Thekontle Ya Diphologolo Go Neelana Ka Bosika Jwa Yona

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga thekontle ya diphologolo tse di tshelang, dikoko le dire tsa bosika

Fa o batla go rekantle diphologolo tse di tshelang, dikoko le dire tsa bosiaka jaaka moroto wa senna le emborio go tla mo Aforikaborwa o tshwanetse go dira kopo go Mokwadisi wa Tokafatso ya Diphologolo go rekantle diphologolo kgotsa dire tsa bosika go di tlisa mo Aforikaborwa. O tshwanetse go dira kopo matsatsi a le 30 pele ga thekontle.

O tshwanetse go dira kopo ya setifikheiti go tswa go Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa diforomo tse di latelang:
    • Kopo ya thekontle ya diphologolo le dire tsa bosika
    • Kopo ya thekontle ya dikoko/mae.
  2. Go rekantle phologolo o tshwanetse go dira tse di latelang:
    • Newa setifikheiti ke mokwadisi yo o dumeletsweng ke naga e o rekang phologo kwa go yona. Setifikheiti se tshwanetse go supa DNA ya mofuta wa madi a phologolo eo le dintlha ka phologolo eo. Fa o ka retelelwa ke go bona setifikheiti se, o tla tshwanelwa ke go isa phologolo e e rekilweng ntle go tlhatlhobiwa DNA mo Aforikaborwa. O tshwanetse go e isa ditekong tse mo matsatsing a le 30 morago ga go goroga.
    • Tumelelo go tswa go South African Breeder's Society e e maleba
    • Kgomaretsa setifikheiti sa DNA (fa o kgonne go bona setifikheiti seo).
  3. Go rekantle emborio, o tshwanetse go dira tse di latelang:
    • Golagana le mokwadisi wa semolao mo nageng e o batlang gore reka kwa go yona.
    • Mokwadisi o tshwanetse go go naya setifikheiti sa DNA sa phologolo e e dirisitsweng go nontsha emborio eo. O ka se leke emborio mo Aforikaborwa.
    • Tumelelo go tswa go South African Breeder's Society e e maleba
    • Kgomaretsa setifikheiti sa DNA.
  4. Go rekantle dire tsa bosika, o tshwanetse go:
    • Thapa motlhankedi wa dire tsa bosika tse di rekilweng ntle go baya sentle, go naya leina le go tshwaya sere se sa bosika.
    • Golagana le mokwadisi wa semolao mo nageng e o batlang gore reka kwa go yona.
    • Mokwadisi o tshwanetse go go naya setifikheiti sa DNA sa phologolo le dintlha ka botlalo tsa phologolo nngwe le nngwe e sere sa bosika se tswang mo go yona. O ka se leke dire tsa bosika mo Aforikaborwa.
    • Kgomaretsa setifikheiti sa DNA.
    • Tumelelo go tswa go South African Breeder's Society e e maleba
  5. Go rekantle dikoko kgotsa mae a a nontshitsweng, o tshwanetse go:
    • Kwalela Mokaedi: Ditirelo tsa Diphologolo lekwalo la mabaka.
    • Lekwalo la gago le tshwanetse go tlhagisa mabaka a go batla go rekantle mae le dikoko o di tlisa mo Aforikaborwa.
    • Golagana le morekisi wa boditšhaba yo o rekang dikoko kgotsa mae kwa go ena.
    • Morekisi wa boditšhaba o tla go naya setifikheiti  se se netefatsang maemo a tlhagiso a mae le dikoko tseo.
    • Kgomaretsa lekwalo la mabaka le setifikheiti go tswa go morekisi wa boditšhaba.
    • Fa o duela ka tšheke kgotsa otara ya poso e duelele Mokaedikakaretso wa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi mo atereseng e e fa tlase.
    • Dituelo di ka dirwa gape le kwa dikantorong ya Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.
    • Referense e tshwanetse go nna leina le sefane sa morekantle.
    • Fa o dira kopo boemong jwa mongwe, tsweetswee netefatsa gore o duela ka leina la motho yoo kgotsa setlamo seo.
    • Bokaedi jwa Tokafatso ya Diphologolo bo tla diragatsa kopo ya gago mme bo go rebolele setifikheiti mme bo se neele Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo.
    • O tshwanetse go kopa setifikheiti sa diphologolo kwa Bokaeding jwa Boitekanelo jwa Diphologolo, golagana nabo mo go (012) 319 7514.
    • O tshwanetse go bontsha batlhankedi ba diphologolo kwa bogorogelong diphemiti tsa tota le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa diphologolo go tswa kwa nageng e o di rekileng kwa go yona.
    • Ga go kopo e e tla diragadiwang ntle le bopaki jwa tuelo.

Ela tlhoko: Go tswa kwa bogorogelong, dikoko le mae di tla tsamaisiwa di beilwe leitlho ke ngaka ya diphologolo kgotsa ka serori se se tswetsweng ke ngaka ya diphologolo.

Nako ya tiragatso

Go tla tsaya matsatsi a le 30 go diragatsa kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

Tariffs 2023/24

O ka golagana le mang

Kantoro ya Bosetšhaba
Mogala: 012 319 7424/34
Fekese: 012 319 7570/7425
Toropo: Pretoria
Porofense: Gauteng Physical addressDelpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria Postal addressThe Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001

 

National office

Tel: 012 319 7424/34
Fax: 012 319 7570/7425
City/town: Pretoria
Province: Gauteng

Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria.

Postal address: The Registrar: Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001.

Share this page