Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya Laboraro 1 Lwetse 2021 

A.    Merero ya ga Jaana 

1.    Letsholo la Meento ya Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19)

1.1.    Kabinete e ne ya itsisiwe ke Lefapha la Boitekanelo ka ga tswelopele tebang le Lenaneo la Letsholo la go Enta, le le akaretseng ephidemioloji (karolo ya kalafi e e ka ga tiragalo, phasalatso le taolo e e ka dirwang ya malwetse le merero e mengwe e e amanang le boitekanelo. Kabinete e etse tlhoko gore ditshwaetso tse dišwa, go amogelwa kwa maokelong le dintsho tse di begiwang tsotlhe tseno di fokotsegile.  
1.2.    Le fa go le jalo, kabinete e etse tlhoko lebelo la ditshwaetso tse di tlhatlogang. Lefapha la Boitekanelo le netefaleditse Kabinete gore go na le tiro e e dirwang go tlhaloganya le go laola go runya go go begilweng kwa dikolong, segolo kwa Kapa Botlhaba.  
1.3.    Kabinete e ikuela go batsadi, barutwana le mekgatlo ya bolaodi jwa dikolo go netefatsa gore go ikobelwa go apara dimmaseke, kelelo ya mowa o o phepa, katologano fa gare ga batho gammogo le go tlhapa diatla ka tshwanelo. Go ikobela dikgato tsa go thibela ditshwaetsego e tswelela go nna sebetsa se se nonofileng kgatlhanong le go anama ga mogare. 
1.4.    Go fitlha ka 31 Phatwe 2021, go ne go setse go tlhabilwe meento e feta 12 568 525 ya COVID-19 go ralala naga. Palo e e okeditsweng ya mafelo a go entela, le go okediwa ga matsatsi a go enta le go tlamela batho ka dipalangwa tsa mahala ke diporofense, go tla baka koketsego e e kwa godimo ya batho ba ba tla entiwang ka botlalo. 
1.5.    Kabinete e rotloetsa batho ba ba sa entiwang mo nageng ya rona, segolo bagolo le ba ba leng mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse jo bo masisi, go entiwa ka bonako jo bo kgonegang. 
1.6.    Meento e na le dipoelo tse di siameng mo boitekanelong ba rona le go thibela bolwetse jo bo masisi, go amogelwa kwa bookelong le loso. Tla re lwantshe mogare o mmogo ka go phasalatsa tshedimosetso e e netefaditsweng ka ga meento e e tswang kwa Lefapheng la Boitekanelo le kwa Mokgatlong wa Boitekanelo wa Lefatshe. 

2.    Tshekatsheko ya Merero ya Badiri mo Sebakeng sa Kgweditharo (QLFS) 

2.1.    Dipoelo tsa sešweng tsa QLFS tse di rebotsweng ke Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa tsa kgweditharo ya bobedi ya 2021 di supile fa seelo sa botlhokatiro se tlhatlogile ka 1.8% go tswa go 32.6% e e kwadisitsweng mo kgweditharong ya ntlha ya 2021 go ya go 34.4% mo kgweditharong ya bobedi. 
2.2.    Dipoelo tse di bokoa tse di tswelela go gatisetsa botlhokwa jwa gore makala otlhe a dirisane le puso mo go tsenyeng tirisong Leano la Tsosoloso le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP) go samagana le seabe sa COVID-19. ERRP ke ntlhakgolo mo maitekong a puso a go aga sešwa le go tlhabolola ikonomi go tlhola ditiro tse dingwe segolo tsa bašwa. 
2.3.    Kabinete e rotloeditswe ke makala mangwe jaaka a kago, kgwebisano, dipalangwa a a tlhomileng ditiro tse dišwa mo pakeng e e sekasekiwang. Tumalano ya loago go aga sešwa le go tlhabolola ikonomi ya rona jaaka karolo ya maikarabelo a a kopanetsweng e tla netefatsa gore re busetsa naga mannong ka bonako. 

3.    Tirisodikgoka mo Bathong ba Bong jo bo Rileng le Polao ya Basadi (GBVF) 

3.1.    Kabinete e rometse matshidiso go ba malapa le ditsala tsa basadi ba ba neng ba bolawa setlhogo go sa le gale. Bona ba akaretsa Mme Nosicelo Mtebeni; Mme Palesa Maruping, Mme Pheliswa “Dolly” Sawutana le basadi ba bangwe ba ba senang molato ba go ka tswang go sa begiwa ka bona mo bobegakgannyeng. 
3.2.    Bosenyi jo bo maswe jo bo dirwa mo segopotsong sa Kgwedi ya Basadi ya Phatwe, e leng kgwedi ya go keteka seabe se re se dirileng go fedisa go tlhoka tekatekano ya bong mo setšhabeng sa rona.  
3.3.    Bosenyi jo bo re gakolola rotlhe gore GBVF e santse e le kgwetlho e kgolo e e lebaneng le naga ya rona. E tlhoka gore rotlhe re dirisane mmogo go sireletsa basadi. 
3.4.    Kabinete e ikuetse go ditheo tsa tiragatso ya molao go netefatsa gore dipolao tsa basadi bano ga e nne lesepa la bosigo mo go bona le ba malapa a bona.
3.5.    Puso e beetse thoko bonnye R21 bilione go kgweetsa go tsenngwa tirisong ga Leano la Togamaano ya Bosetšhaba ya GBVF, le maikaelelo a lona e leng go samagana le tiragalo e e maswe e. Go tsentswe tirisong ditsereganyo di le mmalwa go matlafatsa tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi. Tsona di akaretsa go oketsa dikgotlatshekelo tse di rileng tsa dikgaolo tse di tla samaganang le dikgetse tsa ditlolomolao tsa thobalano, go matlafatsa melao ya rona ya ditlolomolao tsa thobalano le go tlhatlhelela batlhankedi ba sepodisi ka dinonofo tse di maleba go samagana ka botlalo le ditlolomolao tse. Dikago tsa puso di le mmalwa di fetotswe go direla basadi ba ba ka fa tlase ga kgatelelo mafelo a tshireletso. 
3.6.    Kabinete e ikuela go rona botlhe go tshwaragana go baka maemo a a babalesegileng e bile a sireletsegile mo basading. Go bona thuso le thobomaikutlo ka merero ya GBVF, leletsa Tikwatikwe ya Taolo ya GBV mo go 0800 428 428 (0800 GBV GBV). Baletsi ba ka kopa gore modirediloago go tswa kwa Tikwatikweng ya Taolo a golagane nabo ka go letsetsa *120*7867# MAHALA ka selefounu efe fela. 

4.    Letsholo Kgatlhanong le Bonweenwee 

4.1.    Kabinete e amogetse go tshwarwa ga babelaelwa ba le supa mabapi le polao ya go sa le gale ya Mme Babita Deokaran, Mokaedimogolo wa Namaotshwere wa Matlotlo mo lefapheng la boitekanelo la Gauteng. Mme Deokaran e ne e le modiredipuso yo o boineelo yo o neng a eme ka tsepamo kgatlhanong le bonweenwee mme e ne e le paki ya botlhokwa mo dipatlisisong tsa Yuniti e e Kgethegileng ya Dipatlisiso tebang le theko ka tsietso ya didiriswa tsa go thibela ditshwaetsego le ditiragalo tse dingwe tse di seng molaong mo lefapheng le. 
4.2.    Kabinete e gateletse gape gore bantshamosi-ka-sekhurumelo ke batlhokomedi ba botlhokwa ba temokerasi ya rona le puso e e phepa, mme e ikuetse go batho go tswelela go senola le go bega bonweenwee le tsietso ntle le poifo kgotsa go gobelela. 

B.    Ditshwetso tsa Kabinete 

1.    Pegelo ya Tshekatsheko ya Setlhopha sa Tiro ya Tiragatso ya Matlole (FATF)  

1.1.    Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga dipoelo tsa tshekatsheko ya Aforika Borwa tebang le merero e e Kgatlhanong le Tsamaiso ya Madi e e seng molaong le go Lwantsha Tlamelo ya Borukutlhi ka Matlole.  
1.2.    Tshekatsheko e ne ya dirwa ke FATF, e leng mokgatlo wa dipuso tse di farologaneng wa setheo sa boditšhaba se se tlhomilweng go lwantsha tsamaiso ya madi e e seng molaong le go tlamela ditiro tsa borukhutlhi ka matlole. Aforika Borwa e ntse e le tokololo ya FATF fa e sale ka 2003. 
1.3.    Setatamente se se tletseng se tla rebolwa ka webosaete ya FAFT (www.fatf-gafi.org), mme pegelo e e tletseng ka ga tsibogo ya puso mo dikarolong tse di bokoa e tla supiwa mo tshekatshekong le ditsela tsa go maatlafatsa mekgwa e, e tla rebolwa. Kabinete e itumeletse pegelo e. 

2.    Phediso ya Boto ya Lekgotla la Bosetšhaba la Kwadiso ya Baagi ba Matlo (NHBRC)

2.1.    Kabinete e ne ya dumalana le Tona ya Mafelobonno a Batho, Mmamoloko Kubayi go fedisa Boto ya ga jaana ya NHBRC fa Lefapha la Mafelobonno a Batho le santse le konosetsa tiro ya go thapa Boto e e tletseng. Paka ya Boto ya ga jaana e fedile ka 31 Phukwi 2021 mme ka 1 Phatwe 2021 e ne ya okediwa gore e tswelele go tshwara marapo go fitlha go thapiwa boto e ntšhwa.
2.2.    Kabinete e ne gape ya dumelana le go thapiwa ga Rre Mphedziseni Alfred Radzilani jaaka Motsamaisi wa NHBRC. 

3.    Katoloso ya Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo
3.1    Kabinete e dumeletse go atolosediwa ga Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo go 15 Diphalane 2021, go ya ka Karolo 27(5)(c) ya Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo, 2002 (57 wa 2002). 

C.    Tiragalo e e Tlang

1.    Kgwedi ya Bojanala

1.1.    Naga e tla keteka Kgwedi ya Bojanala ka Lwetse mme Letsatsi la Lefatshe la Bojanala ke Mosupologo, 27 Lwetse 2021 ka fa tlase ga morero: “Bojanala go tlisa Kgolo e Botlhe ba Nang le Seabe mo go Yona – Go Tsosolosa Ikonomi morago ga COVID-19 – Go Aga Sešwa Botoka.”  
1.2.    Monongwaga Kgwedi ya Bojanala e tla rotloetsa maAforika Borwa go nna le seabe mo go sireletseng ditiro ka go jela nala mafelo a selegae le go tshegetsa poelelo ya bojanala go ya ka Leano la Poelelo ya Lekala la Bojanala, le le tlhagisang ditsereganyo tse di tshegetsang kagosešwa ya lekala le. 
1.3.    Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go enta le go etela naga e ntle e ya rona fa ba ntse ba ikobela mekgwathibelo ya boitekanelo, e e akaretsang go apara dimmaseke fa gare ga batho, go tlhapa diatla ka gale le go katogana le batho ba bangwe.  

D.    Melaetsa

1.    1.    Go Akgola

     Kabinete e akgola le go eleletsa masego: 

  • Setlhopha sa naga sa diatleletiki sa ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse 20, ka tiragatso ya bona kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa ba ka fa tlase ga dingwaga tse 20 tse di neng di tshwaretswe kwa Nairobi, Kenya go tloga ka 17 go fitlha ka 22 Phatwe 2021. Setlhopha sa rona se boetse gae le dimetale tsotlhe di le robongwe, go tsenyeletsa le wa go roba rekoto ya boditšhabatšhaba ya dingwaga di le nne ya lebelo la rilei la dimitara di le 100 la banna ba dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 20.
  • Setlhopha sa naga ka tiragatso ya bona kwa Dipharalimpiking tsa Tokyo. Ntando Mahlangu o fentse metale wa gauta mo Go tloleng Sekgala, le go tlhoma rekoto e ntšhwa ya lefatshe ka sekgala sa dimitara tse 7.17. Anrune Weyers o fentse gauta mo dimitareng tse 400 tsa Basadi. Rabaesekele yo o nang le bogole Pieter du Preez le ena o fentse gauta. Louzanne Coetzee (le mokaedi Erasmus Badenhorst) o ne a fenya metale wa selefera wa Pharalempiki mo dimitareng tse 1 500 tsa basadi. 
  • Modiragatsi Thuso Mbedu, ka go fenya Moputso wa TV wa Naledi ya Tshutlhelelo ka seabe sa gagwe mo The Underground Railroad kwa Dikabong tsa 2021 tsa Hollywood Critics Association TV. 
  • Moporesitente yo o sa tswang go tlhophiwa wa Zambia, Rre Hakainde Hichilema. Katlego ya ditlhopho tsa go sa le gale tsa boporesitente e tlamela ka motheo wa tsepamo e e tswelelang le tlhabololo kwa Zambia, gammogo le mo kgaolong ya Borwa jwa Aforika. 
     

2.    Matshidiso
     Kabinete e romela matshidiso go ba losika le ditsala tsa ga:

  • Rre Kebby Maphatsoe (59), Motlatsatona wa maloba wa Tshireletso le Bagale ba Sesole yo gape e ntseng e le tokololo ya Palamente. E ne e le Monnasetilo wa Bosetšhaba wa Mokgatlo wa Bagale ba Sesole sa uMkhonto we Sizwe (MK). O ne a neela botshelo ba gagwe go tlhabolola naga e. 
  • Moopedi le tokololo ya motheo ya Mahotela Queens, Nobesuthu Mbadu. Moopedi yo wa mogaka o tlhokafaletse kwa Bookelong ba Kgaolo ba Thelle Mogoerane kwa Vosloorus, Gauteng. O ne a le dingwaga tse 76. 
     

E.    Go Thapiwa 

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang 
1.    Mme Andiswa Oyama Jass jaaka Motlhankedimogolo wa Matlole wa Lefapha la Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo (DFFE). 
2.    Moatefokheiti Dinkie Portia Dube jaaka Mokaedikakaretso (DG) mo Kantorong ya Khomišene ya Bodiredipuso. 
3.    Mme Devinagie Bendeman jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Kobamelo ya Bolaodi le Kelotlhoko ya Lekala kwa DFFE. 

Dipotso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore