Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 18 Lwetse 2019

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 18 Lwetse 2019, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A.  Merero ya ga Jaanong

1.  Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo

1.1.  Kabinete e amogetse go thankgololwa semmuso ke Moporesitente Cyril Ramaphosa,ga Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo mo Masepaleng wa Tikologo wa OR Tambo, kwa Kapa Botlhaba. Leano leno le dira gore maphata otlhe a puso a le mararo a simolole go dirisana mo go samaganeng le dikgwetlho tse di kgoreletsang tlhabololo le go tsholetsa kwa godimo kabo ya ditirelo tsa puso, go thapa ditirelo tsa fa kgaolong eo le go tlholela karolo eo ditirelo. Leano leno le neseditswe pula ke Kabinete, maphata a puso ya selegae, dintlobogosi tsa metse mmogo le Lekgotla la Tsamaiso ya Merero ya Moporesitente (PCC).

1.2.  Le fa Masepaleng wa Tikologo wa OR Tambo e le one wa ntlha go diragatsa semmuso leano leno, mo tsamaong ya nako le tla tle le thankgololwa mo ditikologong tsotlhe di le 44 le diteropokgolo di le robedi go ralala le naga yotlhe. Seno se dira gore puso e dirisane le baagi ka go ba tsenyeletsa le go tsenyeletsa bannaleseabe mo leanong le le lengwe la go tlisa kabo ya ditirelo tsa motheo di le dintsi le go bulela batho ditšhono mo ikonoming mo maemong a motheo a ditikologo.

1.3.  Moporesitente Ramaphosa o butse semmuso Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) go baakanyetsa tleliniki ya Motse wa Lusikisiki, e e tla thusang go diragatsa ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo ya batho botlhe mo nageng. Tleliniki eno gareng ga tse dingwe e tsentswe didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo, ditirelo tsa tshoganyetso mmogo le wate ya baimana e e dirang bosigo le motshegare.

1.4.  Moporesitente Ramaphosa o buisane gape le baagi ba Masepaleng wa Tikologo wa OR Tambo mabapi le Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) le go nopola gore go na le tlhokagale e kgolo ya go bula Ditikwatikwe tse dingwe gape tsa Thuthuzela mo lefelong leno le go potlakisa go bula laboratori e e dirang ka di-DNA kwa Kapa Botlhaba.

2.  Go lwantshana le GBV

2.1.   Kabinete e tshegetsa boikuelo jwa ga MoporesitenteCyril Ramaphosa gore maAforika Borwa otlhe a tshwaragane go lwantshana le tirisodikgoka le dipolao tse di totileng basadi le bana. Mo Kopanotshwaraganelong ya Palamente e e neng e tshwerwe maabane, Moporesitente o buile ka dikgato tsa tshoganyetso tse di tla lwantshanang le GBV le go netefatsa gore go nna le tokafatso mo dipoelong tse di tsenngwang tirisong tse di rebotsweng ke Samiti ya 2018 ya Moporesitente e e ka GBV.

2.2.  Dikgato tsa tshoganyetso tse di boletsweng ke Moporesitente tse di tla tsenngwang tirisong mo dikgweding di le thataro tse di tlang di akaretsa dikgato tsa molao tsa tshoganyetso go fokotsa GBV, dikgato tsa tshoganyetso tsa katiso ya mopodisi, batšhotšhisi le baagiseterata/baatlhodi ba ba dirang ka dikgetse tsa GBV, dikgato tsa tshoganyetso tsa go matlafatsa tsamaiso ya Bosiamisi, dikgato tsa tshoganyetso tsa go dira gore GBV e nne karolo ya dithuto kwa sekolong, dikgato tsa tshoganyetso tsa go tlhoma ditikwatikwe tse dintsinyana tsa Thuthuzela. Dikgato tseno tsa go tsereganya di akaretsa le dikgato tse di itlhophileng tsa go tsepamisa mogopolo mo banneng jaaka e le bona ba ba fetlhang dipetelelo, dipogiso le dipolao tsa basadi le basetsana.

2.3.  Dikgato tseno tsa tshoganyetso di tla diragadiwa ke Komiti e e Gogang kwa Pele Merero ya GBV, e e tla fitlhelwang mo Kantorong ya Moporesitente, e e tla nnang le ditokololo go tswa mo maphateng a puso le mo Mekgatlhong eo e Seng ya Puso (di-NGO) go tlhokomela le go diragatsa dikgato tseno.

2.4.  Moporesitente o tlhalositse gore, ka dithulaganyo tsa manaane a magolo a kagale, a a nang le ditekanyetso mo mafapheng, go tla netefadiwa gore dikgato tseno mo dikgweding tse di tlang di le thataro di tsenngwatirisong.
2.5.  Kabinete e ikuela mo baaging go tswelela go nna le seabe mo go fatlhoseng le mo go tlhatlheleleng bana ba basimane gore ba nne le kutlwelobotlhoko le go tlotla basadi le basetsana.

3.  Ditlhaselo le tirisodikgoka tse di totileng batswantle le maAforika Borwa a borona

3.1.  Kabinete e boeletsa gape mafoko a yona a a bogale a go kgalema tirisodikgoka le tlolo ya molao e e tsamaisanang le dingongorego tsa batho ba borona mabapi le seo se ba diragaletseng le seo ba akanyang gore se ka ba diragalela ka ntlha ya seno. Re santse re le naga e e obamelang molaotheo e e laolwang ke melao ya temokerasi.

3.2.  Le fa Kabinete e tlhaloganya sentle dikgwetlho tsa ikonomi ya loago tse baagi ba tobanang le tsona, letlhoo la bosemorafe le tirisodikgoka mo baaging ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle le ba naga ya Aforika Borwa ga di kitla di rarabolola dikgwetlho tseno.

3.3.  Re amogela motho mang le mang yo a tlang ka fa nageng ya rona ka tsela e e leng mo molaong e bile a obamela melao ya naga ya rona. Fela jalo, re naga e e tshwaraganeng le fa re farologane mme kgato nngwe le nngwe e e tlisang letlhoo magareng ga rona jaaka maAforika ga e kitla e itshokelwa.

3.4.  Kabinete e ikemiseditse go samagana ka tolamo le moodi wa dilo tse di tlhotlhileng ditlhaselo tseno mo bathong ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle le ba naga ya Aforika Borwa. Ka ona motsotso oo re tla samagana le ditiragalo tsa tlolo ya molao tse di jaaka go rekisa diritibatsi, go rekisa dithoto tse di seng mo molaong, go thopa dithoto tsa mabentlele a batho ka dikgoka, mmogo le go senyakaka dithoto le ditiro tsa bonweenwee ntle le go tsaya letlhakore kgotsa go tlhoka poifo epe, go sa kgathalesege gore bosenyi joo bo dirilwe ke maAforika Borwa kgotsa motho yo a tswang kwa nageng ya kwa ntle. Ditiragalo tse dingwe tsa go ja batho ba kwa dinageng tsa kwantle ntshu tse di diriwang ke ditlamo tsa ka fa nageng le tsona di kgalemelwa ka mafoko a a bogale. Kabinete e ikuela mo baagging botlhe gore ba tshwarisane mmogo le Diforamo tsa Baagi ba Motse tsa Pabalesego (CPF) mmogo le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) go samagana le bosenyi le ditiragalo tsotlhe tsa tlolo ya molao.

3.5.  Molaotlhomo wa Setheo sa Taolo ya Melelwane (BMA) o gaufi le go konosetswa go kwadiwa kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP); seno se tla potlakisa tshalelomorago e e leng teng mo go gagamatseng pabalelo ya melelwane ya naga ya rona.

3.6.  Mo godimo ga seno, Moporesitente o ne a romela Setlhopha sa Barongwa se se Itlhophileng kwa dinageng di le mmalwa tsa Aforika go tsosolosa tsholofetso ya naga ya rona ya gore e ikantse go tsholetsa megopolo ya go nna Aforika e e Kopaneng e e Tshwaraganeng, go akaretsa le maikarabelo a naga ya Aforika Borwa a go nna naga e e obamelang molao le e e sireletsang ditshwanelo tsa batho botlhe ba ba leng ka fa gare ga melelwane ya naga ya rona.

3.7.  Moporesitente o tlhomile gape le setlhopha se se botlhokwa sa Khomišene ya go Batlisisa Mabaka a Boammaruri a a Tlhodileng Dikgogakgogano tse di Nnileng Teng mme se tla akaretsa Moporesitente wa mo Malobeng wa Tanzania Rre Jakaya Kikwete le Moporesitente wa mo Malobeng Mozambique Rre Joaquim Chissano. Ba tla buisana le makoko a a farologaneng ka fa nageng ya rona ka maitlhomo a go utolola dintlha tse di tlhodileng tirisodikgoka le go tlhaselwa ga batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle le ba ka fa nageng, tseo di itsegeng bogolosegolo ka gore ke Ditlhaselo tse di Tlhotlhelediwang ke Letlhoo la Bosemorafe le Ditlhaselo tse di Tlhotlhelediwang ke Letlhoo la Bosemorafe jwa maAforika a Mangwe. Diphitlhelelo tse di tla fitlhelelwang ke khomišene eno di tla isiwa kwa Mokgatlhotshwaraganelong wa Aforika (AU) mme se se botlhokwa go gaisa ke gore di tla dirisediwa go samagana le go thibela gore ditiragalo tsa tirisodikgoka le ditlhaselo tsa batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle mmogo le baagi ba naga ya rona di se ipoeletse.

4.  Go tlhasela magae a bakhanselara

4.1   Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale go ja ka molelo dintlo tsa bakhanselara kwa Masepaleng wa Teropo ya Matlosana, kwa Khuma mo Porofenseng ya Bokone Bophirima. Mo temokerasing e e potlana ya naga ya rona maitsholo a mothale oo ga a amogelesege. Kabinete e ikuela mo Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa go dira sengwe le sengwe go ka tlhatlhela ditlhokotsebe tsa bosenyi jono. A baagi ba motse wa Khuma ba ba obamelang molao ka fa nageng ba thusane le ba ditheo tsa tirelo ya tiragatso ya molao go thusa go ka tshwara ditlhokotsebe tseno. Ba ka thusa ka go loma tsebe ka go letsetsa mogala o o sa duelelweng wa 086010111.

4.2.   Jaaka maAforika Borwa tla re tshwaraganeng mme re kgalemeng ka bogale boitaolo mo metseng ya rona. Temokerasi ya rona e na le dikgato tsa molao tse di tshwanetsweng go latelwa fa e le gore batho ba batla go tlhopha kgotsa go ntsha motho mongwe le mongwe o ba mo tlhophileng gore a ba etelele pele mo pusong ntle le go dirisa dikgoka. Ka jalo, re tshwanetse go tshwaragana gore re sireletse temokerasi ya rona e re e lwetseng ka thata.

4.3.  Kabinete e ikuela mo baaging go tsaya dikgato kgatlhanong le boitaolo jwa mothale ono mme ba tle ka tshedimosetso nngwe le nngwe e ba akanyang e tla nna mosolo mo go thuseng mo dipatlisisong tsa ditheo tsa tiragatso ya molao. Naga ya Aforika Borwa e na le temokerasi mme ditlhokotsebe tsa tirisodikgoka nngwe le nngwe di tshwanelwa ke go rwala maikarabelo a ditlamorago tsa ditiro tsa bona mme ba tobane le thupa e e bogale ya molao.

B.  Ditshwetso tsa Kabinete

1.  Pegelo ya Ditshekatsheko tsa Kgatelopele mo Nageng mo Nakong ya Dingwaga di le 25

1.1.  Kabinete e neseditse pula kgang ya go gololwa ga Pegelo ya Ditshekatsheko tsa Kgatelopele mo Nageng mo Nakong ya Dingwaga di le 25 1994 – 2019. Pegelo eno e sekaseka kgatelopele e puso e e dirileng (ka tirisanommogo le maphata a loago) mo go fitlheleleng maikano a yona a go dira gore Aforika Borwa e nne naga e e botoka eo maAforika Borwa otlhe a ka tshelang mo go yona.

1.2.  Ditshekatsheko tse di neng di etilwe pele ke Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME) di tlhalosa gore go nne le dikgato tsa go batla maikutlo a baagi gore go tlhaloganyege gore ke eng se se leng mo megopolong ya bannaleseabe ba ba farologaneng. Bona ba akaretsa bagwebi, mekgatlho ya badiri, dirutegi, mekgatlho e e seng ya puso mmogo le mafapha a mangwe a a farologaneng a puso. Go tshwerwe gape le dikopano tsa go abelana ka maitemogelo, moo go neng go na le batho ba ba tlotlegang go tswa mo kontinenteng ya rona.

1.3.  Pegelo eno e nopola dikarolo tseo mo go tsona re nnileng le kgatelopele tse di jaaka go dira gore thuto ya motheo e fitlhelelwe ke batho botlhe; go oketsa ditheo tsa thuto e kgolwane, go bona thuso ya ditirelo tsa boitekanelo ntle le go duela le sente yo montsho mo maokelong a puso mmogo le go tlamela baagi ba ba matshwanedi ka madi a thuso a puso. E nopola gape le dikgwetlho di le mmalwa, tse di kgoreletsang dikgato tsa rona tse di maleba tsa go samagana le botlhokatiro, go fedisa lehuma le go tlhoka tekatekano. Kgang e kgolo tota mo dikgwetlhong tseno ke go retelelwa ga rona go samagana le seemo se se farologaneng mo ikonoming ya naga ya rona.

1.4.  Kabinete e neseditse pula gape le ntlha ya gore mafapha a puso ya naga le ya diporofense a ka nne a golola gape le ditshekatsheko tsa ona tsa mo dingwageng di le 25.

1.5.  Mo tsamaing ya nako Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla thankgolola semmuso Pegelo ya Ditshekatsheko tsa Kgatelopele mo Nageng ya Aforika Borwa mo Nakong ya Dingwaga di le 25 1994 – 2019 .

2.  Pegelo ya Naga ya ngwaga wa 2019 ya Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri (SDG)

2.1.  Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Naga ya Aforika Borwa ya ngwaga wa 2019 ya SDG go isiwa kwa Mokgatlhong wa Dinagakopano (UN). Pegelo eno e tla isiwa kwa Samiting ya SDG mo pakeng ya bo 74 ya Kopanokakaretso ya Kokoano ya UN (UNGA) e e tla tshwarwang mo kgweding ya Lwetse 2019.

2.2.  Pegelo eno ke karolo ya seabe se segolo sa mafapha ao makala a ona a nang le seabe, Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA), dirutegi mmogo le mekgatlho ya baagi. E neelana ka kgatelopele e naga e setseng e e dirile mo go diragatseng di-SDG, e leng tsona tse di gokeletsweng mo Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP). Gang fa pegelo eno ya naga e sena go romelwa kwa go UN, baagi ba tla kgona go e bona mo webesaeteng ya mokgatlho wa UN.

2.3.  Aforika Borwa e tsweletse go nna le seabe mo mogopolo wa lefatshe wa 2030 mo ntlheng ya di-SDG tsa lefatshe. Di-SDG di na le dipeelo di le 17 mmogo le dintlhapeelo di le 169 tseo di samaganang le matsapa a le mantsinyana go simolola ka a thuto, lehuma go ya mo go a tikologo, kgolo ya ikonomi mmogo le go tlhoka tekatekana ga batho ba bong jo bo farologaneng.

3.  Tumelano ya Cartagena mabapi le Tshomarelo ya Tlhago

3.1.  Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Bone ya Naga ya Aforika Borwa e e ka ga go tsenya tirisong Tumelano ya Cartagena mabapi le Tshomarelo ya Tlhago. Pegelo eno e tla romelwa kwa go Mokwaledi wa Tumelano ya Merero e e Farologaneng ya Tshomarelo ya Tlhago ka la bo 1 Diphalane 2019.

3.2.  Tumelano ya Cartagena e laola tsamaiso ya ditshedi tse di tshelang tse go itlholetsweng tsona, tseo di itsegeng gape ka gore ke Ditshedi tse e Seng tsa Tlhago tse di Tlhodilweng ke Batho (di-GMO), tseo di leng ka fa nageng le kwa dinageng tse dingwe.

3.3.  Naga ya Aforika Borwa e obamela melao yotlhe ya Tumelano ya Cartagena. Letlhomeso la melawanataolo ya tshomarelo ya tlhagola la ka fa nageng le laola go tlisiwa ka fa nageng le go ntshiwa ka fa nageng ga ditlhagisiwa tsotlhe tsa (GMO). Aforika Borwa e na gape le seabe mo go katiseng badirisi botlhe ba ditlhagisiwa tsa di-GMO ba ba leng ka fa nageng le bao ba leng kwa ntle mo dinageng tsa baagisane.

4.  Letlhomeso la go Tsenya Tirisong Seriti ka Didirisiwa tsa Basadi tsa Itlhokomelo (SDIF)

4.1.  Kabinete e neseditse pula go kwalolwa sešwa ga SDIF. Go tsenngwa tirisong ga letlhomeso leno go tla diragatsa ditshwanelo tsa seriti sa batho go ya ka molaotheo mmogo le tshwanelo ya botshelo ya basadi le basetsana ba ba tswang kwa malapeng a a dikobo dikhuthwane.

4.2.  SDIF e eletsa dithulaganyo tsa go reka dilwana tsa ka fa teng tsa bomme; tsela ya go aba dilwana tsa ka fa teng tsa bomme fa ba ya kgweding; tsela ya go latlha dilwana tsa ka fa teng tsa bomme fa ba sena go ya kgweding mmogo le letlhomeso la semmuso le le tshwanetsweng go dirisiwa go samagana le ka fao go abelanwang ka tsona. Letlhomeso leno le tlamela bajalefa ba lona ba dilwana tsa ka fa teng tsa bomme gape le ka katiso le taolo ya tlhokomelo ya boitekanelo.

4.3.  Ka thulaganyo ya Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba, go setse go tswile madi a a tla dirisiwang monongwaga le mo dingwageng tse di tlang. Letsho la go se duelele lekgetho fa o reka dilwana tsa ka fa teng tsa bomme le lona le simolotswe go tsenngwa tirisong ka la bo 1 Moranang 2019.

5.  Merero ya Kgwebisano

5.1.  Kabinete e amogetse pegelo e e ka ga ditlamorago go latela dipuisanelo tsa tumelano ya go tsamaisa kgwebisano le UK fa e sena go ikgogela kwa morago le go tswa mo mokgatlhong wa Dinagakopano tsa Yuropa (EU).

5.2.  UK ke naga e e leng mo maemong a bone mo dinageng tseo di gwebisanang le naga ya Aforika Borwa, moo R142 bilione e diriseditsweng kgwebisano magareng ga dinaga tseno ka bobedi mo ngwageng wa 2018.

5.3.  Kabinete e nopotse gore tumelano e e tshitshingtsweng ya ga jaana e tlhagisa melawana e e leng teng mo kgwebisanong ya dinaga di le pedi, e e tlhamilweng mo Tumelanong ya Botsalano mo go tsa Ikonomi (EPA) magareng ga Dinagakopanong tsa Yuropa le Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC). E tla nna mofuta yo montšhwa wa botsalano wa Tumelano ya Botsalano mo go tsa Ikonomi magareng ga UK le South Africa, Namibia, Botswana, Lesotho, Eswatini le Mozambique. E tla simolola go dirisiwa fa naga ya UK e ikgogela morago le go tswa mo go EU ntle le tumelano e e tlhamaletseng ya go ikgogela morago.

5.4.  Go latela tshekatsheko ya pegelo eno, Kabinete e neseditse pula EPA e ntšhwa eno.EPA eno e ntšhwa e tla somarela tsamaiso ya dituelelo tse di tsayang letlhakore, taolo ya tsamaiso ya kgwebisano, maemo a boitekanelo le a pabalesego mmogo le a mangwe a a botlhokwa mmogo le go netefatsa gore kgwebisano magareng ga naga ya Aforika Borwa le UK ga e setisiwe ke sepe le go tswelela ka tolamo. Seno se tla sireletsa dikgatlhegelo tsa naga ya Aforika Borwa.

5.5  Kabinete e neseditse pula tumelano e e tshitshintsweng, le gore gang fa maphata otlhe a sena go saena tumelano eno e romelwe kwa Palamenteng go amogelwa semmuso.

6.  Madi a tshipi a Setlamo sa Aforika Borwa sa Madi aTshipi

6.1.  Kabinete e neseditse pula mebetlo ya madi a tshipi a Setlamo sa Aforika Borwa sa Madi a Tshipi a lethathama la mebetlo ya madi a tshipi a a supang tlotlo a a bokelediwang a ngwaga wa 2020 - 2020 selefera o o bofefo R2 (2oz.) Krugerrand; mmogo le 2020 selefera o o bofefo R25 (1oz.) Natura. Moono wa madi ano a tshipi ke “Go tsoga baswing ga kgolomodumo - Archosauria.

C.  Ditiragalo tse di Tlang

1.  Kgwedi ya Dipalangwa

1.1.  Kabinete e neseditse pula Leanotiro la Kgwedi ya Dipalangwa ya Diphalane 2019 mmogo le Letsholo la go Keteka Matsatsi a le 365 ka moono yo o reng: “Mmogo tla re tlhotlheletseng Mowa wa Kabo ya Ditirelo le wa Go Godisa Ikonomi”. Kgang ya pabalesego mo mebileng e tlhoka gore go buisanwe ka yona matsatsi otlhe a le 365 mo ngwageng mmogo le go lemosa badirisi botlhe ba ditsela ka ntlha eno;bobedi bakganni ba dijanaga le batsamayakadina.

1.2.  Letsholo leno le tla nopola gape le maiteko a puso a go tsereganya mo go tokafatseng dipalangwa tsa ka fa nageng, dipeeletso mo maanong a mafaratlhatlha mmogo le maikarabelo a puso a go tlhokomela mafaratlhatlha a setšhaba.

D.  Melaetsa

1.  Melaetsa ya Matshediso


Kabinete e rometse matshediso kwa go:
1.1.  Balelapa le ditsala tsa ga Motlatsatona wa Metswedi ya Dimenerale, Mme Bavelile Hlongwa, yo a latlhegetsweng ke botshelo jwa gagwe setlhogo mo kotsing ya sejanaga mmogo le ba lelapa le ditsala tsa baswi ba le bane ba ba tlhokafaletseng mo kotsing eo fa ba ne ba leka go thusa banamedi ba ba neng ba amegile mo kotsing e nngwe ya dijanaga.

1.2.  Baagi le puso ya Rephaboliki ya Zimbabwe go latela go thula botala ka tlhogo ga Moporesitente wa mo malobeng Rre Robert Gabriel Mugabe. Ke ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Moporesitente Mugabe, mo kgaratlho ya naga ya Zimbabwe kgatlhanong le bokoloniale e neng ya re rotloetsa go kgaratlha kgatlhanong le puso ya tlhaolele le go re naya tsholofelo gore le Aforika Borwa ka le lengwe la matsatsi le yona e ntla nna le kgololesego.

1.3.  Balelapa le ditsala tsa ga motshameki wa mo latlhakoreng wa mo malobeng wa setlhopha sa di-Springbok Chester Mornay Williams yo a ikgapetseng tlotla ya naga le ya boditšhabatšhaba mo seabeng se a nnileng le sona mo go fenyeng metshameko ya hisetori ya Sejana sa Lefatshe tsa Rakabi sa 1995. Tiro ya gagwe e ntle mo lebaleng e tlhotlheleditse ditoro tsa ba bangwe ba bannye. Moporesitente Cyril Ramaphosa o bnontshitse tlotlo mo go motshameki ono wa mo malobeng wa rakabi ka go mo rebolela Tirelophitlho ya Semmuso e e Itlhophileng ya Kgato ya Porofense ya Maemo a Bobedi.

1.4.  Balelapa le ditsala tsa ga Motshwarwa wa mo malobeng wa kwa kgolegelong ya Robben Island kwa Kapa Bophirima Vincent Diba. Moporesitente Ramaphosa o rebotse Tirelophitlho ya Semmuso e e Itlhophileng ya Kgato ya Porofense ya Maemo a Bobedi, e e tlhalosang gore go nna gape le ditiragalo tsa mokete tse di diriwang ke ba SAPS.

1.5.  Balelapa le ditsala tsa ga molwelakgaratlho kgatlhanong le puso ya tlhaolele Adelaine Hain – mmemotsadi wa ga radipolotiki yo mogolo kwa nageng ya Britain Lord Hain - yo a tlhokafetseng a na le dingwaga di le 92. Hain o nnile le seabe mo go lwantsheng puso ya tlhaolele le mo go thuseng baagi ba ba neng ba gateletswe – e leng selo se se se dirileng gore puso ya tlhaolele e rebole melao e e mo kganetsang go tsena ka fa nageng mme gaufinyana ya kganetsa le monna wa gagwe Walter, pele e ka dira gore ba ye botshabelo kwa United Kingdom.

2.  Melaetsa ya go Akgola

2.1.  Kabinete e tshegetsa baagi ba naga ya rona le ba Aforika mo go akgoleng setlhopha sa khwaere sa Ndlovu Youth Choir, fa se fitlheletse makgaolakgang mo lenaneong la thelebišene la dikgaisano tsa America's Got Talent. Khwaere eno e dirile gore naga ya rona le kontinente ya rona di ipele ka yona mo dikgaisanong tseno.

2.2.  Oratilwe AJ Hlongwane yo a itsegeng thata ka gore ke DJ Arch Jnr yo a fentseng mo lenaneong la dikgaisano la South Africa’s Got Talent ka ngwaga wa 2015 fa a ne a na fela le dingwaga di le tharo. Ba Guinness World Records ba mo neile semmuso maemo a DJ yo monnye gagaisa lefatshe ka bophara ka ngwaga wa 2017. O tsweletse go lalediwa kwa dinageng di le mmalwa go tla go diragatsa mme o tsweletse go tsholetsa folaga ya naga ya Aforika Borwa ka tiragatso ya gagwe e ntle mo lenaneong la Britain’s Got Talent: The Champions. Re mo lakaletsa tsotlhe tse di molemo.

Dipotsiso: Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139

 

Share this page

Similar categories to explore