Dira kopo ya go ikwadisetsa menontsha ya Setlhopha sa 2

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa monontsha wa Setlhopha 2

Go tlhagisa kgotsa go rekisa menontsha ya Setlhopha 2, o tshwanetse go kwadisa le Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947. Ditswaki tse di botlhokwa tsa menontsha ya Setlhopha 1 di kwa tlase ga 100 g/kg ya naeterojene (N), foseforase (P) kgotsa potasiamo (K). E itsege gape jaaka menontsha e e bolang.

O na le kantoro ya semolao mo Aforikaborwa kgotsa motho wa semolao yo o nang le kantoro go ka kwadisa.

Fa monontsha o o ratang go o kwadisa, o setse o kwadisitswe ke motho yo mongwe, o tshwanetse go bona tetla e e kwadilweng ke motho yoo pele o kwadisa.

O tshwanetse go romela monontsha oo kwa laboratoring e e maleba pele o romela kopo ya gago. Laboratori e tla sekseka monontsha mme e go neele setifikheiti sa tshekatsheko. Mo kopong ya gago go Mokwadisi, o tshwanetse go kgomaretsa setifikheiti sa tshekatsheko. Mokwadisi a ka se amogele kopo e e senang setifikheiti sa tshekatsheko go tswa kwa laboratoring e e maleba.

Ela tlhoko: O tshwanetse go ntšhwafatsa kwadiso morago ga dingwaga di le tharo pele ga 31 Sedimonthole.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Isa monontsha kwa laboratoring e e maleba gore o sekasekwe le gore o neelwe setifikheiti sa tshekatsheko.
  2. Kwalela Mokwadisi lekwalo. Lekwalo la gago le tshwanetse go akaretsa tshedimosetso e e latelang:
    • leina la monontsha
    • nomorokwadiso ya monontsha fa o setse o kwadisitswe le lebaka la kopo (k.g.r. o tsenya monontsha o mongwe mo kopong e e setseng e kwadisitswe)
    • gore o na le tetla e e kwadilweng, fa monontsha o setse o kwadisitswe ke motho yo mongwe
    • o na le setifikheiti sa tshekatsheko
    • o duetse tlhotlhwa ka botlalo le referense. Se ga se tlhokege fa o isa kopo ya gago ka seatla e bile o duela tlhotlhwa e e beilweng ka madi a a seatleng kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF).
  3. Sitlholola foromo ya kopo fa tlase mme o e tlatse ka botlalo, go akaretsa kumo le dintlha tsa motswako.
  4. Kgomaretsa lekwalo, leibole ya kumo, Setifikheiti sa Kopanyo le setifikheiti sa laboratori mo foromong ya gago ya kopo. Dira khopi e le nngwe ya foromo.
  5. Romela foromo ya kopo e le sebedi (ya tota le khopi) le ditlankana tse di kgomareditsweng go: The Registrar: Act No. 36 of 1947, Private Bag X343, Pretoria, 0001 kgotsa o ka di isa ka seatla go: The Registrar: Act No. 36 of 1947, Agriculture Place, 20 Beatrix Street, Arcadia Pretoria
  6. Duela tlhotlhwa e e beilweng ka tšheke, otara ya poso kgotsa otara ya madi go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi. Fa o isa kopo ya gago le madi a kopo ka seatla o tshwanetse go netefatsa gore o newa rasiti ya tuelo. Fa o duela mokgwa wa phetisetso ya ileketeroniki, o tshwanetse go duela mo akhaontong e e latelang:
    Leina la akhaonto: NDA-ACT36 of 1947
    Nomoro ya akhaonto: 11 2031 02
    Referense: Leina la setlamo sa gago,
    Khoutu ya lekala: 01 0845
    Leina la banka: Standard Bank.

Nako ya tiragatso

Dikgwedi tse tharo go ya go tse thataro

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

  Application for the Registration of a Group 2 Fertilizer  (Kopo ya Kwadiso ya Monontsha wa Setlhopha 2)

O ka golagana le mang

 

Directorate Agriculture Inputs Control

Tel: 012 319 7103/7847
E-mail address: AICHelpdesk@daff.gov.za
Physical address: 20 Steve Biko Street, Arcadia, Pretoria
Postal address:  Department of Agriculture, Forestry and Fisheries, Private Bag X343, Pretoria 0001

Share this page