Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya Laboraro, wa la bo 25 Motsheganong 2022

A.    Merero ya ga Jaanong
1.    Go Itharabologelwa le go Itlhotlhora mo Ditshenyegelong tsa Merwalela 


1.1.    Kabinete e akgotse le go leboga batho botlhe le mekgatlho yotlhe e e thusang mo dikgatong tsa go itharabologelwa le go itlhotlhora mo ditshenyegelong tsa merwalela go latela gore mafelo a mangwe ka fa nageng a gogolwe ke merwalela e megolo, segolobogolo mafelo a KwaZulu-Natal. Kabinete e lebogile mekgatlho yotlhe e e seng ya puso, ya dikereke, ya baagi, ya dikgwebo le eo e thusang baagi ka go neela malapa a a tlhokang ka ditlhokwa tse di botlhokwa ka go a neela dijo, diaparo, dikobo, didirisiwa tsa sesadi tsa fa bomme ba le mo 'kgweding mmogo le diaparo tsa sekolo. 
1.2.    Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Botsamaisi jwa Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo e tswelela go laola ditiro tsotlhe tsa maphata a puso tse di ka ga go tswa baagi botlhe ba ba amegileng thuso. Batho ba feta ba le 7 000 ba neelwa gape le ditirelo tsa marobalo mo mafelong a a itemogetseng ditshenyegelo tse dikgolo mo dikgaolong di le nne tsa KwaZulu-Natal. 
1.3.    Tiro ya go agela malapa a a amegileng dintlo mo dinageng tsa puso tse di nopotsweng tsa KwaZulu-Natal tse go nang le kgonagalo ya go fudusetsa baagi bano mo go tsona e setse e simolotse. Kabinete e buseleditse boitlamo jwa puso jwa go tlhokomela ka leitlho le le ntšhotšho le ka go tlhoka lehunelo madi a go thusa ba ba amilweng ke merwalela. Setheo sa Aforika Borwa sa Morunimogolo se tlamela ka ditirelo tse dingwe gape tsa go disa maemo ka leitlho le le ntšhotšho le go netefatsa gore madi ano a logelwa maano go ya ka thulaganyo ya puso ya go rulaganyetsa tiriso ya matlole. 

2.    Tshedimosetso ya Sešweng ya Mogare wa Corona (COVID-19) 

2.1.    Kabinete e ikuetse mo baaging botlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa go itlhokomela gore ba se fetelwe ke COVID-19 mme seno se latela gore dipalopalo tse di rebotsweng di bontshe gore palo ya batho ba ba fetelwang ke mogare ono mmogo le ba ba fetelwang ke malwetse a a tlang le mariga ka fa nageng e tsweletse go tlhatloga. 
2.2.    Kabinete e gakolotse batho botlhe go tswelela go itlhokomela le go tlhokomela batho ba bangwe ka go dira bonnete jwa gore ba tlhapa diatla kgotsa ba di tsikitletsa ka sebolayamegare gangwe le gape, ka go apara dimaseke fa ba le fa teng ga meago, go katogana le batho ba bangwe, go bula matlhabaphefo gore go tsene mowa o o phepa mmogo le go tlhabela moento.
2.3.    Go tlhabela moento e santse e le yona tsela e e di gaisang ya go itlhokomela gore o se gatelelwe ke bolwetse jwa COVID-19, go robala kwa bookelong ka ntlha ya yona kgotsa go ya maotwana hunyela. Ga o tlhoke le go nna le aterese ya gore o nna kae gore o kgone go tlhabela moento. Motho mongwe le mongwe yo a nang kgotsa yo a senang lekwaloitshupo le ene a ka kgona go tlhabela moento mo mafelong otlhe a a direlang setšhaba ka fa nageng a go tlhabela moento ntle le go duelela.

3.    Re Utlwile go Lekane ka Ditiragalo tsa go Nyatsa Batho ba Merafe e Mengwe!

3.1.    Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa mefuta yotlhe tsa go nyatsa batho ba merafe e mengwe, re bua fano le ka ditiragalo tse di begilweng sešweng jaana kwa Good Hope Seminary High School le tsa kwa Yunibesiti ya Stellenbosch kwa porofenseng ya Kapa Bophirima. Ditiragalo tseno tsa go re tsenya matlho a batho di nyatsa dikarolo tse di botlhokwa tsa motheo wa temokerasi ya naga ya rona tse di buang ka seriti sa batho, go se nne le ditiragalo tsa go nyatsa batho ba merafe e mengwe, go se nne le ditiragalo tsa go nyatsa batho ba bong jo bongwe, go phimola baagi keledi ka go tsosolosa seriti sa bona, go lekalekana le go tlotlana. 
3.2.    Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 ke ona sedirisiwa se re se dirisang go fedisa masaledi a ditiragalo tsa mo malobeng tsa go re tsenya matlho a batho tsa go re kgaoganya le tsa go se re tshware ka go tshwana. Go ikuelwa mo batsading go ruta bana ba bona go gana nang ya banyana ditiragalo tsa go nyatsa batho ba merafe e mengwe mme ba tlotlomatse pharologano ya rona, seno ke karolo ya letsholo la rona le re le tshwaraganetseng la go tsholetsa go aga setšhaba le go nna ngatana e le nngwe.
3.3.    Tla re dirisaneng mmogo go ntshetsa mo pepeneneng ditiragalo tsa go nyatsa batho ba merafe e mengwe gongwe le gongwe mo di diriwang jaaka selo se se tlwaelegileng gore go tle go bonagale gore mo nageng ya rona ya temokerasi ditiragalo tsa mothale ono ga di batlege le e seng. 

4.    Tirisanommogo ya Naga ya Aforika Borwa le ya Jeremane

4.1.    Kabinete e amogetse Leeto la Semmuso le le tsamaileng ka katlego la Moeteledipele wa Puso ya Federeišene ya Rephaboliki ya Jeremane, Motlotlegi Olaf Scholz, go bo a jetse nala Puso ya Aforika Borwa ka la bo 24 Motsheganong 2022.
4.2.    Leeto la Semmuso la Moeteledipele Scholz le diragaditswe ka ntlha ya taletso ya Moporesitente Cyril Ramaphosa, yo a gogang kwa pele letsholo le legolo la go dira gore mo kgaolong le mo maemong a boditšhabatšhaba go nne le tirisanommogo e e edileng, mmogo le go ngokela dipeeletso tse di tlhokagalang thata.
4.3.    Gareng ga tse dingwe, baeteledipele bano ka bobedi ba buisane ka ditsela tse ba ka dirisanang mmogo ka tsona mo mererong e e jaaka ya motlakase le ya phetogo ya maemo a loapi, kgwebisano le dipeeletso mmogo le ka ditsela tsa go samagana le COVID-19 le tlhokego ya tlamelo ka meento. Ba buisane gape le ka se se diragalang mo kontinenteng ya Aforika le mo dinageng tsa boditšhabatšhaba, mmogo le ka ntwa e e runtseng kwa Ukraine le ditlamorago tsa yona mo ikonoming ya dinaga tsa boditšhabatšhaba mmogo le mo go se tlhokeng dijo le motlakase. 
4.4.    Jeremane ga se fela naga e e leng mo maemong a bobedi ka bogolo a kgwebisano le naga ya Aforika Borwa, gape e mo maemong a boraro ka bogolo fa go tla mo dinageng tse di nang le bajanala ba bantsi ba ba ratang go re jela nala, e na le babeeletsi ba bantsi ba ba beeletsang ka fa nageng e bile gape ke modirisanimmogo wa rona mo mererong ya tlhabologo. 

5.    Khonferense ya Botlhano e e Mabapi le go Fedisa Ditiragalo tsa go Dira Bana Makgoba

5.1.    Kabinete e amogetse go wediwa ga tiro ya Khonferense ya Botlhano e e Mabapi le go Fedisa Ditiragalo tsa go Dira Bana Makgoba e e neng e tshwaretswe kwa Durban go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 20 Motsheganong 2022. Bannaleseabe go ralala le lefatshe ba ne ba tsenetse khonferense eno, e e neng e tshwerwe mmogo le Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Merero ya Badiri (ILO). 
5.2.    Morago ga gore go buisanwe ka dikgato tse di siameng tse dinaga ka go farologana di di dirisang mmogo le go nopola dikarolo tse di tlhokang go tseelwa dikgato ka bonako gore go fedisiwe ditiragalo tsa go dira bana makgoba mmogo le tsa go dira batho makgoba, go ne ga diriwa boikano jwa ‘Go Tsaya Dikgato ka se Go Dumelanweng ka Sona kwa Durban’ e leng se se tla samaganang le ditiragalo tseno tsa go fetola bana makgoba.
5.3.    Ditiragalo tsa go dira bana makgoba di bontsha ka fao batho mo setšhabeng ba leng setlhogo ka teng go nne seno se baya bana mo kotsing. Ditiragalo tseno di tseewa jaaka tsa go bogisa bana jaaka di dira gore bana ba se kgone go ya sekolong le gore ba iponela ditšhono tsa go tlhatlhelelwa. Ngwana mongwe le mongwe ka fa nageng ya Aforika Borwa o na le tshwanelo e e totobetseng ya gore a se jewe ntshu. 
5.4.    Tshwanelo ya thuto ya motheo e tsamaisana le Molaotheo wa naga ya rona e bile gape go ya ka Molao wa Dikolo wa Naga ya Aforika Borwa, wa 1996 (Molao wa bo 84 wa 1996), “motsadi yo mongwe le yo mongwe o jarile maikarabelo a go netefatsa gore morutwana yo mongwe le yo mongwe yo a mo godisang o tsena sekolo go simolola fa a le monnye a na le dingwaga di le supa go fitlha ngwana yoo a konosetsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo fa a na le dingwaga di le 15 kgotsa fa a sena go konosetsa dithuto tsa bofelo tsa mophato wa borobongwe”. 
5.5.    Go ya ka Molao wa Kgodiso ya Bana wa 2005 (Molao wa bo 38 wa 2005), “ga go motho yo a letleletsweng go ja bana ntshu, go ba reka gore ba mo direle, go ba solofetsa ditiro kgotsa go ba thapa gore e nne makgoba a gagwe”.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Kopanokgothakgothe ya go Utlwanela Tumelano ya Boditšhabatšhaba e e Mabapi le Tshireletso ya Batho Botlhe Gore ba se Nyelediwe ka Lenga la Seloko ke Sepodisi (ICPPED)

1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlisa kwa Palamenteng ICPPED gore tumelano eno e sekasekiwe le go tseelwa tlhogong ke naga ya Aforika Borwa. Tumelano eno ke tumelano ya Dinagakopano (UN) e e bofang dinaga tsa lefatshe ka bophara mme e samagana le ditiragalo tsa go tlola ditshwanelo tsa batho ka go nyelediwa ka lenga la seloko ke sepodisi. 
1.2.    Mo kopanokgothakgotheng eno go tlhalosiwa gore go nyelediwa ke sepodisi ka lenga la seloko go raya gore seno ke tiragalo e e tsenyeletsang le ya go tsaya batho ka kgang, go ba tshwara, go ba golega kgotsa tiro ya mofuta o mongwe le o mongwe e e ka dirang gore batho ba ba dirileng tiro ya mothale oo ba ikganetse seo ba se dirileng kgotsa le gona go nna ka marago kgang ya gore ba fitlhile kae batswasetlhabelo. 
1.3.    Fa ntlha eno e sena go amogelwa gore e ka nna karolo ya melao ya rona, naga ya Aforika Borwa e tla tshwanelwa ke gore gangwe le gape morago ga dingwaga di le pedi e begele UN gore yona e diragatsa jang tumelano eno. Tumelano eno e na le dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa go thibela gore ditiragalo tsa go tsenngwa ka lenga la seloko ke sepodisi di se diragadiwe. 

2.    Pegelo ya Bone ya Naga ya Aforika Borwa e e ka ga Dikgato tsa go Sireletsa le go Tlotlomatsa Ditshwanelo tsa Batho 

2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Mokgatlhong wa Dinagakopano (UN) Pegelo ya Bone ya Naga ya Aforika Borwa e e ka ga Dikgato tsa go Sireletsa le go Tlotlomatsa Ditshwanelo tsa Batho. Lephata la UN le le Sekasekang Dipegelo tsa Paka e nngwe le e nngwe le tla sekaseka pegelo eno kwa bokhutlhong jono jwa ngwaga. Fa e sale Aforika Borwa e saenela Tumelano ya Ditshwanelo tsa Batho ya UN, naga eno e setse e sekasekilwe makgetlo a le mararo, mme labofelo fa e sekasekiwa e ne e le ka kgwedi ya Lwetse mo ngwageng wa 2017.
2.2.    Mo pegelong eno go na le tshedimosetso e e ka ga seo se dirilweng go latela ditshitshinyo di le 187 tse go dumelanweng ka tsona tse di dirilweng morago ga gore go sekasekiwe pegelo ya mo ngwageng wa 2017. Go sekegetswe tsebe tshedimosetso e go fitlhetsweng gore ke ya boammaruri go tswa kwa mafapheng a a maleba, go tswa kwa ditheong tsa puso tse di tshegetsang temokerasi ya molaotheo, mmogo le go tswa kwa mekgatlhong ya baagi e e maleba. 
2.3.    Kabinete e itumedisitswe ke tiro e e setseng e dirilwe mo go diragatseng tseo di tshitshintsweng mmogo le mo go seo se setseng se dirilwe mo dikgaolong tse di santseng di tlhoka go enngwa nokeng. Pegelo eno e tla re morago ga gore e tlhagisiwe kwa kopanong ya UN monongwaga ka kgwedi ya Phatwe e nne gone e ka phasaladiwang mo phatlhalatseng gore botlhe ba e bone.

3.    Pholisi ya Ngwaga wa 2022 e e ka ga Taolo ya Metsi a a Dirisiwang mo Meepong
3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Pholisi ya Ngwaga wa 2022 e e ka ga Taolo ya Metsi a a Dirisiwang mo Meepong. Mo pholising eno go na le dikgato tse di ka tsewang go tlhokomela le go seketsa metsi. E dira gore ditiro tsa meepo mo ikonoming di tsamaisane le maikarabelo a naga a go tlamela naga ka metsi a a sa kgaleng. 
3.2.    Gare ga ditharabololo tse dingwe tse dintsi tse pholisi eno e tlang ka tsona, e baya mo pepeneneng ntlha e e buang ka maikarabelo a lephata le lengwe le le lengwe la maphata otlha a puso a le mararo, gore maikarabelo a ona ke eng fa go tla mo metsing a a dirisiwang mo meepong. Dikarolo tse go sisintsweng gore di kwalolwe sešwa di tla rarabolola dikgwetlho tse di tleng di nne teng fa go tshwanetswe go tsewa dikgato kgatlhanong le meepo eo e kgotlhelang metsi mme seno se tla dira gore go nne bonolo go duedisa meepo eo e kgotlhelang metsi. Pholisi eno e tsamaisana le Molao wa Metsi wa Naga wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 36 wa 1998).

4.    Pegelo e e Buang ka Leano la go Tsamaisa Tiro le le ka ga Dithulaganyo tsa Matlole,Tekolo, Tshekatsheko le Boruni jwa Togamaano ya Tsibogelo ya Dikgwetlho tsa Bong
4.1.    Kabinete e amogetse pegelo e e buang ka seo se setseng se dirilwe fa go tla mo go tsennyeng tirisong Leano la go Tsamaisa Tiro le le ka ga Dithulaganyo tsa Matlole, Tekolo, Tshekatsheko le Boruni jwa Togamaano ya Tsibogelo ya Dikgwetlho tsa Bong. 
4.2.    Kabinete e lebogile dikgato tse dintsi tse di setseng di weditswe ke mafapha a puso a le mantsinyana tse di ka ga go dira gore leano leno la go tsamaisa tiro, le mo ngwageng wa 2019 go seleng go ikanngwe gore le tla diragadiwa, kwa bofelong le feletse le le mo molaong. 
4.3.    Ke mafapha a le mantsinyana a ga jaanong a setseng a tsentse tirisong dikarolo tse di botlhokwa tsa dipholisi tse di buang ka matsholo a a botlhokwa mo makaleng a puso a a tobaneng le go samagana le dikgwetlho tse basadi, bašwa le batho ba ba nang le bogolofadi ba tobanang natso. Kabinete e gagamaditse gore mafapha a tshwanetse go gagamatsa dikgato tsa ona tsa go ela maemo tlhoko le go tlhagisa dipegelo mabapi le seno, segolobogolo mafapha a a iseng a tlhagise dipegelo tsa ona.

5.    Dipuisano tsa go Tlhabana Botlhale tsa Bašwa go Tlotla Nelson Mandela (NMYD)
5.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tshwara NMYD ngwaga o mongwe le o mongwe go simolola mo ngwageng ono. Dipuisano tseno tsa go bontsha tlotlo di tla tshwarwa go tloga ka la bo 07 go fitlha ka la bo 20 Phukwi 2022. Leno ke Letsholo la Kantoro ya Moporesitente go naya bašwa mo Kontinenteng tšhono ya go buisana le go rutana ka seo se amang matshelo a bona.
5.2.    Dipuisano tseno – tse di tla bong di bua ka naledi ya naga ya rona ya lefatshe e bong Moporesitente wa mo malobeng Nelson Rolihlahla Mandela – go tla simololwa dipuisano tseno ka go atlhaatlha ntlha ya go nna moeteledipele yo a nang le maitshwaro mo kontinenteng ya Aforika.
5.3.    Bašwa ba tla neelwa tšhono ya gore mo dipuisanong tsa bona ba bontshane lobebe lwa dingwao le ditso tsa bona. Letsholo leno le tla gagamatsa gape le botsalano magareng ga bašwa ka go farologana ka fa kontinenteng. Lefapha la Merero ya Bomme, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi e tla re mo nakong e e tlang la abelana ka tshedimosetso ka botlalo mabapi le kopano eno.

6.    Pegelo ya Ngwaga o Mongwe le o Mongwe ya Ngwaga wa 2021/22 e e Buang ka Tiro ya go Ela Maemo Tlhoko mo go Diragatseng Tiro ya go Matlafatsa Basadi le ya go Tlisa Tekatekano Magareng ga Batho ba Bong jo bo Farologaneng, mo go Tlhatlheleleng Bašwa mmogo le go Tlotlomatsa Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi
6.1.    Kabinete e amogetse Pegelo ya Ngwaga o Mongwe le o Mongwe ya Ngwaga wa 2021/22 e e Buang ka Tiro ya go Ela Maemo Tlhoko mo go Diragatseng Tiro ya go Matlafatsa Basadi le ya go Tlisa Tekatekano Magareng ga Batho ba Bong jo bo Farologaneng, mo go Tlhatlheleleng Bašwa mmogo le go Tlotlomatsa Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi. Pegelo eno e sala morago dintlha tse di botlhokwa tse di bontshang gore go na le dikgato tse di tserweng go tlotlomatsa tekatekano mo go thapiweng le kwa tirong mmogo le mo go direng gore ditlhotshwana tseno e nne tsona tse di laolang le tse di tsayang karolo mo ditirong tsa mafapha le mo ditirong tsa ditheo tsa puso.
6.2.    Pegelo eno e kwadilwe go ya ka Leano la go Tsamaisa Tiro ya go Loga Maano a go Rulaganyetsa Tiriso ya Matlole, go Ela Maemo Tlhoko, go Sekaseka Tiro le go Dira Ditiro tsa go Runa leo le sa bolong go amogelwa ke Kabinete mo ngwageng wa 2019.

C.    Melaotlhomo
1.    Molaotlhomo wa Pabalesego le Boitekanelo kwa Tirong (OHS) mo Meepong

1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa Pabalesego le Boitekanelo kwa Tirong (OHS) mo Meepong gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go tokafatsa pabalesego le boitekanelo jwa batlhankedi ba ba dirang mo meepong, mmogo le go tokafatsa mafelo a meepo eno e leng mo go ona. Molaotlhomo ono o kwalolola sešwa Molao wa Pabalesego le Boitekanelo mo Meepong wa ngwaga wa 1996 (Molao wa bo 29 wa 1996).
1.2.    Dikarolo tsa molao ono tse di kwalolotsweng sešwa, gareng ga tse dingwe, di baya mo pepeneneng tse dingwe tsa dikakanyo tsa Molao ono, di gagamatsa Melawanataolo ya Leano la go Tsamaisa Tiro la Pabalesego le Boitekanelo mme le dira bonnete jwa gore e tsamaelana le melao ya lefatshe ka bophara ya pabalesego mo meepong. 

2.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bosomeleborobedi wa Ngwaga wa 2022 wa go Kwalola Sešwa Molaotheo
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bosomeleborobedi wa Ngwaga wa 2022 wa go Kwalola Sešwa Molaotheo gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona le gore Tona ya Ditirelo tsa Phimolakeledi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa, Rre Ronald Lamola, a ntshe lekwalo la go itsise setšhaba ka dikarolo tsa Molaotheo tse go tshitshinngwang gore di kwalolwe sešwa. 
2.2.    Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Karolo ya bo 6(1) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, e e reng naga ya Aforika Borwa e na le dipuo tsa semmuso di le lesomelebongwe mme tsona ke puo ya Sepedi, ya Sesotho, ya Setswana, ya siSwati, ya Tshivenḓa, ya Xitsonga, ya Afrikaans, ya English, ya isiNdebele, ya isiXhosa le ya isiZulu. 
2.3.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di nopola Puo ya Diatla (SASL) gore e tshwanetse go nna puo ya ka fa nageng ya semmuso ya bo lesomelebobedi mme di ema nokeng dikgato tsa go amogela puo eno le go netefatsa gore ditshwanelo tsa maAforika Borwa otlhe di a amogelwa, go sa lebelelwe gore ke batho ba ba nang le bogolofadi jo bo rileng kgotsa jang. Lefapha la Thuto ya Motheo lona ga le a bolo go tsaya Puo ya Diatla ya ka fa Nageng ya Aforika Borwa jaaka Puo e Beng ba Yona ba e Buang kwa Lapeng. 

D.    Ditiragalo tse di Tlang
1.    Beke ya go Keteka Tshireletso ya Bana 

1.1.    Aforika Borwa e tla keteka Beke ya go Keteka Tshireletso ya Bana e e tla ketekiwang go simolola ka la bo 29 Motsheganong go fitlha ka la bo 04 Seetebosigo 2022 ka moono yo o reng “Tla re sireletseng bana mo pakeng eno ya COVID-19 le go ya go ile fa leroborobo leno le sa tlhole le le teng”. 
1.2.    Mo bekeng eo go tla tsepamisiwa megopolo mo matsapeng a a leng teng ka fa nageng a a tobaneng poo le naga a go ithwala ga bašwa, e leng seo se gakaditsweng ke paka ya COVID-19 mo re boneng bašwa ka bontsi ba belega mo ngwageng wa 2020.
1.3.    Kabinete e ikuetse gore kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa ke batsadi, mekgatlho ya baagi, dikereke le baagi mo metseng go thusa go fokotsa palo e e golelang kwa godimo ya go ithwala ga bašwa. 

2.    Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe (WEF)
2.1.    Aforika Borwa e tla nna le seabe mo go WEF e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 26 Motsheganong 2022 kwa Davos-Klosters, Switzerland, mo moono wa teng e tla bong e le: “Go Dirisana Mmogo, Go Busetsa Maemo a go Tshepagala Sekeng”. 
2.2.    Aforika Borwa e itse sentle botlhokwa jwa go nna e nngwe ya dinaga tse di tlang ka ditharabololo le go bolelela ba bangwe ka maitemogelo a rona mo foramong eno ya lefatshe. Gore naga ya rona e tsenele WEF go tla re tswela mosola thata gore re godise seriti sa naga ya rona mo mererong ya dipeeletso gore ke e nngwe ya dinaga mo lefatsheng tse go ka beelediwang mo go tsona, mme re tla itsise dinaga tse dingwe mo lefatsheng gore pono e re nang le yona ya dilo tse re batlang go di dira mo isagong ke efe mmogo le go nopola ditlhabololo tse dintšhwa tse re setseng re di dirile ka fa nageng.

3.    Bašwa 
3.1.    Kabinete e neseditse pula Letsholo la go Keteka Kgwedi ya Bašwa la ngwaga wa 2022 ka moono yo o reng: “Go netefatsa gore re nna le ditsela tsa go iphedisa tse di nnelang ruri mmogo le go nna matlhagatlhaga ga bašwa gore bokamoso e nne jo bo botoka”. Letsatsi la semmuso la go Keteka Mosola wa Bašwa le tla ketekiwa kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba.
3.2.    Monongwaga ke wa bo 46 fa e sale barutwana kwa Soweto ba thankgolola mogwanto wa matlho ga a dibona ka la bo 16 Seetebosigo 1976 ba gwantela go gapelediwa ke puso ya tlhaolele go ithuta dirutwa tsotlhe tsa bona ka puo ya Afrikaans.
3.3.    Mo go bontsheng tlotlo mo go seo se dirilweng ka Seetebosigo 1976, Kabinete e ikuela mo bašweng botlhe ka fa nageng go samagana le botlhokatiro jo bo aparetseng bašwa ka bontsi ka go nna le seabe mo matsholong a go ba tlhatlhelela ka kitso le bokgoni a a jaaka letsholo la go ithutela tiro o le mo tirong mmogo le diphatlhatiro tsa go ithutela tiro. 
3.4.    Puso e tlile ka matsholo a a emang nokeng dikgato tsa go thapa bašwa mmogo le tsa go tlhola ditiro tsa nakwana. Dikgwebo le tsona di rotloediwa gore di thape bašwa ba le bantsinyana ka go tlhola diphatlhatiro tse mo go tsona go thapiwang bašwa. 
3.5.    Lenaneo la kgwedi yotlhe ya Seetebosigo le tla bo le tletse ka meletlo e e farologaneng e mo go yona go tla bong go na le e e ketekang bašwa ba ba dirang bontle thata mo go se ba se dirang, mekete ya go thankgolola Letsholo la go Goga kwa Pele Serodumo sa NYDA mmogo le meletlo e mengwe e le mentsinyana go ralala le naga e e ka ga go thankgolola Setheo sa Naga sa Ditirelo tsa Bašwa. 
3.6.    Tona mo Kantorong ya Moporesitente yo a rwesitsweng maikarabelo a Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi e tla re mo nakong e e sa fediseng pelo a re itsise ka letsholo leno ka botlalo. Meletlo yotlhe ya bašwa go tla solofelwa gore e tsamaelane le dikgato tsa go tila ditshwaetso tsa COVID-19.

4.    Samiti e e Buang ka Dinaga tse di Laolwang ke Magosi 
4.1.    Puso, ka go dirisana le Ntlo ya Naga ya Magosi, ba tla tsenela Samiti e e Buang ka Dinaga tse di Laolwang ke Magosi ka Labotlhano wa la bo 27 le Lamatlhatso wa la bo 28 Motsheganong 2022 go buisana ka dintlha tse di mabapi le gore beng ba dinaga tseo ke bo mang. 
4.2.    Dintlha tseno gape di tsenyeletsa le tsa thulaganyo ya go tsaya naga e e laolwang ke magosi mo pusong go e neela moagi yo a nang le matshwanedi a go nna mong wa naga eo, go nne seno se botlhokwa thata mo go matlafatseng baagi ba kwa metseselegae. Dikgato tsa go dira gore baagi ba kwa metseselegae e nne fela beng ba naga ka lefoko ga di kgapele fela kwa thoko ditshwanelo tsa batho tsa go nna beng ba lefatshe le ba nnang mo go lona mme gape di ba thibela gore le se ba tswele mosola mo go tokafatsheng matshelo a bona ka go iponela madinyana.

E.    Melaetsa

1.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Mme Leanne Manas, motlhankedi yo a gasang dikgang tsa lenaneo la thelebišene la dikgang tsa mo mesong la Morning Live mo go SABC, yo a apesitsweng tlotla ya Batlhabani ba Naga ya Fora ya go Tlotla Tiro e e Tswileng Diatla mo Nageng ke naga ya Fora ka Labobedi, 17 Motsheganong 2022, maitlhomo e le go tlotlomatsa matsapa a a a dirileng mo lephateng la go sala dikgang morago, la bobegakgang le mo maphateng a mangwe a mantsi a a farologaneng a go thusa baagi.

2.    Melaetsa ya Matshediso 
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Rre Mpho Moerane, yo a neng a na le dingwaga di le 52, yo mo malobeng e neng e le Meyara yo Mogolo wa Teropokgolo ya Johannesburg, e bile gape a le mafolofolo mo mererong ya dipolotiki e bile a direla baagi ba Johannesburg ka botswapelo. Pele a ka thapiwa go nna Meyara yo Mogolo, o ne a dira jaaka Leloko la Komiti ya Meyara e e samaganang le Merero ya Ditirelo tsa Tikologo le Mafaratlhatlha. 
  • Ngaka Deborah Fraser, yo a neng a na le dingwaga di le 56, yo e neng e le seopedi se se fentseng dikabo di sena palo tsa diopedi tsa mmino wa go rorisa modimo yo mo malobanyaneng Setheo sa Dithuto tsa Boeteledipele jwa Sekeresete se mo tlotlileng ka go mo abela tlotla ya Bongaka mo Mminong wa Dithuto tsa Sedumedi.
  • Ngaka Namane Magau, yo a neng a na le dingwaga di le 70, yo e neng e le serutegi se se tlhatlheletsweng e bile gape e le tokololo e e tlotlegang ya Batlhokomedi ba Matlole a Boto ya Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la Aids.
  • Rre Mike Schüssler, yo a neng a na le dingwaga di le 60, yo e neng e le motlhankedi wa merero ya ikonomi yo a tlotlegang mo intasetering eno ya naga ya Aforika Borwa e bile o neelane ka tshedimosetso e e tseneletseng e e ka ga maemo a ikonomi ya naga ya Aforika Borwa.
  • Rre Jamie Bartlett, yo a neng a na le dingwaga di le 56, yo a fentseng dikabo di sena palo tsa go diragatsa mo seraleng le mo thelebišeneng ka fa nageng ya Aforika Borwa, yo a neng a tumile ka leina la gagwe la go diragatsa la Motshameko wa theleibšene wa Isidingo mo a neng a bediwa Mike O'Reilly le la David Genaro la mo Rhythm City.
  • Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Ramaphosa fa a romela matshediso kwa pusong le kwa baaging ba naga ya United Arab Emirates (UAE) go latela gore Motlotlegi wa Ntlobogosi Sheikh Khalifa bin Zayed Al Nahyan, yo a neng a na le dingwaga di le 73, yo gape e neng e le Moporesitente wa naga ya UAE, a thule botala ka tlhogo.

F.     Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Bongani Sinenhlanhla Dladla o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo mo Botong ya Tlhabololo ya Intaseteri ya go Aga.
2.    Rre Shabeer Hamid Khan o thapilwe go nna Molaodimogolo wa Diakhaonto mo Setheong sa Naga sa Matlole.
3.    Mme Mendoe Ntswahlana o thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Dithendara mo Setheong sa Naga sa Matlole.
4.    Kabinete e dumelane ka botlalo le tshweetso ya go thapa batho ba ba latelang ba ba batlang tiro go tswalela ka bona diphatlhatiro mo Botong ya Batlhankedibagolo ba Letlole la Setheo se se Botlhokwa sa Motlakase: 

(i)    Rre Mosimaneotsile Jim Besnaar; 
(ii)    Mme Unati Nombakuse-Figlan. 

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore