Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 3 Lwetse 2014

1. Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e amogela pulo semmuso ya Sepetlele sa Dr Harry Surtie kwa Upington, Kapa Bokone, ke Moporesitente Zuma ka la bo 02 Lwetse 2014. Seno se tla malatsi a le mane morago ga go sena go bulwa sepetlele se sengwe se sentšhwa ke Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi kwa Natalspruit, Gauteng. Tseno di gareng ga diphitlhelelo tse dintsi tsa botlhokwa mo lenaaneng la puso la mafaratlhatlha a bosetšhaba le le tla dirang gore go agwe dipetlele di le 43 le ditleliniki di le 213 mo dingwageng di le tlhano tse di latelang, go fitlhelela ditlhokego tsa thulaganyo ya Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.

1.2. Kabinete e akgola go tshwarwa le go thopa fa gautshwane ka fa tlase ga se se itsegeng jaaka Project Darling mmogo le go tshwarwa ga segongwana se go belaelwang se thopa dilori ka dikgoka. Project Darling e dirile gore go fitlhelelwe ditaemane tse di seng mo molaong mmogo le go thopiwa ga dithoto tsa boleng jwa R50 milione, matlo a le 15 le madi a dinaga di sele a boleng jwa R43 milione.

E tla re moragonyana mo kgweding eno, sepodisi se golole dipalopalo tsa ngwaga le ngwaga tsa bosenyi. Dipalo tseno di ikaegile ka palo ya nnete ya dikgetse tse di begetsweng sepodisi, mme di tla bontsha dikatlego le dikgwetlho.

Go phasaladiwa ga dipalo tseno di re letla go nna le dipuisano tse di unngwileng ka tshedimosetso, malebana le go maatlafatsa tirisanommogo le baagi go lebeletswe ditsereganyo tsa togamaano tsa puo tse di akaretsang tse di lwantshang bosenyi. Gore naga e atlege mo go lwantsheng bosenyi, Kabinete e rotloetsa baagi go nna le seabe ka go bega bosenyi le go tshegetsa diforamo tsa pabalesego ya baagi ka ntlha ya fa ntwa kgatlhanong le bosenyi e tlhoka gore go nne le maiteko a a akaretsang baagi botlhe.

Puso e kgalema ka bogale ditlhaselo tse di masisi tse re di boneng kgatlhanong le ditokololo tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa tse di leng tirong. Ka Latshipi la bo 7 Lwetse 2014, puso e tla tlotla mapodisi ano a a latlhegetsweng ke matshelo ba le mo tirong. Kabinete e laletsa setšhaba go tlotla batlhankedi bano ba ba tlhokafetseng ba leka go diragatsa molao.

1.3. Kabinete e amogela kitsiso ya tlamelo ya temothuo ya mo metsing ya R2 bilione kwa Lefelokgwebong la Diintaseteri tsa Coega kwa Kapa Botlhaba, e e tla abang diheketara di le 80 tsa tlhagiso ya abalone ka 2020 le go tlhama ditiro tsa leruri di ka nna 2 080. Porojeke eno ke karolo ya Operation Phakisa e e ikaelelang go bula bokgoni jwa ikonomi jwa mawatle a Aforika Borwa. Porojeke eno e na le bokgoni jwa go ka tshwaela mo ikonoming ka bokana ka R177 bilione le go ka tlhama ditiro di ka nna milione ka 2033. Kabinete e rotloetsa babeeletsi ba bangwe go dirisana mmogo le Puso mo ditšhonong tse dintšhwa tsa kgodiso ya ikonomi.

1.4. Kabinete e lebogela go nna teng ga setlhopha sa baitseanape ba kalafi kwa Dinageng tsa Bophirima jwa Aforika tsa Guinea, Sierra Leone le Liberia, ba ba thusang go lwantsha go anama ga Mogare wa Ebola. Setlhopha seno sa baitseanape ba ba boneng katiso ya maemo a a kwa godimo se tshotse laboratori e e tsamayang mme se sa le se le koo sebaka sa dibeke di le pedi (2) tse di fetileng se thusa go phekola bolwetsi go ralala Kgaolo.

1.5. Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Legato la 1A la porojeke e e bidiwang Pongolapoort Bulk Water Supply. Tiro eno e e fopholediwang go ja R1,5 bilione e tla lebisa kwa go tlamelweng ka metsi a a phepa mmogo le go tlhomiwa ga mafaratlhatlha a tlamelo ya metsi a le mantsi go ya go batho ba le 134 864 mmogo le magae a le 16 200. Porojeke e tla isa metsi kwa baaging ba Lekgotlatoropo la Selegae la Jozini, kwa KwaZulu-Natal.

2. Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse go gololwa ga Letlhomesokakangwa la Tlhabololo e e Lotaneng ya Metsesetoropo gore go batlwe maikutlo a baamegi le gore le buisanelwe mo pusong. Seno se tla batla tumelano mo lenaneong la tlhabololo ya metsemagae mo Aforika Borwa. Letlhomeso le tsibogela boikuelo jwa ga Moporesitente Jacob Zuma la letlhomeso la bosetšhaba la tlhabololo e e lotaneng ya metsesetoropo go samagana le boswa jwa tlhaolele jwa mekgwa ya go aba dibaka le go thusa makgotlatoropo go tsamaisa ka bokgoni kgolo e e bonako ya metsesetoropo. Ponelopele ya Letlhomeso ke go tsweletsa ditoropokgolo le ditoropo tse go tshelegang mo go tsona, di akaretsa e bile di na le kgotlhelelo. Le tla samagana le boswa jwa karoganyo ya dibaka go ya ka bosemorafe le maemo a ikonomi le go tlhama ditoropokgolo le ditoropo tse di lotaneng e bile di na le tirisanommogo.

2.2. Kabinete e amogetse Pegelo ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa ya Matlo le Tlhabololo ya Metsesetoropo e e tla tlhagisiwang kwa Khonferesenseng ya Ditšhabakopano (HABITAT III) ka 2016. Khonferense ya ntlha ya paakanyo ya UN e tla tshwarwa ka la bo 17 le la bo 18 Lwetse 2014. Go solofetswe fa pegelo eno e tla tlhagisa 'Lenaneo le Lentšhwa la Metsesetoropo' la ngwagakgolo wa bo 21 go samagana le dikgwetlho tse di lebaneng dinaga tse di tlhabologang le tse di tlhabologileng, go lemogwa seabe sa botlhokwa se se golang sa ditoropokgolo mo mererong ya lefatshe lotlhe e tshwana le go fetoga ga tlelaemete, matlhotlhapelo, tlhabololo ya ikonomi le ditshwanelo tsa botho. Dipaakanyo tsa Habitat III di tla ka nako e Aforika Borwa a tlhamang Letlhomeso la Pholisi ya Metsesetoropo le le Lotaneng le go simolola dipaakanyo tsa pampiri ya ntlha e e ka ga Bonno jwa Batho.

2.3. Kabinete e amogetse go tlhamiwa ga Setheo sa Tsamaiso ya Dithoto tsa Mmuso se se tla okamelang tsamaiso ya dithoto tsa puso. Seno e tla nna Karolo ya Puso e e ka fa tlase ga tlhokomelo ya Tona ya Ditiro tsa Setšhaba. Tona Nxesi o tla tlhalosa ntlha eno go ya pele.

2.4. Kabinete e amogetse Pholisi e e baakantsweng ya go thapiwa ga Badiredi ba Botšhoni e e tla phasaladiwang ka kitsiso mo Kaseteng ya Puso. Pholisi e totile go tsweletsa setlwaedi, go se gobelele, go direla mo pepeneneng mmogo le go fitlhelelwa ga tekatekano mo bathong ba ba neng ba itemogela dithapolo tsa go gobelelwa. Phetogo e e kgolo go gaisa e e itseseweng ke paakanyo ke go tlosiwa ga thulaganyo e e bidiwang Kopo (Requisition) ka maitlhomo a go tsweletsa diphetogo. Pholisi e tla dira fela mo go thapiweng go go dirilweng go ya ka Molao wa Botšhoni, Molao wa Ditlamo mmogo le Molao wa Dikoporasi tse di Tswaletsweng (Close Corporations).

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e letleletse gore Molaotlhomo wa Thopo ya Dithoto ke Puso, wa 2014 o tlhagisiwe ko Palamenteng. Molao wa Thopo ya Dithoto ke Puso wa 1975 ke wa pele ga Molaotheo wa 1996 mme seo se dira gore go nne botlhokwa go lepalepanya molao o o kgabaganyang o o laolang thopodithoto ke puso le dintlhatheo le ditlamelo tsa Molaotheo. Tona Nxesi o tla tlhalosa ntlha eno go ya pele.

4. Seemo sa Kabinete mo mererong ya ga jaanong

4.1. Kabinete e rotloeditswe ke kgolo e ntle ya ikonomi e e kwadisitsweng mo kgweditharong ya bobedi ya ngwaga le fa seemo sa ikonomi se ne se le boima mo nageng le kwa moseja. Seelo sa kgolo ya ikonomi se sa ntse se le bokowa go ka samagana le dikgwetlho tsa rona tsa lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro. Puso e akofisa go tsenngwa tirisong ga Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba go samagana le dikgwetlho tsa rona tsa dipopegotheo, go oketsa bokgoni jwa rona jwa go gola leruri le go tlhamela bagarona ditiro. Mo ntlheng eno, peeletso ya rona mo mafaratlhatlheng - motlakase, dipalangwa, metsi, ditsela, dikolo le dipetlele - e aga motheo wa kgolo ya ikonomi e e bonako mme e akaretsa.

Bogolo jwa ngwaga le ngwaga jwa dipeeletso tsa madi tsa dikgwebo tsa setšhaba bo oketsegile ka diphesente di feta 260 tsa nnete mo dingwageng di le 10 tse di fetileng. Go dirisiwa ga madi a mafaratlhatlha ngwaga lengwaga ke dipusoselegae e oketsegile gabedi ka nnete fa e sale kwa bokhutlong jwa dingwaga tsa bo1990. Lephata la setšhaba le beeleditse go feta R1 tirilione mo mafaratlhatlheng fa e sa le ka 2009/10. Re solofela fa kgolo e tla maatlafala mo karolong ya bobedi ya ngwaga ka ntlha ya fa maphata a meepo le a tlhagiso a tla bo a itharabologelwa. Mme puso e tla tswelela go dira le kgwebo le badiri go tlhama seeemo se se siametseng dipeeletso le kgolo ya ikonomi.

4.2. Kabinete e kgalema ka bogale ditiragalo le dipolelo tsa fa gautshwane tse di tlhotlheletsang tirisodikgoka mme di le kgatlhanong le dintlhatheo tsa molaotheo wa rona mme ka jalo di tshosetsa go fedisa diphitlhelelo tse re setseng re di fitlheletse jaaka naga. Go thubakakiwa ga dibese fa gautshwane kwa Kapa Bophirima le gona go kgalemiwa ka mafoko a a bogale.

Kabinete e akgola batsadi ba ba rweleng maikarabelo a go netefatsa gore bana ba boela dikolong kwa Kapa Bokone. Kabinete e leboga batsadi ka ntlha ya go tsereganya mo isagong ya bana ba bona mme e ikuela gore dikgatlhegelo tsa bana di seke tsa tlhola di ikgatolosiwa jalo gongwe go dirisiwa go ananyetsa merero ya baagi. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go sireletsa serodumo sa naga ka bokgoni jwa yona go nna le dikganetsano tse di agang le go rarabolola dintlha go sa kgathalesege gore ke mang yo o amegang jaaka re tsweletsa pele Aforika Borwa.

4.3. Kabinete e amogela dikgato tse di botlhale tsa karolo ya SADC ya Kagiso le Pabalesego kwa mathateng a sepolotiki a fa gautshwane kwa Lesotho mme e boeletsa tshegetso ya yona e e tletseng mo seemong sa SADC sa go gana maiteko otlhe a gore puso e fetolwe ka ditsela tse e seng tsa molaotheo. Ka jalo Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba nang le seabe go dira mmogo go busetsa thulaganyo ya temokerasi kwa Lesotho le go diragatsa ka botlalo Mosupatsela o go dumelanweng ka ona le karolo ya SADC.

4.4. Kabinete e lemogile go leboga tiro ga Modulasetilo wa Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC), Moatefokate Pansy Tlakula. Go leboga tiro ga gagwe go latela Ditlhopho Kakaretso tse di atlegileng tsa 2014 tse a neng a di tsamaisa. O tsere karolo ka tsela e e boitshegang go netefatsa gore temokerasi ya rona e nna e ntse e le maatla. Kabinete e tlhagisa malebo ka ntlha ya tshwaelo e e dirilweng ke Moatefokate Tlakula mme e lebogela karolo ya gagwe e e boineelo e a nnileng nayo mo temokerasing ya rona mme re mo eleletsa masego.

4.5. Kabinete e amogela katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo, e leng tlhomamiso ya gore pholisi ya tolamisokemo e siame. Puso e sa ntse e tsepame mo lenaaneng la yona la go siamisa go tlhoka tekatekano mo loagong bogolo segolo mo tirong. Katlholo eno e tlhomamisa gore ruri ruri tolamisokemo mmogo le melao e mengwe ya tekatekano mo tirong e tsweletsa diphetogo le go maatlafatsa ba ba neng ba sena ditšhono.

5. Ditiragalo tse di tlang

5.1. Lefapha la Thuto ya Motheo le tla dira Ditlhatlhobo tsa Bosetšhaba tsa bone tsa Ngwaga le Ngwaga (ANA) go tloga ka la bo 16 go fitlha la bo 19 Lwetse 2014 go latedisa tswelelopele ya dipoelothuto mo Mephatong ya 1 - 6 le Mophato wa 9 jaaka karolo ya maiteko a go tokafatsa boleng jwa thuto. Monongwaga (2014) Lefapha la Thuto ya Motheo le tla dira gape tekeletso ya tlhatlhobo ya sekai ya barutwana ba Mephato ya 7 le 8 mme tshweetso e e malebana le tlhatlhobo eno e tla dirwa ka 2015.

ANA e tlhagisa bosupi jo bo kannweng go ela tlhoko katlego ya ditsereganyo di le mmalwa tsa Puso go tokafatsa bokgoni jwa go buisa le go kwala mmogo le dipalo mo barutwaneng mme gape e kgontsha barutabana go supa dikarolo tse di tlhokang tshegetso ya tlaleletso. Kabinete e rotloetsa batsadi le batlhokomedi go tshegetsa bana ba bona le go netefatsa gore dipholo di dirisediwa go samagana le dintlha dipe tsa tlhabololo. Lenaneo la ANA le ditlamelo tsa 2014 di ka fitlhelwa mo: www.education.gov.za

5.2. Tona ya Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga Gugile Nkwinti o tla amogela Samiti ya Bong jwa Lefatshe ya 2014 kwa Hoteleng ya Birchwood le, Tikwatikwe ya Dikhonferense ya OR Tambo, Boksburg go tloga ka la bo 4 go ya go la bo 6 Lwetse 2014. Samiti e tla tsepamisa mogopolo mo dikgatong tsa go fetola lemorago la naga la bokoloniale le tlhaolele le le bakileng gore bantsho ba feta 75% ba tlhoke lefatshe, ba tlhoke dithoto, ba tlhoke bokgoni mme ba tlhoke le ditshwanelo tse di sireletsegileng tsa go nna beng. Kabinete e rotloetsa baamegi go dira le Puso le go tsenya tirisong maitlamo a go samagana le ntlha ya ditshwanelo tse di sireletsegileng tsa go nna beng.

5.3. Lenaane la Kgwedi ya Tirelosetšhaba la go tloga ka la bo 1 go ya go la bo 30 Lwetse 2014 ka fa tlase ga moono wa "Re Ntšhwafatsa ka Moo Badiredipuso ba Dirang ka Teng:: Batho Pele, le tla tota go maatlafatsa bogolo segolo tlamelo ya ditirelo. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go tlotla badiredipuso ba ba gaisang gongwe ditheo tsa Puso ka go ba tlhophela Dikgele tsa Bosetšhaba tsa Botswerere tsa Batho Pele pele ga letlha la go tswala la la bo 30 Lwetse 2014.

5.4. Kgwedi ya ngwaoboswa e ketekwa go tloga ka la bo 1 - 30 Lwetse 2014 ka fa tlase ga moono wa "Re Keteka Dingwaga di le 20 tsa Temokerasi: Tlotla Kgang ya Gago e e Tsweletsang Pele Aforika Borwa." Kabinete e rotloetsa Aforika Borwa go keteka ngwaoboswa ya rona e e humileng ya tlhago le ya setso, ditumelo le ditso tse di farologaneng jaaka batho ba ba kopaneng go senka boitshupo jo bo tlhakanetsweng. Kgwedi ya Ngwaoboswa monongwaga e diragala mo lemoragong la meletlo ya Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego e gape e tiisang segopotso sa rona mmogo sa kgaratlho ya go tsweletsa boitshupo jwa bosetšhaba.

Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa, bogolo segolo bašwa, go amogela ngwaoboswa e e tlhakanetsweng ya Aforika Borwa le go dirisa ngwaoboswa e e anameng ya setso go tsweletsa kagosetšhaba, boagi jo bo akaretsang mmogo le tomagano ya loago. Gape MaAforika Borwa a rotloediwa go batlisisa ngwaoboswa ya rona ya setso ka go etela diphaka tsa bosetšhahba mahala go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 12 Lwetse 2014 jaaka karolo ya Beke ya bo9 ya ngwaga le ngwaga ya Diphaka tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa (SANParks). Gape Kabinete e tshegetsa boikuelo jwa Palamente jwa gore maAforika Borwa otlhe a sireletse ngwaoboswa ya rona.

5.5. Kabinete e eleletsa Bafana Bafana masego pele ga metshameko e mebedi ya botlhokwa kgatlhanong le Sudan ka la bo 5 Lwetse kwa Khartoum, e leng motshameko wa go nna le tshiamelo ya kgaisano ya ngwaga o o tlang wa kontinente mmogo le Nigeria ka la bo 10 Lwetse 2014, kwa Motsekapa. Gape Kabinete e akgola Banyana Banyana le Amajita mme e ba eleletsa masego pele ga dithonamente tse dikgolo tse ba tla bong ba di tshameka. Banyana Banyana ba tla tshameka mo legatong la bo9 la Bosimega jwa Basadi jwa Aforika jo bo tla tshamekelwang kwa Namibia mo kgweding ya Diphalane, mme gape ba gaufi le go bona tshiamelo ya go tsenela Sejana sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA 2015 kwa Canada. Fa Amajita, setlhopa sa Bosetšhaba sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 20, se bone tshiamelo ya bosimega jwa Aforika jwa 2015 kwa Senegal. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go tshegetsa ditlhopha tseno mo maitekong a tsona a go bona phenyo.

Kabinete e amogela banni le seabe go tswa lefatsheng lotlhe, ba ba tlileng go tsenela thonamente ya bo4 ya Sejana sa Lefatshe ya Karate ya Kyokushin e e tla tshwarwang ka la bo 6 Lwetse 2014 kwa Luthuli International Convention Centre, Durban. Thonamente e e tla bulwa semmuso ke Moporesitente Jacob Zuma mme e ikaelela go tsweletsa karate jaaka motshameko mo bašweng ka ntlha ya mesola ya yona ya go rotloetsa boitshwaro, itshireletso, go nna le mogopolo o o tsepameng mmogo le go tsweletsa thibelo ya bosenyi mo loagong.

5.6. Khomišene ya Dikgaisano e tla tshwara Khonferense ya Ngwaga le Ngwaga ya Borobedi mmogo le Moletlo wa Dingwaga di le Sometlhano go tloga ka la bo 4 - 5 Lwetse 2014. Khonferense e tla bulwa semmuso ke Tona Ebrahim Patel yo o tla amogelang baemedi, go akaretsa ba ba tswang kwa ditheong tse di gaisanang go ralala Aforika le setheo se le sengwe sa kgaisano ya kgaolo, Khomišene ya Kgaisano ya Mmaraka o o Tlhakanetsweng wa Botlhaba le Borwa jwa Aforika.

6. Go thapiwa

6.1. Kabinete e dumelane le go thapiwa ga Rre Attwell Sibusiso Makhanya jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Mhlathuze Water.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Issued by: Government Communications

Share this page

Similar categories to explore