Kamogelo ya kwa sekolong

Go tswa mo go wena gore o kwadisa ngwana wa gago kwa sekolong sa puso kgotsa kwa sekolong se se ikemetseng. Dikolo tsa puso ke tseo di laolwang ke puso fa dikolo tse di ikemetseng tsone di laolwa ke poraefete.

Dikolo tse di ikemetseng di tshwanetse go ikwadisa le lefapha la thuto la porofense fa dikolo tsa puso tsone di tshwanetse go tlhamiwa ke Mokhuduthamaga wa Thuto mo porofenseng.

O tshwanetse go kwadisa ngwana wa gago kwa sekolong magareng ga la bo 01 Phatwe le la bo 31 Lwetse mo ngwageng wa pele ga o o latelang. Moikwadisi wa Mophato wa R o tshwanetse go nna le bonnye jwa dingwaga di le nne mme a tla tshwara di le tlhano kgotsa go feta ka la bo 30 Seetebosigo mo ngwageng o o latelang. Moikwadisi wa Mophato wa 1 o tshwanetse go nna le bonnye jwa dingwaga di le tlhano mme a tla tshwara di le thataro kgotsa go feta ka la bo 30 Seetebosigo mo ngwageng o o latelang.

Bona dintlha ka botlalo ka ga go kwadisa ngwana wa gago kwa sekolong sa puso kgotsa se se ikemetseng kgotsa ikgolaganye le Lefapha la Thuto ya Motheo.

 

Share this page