Kwadisa Semmuso Mokgatlho wa Badiri

Go kwadisa semmuso mokgatlho wa badiri o tshwanetse go tsenya kopo ya gago kwa Kantorong ya Mokwadisi wa Merero ya Badiri kwa Lefapheng la Merero ya Ditiro le Badiri.

Mokgatlho wa badiri ke mokgatlho o o lwelang le go sireletsa ditshwanelo tsa ditokololo tsa ona mo mererong e e jaaka ya dikgogakgogano mo megolong le mo maemong a a amanang le ditiro, mme o dira seno ka go buisana le mothapi. Ga se segapeletsa gore mekgatlho ya badiri e kwadisiwe mo Lefapheng la Merero ya Badiri, fela mekgatlho e e kwadisitsweng e na le maatla a le mantsi.

Romela kopo ya gago ya go kopa go kwadisa Mokgatlho wa Badiri (ka foromo ya LRA 6.1) kwa go The Registrar of Labour Relations, Department of Employment and Labour, Private Bag X117, Pretoria, 0001.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ikgolaganye le Lefapha la Merero ya Ditiro le Badiri.

Share this page