Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 16 Ngwanaitseele 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a Botlhokwa a Puso

1.1. Dipegelo tsa kgatelopele mo Dipoelong tsa Kgweditharo ya paka ya la bo 1 Phukwi go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2016 di ne tsa neelwa Kabinete. Dipegelo tseno di ela tlhoko Lenaanetiro la Puso go ya ka ditlamelo tsa Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

1.2. Ditona tsa Ditlhopha tse di maleba, ka GCIS, di tla rebolela bobegakgang dipegelo tsa ditlhopha go tlhagisa diphitlhelelo tse dikgolo tse di fitlheletsweng mo pakeng e, moragonyana mo kgweding e.

Dingwe tsa dintlhakgolo tsa Dipegelo tsa kgatelopele mo Dipoelong tsa Kgweditharo mo pakeng e e sekasekiwang:

Ikonomi

1.3. Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le tshegeditse dikgwebo di le 149 mo pakeng e re leng mo go yona. Godimo ga moo, go tshegeditswe dikoporasi di le 104 ka Sekema sa Thuso ya Dikoporasi. Ditsereganyo tseno di ribolola bokgoni jwa di-SMME, dikoporasi, dikgwebo tsa metsesetoropo le tsa metsemagae.

1.4. Mo lekaleng la temothuo – dikgwebo tse dišwa tsa temothuto di le 172 le di le 23 tse e seng tsa temothuo di ne tsa tshegediwa ka maiteko a a farologaneng. Godimo ga moo, go supilwe gape di-SMME tse dingwe di le 337 tse di leng teng mme di tla tshegediwa ka katiso le phitlhelelo ya mebaraka. Dikoporasi di le 240 di tshegeditswe ka Sekema sa Thuso ya Dikoporasi.

1.5. Tiro ya Komiti ya Ditona ka ga Peeletso e setse e simolotse go unngwa maungo. Mo kgweditharong e e re leng mo go yona, Invest SA e tsamaisitse peeletso ya boleng jo bo ka fitlhang go R18.2 bilione segolo mo diporojekeng tse dikgolo tsa go fetolela gase go nna maatla.

Ntwa kgatlhanong le bosenyi le bonweenwee

Ntwa kgatlhanong le bosenyi le bonweenwee e tswelela go nna ntlhakgolo mo pusong. Re ikemiseditse go ntsha disenyi mo baaging ba rona mme re tla tswelela go dira gore Aforika Borwa e nne lefelo le baagi botlhe ba leng e bile ba ikutlwang ba babalesegile.

1.6. Semphato magareng ga baagi le puso se tlhokega go lwantsha bosenyi le bonweenwee. Go begilwe fa 98.9% ya diteišene tsa sepodisi di na le Diforamo tsa Sepodisi sa Baagi tse di dirang e leng se se nang le seabe mo pabalesegong le tshireletsegong ya baagi ba ditikologo tseo.

1.7. Kgatelopele e tswelela go nna teng mo ntweng kgatlhanong le bonweenwee. Mo ntlheng ya go fokotsa bonweenwee mo bodiredipusong, batho ba le 58 ba ne ba bonwa molato mo pakeng e re leng mo go yona. Batho ba batlhano ba ne ba bonwa molato ka bonweenwee kgotsa ditlolomolao tse di amanang le bonweenwee mme nngwe le nngwe ya dikgetse tse e ne e akaretsa madi a boleng jwa R5 milione mme go amogetswe ditaelo tsa go thibela dithoto tsa boleng jwa R185 milione.

Lefatshe

Pusetso ya lefatshe e a tswelela go busetsa seriti sa ba ba sotlegileng ka nako ya tlhaolele. Go nnile le kgatelopele e e kgolo go busetsa seriti sa ba ba sotlilweng ke tlhaolele.

1.8. Diheketara di le 54 400 tsa lefatshe le le mo mannong a mantle di ne tsa tsewa le go abiwa mme diheketara di le 51 188 di ne tsa abelwa batlhagisi ba bannye.

Diheketara di le 6 530 tsa lefatshe leo di ne tsa abelwa batho ba ba nnang kwa dipolaseng le badiri ba ba hirileng.

1.9. Mo ditopotuelong tsa lefatshe di le 112 tse di konoseditsweng, di le 57 e ne e le tsa kwa metsemagaeng mme go boetswe batho ba le 2 553 mo malapeng a le 467.

1.10. Go sa le gale, Mokhomišenaramogolo wa Ditopotuelo tsa Mafatshe o ne a dumelela Thomelo ya Kgato ya bo 2 ya go konosediwa ga topotuelo ya lefatshe la Setšhaba sa Masinenge le topotuelo ya Lelapa la Mtshali ka go newa madi a phimolakeledi.

Boleng jotlhe jwa tuelo ya Masinenge ke R7, 100,608.00 e e tswetseng malapa a le 64 mosola a a neng a netefaditswe jaaka batswasetlhabelo ba ba tseetsweng lefatshe ka dikgoka.

Khomišene ya Pusetso ya Ditshwanelo tsa Lefatshe, mo pakeng ya 1 Moranang 2016 go fitlha go 31 Diphalane 2016, e duetse go fitlha go bilione ya diranta e le madi a phimolakeledi go ba ba dirileng ditopotuelo tsa lefatshe ba ba neng ba amogilwe ditshwanelo tsa lefatshe.

1.11. Dipoelo tsa pegelo ya Setheo sa Dikamano tsa Mmala: “Botshelo mo Aforika Borwa: Mabaka a Tsholofelo” ya go sa le gale, e supa fa botshelo mo Aforika Borwa gompieno bo le botoka fa bo bapisiwa le dingwaga di le 20 tse di fetileng.

Ka 2015 Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) sa tota go lebilwe mongwe le mongwe e ne e le 33% kwa godimo ga sa 1994; kgolo ya lotseno lo lo setseng go ka dirisiwa go mongwe le mongwe le ne le oketsegile go tloga go R23,686 ka 1994 go ya go R33,660 ka 2015 (koketsego ya 42%), palogotlhe ya batho ba ba nang le ditiro e atile gabedi go tloga go dimilione di le 7.9 ka 1994 go fitlha go dimilione di le 15.6 ka 2015; palo ya batho ba ba nang le dintlo tse di tlhomameng e oketsegile ka 131.3% go tloga ka 1996 go fitlha ka 2016; dielo tsa go ikwadisa kwa diyunibesithing di oketsegile ka 281.4% go tloga go 211,756% ka 1985 go fitlha go 807,663% ka 2014; palo ya ditshwaetso tse dišwa tsa HIV e wetse tlase go tloga go 646,806 ka 1999 go fitlha go 321,497 ka 2015; go nnile le koketsego ya 62.5% ya dirutegi tsa boitekanelo mo lekaleng la puso magareng ga 2000 le 2015; mme seelo sa polao se wetse tlase ka 49.3% fa e sale ka 1994.

Diphitlhelelo tseno di supa gore le fa tota go na le dikgwetlho, botshelo ba maAforika Borwa bo tokafetse mo dingwagasomeng di le pedi tse di fetileng. Kabinete e rotloetsa makala otlhe a setšhaba go tswelela go agelela mo dikatlegong tsa setšhaba sa rona fa e sale ka tshimologo ya temokerasi. Go santse go na le tse di siameng ka naga ya rona go gaisa tse di sa itumediseng.

Go Tsenngwa Tirisong ga Lennanetiro la Puso:

1.12. Beke ya botlhano ya Bosetšhaba ya Pitso ya Puso e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 7 go fitlha ka la bo 13 Ngwanaitseele ka fa tlase ga setlhogo sa “Mmogo tsweletsa pele Aforika Borwa: Bokamoso jwa rona – dira gore bo re direle” e ne ya bona maAforika Borwa a dirisana ka nonofo le puso. Paka e ya ditherisano tse di tseneletseng e na gape le seabe mo go bopeng baagi ba ba nang le tshedimosetso e bile ba nna le seabe; e leng ntlha e e botlhokwa thata ya go diragatsa Ponelopele ya 2030 ya NDP.

Moporesitente Jacob Zuma o thankgolotse beke e ka nako ya Pitso kwa Sekolong se Sepotlana sa Marhulana kwa Tembisa, Gauteng se se neng sa abelwa le laboratori e e dirang sentle ya dikhomphiuta.

1.13. Go bulwa ga tsela ya Swartkopfontein le leborogo magareng ga Aforika Borwa le Botswana go simolola kgaolo e ntšhwa ya go golaganya molelwane wa Aforika Borwa kwa Swartkopfontein go ya kwa molelwaneng wa Botswana wa Ramotswa. Tsela e e tlhabolotsweng le mafaratlhatlha a leborogo, ka peeletso ya R78.5 milione di tlhodile ditiro tsa leruri di le 51 mo pakeng ya konteraka ya dikgwedi di le 23, ka badiri ba ba tswang mo dinageng ka bobedi.

1.14. Lenaane la Tsosoloso ya Diphaka tsa Madirelo, ka fa tlase ga Tona ya Kgwebisano le Intaseteri, Rob Davies, le tlhola ditiro mo teng ga makeišene le mafelo a magae mmogo le go a ralala. Lenaneo le le tsentswe tirisong go tsibogela boikuelo jwa Moporesitente Jacob Zuma jwa go dira go fitlhelela madirelo a a anameng le kgolo e e akaretsang, gareng ga tse dingwe. Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri go fitlha ga jaana le beeleditse R22.5 milione mo tsosolosong ya Phaka ya Madirelo ya Komani. Mo kgatong ya ntlha ya lenaneo la tsosoloso, dikgwebopotlana di le supa di ne tsa thapiwa mo dikonterakeng tse dinnye tsa boleng jwa R5.3 milione. Go thapilwe badiri ba selegae ba le 71, mme 63% ya bona e ne e le bašwa.

Lenaane la Boradiintaseteri ba Bathobatsho, ka maitlhomo a go oketsa bannaleseabe mo lekaleng la tlhagiso, go fitlha ga jaana le thusitse Boramadirelo ba Bantsho ba le 22 le go tlhola ditiro di le 1 500. Go dirisitswe R1.5 bilione go thusa boramadirelo ba.

1.15. Beke ya Lefatshe ya Kgwebo e ne ya thankgololwa kwa Johannesburg ka Labotlhano o o fetileng ke Motlatsa Moporesitente Cyril Ramaphosa a tshegeditswe ke Tona Lindiwe Zulu. E diragala go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 20 Ngwanaitseele 2016, mme ke yona kopano e kgolo go gaisa ya baitshimololedi le bagwebi ba ba thankgololang dikgwebo tse di simololang le go diragatsa dikgopolo, ba kgweetsa kgolo ya ikonomi le go rotloetsa tlhabololo ya loago le ikonomi. Kabinete e lemoga balekane ba kgwebo le loago mo go tliseng GEW mo Aforika Borwa, e leng Puso ya Porofense ya Gauteng, Toropokgolo ya Johannesburg, Hollard, Microsoft, IDC, SABS, SAB, SEA Africa, Global Entrepreneurship Network le Kauffman Foundation. Ditiragalo di feta di le 80 tsa balekane ba di tla bo di diragala mo pakeng e. GEW ke matlhagolatsela a Kopano ya Kgwebo ya Lefatshe (GEC) e e tla tshwarelwang la ntlha mo kontinenteng ya Aforika kwa Johannesburg ka Mopitlwe 2017, mme e tla tsenelwa ke balalediwa ba feta 5 000 go tswa kwa dinageng di le 160.

1.16. Ka 14 Ngwanaitseele 2016 Tona Nomvula Mokonyane o thankgolotse Polante ya Phepafatso ya Metsi a a Leswe ya Drakenstein mme a e neela Mmasepala wa Drakenstein kwa Kapa Bophirima. Boleng jwa porojeke eno bo fitlha go R 171 000 000 mme e tswetse mosola bothati jwa selegae le baagi ka go tlamela ka maitemogelo le katiso mo kagong; go thapiwa ga batho ba selegae; le go reka didiriswa mo barekising le batlhagising ba selegae.

Tlamelo ka metsi a motheo go baagi e na le seabe mo go tokafatseng boleng jwa metsi mo Nokeng ya Berg le go fokotsa ditlamorago tsa metsi a go nosetsa a boleng jo bo kwa tlase.

1.17. Metsi le kgeleloleswe ke dintlha tsa botlhokwa mo tlhabololong e e tswelelang. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le bolotsa Letsholo la Kgeleloleswe le le tla tlisang Letsatsi la Lefatshe la Matlwanaboithusetso ka la bo 19 Ngwanaitseele 2016, le le dirisiwang go tsibosa, go ruta le go dirisa maiteko a go netefatsa gore mongwe le mongwe o na le ditirelo tsa kgeleloleswe tse di nang le seriti.

Aforika Borwa o ikemiseditse go itlhaganedisa tlamelo ya ditirelo tsa metsi le kgeleloleswe, mme ka jalo go busediwe seriti, segolo mo bathong ba ba neng ba sena ditšhono mo malobeng. Lenaane la go Fedisa Dikgamelo le ikaelela go samagana le tiriso ya matlwanaboithusetso a dikgamelo mo diporofenseng di le nne, e leng, Kapa Botlhaba, Foreisetata, Bokone Bophirima le Kapa Bokone. Go fitlha ga jaana go fedisitswe dikgamelo di le 25 091 mme go setse di le 27 147 tse di tshwanetseng go konosediwa.

1.18. Go aloga ga bašwa mo lenaaneng la dingwaga di le nne la Mophato wa Bosetšhaba wa Ditirelo tsa Bašwa ba Metseselegae (NARYSEC) ka la bo 17 Ngwanaitseele 2016 go tlaleletsa maanane le maiteko a puso a go tlhola ditiro. Lenaane le, le le thankgolotsweng ka 2010, ke lenaane la tlhabololo ya dinonofo mo bašweng le ditiro le le thusang go fetola bašwa ba kwa mafelong a metsemagae gore e se nne babatladitiro mme e nne bona ba tlholang ditiro.

1.19. Samiti ya Bommasepala ya Lenaanekatoloso la Ditiro tsa Setšhaba (EPWP) e tswelela pele go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 17 Ngwanaitseele 2016 ka fa tlase ga setlhogo “Bona, Utlwa le go Itemogela Manaane a Ditiro a Puso”, kwa St George Conference Centre mo Gauteng. EPWP ke maiteko a botlhokwa a puso a a nang le seabe mo ditirong tse di nang le seriti le matshelo a a tswelelang, thuto, boitekanelo, tlhabololo ya metsemagae, tshireletso ya dijo le pusetso ya mafatshe, go akaretsa ntwa kgatlhanong le bosenyi le bonweenwee.

Samiti e e lebile dikarolo tse di diregang tsa lenaneo le ka go tlamela ka tšhono ya go abelana maitemogelo le ditiriso tse di gaisang. Se se matlafatsa maiteko a puso a go tlhola ditšhono tsa ditiro le dinonofo ka katiso e ditlamorago tsa yona e leng go tsosolosa baagi ba kwa metsemagaeng.

Ditšhono tsa ditiro di feta dimilione di le 7 di tlhodilwe ka EPWP go tloga ka 2004 go fitlha ka 2016. Se se supa katlego mo go tsenyeng tirisong lenaneo le ka maphata otlhe a puso, bommasepala le baagi. Kgato ya bo 3 ya EPWP e mo ngwageng wa yona wa boraro wa go tsenngwa tirisong – mme e setse e tlhomile melawana e e akaretseng e e laolang go tsenngwa tirisong ga lenaneo le mme tirokgolo ya lona ke go rotloetsa go nna le seabe ga baagi kwa diporojeke tsa EPWP di tsenngwang tirisong teng. Se se dira gape gore go se nne le kgobelelo mo go thapeng batho.

1.20. Khudugo e e atlegileng go tswa go kgaso ya analoke go ya go ya dijithale go baagi ba ba leng mo karolong ya Arei ya Sekwere kilometara kwa Kapa Bokone go kaya gore baagi ba, ke ba bangwe ba ntlha go itemogela dipoelo tse di tletseng tsa boleng jwa modumo le ditshwantsho tse di amanang le thelebišene ya dijithale.

Pego ka Tona Muthambi ya go konosetsa tirego ya go hudugela mo tsamaisong ya dijithale ka Sedimonthole 2018 ka mokgwa wa dikgato go ya ka diporofense e tswelela pele, mme go setse go simolotswe kwa Kapa Bokone le Limpopo. Ikwadiso e buletswe kwa Foreisetata, Mpumalanga le Limpopo. Dikwadiso tse dingwe di tla bulelwa gape kwa Bokone Bophirima, Kapa Botlhaba, KwaZulu-Natal, Kapa Bophirima le Gauteng moragonyana.

1.21. Go timiwa ga analoke ke karolo ya tirego ya naga ya Khudugo ya Kgaso go ya go Dijithale. Malapa a a tlhokang a a tshwanelwang ke thuso go tswa mo pusong a rotloediwa go ikwadisetsa di-STB tsa mahala kwa makaleng a a gaufi nabo a Kantoroposo.

1.22. Kabinete e ne gape ya begelwa ka ga leano la go epolola masaledi a baipelaetsi ba sepolotiki ba ba neng ba kalediwa ka motsi wa tlhaolele. Go ne go le bonnye jwa batshwarwa ba sepolotiki ba le 130 ba ba neng ba kalediwa ka ntlha ya ditlolomolao tse di amanang le dipolotiki magareng ga 1960 le 1990, mme morago ga moo katlholelo loso e ne ya sekegiwa. Baikanyegi ba, ba tla bolokwa ka tshwanelo kwa mafelong a ba tswang kwa go ona.

Tiragalo e e latela go thankgololwa phatlhalatsa ga Porojeke ya go Epololwa ga ba ba Kaleditsweng ka 23 Mopitlwe 2016 kwa Kgolegelong ya Kgosi Mampuru II, go simolola ka go epololwa ga masaledi a baipelaetsi ba dipolotiki mo pakeng ya dikgwedi di le thataro pele ga bokhutlo jwa 2016/17.

1.23. Kabinete e amogetse go konosediwa ka katlego ga Karolo ya bo 3 ya Khomišene ya Dinagapedi magareng ga Botswana le Aforika Borwa e e neng e eteletswe pele ke Moporesitente Jacob Zuma le molekanenae Moporesitente Seretse Ian Khama go tsweletsa tirisanommogo mo ikonoming magareng ga dinaga di le pedi tse.

Go itlhaganedisa tiro ya Porojeke ya Phetisetso ya Metsi ya Lesotho Highlands, go tsenngwa tirisong ga Togamaano ya Madirelo le Leanotlhabololo la Togamaano la Tshupane ya Kgaolo ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) go tlhola momagano ya ditiro tse di nang le boleng le methamo ya tlhagiso, le tirisanommogo mo taolong ya melelwane go thibela bosenyi jwa kgabaganyo ya melelwane jaaka polao ya ditshukudu le ditlou, e nnile dingwe tsa dintlha tse di neng tsa sekasekiwa.

Aforika Borwa e netefaditse tshegetso ya yona mo go motlhophiwa wa SADC go nna Monnasetilo wa Khomišene ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), Motlotlegi Ngaka Pelonomi Venson-Moitoi, Tona ya Merero ya Boditšhaba le Tirisanommogo ya Botswana.

1.24. Moporesitente Jacob Zuma o konoseditse ka katlego Leeto la Tiro kwa Addis Ababa, kwa Rephaboleking ya Federale ya Ethiopia kwa a neng a tsenela Komiti ya Maemo a a kwa Godimo ya AU mo kopanong ya Libya go sekaseka le go buisanela maemo a kagiso le tshireletso kwa Libya. Komiti e buisanetse le go dumalana ka dintlha di le mmalwa tse di tla thusang go tlisa tharabololo ya leruri ya dikgwetlho tse di lebaneng batho ba Libya. Jaaka ditokololo tsa AU, re batla go bona kagiso le maemo a a edileng kwa Libya mme komiti e dumalane gore jaaka Aforika, re tlhoka go tlhotlheletsa maphata otlhe a a amegang kwa Libya go batla tharabololo ya Aforika mo mathateng a a lebaneng naga e.
Moporesitente Zuma o ne a nna gape le seabe kwa Samiting ya Bobedi e e Kgethegileng ya Ditšhaba tsa Baithaopi ba Bokgoni jwa Aforika ba go Tsibogela Mathata ka Gangwe (ACIRC). Maitlhomo a Samiti e, e ne e le go buisana ka ga maemo a Mophato wa ACIRC morago ga maitsholo a Ditiragalo tsa Ditiro tsa Taolo (CPX) tsa UTULIVU AFRICA I le II le netefatso ya bokgoni bo bo neetsweng go tloga ka Motsheganong 2014 go fitlha ka Moranang 2015. Dinaga tse di ithaopileng mo ACIRC, tse di akaretsang Aforika Borwa, di sweditse go etelela pele mo go tliseng ditharabololo tsa Aforika mo dikgwetlhong tsa Aforika ntle le tsereganyo ya maphata a kwa ntle.

2. Ditiragalo tse di Tlang

2.1. Matsatsi a le 16 a Ipelaetso Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng a diragala ngwaga le ngwaga go tloga ka ka la bo 25 Ngwanaitseele (Letsatsi la Boditšhaba la Phediso ya Tirisodikgoka Kgatlhanong le Basadi) go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole (Letsatsi la Boditšhaba la Ditshwanelo tsa Botho). Matsatsi a mangwe a botlhokwa a a ketekiwang mo pakeng e a akaretsa Letsatsi la Lefatshe la Aids ka la bo 1 Sedimonthole le Letsatsi la Boditšhaba la Batho ba ba nang le Bogole ka la bo 3 Sedimonthole.

Morero wa 2016 wa Matsatsi a le 16 a Ipelaetso ke “Mpale: Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa yo o senang tirisodikgoka kwa pele” mme o tswelediwa ka ditiro tsa ngwaga otlhe tse di tswelelang le baagi.

Ka la bo 25 Ngwanaitseele 2016, Moporesitente Jacob Zuma o tla thankgolola Dipuisano tsa bosetšhaba tse mo go tsona Bommasepala ba Didika ba tla rulaganyang dipuisano mo ngwageng otlhe. Dipuisano di tla akaretsa tlhabololo ya dinonofo le matlafatso go baagi, segolo mo basading, gammogo le tokafatso ya thebolelo ya ditirelo tsa phitlhelelo ya bosiamisi, thobomaikutlo le tsa boitekanelo. MaAforika Borwa otlhe a na le maikarabelo a go nna le seabe mo ntweng kgatlhanong le tirisodikgoka mo basading le tshotlako ya bana.

2.2. Tona ya Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba, Maite Nkoana-Mashabane, le Tona ya Dikumo tsa Tlhago le Tikologo kwa Russia, Rre Sergey Donskoy, e tla nna bannasetilo ba Tiragalo ya bo 14 ya Komiti e e Kopanetsweng ke Dipuso ka ga Tirisanommogo ya Kgwebisano le Ikonomi (ITEC) magareng ga Aforika Borwa le Russia ka la bo 18 Ngwanaitseele 2016 kwa Pretoria.

Kopano e e solofetswe go dumalana ka maano a tiro a a rileng go itlhaganedisa go tsenngwa tirisong ga boineelo mo makaleng otlhe a ITEC, go akaretsa kgwebisano, peeletso le dibanka; didirisiwa tsa diminerale; maatla; temothuo, jalo ya dikgwa le bodirelatlhapi; dipalangwa; saense, thekenoloji le boalo jwa lefaufau; metswedi ya metsi; mmogo le thuto le bosiamisi.

2.3. Motlatsa Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla etelela pele setlhopha sa ditona le bannaleseabe ba e seng ba puso ka la bo 19 Ngwanaitseele 2016 kwa Dipontshong tsa Bašwa tsa Tlhabololo ya Borutegi kwa Lebaleng la Metshameko la Nkowankowa kwa Mmasepalengmogolo wa Tzaneen kwa Limpopo.

Dipontsho tse di tla tlamela ka maele ka ga borutegi le tshedimosetso ka ga ditšhono tsa thuto e e tswelelang le katiso go baithuti ba ba mo Mephatong ya 10 go ya go 12, bašwa ba ba sa direng, le bašwa ba ba tlogetseng sekolo mo dikolong tse dikgolwane. Dipontsho tsa Bašwa tsa Tlhabololo ya Borutegi ke karolo ya puso ya go tokafatsa bašwa, segolo ka seabe sa bona mo ikonoming gore ba kgone go tsaya maemo a bona mo setšhabeng.

2.4. Morago ga Ditlhopho tsa Dipusoselegae, go nna le seabe ga baagi mo taolong ya mafelo a bona go tswelela go nna botlhokwa mo go tlhotlheletseng maano a bommasepala, ka tsela e e samaganang le ditlhoko tsa baagi botoka.

Molao wa Ditheo tsa Bommasepala ba Dipusoselegae, 1998, o kaela gore gareng ga tse dingwe, bommasepala ba tlhome mekgwa ya go rerisana le baagi le mekgatlo ya baagi fa e diragatsa ditiro tsa yona le dithata tsa yona. Ditheo tse di itsege jaaka Dikomiti tsa Diwate, e bile di tlamela ka momagano ya botlhokwa magareng ga Balekgotla ba Diwate, baagi le mmasepala.

Mo dikgweding tse di tlang go tla tlhophiwa Dikomiti tsa Diwate go direla setšhaba mme baagi ba tshwanetse go nna le seabe mo ditlhophong tse le go direla mo ditheong tse.
Kabinete e amogetse ditlhopho tse di atlegileng ka kagiso tsa diwate tsa mmasepala tse di neng di tshwerwe go sale gale mo diporofenseng di le thataro. MaAforika Borwa a bontshitse gape boineelo ba ona mo itshokelanong ya sepolotiki e leng bopaki jwa kgolo ya temokerasi ya rona ya Molaotheo.

2.5. Moletlo wa Dikabo tsa Metshameko ya SA tsa 2016 o tla tshwarwa ka la bo 27 Ngwanaitseele kwa Sand du Plessis Theatre, Mangaung, Foreisetata. Megala ya ditlhopho ya Naledi ya Metshameko e e Tlhophilweng ke Batho e butswe mme e tla tswalwa ka la bo 27 Ngwanaitseele 2016 ka 21h00. Kabinete e akgola Bontlhopheng Botlhe ba Naledi ya Metshameko e e Tlhophilweng ke Batho.

3. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya Jaanong

3.1. Seabe sa Phetogo ya Tlelaemete se itemogelwa ka maemo a a masisi a bosa ka dipula tse di sa iketlang, maemo a komelelo, mogote o o tseneletseng le merwalela. Merwalela mo Gauteng le Mpumalanga e bakile go tlhokafala ga batho, batho ba ba tlogetsweng ba iphotlhere segolo kwa mafelong a baipei le tshenyo ya mafaratlhatlha jaaka ditsela, maborogo le dithoto.

Kabinete e fetisetsa melaetsa ya matshidiso go ba malapa le ditsala tsa ba ba latlhegetsweng ke matshelo mo merwaleleng le go eleletsa ba ba gobetseng pholo e e bonako. Setšhaba se tswelela go gopola le go rapelela ba ba santseng ba timeletswe ke ba malapa a bona. Ditlhopha tsa naga tsa Taolo ya Matlhotlhapelo di tswelela go ntsha matlho dinameng go ralala naga, segolo kwa mafelong a go sa ntseng go solofelwa dipula kwa go ona. Batho botlhe ba tshwanetse go tlotla le go tsibogela ditsiboso tsa maemo a a masisi a bosa.

Moporesitente Jacob Zuma a na le Tonakgolo ya Gauteng, David Makhura, le Tona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso, Des van Rooyen, o ne a lekola le go etela ba malapa a dintlo tsa bona di gogotsweng ke metsi kwa lefelong la baipei la Stjwetla mo dintshing tsa Noka ya Jukskei. Moporesitente Zuma o kaetse tsereganyo ya puso e e eteletsweng pele ke Tona van Rooyen go thibela Noka ya Jukskei le go agelela dintshi tsa yona go fokotsa seabe sa merwalela mo baaging. Kabinete e leboga Mekgatlo e e Seng ya Puso (di-NGO) tsa Baagi, Balekgotla ba Diwate le baithaopi ba ba thusitseng baagi.

Dipula tsa sešweng, le fa go le jalo, ga di a tshwanela go dira gore maAforika Borwa ba bone e kete ba sireletsegile ka ntlha ya fa dikarolo tse di farologaneng tsa naga di santse di itemogela komelelo. Puso e buletse metsi go tswa kwa Letamong la Sterkfontein go tshela mo Letamong la Vaal e le tharabololo ya pakakhutshwane ya go thusa go edisa maemo le go rebola bokana ka R212 milione ya tlaleletso ya namolo ya komelelo go tshegetsa balemirui mo diporofenseng tse di goeleditsweng e le mafelo a matlhotlhapelo a komelelo.

Kabinete e ikuetse go maAforika Borwa go lemoga seabe sa bona mo tikologong mme ba dire ka natla go boloka metsi.

3.2. Ditheo tsa boditšhaba tsa dielo Moody’s, Fitch le Standard and Poors mo dibekeng tse di tlang di tla bega tshwetso ya tsona ya maemo a seelo sa peeletso ya naga e. Puso e ntse e dirisana le kgwebo, mekgatlo ya baagi le badiri go diragatsa maano a naga eno a go netefatsa gore Aforika Borwa e tswelela go nna naga ya maemo a peeletso.
Kabinete e ikuela go makala otlhe go dira mmogo le puso go sireletsa maemo a peeletso a naga e.

3.3. Go rebolwa ga dipoelo tsa boruni tsa 2015/16 ke Morunikakaretso, Kimi Makwetu, tsa mafapha a bosetšhaba le a diporofense le ditheo tsa ona go gatelela botlhokwa jwa go diragatsa dintlha tse di latelang sentle ka tolamo: go tsenya maano tirisong a go samagana le ditlhaelo tsa taolo ya matlole go ikaegilwe ka boineelo jo bo setseng bo dirilwe; go tlamela ka boeteledipele le taolo e e nonofileng ya diphitlhelelo tsa dintlha tsa tiragatso; go sekaseka le go ela tlhoko go ikobela melao le melawana ya botlhokwa ya merero ya matlole.

Dipoelo tsa boruni jwa barunwa ba bosetšhaba di supile tokafalo ka kakaretso ya 8%; moo 30% ya barunwa ba boneng boruni jo bo phepa fa 14% e le mo maemong a a itumedisang, a a mametleletsweng kgotsa a bone ditshekatsheko tse di kgatlhanong natso.

Maemo a diporofense a supile gore bontsi jwa mafapha di bone ditshekatsheko tebang le merero ya go ikobela melao ya botlhokwa le ka ga boleng jwa dipegelo tsa tiragatso ya bona ya ngwaga.

Kabinete e lemogile ka tlhobaelo dikotsi le dikgwetlho jaaka di tlhagelela mo dipoelong tsa boruni. E laetse puso go samagana le dintlha tse di masisi tse di supilweng le go matlafatsa ditaolo tsa matlole go bona dipoelo tsa boruni tse di botoka.

3.4. Kabinete e amogetse baeng ba ka nna 11 000 ba ba nang le seabe mo khonferenseng ya bo 19 ya AfricaCom e e tshwaretsweng kwa Cape Town go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 17 Ngwanaitseele 2016 ka fa tlase ga setlhogo sa “Tiriso ya maatla a a fetolang a paka ya thekenolji mo Aforika: inthanenete jaaka mooko wa tlhabololo ya ikonomi le matlafatso ya loago”. Khonferense e ne e engwe ka lefoko ke Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Ngaka Siyabonga Cwele le dibui tse dingwe tse di fetang 350.

AfricaCom ke kgato e e akaretsang mo go tlhabololeng ikonomi ya dijithale mo Aforika go tlisa tlhabololo le matlafatso ya loago le ikonomi go tshegetsa lenaane la Morero wa 2063 wa Aforika. Khonferense e, e ngoka baeteledipele ba thekenoloji ya ditlhaeletsano tsa tshedimosetso (ICT), borakgwebo le batlhami go tswa mo Aforika le batsayaditshwetso go tswa kwa dinageng di feta 140. Khonferense ya monongwaga e ne e lebile tlhabololo ya dinonofo tsa dijithale, matlafatso ya basadi mo thekenolojing, thekenoloji go samagana le bogole le go tshegetsa African Tech Start-up Ecosystem. Se se tlametse ka sediriswa sa go fitlhelela maitlhomo a NDP go ya ka tlhabologo a dijithale, tlhabololo ya ikonomi le matlafatso ya loago.

3.5. Kabinete e itumedisitswe ke gore baithuti ba bantsi kwa ditheong tsa thuto e kgolwane go ralala naga ba tsibogetse ka tlhoafalo boikuelo jwa go boloka ngwaga wa dithuto wa 2016. Bontsi jwa ditheo bo simolotse ka ditlhatlhobo tsa bofelo jwa ngwaga.

Re rotloetsa baithuti go nna ba tsepame mo go konosetseng dithuto tsa bona le go letla Khomišene ya Kgonego ya Thuto e Kgolwane le Katiso e e sa Duelelweng go konosetsa tiro ya yona.

Tiro e e dirilweng ke NEDLAC e a amogelwa, kwa Matlotlo a Setšhaba a neng a neela ditshitshinyo tsa gore go ka fitlhelelwa jang thuto ya mahala ke baithuti ba thuto e kgolwane. Kgoeletso e tla konosediwa kwa bokhutlong jwa Ngwanaitseele 2016.

Boikuelo ka baeteledipele ba bosetšhaba ba dikereke le baeteledipele ba ditumelo tse dingwe ba ditharabololo tsa dikgwetlho mo thutong e kgolwane bo a amogelwa. Tshegetso ya bona ka go tsereganya, ka thapelo le maiteko a kagiso, gammogo le boikuelo jwa bona jwa gore ngwaga wa dithuto wa 2016 o konosediwe ka katlego e a amogelwa.

3.6. Kabinete e amogela tshwetso ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo ka ga Tsamaiso ya Ileketeroniki ya Tshedimosetso ya Pharakano ya Bosetšhaba (eNATIS) e ga jaana e tla tsamaisiwang ke puso.

3.7. Re tsibogetse gape le Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo, e e mabapi le kopo ya Terry Crawford-Browne e e ikuelang gore tshwetso ya khomišene ya diphuruphutso mabapi le theko ya dibetsa e beelwe thoko, e e reng kopo eo ga e mo dikgatlhegelong tsa bosiamisi. Khomišene ya Diphuruphutso ya Seriti e e neng e tlhotlhomisa theko ya dibetsa ya dibilione tsa diranta ya 1999 e fitlhetse gore ga go bopaki jo bo supang gore epe ya dikonteraka e ne e na le bopaki jwa bonweenwee, tsietso le go se lolame.

Pegelo e, e rebotswe ke Moporesitente Jacob Zuma ka Moranang 2016.

3.8. Kabinete e tlhobaediwa ke go ngoka dikgotlhang tsa bosemorafe le tirisodikgoka ke baeteledipele e leng se se nyatsang kgololesego ya rona e e kgaretlhetsweng. MaAforika Borwa a tshwanetse go kgala ditlhotlheletso tse di kotsi tse di jaaka tlhaselo ya bosemorafe mo go Rethabile Mlotshwa e leng se se utlwisang maAforika Borwa a mangwe botlhoko e bile ga se na seabe mo Bothong jwa setšhaba sa rona. Re tshwanetse go tswelela go tlotla molao le go bua kgatlhanong le boikuelo jo bo kgatlhanong le Molaotheo jwa go tsaya lefatshe e se ka fa molaong mo baaging ba rona.

3.9. Kabinete e tlotla go leboga tiro ga ga Rre Brian Molefe jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Eskom e bile e mo eleletsa masego mo isagong ya gagwe. Rre Molefe o nnile le seabe se segolo mo go tokafatseng togamaano ya Eskom e e simolotseng go tlhagisa maungo. Kabinete e na le bonnete jwa gore o tlogela setlhopha se se nonofileng sa khuduthamaga se se tla tswelelang go diragatsa morero wa Eskom le go tsenya tirisong togamaano e e fetogileng e.

3.10. Kabinete e etse tlhoko magatwe mo lenaneong la Al Jazeera kgatlhanong le Tona ya Tshireletso ya Naga, Rre David Mahlobo, e bile e a itse gore Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e batlisisa magatwe ao.

3.11. Kabinete e tlhagisitse gore puso e ntse e le kwa pele mo ntweng kgatlhanong le bosenyi jwa tikologo, mme se se akaretsa tiro e e dirilweng mo teng ga ditirelo tsa tshireletso jaaka karolo ya maiteko a puso a go fedisa bosenyi jo bo rulagantsweng jwa boditšhaba le go netefatsa gore go nna le bosiamisi kgatlhanong le ba ba amegang mo digongwaneng tse.

Kabinete e akgotse ba ba latelang:

3.12. Tona ya Matlotlo, Pravin Gordhan yo a supilweng kwa Dikabong tsa Sunday Times tsa Ditlamo tse di Gaisang di le 100 ke balaodi ba intaseteri e ba Aforika Borwa. Tlhopho e ka lekala la kgwebo e supa gore re mmogo mo ntlheng e, le gore ka go tshwaragana re tla fetola Aforika Borwa go nna lefelo le le botoka. Maiteko a a kopanetsweng a puso, mekgatlho ya kgwebo, ya badiri le ya baagi a ya kwa maemong a a kwa godimo go fitlhelela Ponelopele ya 2030 ya NDP.

3.13. Francois Groepe yo a tlhophilweng gape jaaka Motlatsa Mmusisi wa Banka ya Bogareng ya Aforika Borwa, ke Moporesitente Jacob Zuma, mo pakeng ya dingwaga di le tlhano go simolola ka la bo 1 Ferikgong 2017.

3.14. Mosimolodi wa setheo sa Gift of the Givers, Imtiaz Sooliman, yo o abetsweng Kabo ya Global Citizen ke feme ya boditšhaba ya bogakolodi, Henley & Partners. Se se supa gore baagi ba Aforika Borwa ba fofisetsa folaga ya naga e kwa godimo ka go ineela go thusa batho ba ba tlhokang.

3.15. Moapei Mogolo, Martin Kobald, moitseanape wa dijo mo Aforika Borwa, yo a tlhophilweng go nna motlatsamoporesitente wa Tsalano ya Lefatshe wa Mekgatlo ya Baapei.

3.16. Hotele e e Phepa go Gaisa ya Aforika, Hotel Verde e e kwa Boemafofaneng jwa Boditšhaba jwa Cape Town e ne ya tlhophiwa go nna mofenyi wa lefatshe mo karolong ya Manno a Metsesetoropo kwa Dikabong tsa bo 15 tsa ngwaga le ngwaga tsa Boditšhaba tsa Bojanala jo bo Tswelelang tsa Skål, tse di neng di tshwaretswe kwa Monaco.

3.17. Naledi ya South African Sevens, Seabelo Senatla, yo a supilweng jaaka Motshameki wa Ngwaga wa Rakabii ya Lefatshe ya Men's Sevens ka tiragatso ya gagwe e e manontlhotlho ka 2016. Sekgantshwane se sa Aforika Borwa se fetile ditherae di le 66 mo ditiragalong di le 20 mo motseletseleng wa 2015-16 – wa bobedi go gaisa mo hisetoring ya dingwaga di le 17 tsa motseletsele o, se ke thotloetso e kgolo go batshameki ba bašwa ba rakabii. Ono ke ngwaga wa bobedi ka tatelano moAforika Borwa a fenya kabo e.

3.18. MoAforika Borwa yo a fentseng metale wa gauta, Wayde van Niekerk, yo a supilweng e le moatlelete wa monna wa Metshameko ya Diolimpiki ke Dikabo tsa Mokgatlo wa Dikomiti tsa Bosetšhaba tsa Diolimpiki tse di neng di tshwaretswe kwa Doha.

3.19. Brad Binder yo a tswetseng letsholo la gagwe la phenyo ya dikgele la Moto3 ka phenyo mo setlheng sa bofelo kwa mabelong a Valencia kwa Spain.

3.20. Kabinete e akgotse Proteas ka phenyo ya yona ya motseletsele wa Diteko kgatlhanong le Australia gammogo le Bafana Bafana ka phenyo kgatlhanong le Senegal mo motshamekong wa go lwela manno kwa Sejaneng sa Lefatshe. Kabinete e eleletsa Springboks masego mo motshamekong wa bona kgatlhanong le Italy e bile e na le tshepo ya gore go fenngwa ke England go tla matlafatsa setlhopha se.

Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe a a neng a tshegetsa ditlhopha tsa rona tsa bosetšhaba ka go bogela metshameko e e farologaneng le go apara mebala ya folaga ya rona kgotsa hempe ya setlhopha sa bona sa mmamoratwa. Tlaa re tswelele go tlamparela le go itumelela boipelo jwa rona jaaka setšhaba fa dinaga tsa rona di fofisa folaga ya naga e.

3.21. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go akgoleng Donald John Trump yo a tlhophilweng jaaka Moporesitente wa bo 45 wa Amerika (USA) e bile e na le tshepo ya gore dikamano tsa isago magareng ga Aforika Borwa le USA di tla tswela dinaga ka bobedi mosola.

4. Ba ba thapilweng

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

4.1. Lefapha la Badiri:
a) Mme MSB Matebesi jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DG): Ditirelo tsa Setheo, le
b) Rre TS Maruping jaaka DG: Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro.

4.2. Mme CL Duma jaaka DG: Ditirelo tsa Setheo kwa Lefapheng la Bojanala.

4.3. Rre H Ratshisusu jaaka Motlatsa Mokhomišenara wa Dikgaisano.

4.4. Rre Enver Daniels jaaka Motlatsa Monnasetilo wa Lekgola la Dikgaisano.

4.5. Moporofesara H Cheadle jaaka tokololo ya nakwana ya Lekgola la Dikgaisano.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766

 

Share this page

Similar categories to explore