Thekontle ya diphologolo go neelana ka bosika jwa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya phemiti ya thekontle ya diphologolo kgotsa sere sa bosika

Dira kopo ya phemiti le Mokwadisi wa Tlhabololo ya Diphologolo go rekantle diphologolo kgotsa sere sa bosika go di tlisa mo Aforikaborwa. O tshwanetse go dira kopo matsatsi a le 30 pele o ga thekontle.

Fa rekantle phologolo o tshwanetse go bo:

  • O na le setifikheiti go tswa go mokwadisi yo o mo molaong kwa nageng e o rekang phologolo eo kwa go yona. Setifikheiti se se tshwanetse go tlhagisa mofuta wa madi tsa DNA a phologolo eo le lotso lwa yona.

Fa o ka retelelwa ke go bona setifikheiti se:

  • O tla tshwanelwa ke go isa phologolo e e rekilweng ntle go tlhatlhobiwa DNA mo Aforika Borwa. O tshwanetse go e isa ditekong tse mo matsatsing a le 30 morago ga go goroga.

Fa o rekantle emborio, o tshwanetse go bo o na le setifikheiti sa DNA sa phologolo e e dirisitsweng go nontsha emborio eo. Fa o rekantle sere sa bosika, o tlhoka:

  • Motlhankedi wa dire tsa bosika tse di rekilweng ntle go tsaya sere sa bosika. O ka se tseye sere sa bosika ka bowena. Motlhankedi o tshwanetse go baya sentle, go naya leina le go tshwaya sere se sa bosika.
  • Setifikheiti sa DNA se se nang le dintlha tsotlhe tsa phologolo nngwe le nngwe e sere se e nontshitseng. O tshwanetse go bona setifikheti kwa mokwadising yo o mo molaong kwa nageng e o rekang sere sa bosika teng.

Fa o rekantle dikoko kgotsa mae a a nontshitsweng, o tshwanetse go kwalela lekwalo go Mokaedi: Ditirelo tsa Diphologolo. Lekwalo la gago le tshwanetse go tlhagisa mabaka a go batla go rekantle mae le dikoko o di tlisa mo Aforikaborwa. O tshwanetse go bona:

  • Setifikheiti go tswa go morekisi wa boditšhaba wa dikoko kgotsa mae. Setifikheiti seo se tshwanetse go netefatsa maemo a tlhagiso a mae le dikoko tseo.

Go tswa kwa bogorogelong, dikoko le mae di tla tsamaisiwa ka fa tlase ga tlhokomelo ya modiri wa tsa diphologolo kgotsa ka serori se se kannweng ke radiphologolo wa mmuso.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Dira kopo matsatsi a le 30 pele ga thekontle.
  2. Go rekantle phologolo, o tshwanetse go:
    • Bona seifikheiti sa kwa mokwadising yo o mo molaong kwa nageng e o rekang phologolo eo teng. Fa o ka retelelwa ke go bona setifikheiti se, o tla tshwanelwa ke go e direla setifikheti sa DNA mo Aforikaborwa mo matsatsing a le 30 a kgorogo
    • Sitlholola le go tlatsa foromo e e fa tlase.
    • Kgomaretsa setifikheiti sa DNA (fa o na le sona).
    • Duela tlhotlhwa e e beilweng go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Standard Bank, Lekala: Arcadia, Nomoro ya akhaonto: 011219556m, khoutu ya lekala: 000845/ 010845
    • Posetsa kopo ya gago go: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001
  3. Go rekantle emborio, o tshwanetse go:
    • Golagana le mokwadisi wa semolao mo nageng e o batlang gore reka kwa go yona.
    • Mokwadisi o tshwanetse go go naya setifikheiti sa DNA sa phologolo e e dirisitsweng go nontsha emborio eo. O ka se leke emborio mo Aforikaborwa.
    • Sitlholola le go tlatsa foromo e e fa tlase.
    • Kgomaretsa setifikheiti sa DNA.
    • Duela tlhotlhwa e e beilweng go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Standard Bank, Lekala: Arcadia, Nomoro ya akhaonto: 011219556m, khoutu ya lekala: 000845/ 010845
    • Posetsa kopo ya gago go: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001
  4. Go rekantle dire tsa bosika, o tshwanetse go:
    • Thapa motlhankedi wa dire tsa bosika tse di rekilweng ntle go go baya sentle, go naya leina le go tshwaya sere se sa bosika
    • Golagana le mokwadisi wa semolao kwa nageng e o batlang go reka kwa go yona.
    • Mokwadisi o tshwanetse go go naya setifikheiti  sa DNA le dintlha ka botlalo tsa phologolo nngwe le nngwe e sere se e nontshitseng. O ka se leke dire tsa bosika mo Aforikaborwa.
    • Sitlholola le go tlatsa foromo e e fa tlase.
    • Kgomaretsa setifikheiti sa DNA.
    • Duela tlhotlhwa e e beilweng go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Standard Bank, Lekala: Arcadia, Nomoro ya akhaonto: 011219556m, khoutu ya lekala: 000845/ 010845
    • Posetsa kopo ya gago go: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001
  5. Go rekantle dikoko kgotsa mae a a nontshitsweng, o tshwanetse go:
    • Kwalela Mokaedi: Ditirelo tsa Diphologolo lekwalo la mabaka.
    • Lekwalo la gago le tshwanetse go tlhagisa mabaka a go batla go rekantle mae le dikoko o di tlisa mo Aforikaborwa.
    • Golagana le morekisi wa boditšhaba yo o rekang dikoko kgotsa mae kwa go ena
    • Morekisi wa boditšhaba o tla go naya setifikheiti  se se netefatsang maemo a tlhagiso a mae le dikoko tseo.
    • Sitlholola le go tlatsa foromo e e fa tlase.
    • Kgomaretsa lekwalo le setifikikheiti go tswa go morekisi wa boditšhaba.
    • Duela tlhotlhwa e e beilweng go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Standard Bank, Lekala: Arcadia, Nomoro ya akhaonto: 011219556m, khoutu ya lekala: 000845/ 010845
    • Posetsa kopo ya gago go: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001

Nako ya tiragatso

Go tla tsaya matsatsi a le 30 go diragatsa kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

R220

O ka golagana le mang

Registrar of Animal Improvement

Tel: 012 319 7424/34
Fax: 012 319 7570/7425
Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001

 

Share this page