Go ikwadisa jaaka ramaanokago

Ga go mo molaong go abelana ka ditirelo tsa maanokago, go sa kgathalesege gore ke tsa mothale ofe, fa o sa ikwadisa le Lekgotla la Aforika Borwa le le samaganeng le Ditiro tsa Maanokago (SACAP).

Fa o batla go tswelela go boloka maemo a gago a go ikwadisa a boporofešenale kgotsa ‘Tetla ya go Dira’ o tshwanetse go netefatsa gore Dituelo tsotlhe tsa Ngwaga tsa SACAP mmogo le dituelo tse dingwe gape di dueletswe mme di mo dinakong. Go obamela Melawana ya Maitsholo ya Boporofešenale mmogo le melawana e mengwe go botlhokwa thata.

O ka ikwadisa jaaka:

  • Moporofešenale wa ramaanokago
  • Moporofešenale wa Ramaanokagomogolwane wa Borathekenoloji
  • Moporofešenale wa Ramaanokago wa Borathekenoloji
  • Moporofešenale wa Ramaanokagomogo wa Bothalakago
  • Motsayakarolo wa Ramaanokagomogo
  • Motsayakarolo wa Ramaanokagomogolwane wa Borathekenoloji
  • Motsayakarolo wa Ramaanokago wa Borathekenoloji
  • Motsayakarolo wa Ramaanokago wa Bothalakago

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go ikwadisa mmogo le dituelo mo webesaeteng ya SACAP kgotsa golagana le lekgotla mo mogaleng wa 011 479 5000 kgotsa romela imeile mo go registrar.rp@sacapsa.com.

 

Share this page