Kopo ya go kwadisetsa ditshiamelo go tswa mo Letloleng la Inšorentshe la Botlhokatiro (UIF)

Fa mothapi wa gago a khutlisa tirelo ya gago, o ka tsenya kopo kwa UIF go bona ditshiamelo.

Ditshiamelo di tla nna teng fa fela e le gore o ntse o duela dikabelo kwa UIF fa o ne o dira. O ka se kgone go dira topotuelo fa e le gore o tlogetse tiro, o beetswe thoko nakwana kgotsa o ngwegile kwa tirong. O ka dira topotuelo fa e le gore Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo (CCMA) e tsaya go tlogela tiro goo jaaka go kobiwa ka ntlha ya mabaka a go menelwa lemena la go kobiwa.

Go nna le tshwanelo ya ditshiamelo, o tshwanetse go ikwadisa jaaka motho yo o batlang tiro. O tshwanetse go tsenya kopo ya ditshiamelo tsa UIF ka bonako fela fa o se na go felelwa ke tiro kgotsa mo dikgweding di le thataro tsa go khutla ga tiro ya gago.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le ditshiamelo tsa botlhokatiro kgotsa ikgolaganye le UIF.

 

Share this page