Kwadisa Semmuso Lekgotla la Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro

Mekgatlo ya badiri mmogo le ya bathapi ba ka dira kopo ya gore ba tlhome Makgotla a bona a Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro.

Makgotla a Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro a samagana le tiro ya go tlhagisa ditumelano tse maphata otlhe a dumelaneng ka tsona, go rarabolola dikgogakgogano mo mererong ya ditiro, go thaya dikema di le mmalwanyana tse di emang nokeng maphata otlhe le go nna le seabe mo dipholising le mo melaong ya merero ya ditiro.

Romela kopo ya gago ya go kwadisa Lekgotla la lona la Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro (ka foromo ya LRA3.3) kwa go The Registrar of Labour Relations, Department of Employment and Labour, Private Bag X117, Pretoria, 0001.

Lekgotla le le lengwe la Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro le ka tsaya tshwetso ya go nna karolo kgotsa go nna seaposengwe le lekgotla le lengwe kgotsa makgotla a mangwe a mothale ono go tlhama lekgotla le le leng. Fa lekgotla le lentšhwa le sena go kwadisiwa, kantoro ya mokwadisi e tla phimola maina a makgotla ano a a neng a kwadisitswe mme ya sala fela ka leina la lekgotla le lentšhwa le le kwadisitsweng.

Romela kopo ya gago ya go kopa go kwadisa Lekgotla la Ditharabololo tsa Dipuisano tsa Merero ya Ditiro gore le nne karolo kgotsa seoposengwe le lekgotla kgotsa makgotla a mangwe (ka foromo ya LRA3.11)  kwa go The Registrar of Labour Relations, Department of Employment and Labour, Private Bag X117, Pretoria, 0001.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ikgolaganye le Lefapha la Merero ya Ditiro le Badiri.

Share this page