Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 5 Mopitlwe 2014

Ditshwetso tsa Kabinete mo mererong ya ga jaanong le mo ditiragalo tse di tlang

1.1 Kabinete e gatelela gape boikuelo jwa Moporesitente Jacob Zuma go puso, kgwebo le badiri go dirisana mmogo go godisa ikonomi ka seelo se se kgonang go tlhama ditiro tse dingwe.

Puo ya Maemo sa Setšhaba mmogo le Puo ya Tekanyetsokabo di tlhomile motheo wa go tsenngwa tirisong ka maatla ga Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo mo pakeng e e latelang ya tsamaiso e ntšhwa.

Tekanyetsokabo ya Bosetšhaba ya bo 21 ya puso eno ya temokerasi ruri e tlotla kgang e e monate ya ka moo re fetolang naga le go tswelela pele kgatlhanong le dikgwetlho tsa botlhokwa tsa lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro - mme, e leng sa botlhokwa, re dira jalo ka ditlamelo tsa rona tse di lekanyeditsweng.

1.2 Kabinete e nyaditse ka mafoko a a bogale dipolao tsa fa gautshwane tsa basetsanyana ba babedi ba go tweng ba bolailwe ka ntlha ya meetlo mengwe.  Dilo tsa mofuta oo ga di amogelesege mo nageng ya rona. Ka ntlha ya fa Molaotheo o na le tshwanelo ya botshelo, mongwe le mongwe yo o fitlhelwang a dirile molato o tla lebagana le bogale jotlhe jwa letsogo la molao.

1.3  Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe le ditheo ka maiteko a bona a go boloka maatla, bogolo segolo ka ntlha ya fa tlamelo ya bosetšhaba e ntse e na le kgatelelo. Le fa naga e na le bokgoni jwa go fitlhelela tlhokego ya ga jaana, badirisi botlhe ba motlakase ba kopiwa go tsaya poloko-maatla jaaka mokgwatshelo.

1.4 Kabinete e akgola dikolo tsotlhe le barutabana botlhe ba ba tlhophetsweng Dikgele tsa Bosetšhaba tsa Barutabana tsa 2013: Dikgele tsa Via Afrika People's Choice tse di tla tshwarwang ka la bo 6 Mopitlwe 2014 kwa Tikwatikweng ya Dikhonferense ya Birchwood kwa Gauteng. Dikgele tseno ke nngwe ya ditsela tse Lefapha la Thuto ya Motheo le lemogang le go rotloetsa barutabana ba ba boineelo le ba ba kgathalang mo maitekong a bona a go tlhabolola barutwana go nna baagi ba ba maikarabelo ba Aforika Borwa wa temokerasi, yo o sa tlhaoleng go ya ka mmala le fa e le go ya ka bong. Gape Kabinete e gatelela ditshwanelo tsa bana go ithuta mo tikologong e e babalesegileng le e e maleba.

1.5 Kabinete e amogela tshegetso e e tswelelang pele ya Lefapha la Saense le Thekenoloji mo Moletlong wa Bosetšhaba wa Saense, o o itsegeng ka Scifest Africa, o o tla tshwarwang go tloga ka la bo 12 go ya go la bo 18 Mopitlwe 2014 kwa Grahamstown wa Kapa Botlhaba ka fa tlase ga moono wa "Go ya mo Sebakeng." Tiragalo eno ya ngwaga le ngwaga e tsweletsa saense, thekenoloji, boenjiniri le dipalo jaaka ditšhono tsa tiro mo bašweng ba rona mme e dira gore maAforika Borwa a tlhaloganye maphata ano botoka. Puso e tswelela go dira setlapele le go tsweletsa go tsewa ga Dipalo le Disaense jaaka karolo ya go tlhabolola bokgoni jwa botlhokwa jo bo tlhokwang ke ikonomi ya rona e e tlhabologang.

1.6 Kabinete e amogela pego e e dirilweng ke Setlhopha sa Tikwatikwe ya Lenaane la Dipatlisiso tsa AIDS mo Aforika Borwa malebana le go bonwa ga dilwantshamegare tse dintšhwa tse di maatla tsa HIV. Patlisiso e ikaegile ka mokgwa yoo mmele wa ga mosadi wa kwa KwaZulu-Natal o tsibogetseng tshwaetso ya gagwe ya HIV ka tenga ka go bopa dilwantshamegare tse di maatla. Thutopatlisiso eno e e phasaladitsweng mo jenaleng ya maemo a a kwa godimo ya saense, Nature, e tlhalosa ka moo setlhopha sa babatlisisi se boneng le go supa dilwantshamegare tseno mo mading a mosadi yoo mme ba itsadisetsa tsa bone kwa laboratoring. Dilwantshamegare tse di dirilweng di ne tsa dirisiwa mo metseletseleng ya diteko kwa laboratori go senola tsela e e latetsweng ke masole a mmele a mosadi go dira dilwantshamegare tseno tse di maatla. Kitso e ntšhwa e e bonweng go tswa mo mosading ono wa kwa KwaZulu-Natal malebana le tsibogelo ya masole a mmele a gagwe kgatlhanong le HIV e lere tsholofelo ya togamaano ya isago ya thibelo le kalafi ya HIV. Thibololo eno ga se kalafi ya HIV/AIDS mme puso e ikuela go maAforika Borwa go tswelela go dira diteko tsa HIV gongwe go tswelela ka kalafi ya dianthiritrobaerale e e newang batho ba ba fitlhelwang ba na le HIV.

1.7 Moporesitente Jacob Zuma o tla rebola puo ya meletlo ya monongwaga ya Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ka la bo 21 Mopitlwe 2014 ka fa tlase ga moono wa "Re keteka Dingwaga di le 20 tsa go fetola matshelo ka ditshwanelo tsa botho!" kwa Lebaleng la Khirikhete la Sharpville kwa Gauteng. Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go keteka go nna mo nageng e e netefaletsang gore ga go kitla go tlhola go diragala gore botho jwa rona bo tsewe go tswa mo moAforika Borweng ope, go sa kgathalasege lotso, bong, tumelo gongwe boitlhophelo jwa gore o ratana le batho ba bong bofe. Rotlhe re na le maikarabelo a go netefatsa gore rekoto le hisetori ya rona ya ditshwanelo tsa botho di somarelwa le go maatlafaletswa bana ba rona.

1.8 Beke ya Bosetšhaba ya Metsi e tla tlhomiwa kwa Bushbuckridge ka la bo 14 Mopitlwe mme e tla tswelela ka ditiragalo di le mmalwa go fitlha ka la bo 23 Mopitlwe 2014. Tiragalo ya go tlhoma e tla diragala go lebilwe go isiwa tlase ga dipompo kwa Šafoteng e e Tsepameng ya kwa Borwa ya moepo wa bogologolo wa ERPM go samagana le morero wa Tshologelo ya Esiti ya Meepo mo karolong ya Bogareng ya Mokgatshe wa Witwatersrand. Mo bekeng e e setseng go tla rebolwa diporojeke tsa phepafatso ya metsi a a leswe le tlamelo ya metsi mo diporofenseng di le mmalwa. Moono wa monongwaga ke "Metsi ke Botshelo - Dingwaga di le 20 tsa Tlamelo ya Metsi go Tlhabolola Loago le Ikonomi." Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng go somarela metsi mme e boeletsa botlhokwa jwa tsamaiso e e netefaletsang go nna teng leruri ga tlamelo eno e e tlhaelang, gore go atolosediwe phitlhelelo go maAforika Borwa a le mantsi.

1.9 Kabinete e tlhaloseditswe ka Presidential Youth Indaba ya ntlha e e atlegileng e e neng e tshwaretswe kwa Ekurhuleni go tloga ka la bo 28 Tlhakole go ya go la bo 03 Mopitlwe 2014. Indaba e ne e tsamaisiwa ke kantoro ya Moporesitente, Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi (EDD) le Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA). Indaba e diragaditse Tumelano ya go Thapiwa ga Bašwa e e saenilweng ke puso, kgwebo le badiri ka Moranang 2013. Moporesitente Jacob Zuma o tlhagisitse puo ya dintlha tse di botlhokwa kwa Indaba, e e neng e tsenetswe ke bonnye jwa bašwa ba le 500 go tswa kwa diporofenseng tsotlhe. Ditona tse di farologaneng di nnile le seabe mo dipuisanong tsa ditlhopha go tlhalosetsa bašwa ka manaane a puso a go thapiwa ga bašwa. Go tlaleletsa foo, go amogetswe ditogamaano tse di tsepameng tse di tla dirang gore Moporesitente le Ditona tse di farologaneng di buisane le bašwa gangwe le gape go dira gore go tlhamiwa ga ditiro e nne kgang yA nnete.

1.10 Kabinete e lemogile Khonferense ya Bosetšhaba ya Patlomaikutlo e e ka ga Lekwalopuso la Matlhagolatsela la Pholisi ya Bosetšhaba e e KopanEtsweng ya Thekenoloji ya Ditlhaeletsano tsa Tshedimosetso (ICT) e e neng e tsenetswe ke bontsi e bile e atlegile, e e neng e tshwerwe ka la bo 3 Mopitlwe 2014. Kabinete e rotloetsa baagi go nna le seabe mo ditheetsong tsa porofense tsa Lekwalopuso la Matlhagolatsela tse di simologang kwa Rustenburg ka la bo 7 Mopitlwe. Lekwalopuso la Matlhagolatsela le tla lebisa kwa go konosediweng ga Lekwalopuso la Mabudusatsela mo bogareng jwa ngwaga, mme seo se tla tlamela ka letlhomeso la go fetola molao ka ditsela tse di tla lebelelang diphetogo tse di gaketseng tsa ICT mo dingwageng tse di fa gautshwane.

1.11 Kabinete e itumeletse go itse gore fa e sale go amogelwa "SA Connect", e leng Pholisi le Togamaano ya Broadband, ka la bo 4 Sedimonthole 2013, dikolo di le 782 di golagane ka dikhomphiutara le dilaboratori tse di nang le inthanete; go tlhomilwe Setheo sa Inkamva e-Skills, mme go tlhamilwe Lekgotla la Bosetšhaba la Bogakolodi la Broadband.

1.12 Lefapha la Merero ya Tikologo le tla tsamaisa Khonferense ya bo11 ya Maphata (COP11) go tloga ka di17 go ya go di21 Mopitlwe 2014, kwa Cape Town International Convention Centre, ka fa tlase ga moono wa: "Go Tsweletsa Kgolo mo Dikgwebong tsa kwa Mawatleng mo Aforika: Go Lebilwe Tsamaiso e e nnelang Leruri ya Ditlamelo tsa Lewatle." COP11 e e tshwarwang morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le pedi e kopanya ditona tsa tikologo go tswa kwa dinageng di le 22 tse di ka fa tlase ga Tumelano ya Tirisanommogo mo Tshireletsong, Tsamaisong le Tlhabololo ya Tikologo ya Mawatle le Mabopo a Lebopo la Atlantic a Kgaolo ya Bophirima, Bogare le Borwa jwa Aforika. Khonferense ya 2014 e tla sekaseka ditiro le ditshwetso tse di diragaditsweng mo pakeng ya 2012/13; tekanyetsokabo ya 2014/15, mme e swetse ka dikgato tse di tlhokegang go tsenya tirisong Tumelano le Maano a yona a Tiragatso. Gape e tla tlhalosa ka moo maphata a ka amogelang mogopolo wa "Kgolo mo Dikgwebong tsa kwa Mawatleng " jaaka tsela ya go tsamaisa ditlamelo tsa lewatle le mabopo ka tsela e e nnelang leruri.

1.13 Kabinete e akgotse setlhopha sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa sa Khirikhete sa ba dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 19 ka phitlhelelo ya sona e e gaisang ka go gapa Sejana sa bona sa ntlha sa Lefatshe sa ba Dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 19 sa  Lekgotla la Boditšhabatšhaba la Khirikhete (ICC) kwa Dubai. Tiragatso e e susumetsang ya setlhopha e tshwanetse go rotloetsa batshameki botlhe ba bašwa go eletsa go fitlhelela seemo se se kwa godimo.

1.14 Kabinete e amogetse Letsatsi le le tlang la Boditšhabatšhaba la Basadi - 8 Mopitlwe 2014. Letsatsi le tlamela maAforika Borwa ka tšhono ya go gopola diphitlhelelo le go intsha setlhabelo ga basadi ba maAforika Borwa mo baaging ba rona. MaAforika Borwa a tlhoka go lebelela tswelelopele ya baagi, setšhaba le naga ka bophara mo go tsweletseng ditshwanelo tsa basadi.

Le fa Molaotheo o tlamela ka dintlhatheo, ke maikarabelo a rona rotlhe go tlhokomela le go sireletsa basadi le go netefatsa gore ba a maatlafadiwa go nna le seabe jaaka baagi ba ba lekalekanang le ba bangwe mo tlhabololong ya ikonomi le naga.

2  Ditsereganyo le dikatlenegiso tsa Kabinete

2.1  Kabinete e aamogetse go simololwa ga thulaganyo e e anameng ya patlomaikutlo ka maikaelelo a go tlhagisa dialogane tse dintsi tsa porofešenale. Seno se tla itsise letlhomeso la tshusumetsano e e tokafetseng, kgokaganyo le tirisanommogo magareng ga ditheo tsa porofešenale, makgotla a boleng, madirelo, ditheo tsa thuto e kgolwane mmogo le puso.

Seno se tla tshwaela mo tlhabololong ya badiri ba ba nang le bokgoni go tshegetsa tsela e e akaretsang ya kgolo.

2.2  Kabinete e amogetse Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 2014 gore o tlhagisiwe kwa Palamenteng. Seno ke paakanyo ya bobedi ya Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro, wa bo 63 wa 2001.

Dipaakanyo di tswelela go fokotsa ditlamorago tse di masisi tsa botlhokatiro mo ikonoming le loago ka go obamela dipeelo tsa Mekgatlho ya Boditšhabatšhaba ya Badiri, go akarediwa le barutwana ba ba mo boithutelatirong le badiredisetšhaba ba ga jaanong ba ba sa sirelediwang go ya ka Molao.

Go tsenngwa tirisong ga Molaotlhomo o o Baakantsweng, 2014, ga reng ga tse dingwe, o tla atolosa paka ya tuelo ya ditshiamelo tsa moabi, go tloga go dikgwedi di le 8 go ya go di le 12, mme ka go rialo o ba kgontsha go batla tiro e nngwe mme ba ntse ba amogela ditshiamelo mo pakeng e e telejana.

Gape moabi o tla nna le paka e e atolositsweng ya go ka tsenya topotuelo, go tloga mo dikgweding di le 6 go ya go di le 12. Gape e tla dira gore go nne le go tlhophiwa ga baamogelatshiamelo mo mabakeng a ditshiamelo tsa loso.

3 Go thapiwa
Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:

3.1. Rre Daan du Toit jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba le Ditlamelo kwa Lefapheng la Saense le Thekenoloji
3.2.  Rre Garth Strachan jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Tlhabololo ya Madirelo le Tlhabololo ya Pholesi kwa Lefapheng la Kgwebisano le Intaseteri
3.3. Mme Malebo Mabitje-Thompson Motlatsamokaedikakaretso: Tlhabololo ya Madirelo le Tsamaiso ya Ditshiamelo kwa Lefapheng la Kgwebisano le Intaseteri
3.4. Boto ya Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Inšorense ya Matshosetsi a a Kgethegileng (SASRIA) Setheo sa Puso (SOC)
a) Go thapiwa gape ga Rre Cedrick Mnwabisi Masondo jaaka Mokaedimotsamaisi le jaaka Mokaedikhuduthamaga mo Botong.
b) Go thapiwa gape ga Mme Karen Pepler jaaka Mokaedikhuduthamaga mo Botong.
c) Go thapiwa ga Mme Tando Mbatsha jaaka Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga.
d) Go thapiwa ga Mme Tshwarelo Moutlane jaaka Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga.

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 0835010139

Share this page

Similar categories to explore