le Dithata tsa Dikgwebo (TRIPS) go Letlelela Ditlamo tse di sa Abelwang Dithoto le Dithata gore le tsoan di Letlelelwe go Tlhagisa Meento ya COVID-19

2.1.    Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi kemonokeng ya naga ya Amerika mo Mokgatlong wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO) gore TRIPS e sekegwe nakwana mo mererong ya meento ya COVID-19. 
2.2.    Naga ya Aforika Borwa mmogo le ya India ga di a bolo go ema ka le le reng WTO e tshwanetse go sekega nakwana TRIPS. Go sekegwa nakwana ga TRIPS go tla kgontsha dinaga gore di fitlhelele thekenoloji e e tla di kgontshang gore le tsona di itirele meento ya COVID-19. Kgato eno e dirile gore dinaga di feta di le 100, go tsenyeletsa le ya China, di tshegetse kgato ya go sekega nakwana dikarolo tse di rileng tsa TRIPS ya WTO.
2.3.    Go sokodisiwa ke go rekiwa ga meento ya COVID-19 go thibetse bontsi jwa dinaga tse di santseng di iketetsa, bogolosegolo tsa kontinente ya Aforika, go dira phapang e e bonagalang mo go lwantshaneng le bolwetse jono. Kabinete e dumela gore melao ya ditshwanelo tsa dithoto le dithata tsa dikgwebo e e thibelang dinaga go itirela meento ya bona mme batho ba tsweletse go tlhokafala jaaka ditshenekegi ka ntlha ya leroborobo leno la mogare wa corona ke selo se se tlhokang botho e le ruri. 
2.4.    Mo ntlheng eno Kabinete e amogetse maikano a go romela mo Aforika Borwa didirisiwa tsa thekenoloji tse di ka jang bokanaka R3 bilione tse di tla dirisiwang go tlhagisa meento le melemo ya kalafi jaaka Ngaka Patrick Soon-Shiong a setse a tsibositse, e leng rrakgwebo mo lephateng la biotechnology yo gape e leng moagi wa Aforika Borwa le Amerika.
2.5.    Kabinete e leboga kemonokeng e e sa kgaotseng ya Ngaka Soon-Shiong mmogo le botlhogoputswa ba bangwe mabapi le kabelo e e sa tlhaeleng ya meento ya COVID-19, tlhatlhobo ya yona le kalafo ya yona. 
2.6.    Kabinete gape e leboga Ngaka Soon-Shiong go bo a amogetse phatlhalatsa bokgoni jwa Aforika Borwa mo mererong ya saense, ya tlhokomelo ya matshelo a batho le mo bokgoning jwa yona jwa phisegelo ya go tlhagisa meento ya mo isagong e e tla lwantshanang le bana ba mogare wa corona ba ba tla dirang gore meento e ga jaana re nang le yona e sa tlhole e nna mosola mo baneng ba mogare ono.

3.    Baagi ba Motse wa Covie ba Neelwa Naga Semmuso  

3.1.    Kabinete e amogetse dikgato ts Motlatsamoporesitente David Mabuza, mo maemong a gagwe jaaka Monnasetulo wa Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) tse di samaganeng le merero ya pusetso ya dinaga, tsa go neela baagi ba motse wa Covie kwa Kapa Bophirima makwalobopaki jwa madulo ka Labotlhano, 30 Moranang 2021.  
3.2.    Dikgato tsen tsa go neela baagi ba motse wa  Covie dithata tsa go nna beng ba naga ya bona ke karolo ya tiro e e tsweletseng ya IMC e e disang merero ya pusetso ya dinaga go potlakisa dikgato tsa go busetsa beng dinaga mo go samaganeng le setlhogo se se dirilweng ke puso ya mo malobeng ya tlhaolele. 

4.    Letsatsi la Badiri

4.1.    Kabinete e totobaditse gore badiri e santse e le seikokotlelo sa ikonomi mo setšhabeng sa rona mme e bile ba botlhokwa mo go rulaganyeng gore rotlhe re nne le bokamoso jo bo botoka.
4.2.    Kabinete e nopotse seabe se ditlamorago tse di sa jeseng diwelang tsa leroborobo la COVID-19 se nnileng le sona mo matshelong a badiri, mo bontsi jwa bona bo latlhegelwang ke ditiro, bo fokoletswanng megolo jaaka ditheo tse ba di direlang di lebisa metswedi ya tsona mo matsholong a go boloka matshelo.
4.3.    Le fa go le boima mo ikonoming ya rona, puso e itomile sisino go diragatsa ditsholofetso tsa yona tsa go netefatsa gore Aforika Borwa e tswelela go tsholetsa le go babalela ditshwanelo tsa badiri.   

5.    Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Keteka Mosola wa Baoki

5.1     Kabinete e sekegetse tsebe ntlha ya gore e tshwere kopano ya yona ka letsatsi le ka lona go ketekiwang mosola wa baoki mo lefatsheng ka bophara mme e touteletse molaetsa wa yona wa go leboga baoki ba ka fa nageng ya Aforika Borwa, ba kontinente ya Aforika le ba lefatshe ka bophara mo go direng ka boineelo le ka botswapelo mo go lwantshaneng le leroborobo la COVID-19.
5.2    Baoki mmogo le badiredi ba bangwe ba lephata la boitekanelo ba tsweletse go goga kwa pele ntwa ya go lwantshana le COVID-19 mme seno se baya matshelo a bona mo kotsing ka ba na le kgonagalo ya gore ba ka tlisa bolwetse jono kwa malapeng a bona. 

6.    Seemo sa ka fa Naeng sa go Ithaopa go Neelana ka Madi

6.1.    Kabinete e ipiletsa mo go maAforika Borwa otlhe a mebele ya bona e senang malwetse go neela ka madi mo Setheong sa Naga ya Aforika Borwa sa Ditirelo tsa Madi (SANBS), se ga jaana se nang le tlhaelo e tona ya madi. 
6.2.    Ba SANBS ba tsere dikgato tse di tseneletseng tsa pabalesego go netefatsa gore batho botlhe ba ba abelanang ka madi a bona ba bolokesegile ka go tlhatlhoba ka tsenelelo mongwe le mongwe yo a tsenang mo mafelong a ditleliniki tseno. 
6.3.    Gore ba bone tshedimosetso e nngwe gape, bao ba nang le phisegelo ya go ka abelana ka madi ba ka ikgolaganya le SANBS mo nomorong ya mogala ya: 0800 11 9031 go tloga ka Mosupologo go fitlha ka Labotlhano go tloga ka ura ya bosupa mo mosong go fitlha ka ura ya botlhano maitseboa.

7.    Go Tlhaselwa ga Naga ya Palestina

7.1    Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa tlhaselo ya baagi ba naga ya Palestina ba ba neng ba rebotse ditshupetso kwa Mosekeng wa Al Aqsa le kwa Moagong wa Rock mabapi le go ntshiwa ga baagi ba maPalastina mo dintlong tsa bona go se mo molaong kwa Sheikh al Jarrah e leng karolo e e kwa botlhaba jwa kgaolo ya Jerusalema mme seno se diriwa ka maitlhomo a go dirisa lefelo leo go nna la bodulo jwa baagi ba naga ya Iseraele. Dikgato tseno tsa naga ya Iseraele di thulana ka tlhogo le melao ya boditšhabatšhaba e bile di itlhokomolosa ka gotlhe Ditshwetso tse di Tserweng ka Tumelano ke Lekgotla la Tshireletso la Dinagakopano (UNSC) go tsenyeletsa ke Tshwetso ya bo 446 (e e tserweng ka ngwaga wa 1979) mmogo le ya bo 2334 (e e tserweng ka ngwaga wa 2016)  mme ka bobedi di tlhamaletse gore di laela Iseraele go kgaotsa tiro ya yona ya go tsaya naga ya maPalestina ka dikgoka mmogo le go tlotla ditshwanelo tsa morafe wa maPalestina, tse mo go tsona di tsenyeletsang le tsa gore maPalestina e nne bona ba ba itlhophelang gore ba batla go wela mo nageng efe le gore ba batla go ipusa ka bobona.
7.2    Kabinete e ikuela mo go Iseraele go emisa ditlhaselo tsa yona tse di setlhogo mo baaging ba maPalestina mmogo le go ikamanya le maitlhomo a boditšhabatšhaba a go tsosolosa dithulaganyo tsa sepolotiki, e leng se se tla tsosolosang Puso ya Palestina, e e tla dirang mmogo le ya Iseraele mme go rena kagiso mo melelwane ya dinaga ka bobedi e e tla itsiweng ke dinaga tsa boditšhabatšhaba, jaaka go ne go ntse go tloga ka la bo 04 Seetebosigo 1967, moo botlhaba jwa karolo ya Jerusalema bo neng bo itsege e le teropo e kgolo ya Palestina. 

8.    Dikgato tse di Tserweng ke Naga ya United Kingdom (UK) go Tshegetsa Tiro ya Ditheo tse di Disang Tiragatso ya Molao tsa Naga ya Aforika Borwa

8.1    Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tse di tserweng ke UK mo go thusaneng le Aforika Borwa mo go lwantshaneng le bonweenwee ka go tsaya dikgato kgatlhanong le batho ba ba latofadiwang ka bogodu le bonweenwee mo nageng ya rona.
8.2     Mo ntlheng eno Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa go golega Rre Michael Loma kwa nageng ya UK mabapi le kgetse e a amegang mo go yona mo Aforika Borwa tebang le bogodu le bonweenwee jo bo diragetseng kwa Kusile mme e bile gape e itumedisitswe le ke dikgato tse di amanang le beile ya gagwe tse di gagametseng tse di rebotsweng ke dikgotlatshekelo tsa kwa nageng eo. 
8.3    Mo godimo ga seno, Kabinete e itumedisitswe le ke dikgatokiletso tse di rebotsweng ke UK mo ntlheng e e amanang le bana ba thari e bong barwa ba kwa Gupta e leng Rre Ajay, Rre Atul mmogo le Rre Rajesh mmogo le tsala ya bona e bong Rre Salim Essa mabapi le seabe se ba nnileng le sona "mo ditirong tse di tlhomaganeng tsa go dira bonweenwee mo nageng ya Aforika Borwa tse di tlisitseng tshenyo e e seng kana ka sepe" mo ikonoming le mo matshelong a baagi ba Aforika Borwa.

9.    Dintwa tsa kwa Nageng ya Mozambique 

9.1.    Kabinete e santse e tshwenngwa ke seamo sa kwa nageng ya Mozambique mme e tsweletse go ela maemo ano tlhoko. Jaaka e le matshwanedi, Kabinete e tlhagisitse ka botlalo dikgato tsa yona tsa go ema nokeng Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) mo go tliseng khutso le pabalesego tse di tla nnelang ruri, mmogo le poelano le tlhabololo ya Mozambique.

10.    Setlamo sa Motlakase sa ACWA se Bokeletsa Matlole a go Aga Bodutelo jwa Phetlho ya Motlakase ka Letsatsi jwa Redstone Concentrated 

10.1    Kabinete e itumedisitswe ke gore Setlamo sa Motlakase sa ACWA se bokeleditse matlole a go aga Bodutelo jwa Phetlho ya Motlakase ka Letsatsi jwa Redstone Concentrated kwa porofenseng ya Kapa Bokone. Bodutelo jono ke karolo ya diporojeke tse dikgolo tsa mafaratlhatlha a naga ya Aforika Borwa e bile gape ke diporojeke tse go dirilweng dipeeletso tse dikgolo mo go tsona ka fa nageng mabapi le ntšhwafatso ya motlakase. 
10.2    Bodutelo jwa Redstone go lebeletswe gore bo tla fetlha motlaase o o kanaka dimekawate di le 100 tsa motlakase o o ntšhwafaditsweng o go lebeletsweng gore re tla nna le ona fa ngwaga wa 2023 o lebile go garela mme seno se tla dira gore re nne motlakase o o sa kgaogeng o o ka dirisiwang mo malapeng a feta a le 200 000.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Lenaneo la Naga la go Keteka Segopotso sa Ngwaga wa bo 25 wa Tiriso ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996

1.1.    Monongwaga e setse e le ngwaga wa bo 25 fa e sale naga ya Aforika Borwa e amogela go dirisa Molaotheo ono ka la bo 08 Motsheganong 1996, e leng o mongwe wa Melaotheo e e karantiwang mo lefatsheng ka bophara. 
1.2.    Mo ntlheng eno, Kabinete e neseditse pula Lenaneo la Naga le le tla Ketikiwang Ngwaga otlhe la go Keteka Segopotso sa Ngwaga wa bo 25 wa Tiriso ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 mme lona le tla etelelwa pele ke Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo. 

2.    Khonferense ya Ditona ya Botlhano e e Mabapi le go Fedisa Ditiragalo tsa go Thapiwa ga Bana mo Ditirong

2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgopolo tsa gore Khonferense ya Ditona ya Botlhano e e Mabapi le go Fedisa Ditiragalo tsa go Thapiwa ga Bana mo Ditirong e tshwarelwe mo nageng ya Aforika Borwa go tloga ka la bo 02 go fitlha ka la bo 04 Motsheganong 2022. Khonferense eno e tshwarwa nako le nako morago ga dingwaga di le tharo mme e etelelwa pele ke Mekgatlho ya Boditšhabatšhaba ya Merero ya Badiri (ILO). Ka ntlha ya leroborobo la COVID-19, nako ya go tshwarwa ga khonferense eno e ne ya sutelediwa kwa pele go tloga mo ngwageng wa 2021 go ya ko ngwageng wa 2022.
2.2.    Mo khonferenseng eno go tla tšhotlhwa kgang ya gore go tla fedisiwa jang ditiragalo tsa go thapiwa ga bana mo ditirong. Dinaga tseo e leng maloko a khonferense eno di tla neelwa tšhono ya gore ba abelane le ba bangwe gore ba tsere dikgato dife go fedisa ditiragalo tsa go thapiwa ga bana mo ditirong. Naga ya Aforika Borwa e na le Lenaanetiro la go Lwantshana le Ditiragalo tsa go thapiwa ga Bana mo Ditirong, e leng dikgato tse naga e tshwanetseng go di tsaya go fedisa ditiragalo tsa go thapiwa ga bana mo ditirong. 

3.    Thulaganyo ya Tsamaiso ya Loago go Thusa go Diragatsa Diporojeke tsa Mafaratlhatlha

3.1.    Kabinete e neseditse pula dithulaganyo tse di tshitsintsweng tsa Tsamaiso ya Loago, maano le dikgato tsa go diragatsa diporojeke tsa mafaratlhatlha, jaaka Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba (DPWI) le setse le tlhomamisitse. Thulaganyo eno ya tsamaiso e tla nna mosola thata mo go direng gore go nne le thulaganyo e e lolameng mo go dirisaneng le baagi mo go tlhomeng diporojeke mo metseng ya bona.  
3.2.    Dithulaganyo tseno di na le dikgato tse di beilweng tseo di tshwanetseng go latelwa tse di tla gagamatsang tirisanommogo le go tshepana ga baagi le puso fa fela di ka latelwa. 

4.     Go Atolosiwa ga Paka ya go Nna mo Tirisong ga Molao wa Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga 

4.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go atolosiwa ga paka ya go nna mo tirisong ga Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga go fitlha ka la bo 15 Seetebosigo 2021. Dikgato tseno di diragadiwa go ya ka Karolo ya bo 27(5)(c) ya Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002). Dikgato tseno tsa go atolosa paka ya go nna mo tirisong ke ka ntlha ya tlhokagalo ya go dira gore dikgato dingwe tsa dikiletso di tsweele go nna mo tirisong semolao go sireletsa matshelo a baagi le ka fao ba iphedisang ka teng. 

5.    Dikgatotsereganyo tse di Diriwang kwa Masepaleng wa Selegae wa Lekwa 

5.1.  Kabinete e amogetse tsiboso ya gore Kgotlatshekelo e rebotse Katlholo e mo go yona e laelang Puso ya Naga go tsaya dikgatotsereganyo mo mererong ya tsamaiso ya Masepala wa Selegae wa Lekwa, kwa porofenseng ya Mpumalanga, e leng se Karolo ya bo 139(7) ya Molaotheo e se letlang gore fa masepala o retelelwa ke go busa le go laola matlole a ona Puso ya Naga e tla tshwanela ke go rarabolola matsapa ano le go busetsa seemo sekeng.
5.2. Katlholo eno ya kgotlatshekelo, e maphata otlhe a a amegang a itseng ka ga yona, gareng ga tse dingwe e laela gore Puso ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e tshwanetse go tsaya dikgato, pele ga matsatsi a le 14 a ka konosela morago ga gore taolelo ya kgotlatshekelo eno e rebolwe, go tsereganya mo Masepaleng wa Selegae wa Lekwa go ya ka karolo ya bo 139(7) ya Molaotheo e buisiwa mmogo le karolo ya bo 150(1)(b) ya Molao wa Matlole a Dimasepala (MFMA) wa ngwaga wa 2003.
5.3. Kabinete e tsere tshwetso mo kopanong ya yona e e neng e tshwerwe ka la bo 12 Motsheganong 2021 ya gore leano la itharabologelo mo mererong ya matlole le tshwanetse go logiwa, go tsewe dikgato tsa go phutlhamisa Lekgotla la Masepala wa Lekwa mme go tlhomiwe motsamaisi go ya ka karolo ya bo 139(5)(a) le ya (b) ya Molaotheo, e buisiwa mmogo le karolo ya bo 146(3)(a) ya MFMA.
5.4. Kabinete e eme nokeng dikgato tsa go phutlhamisiwa ga Lekgotla la Masepala wa Lekwa. Mo tsamaong ya nako Tona ya Matlole mmogo le Tona ya CoGTA ba tla itsisi dithulaganyo tse di dirilweng mo setheong seno go netefatsa gore di tsenngwa tirisong go thusa gore masepala ono o tswelela go bula le go tlamela baagi ka ditirelo.

C.    Melaotlhomo

1.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlhobolo wa Ngwaga wa 2021

1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlhobolo wa Ngwaga wa 2021 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ona. Molaotlhomo ono o tshitshinya gore go gagamadiwe taolo ya ditlhobolo mmogo le gore go tlhomiwe Setheo sa Naga sa Kwadiso ya Ditlhobolo. Diphetogo tseno di tla nna mosola mo go fokotseng ditlhobolo tse batho ba nang le tsona mmogo le go fokotsa ditiragalo tsa bosenyi tse di nang le tirisodikgoka. Molaotlhomo ono gape o rulaganya sešwa dikgato tsa go sekaseka batho ba ba tsenyang dikopo, o laola thulaganyo ya go rebolelwa tetla ya go nna le tlhobolo mmogo le go tokafatsa thulaganyo ya go ikwadisetsa go nna le tlhobolo. 

2.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tshireletso ya Naga ya Temokerasi e e Nang le Molaotheo mo Diatleng tsa Digongwana tsa Menolopuso le Ditiragalo tsa Mothale o o Ntseng Jalo

2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tshireletso ya Naga ya Temokerasi e e Nang le Molaotheo mo Diatleng tsa Digongwana tsa Menolopuso le Ditiragalo tsa Mothale o o Ntseng Jalo gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ona. Maitlhomo a go kwala sešwa molaotlhomo ono ke go dira gore o tsamaelane le letlhomeso la semolao la melao ya boditšhabatšhaba e maitlhomo a yona e leng go lwantshana le digongwana tsa menolopuso. 
2.2.    Lekgotla la Tshireletso la Dinagakopano (UNSC) le tsere ditshwetso di le dintsinyana go tlaleletsa mo dikgatong tsa lona tsa go lwantshana le ditiragalo tsa digongwana tsa menolopuso. Dinagaleloko mo lekgotleng leno di na le maikarabelo a go netefatsa gore dikgato tseno di tsenngwatirisong mo dinageng tsa bona. 
2.3.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tlhalosa ka botlalo tse dingwe tsa dikarolo tse di leng teng mo Molaong ono mmogo le go oketsa ditiragalo tseo di tsewang e le tsa tlolomolao, segolo jang mo ntlheng eo batho ba rebolang maeto go leba kwa dinageng tseo e reng fa ba goroga kwa go tsone ba ikamanye le ditiragalo tsa go ema nokeng digongwana tsa menolopuso. Molaotlhomo ono o iletsa dikgato tsotlhe tsa go gasa kgotsa go phasalatsa ditiragalo tse di tsamaisanang le menolopuso. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno gape di thiba le diphatlha tse Botsamaisi jo Bogolwane jwa go Lwantshana le Menolopuso jwa UN bo di tlhagisitseng.

3.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Maemo a Ditsweletswa tsa Temothuo 

3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Maemo a Ditsweletswa tsa Temothuo. Molao wa Maemo a Ditsweletswa tsa Temothuo wa ngwaga wa 1990 (Molao wa bo 119 wa 1990) o laola kafao ditsweletswa dingwe tsa temothuo di tshwanetseng go rekisiwa ka teng le ka fao di tshwanetseng go romelwa kwa dinageng tsa kwa ntle ka teng mme e bile gape o susumetsa le gore go nne le pabalesego mo dijong.
3.2.    Maitlhomo a dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno ke go tlhokomela bareki. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di gagamatsa letlhomeso la melawanataolo ya ditlhagisiwa tsa temothuo, tsa 'itekanelo le pabalesego mo dijong tsa ditlhagisiwa tse di rileng tsa temothuo. Molaotlhomo ono o gagamatsa dithulaganyo tsa dintlha tse di kwalwang mo dipaking tsa dijo tse di rekisiwang, mme gareng ga tse dingwe, o tlhagisa dikgato tse dintšhwa tsa go sekaseka dintlha tseno mmogo le mekgwa e mengwe ya go di phuruphotsha. 
3.3.    Molaotlhomo ono o setse o tswa go bokeletsa maikutlo a bannaleseabe botlhe ba ba matshwanedi mme o tla feta mo dithulaganyong tse dingwe tse di tseneletseng pele o ka letlelelwa gore o siametse go ka nna molao.

4.    Molaotlhomo wa Tlhokomelo ya Boitekanelo jwa Dijalwa wa Ngwaga wa 2020

4.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Tlhokomelo ya Boitekanelo jwa Dijalwa wa Ngwaga wa 2020. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go tlisa tshireletso ya dijalo fa di isiwa kwa dinageng tsa kwa ntle le fa di tlisiwa ka fa nageng go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle. E kwalola sešwa dikgato tse di sekegang nakwana dijalo tse di tswang kwa dinageng tse dingwe go lekola fa di sena dikokwana kana malwetse mmogo le go tlhoma melawanataolo e e mabapi le dikokwana tse di sa tlhokeng go sekegwa. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tsamaisana le tsa boditšhabatšhaba tseo Aforika Borwa e di saenetseng go supa fa e dumelana le tsona.  
4.2. Aforika Borwa e saenetse Tumelano ya Mokgatlo wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO) mabapi le Tumelano ya go Dirisiwa ga Dikgato tsa Tlhokomelo le Boitekanelo jwa Dijalwa mmogo le ya Kopanokgothakgothe ya Boditšhabatšhaba ya Tshireletso ya Dijalo. 
4.3.    Molaotlhomo ono o tla tsena mo legatong la Molao o o leng mo tirisong ga jaana wa Melemo ya go Peita Dijalo wa ngwaga wa 1983 (Molao wa bo 36 wa 1983) o o sa sekegeleng tsebe Tumelano ya WTO le ya Kopanokgothakgothe ya Boditšhabatšhaba ya Tshireletso ya Dijalo. E tla dira gore Aforika Borwa e babalesege fa e romela dijalo tsa yona kwa dinageng tsa kwa ntle le fa e reka dijalwa tsa dinaga tsa kwa ntle go di tlisa ka fa nageng.  

5.    Molaotlhomo wa Taolo ya Motlakase wa Naga wa Nyutlelia

5.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa Taolo ya Motlakase wa Naga wa Nyutlelia gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go samagana le matsapa a a leng teng mo Molaong wa ga jaana wa Taolo ya Motlakase wa Naga wa Nyutlelia wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 47 wa 1999). Molaotlhomo ono o gagamatsa dikgato tsa go dirisa batlhatlhobi ba mafelo ano mmogo le dikotsi tsa kwa tirong tse badiredi ba ba difofane ba lebanang le tsona. Gape o leka go tsamaisana le melawana ya Setheo sa Boditšhabatšhaba sa Motlakase wa Dikarolwana tsa Tlholego le ka fao di tshwanetseng go tlhokomelwa ka gone sentle. Aforika Borwa ke leloko la Setheo sa Boditšhabatšhaba sa Motlakase wa Dikarolwana tsa Tlholego.

6.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Metswedi e e sa Tswang go  Ribololwa ya Peterole

6.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Metswedi e e sa Tswang go Ribololwa ya Peterole. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go tlhagisa melao le letlhomeso la melawanataolo go dira gore re nne le maemo a a loketseng dipeeletso, kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro mo metsweding e e sa tswang go ribololwa ya mebaraka ya peterole. Molaotlhomo ono gape o re neela tshedimosetso go re fatlhosa, gareng ga tse dingwe, ka thulaganyo ya go dira kopo ya go nna mong wa motswedi ono; go rebolelwa tetla le ditshwanelo tsa go nna mong wa motswedi ono; go neela mongwe ditshwanelo tsa gago tsa go nna mong wa motswedi ono; karolo ya go nna le seabe ga bathobantsho; karolo ya go nna le seabe ga puso; ditlhokwa tse di tlhomilweng tsa go refosana maemo mmogo le dithoto tse motho a tshwanetseng go nna le tsona gore a kgone go neelwa tetla ya go nna mong wa motswedi ono wa peterole gore a kgone go rekisa phesente e e rileng ya peterole ka ditlhwatlhwa tse di beilweng mo mebarakeng a e rekisetsa Setlamo sa Peterole sa Puso. 

D.    Ditiragalo tse di Tlang

1.    Letsatsi la go Keteka BoAforika

1.1.    Aforika Borwa e tla keteka le kontinente Letsatsi la go Keteka BoAforika ka Labobedi, 25 Motsheganong 2021. Letsatsi leno le re naya tšhono ya go tlhotlheletsa gore maAforika a tshwaragane, dikgaolo tsa bona di dirisane mmogo le go dira gore Aforika e nne le ponelopele e e tshwanang.
1.2.    Letsatsi la go Keteka BoAforika mmogo le Kgwedi ya go Keteka BoAforika ke nako e e re thusang gore re tlhaloganyane botoka re le maAforika, gone mo kontinenteng le ba ba leg kgakala le kontinente ya bona. Fa re keteka Letsatsi la go Keteka BoAforika re tshwanetse go gakologelwa gore dinaga tsotlhe di santse di aparetswe ke leru la COVID-19. Rotlhe re tshwanetse go tshwaragana gore re lwantshane le mogare ono gore re kgone go bolokana mo kontinenteng.

2.    Samiti ya Lefatshe ya tsa Boitekanelo

2.1    Ka la bo 21 Motsheganong 2021, Moporesitente Ramaphosa o tla tsenela Samiti ya Lefatshe ya tsa Boitekanelo ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio e Monnasetulo wa yona wa G20 e tla bong e le wa Khomišene ya Naga ya Yuropa le wa Naga ya Italy.
2.2    Samiti eno ke  tšhono ya gore G20 e laletse baeteledipele, ditlhogo tsa mekgatlho ya boditšhabatšhaba le ya dikgaolo mmogo le baemedi ba ditheo tsa boitekanelo tsa lefatshe go abelana ka kitso le tseo ba di ithutileng go tswa mo leroborobong la COVID-19, mmogo le go tlhagisa le go nesetsa pula metheo ya 'Dikgoeletso tse di Utlwanetsweng kwa Roma'. 
2.3    Go solofelwa gore metheo eno e tla samagana gape le tirisanommogo ya dinaga tse di farologaneng mmogo le go nna seoposengwe mo go samaganeng le matsapa a boitekanelo a a ka runyang mo lefatsheng, mmogo le maikemisetso a go aga lefatshe le le dirang botoka, le le babalesegileng, le le sa gobelaeng e bile le somarelana.  

3.    Go Tsaya Leeto la Tiro la Semmuso la Moporesitente go ya kwa Nageng ya Fora

3.1    Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla tsaya leeto la semmuso la tiro go leba kwa Paris, France, go tloga ka la bo 17 go filha ka la bo 19 Motsheganong 2021, go tsaya karolo mo Samiting ya Tlamelo ka Matlole Ikonomi ya Dinaga tsa Aforika e e tla tshwarwang ke Moporesitente wa Fora e bong Emmanuel Macron ka la bo 18 Motsheganong 2021. 
3.2    Samiti eno e tla tshwarwa go latela gore re itemogele gore leroborobo la COVID-19 le tlhodile matlhotlhapelo a mantsi a a neng a sa lebelelwa mo mererong ya boitekanelo le ya ikonomi mo lefatsheng ka bophara. Le fa go le jalo, ikonomi ya dinaga tsa Aforika, bogolosegolo Dinaga tsa Bogare jwa kwa Tlase ga Aforika, di amegile go gaisa ka ntlha ya kwekotlase ya ikonomi mo ngwageng wa 2020 go latela gore di nne di ntse di gola ka iketlo mo pakeng ya dingwaga di le 25, mme e bile gape itharabologelo e e lebeletsweng mo pakeng ya 2021 e tla nna ya bokoa thata. Le fa go le jalo, kontinente e na le dikarolo tse dingwe tsa botlhokwa tse di ka tlisang kgolo.
3.3    Samiti eno e tla kgobokanya baeteledipele ba dinaga tsa Aforika mmogo le badirimmogo ka bona ba ditheo tsa matlole tsa boditšhabatšhaba, ka maitlhomo a go loga leano le ba tla le emang nokeng gore le kgone go re tswela mosola gore rotlhe re kgone go itharabologelwa. Dikgato tseno tsa itharabologelo di tla bewa mo diatleng tsa lekala la poraefete mmogo le mo go atoloseng boitshimololedikgwebo. Leano la itharabologelo le tla batla gape le go tlisa khumo le go potlakisa ikonomi e e somarelang tlhago mmogo le ya merero ya didirisiwa tsa dijithale ka go latela Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri  mmogo le go latela le Tumelano ya kwa Paris e e Mabapi le Phetogo ya Maemo a Loapi.

E.    Melaetsa

1.    Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e lebogisitse: 

  • Setlhopha sa Aforika Borwa sa Mabelo a dimitara tsa  4x100 jaaka se fentse dimentlele tsa gauta tsa Bafenyi mo Lebelong la Lefatshe la Rileyi kwa Poland. 
  • Batlhagisi ba ba tswang mo nageng ya Aforika Borwa ba tokumentari e e gasiwang mo seraleng sa  Netflix, e e bidiwang My Octopus Teacher, e e fentseng Kabo ya Oscar jaaka e le Tokumentari e e Gatisitseng Bontle Ditiragalo tsa Nnete tsa Botshelo jo re bo Tshelang.
  • Setlhopha sa Kgwele ya Dinao sa Tshakhuma Tsha Madzivhandila, go bo se dirile dikgakgamatso ka go betsa Chippa United ka nno e le nngwe go lefela mo Sejaneng se se Kgolo sa Metshameko ya Nedbank kwa Lebaleng la Metshameko la porofense ya Foreistata kwa Bloemfontein ka Lamatlhatso, 8 Motsheganong 2021, e le setlha sa bona sa ntlha sa metshameko e e Gasiwang ke DStv .Setlhopha seno se tla emela naga ya rona mo Sejaneng sa Kgwele ya Dinao mo Metshamekong ya Mokgatlho wa Kgwele ya Dinao wa Aforika (CAF) mo setlheng se se tlang.

2.    Melaetsa ya Matshediso 

Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Rre Abderrahmane Benkhalfa, wa dingwaga di le 72, moitseanape mo mererong ya matlole e bile gape e le Tona ya Matlole ya mo malobeng kwa nageng ya Algeria. Fa Moporesitente Cyril Ramaphosa e ne e santse e le monnasetulo sebaka sa ngwaga mo Mokgatlhotshwaraganelong wa Aforika (AU), o ne a thapa Rre Benkhalfa go nna yo mongwe wa Baromiwa ba ba Botlhokwa ba batlhano ba AU go mekamekana le merero ya COVID-19 maitlhomo e le gore ba bokeletse kemonokeng ya matlole mo dinageng tsa boditšhabatšhaba le dithuse tse dingwe go tshegetsa kontinente ya Aforika mo dikgatong tsa yona tsa go lwantshana le leroborobo la COVID-19.
  • Mme Nadia Goetham, wa dingwaga di le 46, mophasalatsi yo a simolotseng tiro ya gagwe e le mobegadikgang mo makwalodikganyeng mme a tswelela go itirela tiro e ntle mo lephateng la dikgatiso, mo a nnileng le sease se se ntle thata. E ne e le mogaka mo dibukeng le mo go aneleng dinaane, mme e bile o ne a na le lerato le le seng kana ka sepe mo go thuseng batho ba bangwe.
  • Rre Isaac Mogase, wa dingwaga di le 78, yo a tlhomilweng go nna meyara wa ntlhantlha mo pusong ya rona ya temokerasi go nna meyara wa Teropokgolo ya Johannesburg go tloga ka ngwaga wa 1995 go fitlha ka ngwaga wa 2000. E ne gape e le molwelakgaratlho wa kgololesego mo mokgatlhong wa baagi. 
  • Motlotlegi Kgosigadi Shiyiwe Mantfombi Dlamini Zulu, wa dingwaga di le 65, Modisabogosi jwa Morafe wa amaZulu. O tlhomilwe go tsorama setilo sa go disa bogosi wa Morafe wa amaZulu morago ga gore monna wa gagwe a thule botala ka tlhogo, e bong Kgosi Goodwill Zwelithini kaBhekuzulu, yo a neng a na le dingwaga di le 73, ka Mopitlwe 2021. 


F.     Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Ditokololo tsa Lekgotla la Naga la Tlhatloso ya Serodumo sa Temothuo 
(i)    Rre Gerhard Schutte;
(ii)    Rre Angelo Petersen;
(iii)    Moporofesara Mzukisi Qobo;
(iv)    Rre André Jooste;
(v)    Mme Thandeka Ntshangase;
(vi)    Rre Sifiso Julius Mhlaba;
(vii)    Mme Nonie Mokose;
(viii)    Mme Shandini Naidoo;
(ix)    Mme Fezeka Mkile; le
(x)    Ngaka Sharon Thembi Xaba.

2.    Mme Susan Clare Middleton o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lekaleng la Taolo ya Merero ya Botshwaro jwa Ditlhapi mo Lefapheng la Merero ya Dikgwa, ya Botshwaro jwa Ditlhapile le ya Tikologo. 
3.    Mme Thembisa Futshane o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Thuto le Katiso ya Baagi mo Lefapheng la Thuto le Katiso tse Kgolwane.
4.    Rre Khumbula Ndaba o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Ditirelo tsa Tshegetso ya Taolo ya Tsamaiso mo Lefapheng la Tabololo ya Loago. 
5.    Mme Sebolelo Mercedes Zwane o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Theo le Tshegetso ya Maano a Setheo mo Lefapheng la Saense le Boitshimololedi. 
6.    Ngaka Kgosientso David Ramokgopa o thapilwe go nna Tlhogo ya Mafaratlhatlha mo Lefapheng la Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba. 

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore