Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 25 Seetebosigo 2014

1. Seemo sa Kabinete mo mererong ya ga jaanong

1.1. Kabinete e itumeletse Puo ya Maemo a Setšhaba ya bosupa e e tlhagisitsweng ke Moporesitente Jacob Zuma ka Labobedi wa Seetebosigo 2014. Manaane a a tlhagisitsweng ke Moporesitente mme a kaelwa ke Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) a tla tlhalosiwa ka botlalo ke ditlhopha tse di farologaneng tsa Ditona mo dibekeng tse di tlang.

Ka mowa wa Mmogo tla re tsweletseng pele Aforika Borwa, Kabinete e ikuela mo makaleng otlhe a setšhaba go dirisana le puso mo go tsenyeng tirisong Lenaane la Tiro le lentšhwa, le le agelelang mo godimo ga dikatlego tse di fitlheletsweng mo Dingwageng di le 20 tsa Kgololesego.

1.2  Kabinete e itumeletse go khutlisiwa ga ditshupetso tse di neng di tsweletse mo dikgweding di le tlhano mo Ditlamong tsa Polatinamo. Ditshupetso tsa nako e telele tseno di nnile le ditiragalo tse di sa itumediseng mo badiring, mo bathaping mmogo le mo ikonoming ya rona yotlhe.

Le fa tshwanelo ya go dira ditshupetso e sireleditswe ke Molaotheo wa rona le mo melaong ya ditiro, Kabinete e ikuela mo bathaping le mo mekgatlhong ya ditiro ka bobedi go rarabolola dipuisano ka potlako le go efoga ditshupetso tsa mothale oo tsa nako e telele. Katlego ya manaane a rona a tlhabololo e ikaegile mo ikonoming e e tsepameng le go dira bontle. Jaaka maAforika Borwa, rotlhe re na le maikarabelo a go godisa ikonomi ya naga.

1.3 Kabinete e etse tlhoko go pagololwa ga Aforika Borwa ke ditheo tsa tekanyetso e leng sa Standard and Poor’s, le sa Fitch mo bekeng e e fetileng. Kabinete a santse e buseletsa gore puso e itukiseditse dikgwetlho tsa kgolo tseo Aforika Borwa e tobaneng le tsone. Puso e potlakisitse tsenngotirisong e e potlakisitsweng ya NDP ka dipaakanyo tse di ikaeletseng go tlhagisa bokgoni jwa kgolo jwa Aforika Borwa.

Puso e ikemiseditse go tokafatsa tikologo ya melawanataolo, ka go fokotsa tlhokego ya bokgonile go potlakisa lenaane la yone la peeletso mo mafaratlhatlheng jaaka karolo ya go tlosa dikgwetlho tse di kgoreletsang kgolo.

1.4  Kabinete e amogetse diphitlhelelo tsa Dipatlisisokakaretso tsa Malapa tse di tlhagisitsweng ke Lefapha la Mananepalo la Aforika Borwa mo malobeng. Diphitlhelelo tseno di netefaletsa naane e ntle ya gore manaane le dipholisi tsa puso tse di nonofileng di fetola matshelo a maAforika Borwa gore a nne botoka.

Dipatlisiso tseno di netefaletsa gore phitlhelelo ya ditirelo e e jaaka ya metsi, go rwalwa ga ditlakala, dintlo le thuto e e sa duelelweng di itshupile di gola ka nanabelo mo tsamaong ya nako. MaAforika a a nang le metsi a dipompo a oketsegile go fitlha mo 89,9% fa malapa a a tsentsheditsweng motlakase a e eme mo 85% ka2013.

Lenaane la puso la dithebolelo tsa loago le tswelapele go abelana ka madi a tshireletsego mo malapeng le mo baaging bao ntle le thuso ya mothale o ba tla sotlegang le go feta ka leuba la bohuma le go tlhoka ditiro.

Palo ya batho ba ba bonang dithebolelo tsa loago e oketsegile go tloga mo 13,7% ka 2003 go fitlha mo 45,5% ka 2013. Diphesente tsa malapa a a robalang ka tlala e wetse kwa tlase go tloga mo 29,3% ka 2002 go fitlha mo 13,4% ka 2013.

1.5 Kabinete e tsibogetse boeteledipele jo bo kwa setlhoeng jo bo etilweng pele ke Moporesitente Jacob Zuma jo bo emetseng Aforika Borwa ka go tsenela Samiti ya Mokgatlho wa Aforika ya bo 23 ka moono yo o reng “Temothuo le Tlhagiso e e sa Tlhaeleng ya Dijo mo Aforika.” Samiti e simolola ka la bo 20 go fitlha ka la bo 27 Seetebosigo 2014 kwa Malabo e e kwa Rephaboliking ya Equatorial Guinea.

Jaaka karolo ya kontinente, Aforika Borwa e tla bo e nna le seabe mo dipuisanong tsa maitlhomo ka ga tlhabololo ya Aforika mme se tla thusa samiti go matlafatsa manaane a tlhabololo mo nageng.

1.6  Kabinete e lebogisitse Lefapha la Botsweretshi le Setso le mmogo le Setheo sa Tlhabololo ya Bašwa sa Bosetšhaba ka go etelapele ditiragalo tsa Kgwedi ya Bašwa ka moono wa “Bašwa ba tsweletsa pele Aforika Borwa.”
Jaaka re tswelapele go keteka Kgwedi ya Bašwa, Kabinete a santse e buseletsa lenaane la puso la go dirisana le bašwa go fetola matshelo a bone le go tlhabolola naga.

Mo dingwageng di le tlhano fela, R2,7 bilione e beetswe kwa thoko go tshegetsa ka matlole boitlhamedikgwebo jwa bašwa, dibasari tsa baithuti di menagane gabedi mme manaane a go simolola sekolo go sa le gale a thusitse kgato ya motheo mo baneng. Ditsereganyo tsa mothale o di tla tswelapele go nna tsepamisomogopolo ya puso, jaaka re laletsa bašwa go dirisana mmogo le rona mo go tsweletseng pele Aforika Borwa.   

2. Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e tlotlomaditse kgatelopele e re e dirileng mo go tlhabololeng Pholisi ya Bosetšhaba ya Phetogo ya Maemo a Loapi: Gase ya Mowa wa Lefaufau (GHG) e e ka ga Ditlharololo tsa Phokotso Bogale. Pegelo e tlharolola tiro eo Aforika Borwa e e dirileng mo bolaoding jo bo utlwalang mo ditiragalong tsa phetogong ya loapi, mme e dira dikatlenegiso tsa tseokarolo ya Aforika Borwa mo maitekong a lefatshe ka bophara a go fokotsa kitlano ya GHG e e kwa lefaufaung. 

2.2. Kabinete e amogetse gape le pegelotlhomo ya Lenanethoto la Gase ya Mowa wa Lefaufau la Bosetšhaba, mo nakong ya 2000-2010. Seno se tsamaisana le tumelano ya Letlhomeso la Dinagakopano ka ga Phetogo ya Loapi leo Aforika Borwa e le saenileng semmuso ka 1997.

Go ya ka tumelano eno dinaga di tshwanetse go neelana ka dipegelo tsa tsona tsa kgatelopele mo ntlheng eno mo morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le pedi. Pegelotlhomo ya ga jaanong e phasaladitswe gore setšaba se dire ditshwaelo ka ga yone. E tla konosediwa le go baakanyediwa go abelana ka yona kwa bofelong jwa ngwaga.

2.3. Kabinete e amogetse tetlelelo ya Komiti ya Ngwaoboswa ya Lefatshe ya Unesco ka ga lefelo le lentšhwa la ditshomarelo e e neng e tshwere Kopano ya yone ya bo 38 kwa Doha, Qatar go simolola ka la bo 15 go fitlha ka la bo 25 Seetebosigo 2014.

Lefelo leno le lentšhwa la ditshomarelo ke ka ntlha ya thulaganyo e telele ya dipuisano magareng ga beng ba naga, baemedi ba baagi, mekgatlho e e seng ya puso, ditlamo tsa meepo mmogo le batsayakarolo ba ba farologaneng ba puso. Tetlelelo ya lefelo le lentšhwa la ditshomarelo leno ke kamogelo ya tlhabololo ya matsapa a Aforika Borwa a go tokafatsa bolaodi le tshireletso ya ngwaoboswa ya yone ya mafelo a lefatshe a ngwaoboswa fa e letlelela tlhabololo le maikarabelo a leruri.

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1.  Aforika Borwa e tla bo e thusa go tsamaisa Kopano ya Foramo ya Tirisanommogo mo Tirisanommogong ya Boitekanelo jwa Bomme ba bana, Masea a a sa Tswang go Belegwa le jwa Bana kwa Tikwatikweng ya Kopanelo ya Sandton kwa Gauteng go simolola ka la bo 30 Seetebosigo go fitlha ka la bo 1 Phukwi 2014. Tirisanommogo eno ke mokgatlho wa lefatshe ka bophara o o tsamaisiwang ke Mokgatlho wa Boitekanelo wa Lefatshe.

Go thusa go tsamaisa foramo eno go neela tšhono ya go tsepamisa mogopolo mo botlhokweng jwa go natlafatsa didirisiwa, boitekanelo jwa masea a a sa tswang go belegwa le jwa bana mo Aforika Borwa mmogo le go tshwaraganya makala otlhe a setšhaba go tsayakarolo mo matsapeng ano.

Phasalatso ya dipalo tsa ka fao lefatshe le dirang ka gone mo go fitlheleleng Maitlhomo a Tlhabololo a Ngwagakete a bo 4 le a bo 5 le one a tla letlelela batsayakarolo go tswa kwa makaleng a boitekanelo le a e seng a boitekanelo go itemogela kgatelopele le go ithuta.

E tla rotloetsa gape le maikarabelo a magolo mo basading, mo maseeng a a sa tswang go belegwa, mo baneng ba bannye le mo baneng ba bosima, go ba thusa go fitlhelela tshwanelo ya go iponela maemo a a kwa godimo a a fitlhelesegang a boitekanelo mo dingwageng tsa 2015 le go feta.

3.2 Aforika Borwa e tla bo e tshwere Dikgaisano tsa Bosetšhaba tsa Dipalo (IMO). IMO ke dikgaisano tsa ngwaga tsa go rarabolola mathata tsa baithuti ba dikolong tse dikgolo, tse di tshwarelwang kwa dinageng tse di farologaneng ngwaga yo mongwe le yo mongwe. Eno ke tšhono ya go bontsha bokgoni jwa naga ya rona jwa go tsamaisa meletlo ya maemo a a kwa godimo le go bontsha baithuti ba ba dirang bontle mo go tsa dipalo mo Aforika Borwa. Palogotlhe ya dinaga di le 109 di setse di ikwadiseditse IMO.

4. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:

4.1. Rre GO Hollamby go nna Motlatsamokaedikakaretso: Botsamaisi jwa Matlole le Tlamelo ya Taolo ya Dithoto kwa Lefapheng la Merero ya Selegae.

4.2. Lekgotla la Koporasi ya Dipeeletso tsa Bosetšhaba
a) Rre Mcebisi Hubert Jonas, go nna tokololo e e seng ya bolaodi le go nna modulasetilo (mo nakong ya gagwe jaaka Motlatsatona wa Matlole); le
b) Rre Roshan Morar go nna Motlatsa modulasetilo (sebaka sa dingwaga di le tharo).

4.3. Komiti e e Itlhophileng mo Molaong wa Ditlamo (sebaka sa dingwaga tse di sa feteng di le tlhano)
a) Tokololo e e tsenang mo legatong la yo mongwe, Ngaka Johannes Erasmus; le
b) Lerisefe le le lengwe, Mme Juanita Steenkamp.

Dipotsiso:
Phumla Williams
Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore