Moporesitente Jacob Zuma: Puo ya Maemo a Setšhaba 2015

12 Feb 2015

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA),
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP),
Motlatsammusakgotla wa NA le Motlatsamodulasetulo wa NCOP,
Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki, Motlotlegi Cyril Ramaphosa,
Moporesitente wa maloba Thabo Mbeki,
Moporesitente wa maloba FW de Klerk,
Moatlhodimogolo wa Rephaboliki, le Ditokololo tsotlhe tse di Tlotlegang tsa Bosiamisi,
Motlatsamoporesitente wa Palamente ya Lekgotla la Aforika, Motlotlegi Rre Nkondo Dang,
Mmusakgotla wa NA ya Rephaboliki e e Tshwaraganeng ya Tanzania le Modulasetulo wa Foramo ya Palamente ya SADC, Motlotlegi Anne Makinda,
Ditona le Batlatsatona,
Ditonakgolo le Babusakgotla ba Dikgotlapeomolao tsa Diporofense,
Modulasetulo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae tsa Aforika Borwa,
Ditlhogo tsa Ditheo tse di Sireletsang Molaotheo wa Temokerasi,
Modulasetulo wa Ntlo ya Magosi,
Mmusakgotla wa maloba wa NA, Ngaka Frene Ginwala,
Dikgosi tse di Tlotlegang Kgosi Keru Molotlegi, Kgosi Toni Peter Mphephu (Ramabulana), Kgosi Mpendulo Zwelonke Sigcawu,
Baeng ba ba laleditsweng,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate,
Ditokololo tse di Tlotlegang,
MaAforika Borwa ka nna,

Dumelang, sanibonani, molweni, riperile, good evening, lotjhani, goeie naand, ndi madekwana, !gai//goes.

Ke rata go ka leboga Batlhankedi ba Tsamaisotiro fa ba nneile tšhono ya go ka buisana le setšhaba bosigong jono.

Ngwaga ono wa 2015 o tshwaya dingwaga di le 60 tsa dinako tsa hisetori mo hisetoring ya borona, fa maAforika Borwa go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa naga a neng a amogela Lokwalo lwa Ditshwanelo tsa Kgololesego ka 1955, kwa Kliptown, Soweto.

Ba sweditse ka boikanyo jwa gore, magareng ga tse dingwe, Aforika Borwa ke ya botlhe bao ba nnang mo go yona, batsho le basweu, le gore ga go puso epe e e tla tsayang puso ka boitaolo ntle fela fa e le tshwetso e e tserweng ke baagi botlhe ba yona.
Oo ke moono wa puo o o maatla o o nang le ponelopele le poelano e leng one o o tlhomileng segalo sa temokerasi e e tlhomilweng e e senang kgethololo go ya ka mmala.

Mo bekeng eno re tshwaya gape le dingwaga di le 25 fa e sale Moporesitente Nelson Mandela a gololwa mo kgolegelong, le fa e sale go aposiwa ga molao wa go iletsa mekgatlho ya kgololesego.

Go gololwa mo kgolegelong ga Mandela go tshwaile kgato e tona mo loetong lo lo leele lwa kgololesego mabapi le baagi ba Aforika Borwa ka kakaretso mme ya fedisa ka gotlhe bokoloniale jwa puso ya tlhaolele.

Re tswelapele go rotloediwa ke Madiba le go soreletsa maitemogelo mo dithutong tsa gagwe jaaka re aga naga ya rona.
Bakaulengwe,

Ngwaga wa 2015 ke Ngwaga wa Lokwalo lwa Ditshwanelo tsa Kgololesego le Tshwaragano mo Tirong ya go Atolosa Kgololesego mo Ikonoming.
Ke ngwaga wa go dira ka natla go feta dipeelo mo go ageng Aforika Borwa e e tshwaraganeng, ya temokerasi, e e sa tlhaoleng go ya ka mmala, e e sa tlhaoleng go ya ka bong e bile e gatelapele go gaisa.

Ke ngwaga gape yo re tshwanetseng go ineela gape mo go fediseng tlhaoleng go ya ka mmala mmogo le go se itshokelane go gongwe go go rileng mo nageng ya rona.

Ke ngwaga gape yo re tshwanetseng go beeletsa go le gontsi mo bokamosong jwa rona, ka go ruta bana ba rona le bašwa ka ga lobebe lo lo leng teng lwa ngwaoboswa ya naga eno.

Re setse re itemogela boitshupo jo bontšhwa jwa bosetšhaba ka go rotloetsa tiriso ya matshwao a bosetšhaba a a jaaka folaga ya naga, pina ya bosetšhaba mmogo le matseno a Molaotheo kwa sekolong se sengwe le se sengwe.

Go simolola mo ngwageng ono, dikolo di tshwanetse gape go ikatisetsa pina ya bosetšhaba ya Mokgatlhokitlano wa Aforika (AU), jaaka re ipaakanyetsa go keteka Kgwedi ya Aforika ka Motsheganong, jaaka re tla bo re tsenyatirisong ditshweetso tsa AU mo ntlheng eno.

Maloko a a Tlotlegang,
Baeng ba ba Tlotlegang

Bašwa ba rona ke bokamoso jwa rona mme katlego ya bona e dira gore re nne motlotlo thata.

Nka rata fa lo ka nkema nokeng fa ke lebogisa moeng wa me yo a kgethegileng, mofenyi wa rona wa metshameko ya go thuma Chad le Clos.

Chad o amogetse tlotlo e e kwa mankalenkaleng ya bathumi ka Sedimonthole morago ga go rweswa korone ya mothumi yo o gaisang mo lefatsheng ka 2014, ke Mokgatlho wa Metshameko ya go Thuma ya Boditšhabatšhaba, mo gare ga diphitlhelelo tse dingwe tse dintsi tsa tiro e ntle.

Ke amogetse gape le basetsanyana ba le bararo ba ba kgethegileng go tswa kwa Sekolong se Segolwane sa Moletsane kwa Soweto.
Bone ke Ofentse Mahasha, Hlengiwe Moletsane le Tiisetso Mashiloane. Ofentse le Hlengiwe ba ne ba tsenela Samiti ya G20 ya bofelo e e neng e tshwarwetswe kwa Australia mme ba ne ba dira tiro e ntle e le tota, mme ba dira gore re nne motlotlo thata ka bone.
Ntetle gape Mmusakgotla mmogo le wena Modulasetulo gore ke lebogise naledi e nngwe gape e e dirileng bontle e e seng teng gompieno e e tlisitseng tlotlo mo nageng ya rona, Mmabontlenyana wa Lefatshe, Mohumagadi Rolene Strauss.

Ke rata gape go ka itsese moeng yo mongwe yo a kgethegileng, Naledi ya Metshameko ya naga mo Ngwageng e bile e le monosadino wa Banyana Banyana, Mohumagadi Portia Modise. Re a go lebogisa Portia.

Maloko a a Tlotlegang,
Baeng ba ba Tlotlegang,

Ke rata go ka leboga botlhe ba ba tsereng nako ya bone go ka latlhela tlhware legong mo go SoNA 2015. Go ya ka ditshwaelo, batho ba borona ba tshwentswe ke, magareng ga dilo tse dingwe, bosenyi, mebila, phitlhelelo ya thuto, dikema tsa dithupelelotiro tsa bašwa, metsi, motlakase le tshegetso ya dikgwebopotlana.

Ditshwaelo tse di tlhokang go tsibogelwa di rometswe kwa mafapheng a puso gore go diriwe sengwe ka tsone.

Maloko a a Tlotlegang,
Baeng ba ba Tlotlegang,

Re kopane gape mo maemong a a bokete a maemo a ikonomi.

Mo bekeng eno Letlole la Madi la Boditšhabatšhaba le fokoditse Seelo sotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) se se totilweng sa kgolo ya ikonomi go ka nna 3,5% tebang le kgolo ya ikonomi ya lefatshe lotlhe ka 2015.

Phisegelo ya rona ya go fitlhelela peelo ya kgolo ya 5% ka 2019 e mo kotsing, ka ntlha ya kgolo ya ikonomi ya lefatshe lotlhe e e bonya mmogo le matsapa a fa gae a motlakase, bokgoni, dipalangwa mmogo le tsamaisodithoto magareng ga tse dingwe.

Le fa go le jalo, seemo se a solofetsa fa go tla mo ditirong. Mo matsatsing a le mabedi a a fetileng, Lefapha la Mananepalo la Aforika Borwa le rebotse dipalopalo tsa kgweditharo e e fetileng ya 2014.

Pegelo e bontsha gore ga jaanong go na le batho ba le 15,3 milione ba ba thapilweng mo Aforika Borwa. Ditiro di oketsegile ka 203 000.

Peeletso ya rona mo go thapiweng ga bašwa le yona e na le dipoelo. Dikungwelo tsa Lekgetho la Bothapi tseo di tsentsweng tirisong mo ngwageng yo o fetileng mme di totile bašwa di tsamaisiwa ka tshwanelo.

Go fitlha jaanong R2 bilione e setse e lopetswe tuelo ke bathapi ba ka nna 29 000 bao ba e lopetseng bašwa ba ka nna 270 000.

Tebang le lenaane leno, mo ngwageng yo o fetileng ke tlhagisitse peelo ya ditšhono tsa ditiro di le dimilione di le thataro mo dingwageng tse di fetang di le tlhano.

Go fitlha jaanong re setse re tlhagisitse ditšhono tsa ditiro di feta di le 850 000. Seno se raya gore re tla kgona go fitlhelela peelo ya ngwaga le ngwaga ya ditšhono tsa ditiro di le milione o le mongwe.

Mo godimo ga fao, manaane a rona a tikologo a a jaaka go dira ka leswe, go dira ka metswedi, go dira ka metsi le go dira ka molelo a tlhagisitse ditšhono tsa ditiro di feta 30 000 mme a ikaelela go tlhagisa tse dingwe gape di feta 60 000 mo ngwageng yo o latelang wa matlole.

Bakaulengwe,

Ikonomi ya rona e tlhoka go kgoromeletswa kwa pele thata. Re rana go ka abelana le lona maano a rona a le robongwe a a tla tsosolosang kgolo le go tlhama ditiro.

One ke go:
1. rarabolola matsapa a motlakase.
2. tsosolosa temothuo mmogo le thulaganyo e e botlhokwa ya boapei jwa dijalwa.
3. atolosa kungwelo dipoelo kgotsa go akaretsa boleng mo khumong ya dimenerale tsa rona.
4. tsentshatirisong Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri le le bogale le go gaisa.
5. rotloetsa dipoeletso tsa makala a poraefete.
6. Lekanyetsa dikgaruru tsa kwa tirong.
7. bulela bokgoni jwa Dikgwebopotlana, tse di mo Magareng le tse Dikgolwane (di-SMME), dikoporasi mmogo le dikgwebo tsa kwa makeišeneng le tsa kwa metseselegaeng.
8. tlhabolola puso le go tshegetsa maikarabelo a ditlamo tsa puso, mafaratlhatlha a thekenoloji ya ditlhaeletsano tsa tshedimosetso (ICT) kgotsa go atolosiwa ga porotebente, metsi, kgeleloleswe mmogo le mafaratlhatlha a dipalangwa, go akaretsa gape le
9. Operation Phakisa e e ikaeletseng go atolosa ikonomi ya lewatle le ya makala a mangwe.

Bakaulengwe,

Ga jaanong naga e itemogela matsapa a magolo a motlakase e leng sekgoreletsi mo kgolong ya ikonomi e bile ke sekgoreletsi se segolo mo baaging botlhe ba naga.

Go efoga kgwetlho eno ke lenaane le le kwa mankalenkaleng. Re dira tsotlhe mo matleng a rona go ka rarabolola kgwetlho ya motlakase.

Bakaulengwe,
Puso e dira gotlhe mo matleng a yona go samagana le matsapa ano a tlhaelo ya motlakase mo nageng.
Re itse sentle fela gore eno ke nako e e bokete, fela e tla feta go nne re setse re na le ditogamaano tse di tla samaganang le bothata jono.
Re setse re baakantse leano le le akaretsang maano otlhe a ditsibogelo mo  pakakhutshweng, pakagareng le mo pakateleleng.

Maano a pakakhutshwe le a pakagare a akaretsa tlhokomelo e e tokafetseng ya diteišene tsa motlakase tsa Eskom, go oketsa bontsi jwa tlhagiso ya motlakase mmogo le go laola tlhokego ya motlakase.

Leano la pakatelele le akaretsa go konosediwa ga leanokgolo la rona poloko ya motlakase mo pakateleleng.

Jaaka ntlhakgolo re tla tshwanela go tsepamisa matlole a Eskom go dira gore setheo seno se samagane le paka ya ga jaanong. Mo ntlheng eno, puso e tla tsepama mo boikanyong jwa yona jwa go neela Eskom bokana ka R23 bilione mo ngwageng yo o tlang wa matlole.

“Setlhophana se se diphatsa” se se tlhomilweng ke Kabinete ka Sedimonthole se dira ka natla ka kelotlhoko le Eskom mo go tsepamiseng thulaganyo ya tlamelo ya motlakase le mo go laoleng kgaolelotshomarelo ya motlakase.
Mo nakong eno, re tshwanetse go dirisana mmogo mo go boneng tharabololo.

Re ikuela mo bathong botlhe, magae, diintaseteri le mo mafapheng a puso go somarela motlakase gore re kgone go fokotsa kgang ya kgaolelotshomarelo ya motlakase.

Lefapha la Ditiro tsa Puso le laetswe go netefatsa fa meago yotlhe ya ditheo tsa puso e obamela dikeletso tsa tshomarelo ya motlakase.
Ka ntlha ya tlhwatlhwagodimo ya disele, Eskom e eleditswe gore e fetole tiriso ya disele mme e dirise ya peterole jaaka motswedi wa motlakase mo dijenereitareng tsa setheo seno.

Malapa le one a rotloediwa gore a fetole tiriso ya motlakase mme ba dirise digase fa ba apaya, ba futhumatsa le fa ba dira ditiro tse di rileng.

Go agiwa ga diteišene tse dintšhwa di le tharo e leng Kusile, Medupi le Ingula, le tsone di tla tlaleletsa ka dimekawate di le 10 000 mo diteišenekabelo tsa motlakase wa bosetšhaba.

Letsholo la go tsomana le metswedi e mengwe ya motlakase le lone le tsweletse.

Go fitlha jaanong puso e rekile dimekawate di le 4 000 go tswa kwa Batlhagising ba ba Ikemetseng ba Motlakase, ba ba dirisang metswedi e e ntšhwafatsegang.

Diphasalatso tsa ntlha di le tharo tse di ka ga thulaganyo ya go reka motlakase o o ntšhwafatsegang di ngokile tlhwatlhwa e e fetang R140 bilione go tswa kwa babeeletsing ba poraefete.

Palogotlhe ya dimekawate di le 3 900 ya motlakase o o ntšhwafatsegang le yona e setse e batlilwe, ka diporojeke di le 32 tsa bogolo jwa dimekawate di le 1 500 tse di feleletseng ebile di golagane le diteišenekabelo tsa motlakase.

Eskom ka bo yona e konoseditse kago ya Polasa ya Sere ya Phetlhomotlakase ka Phefo, mme e setse e abela diteišenekabelo tsa motlakase dimekawate di le 100, e leng kwa pele thata pele ga tlhongo e e neng e beetswe ya Mopitlwe mo ngwageng ono.

Puso gape e simolotse go reka dimekawate di le 2 400 ka Sedimonthole 2014, tsa malatlha a mantšhwa a go tshuma motlakase go tswa kwa Batlhagising ba ba Ikemetseng ba Motlakase.

Thulaganyo ya theko ya dimekawate di le 2 400 tsa motlakase o o fetlhiwang ka gase e tla simolola mo kgweditharong ya ntlha ya ngwaga o montšhwa wa matlole.

Palogotlhe ya dimekawate di le 2 600 tsa motlakase o o fetlhiwang ka metsi e tla rekiwa go tswa kwa mafelong a Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC).

Tebang le leanokgolo la rona poloko ya motlakase mo pakateleleng, re tla sala morago kgang ya gase, peteroleamo, nyutlelia, motlakase o o fetlhiwang ka metsi le metswedi e mengwe jaaka karolo ya go tswakanya metlakase.
Aforika Borwa e dikologilwe ke dinaga tse di humileng ka gase, mme le rona re itemogetse motswedi wa gase ya šale mo tikologong ya bo rona ya kwa Karoo.

Operation Phakisa, e leng letsholo le le tlhomilweng go atolosa Ikonomi ya Lewatle mo ngwageng yo o fetileng, gape le solofetsa go tlhagisa metswedi e mentsi ya oli le ya gase, e leng seo se tla tokafatsang maemo mo nageng le mo lefelong la borona.

Gape puso e samagane le go reka dimekawate di le 9 600 tsa lenaane la go aga nyutlelia jaaka go letleletswe mo Leanong la Didirisiwa tse di Golagantsweng la 2010-2030.

Go fitlha jaanong puso e saenile Ditumelano tsa Magareng ga Mebuso mmogo le go dira dikopanotirelo tsa Dipontsho tsa barekisi moo dinaga di le tlhano di tlhagisitseng ditshitshinyo tsa bone ka ga nyutlelia.

Tsone di akareditse Amerika, South Korea, Rašia, Fora le Tšhaena.

Dinaga tseno tsotlhe go tla buisanwa le tsone ka thulaganyo ya dithekiso e e lolameng, e e senang bofitlha le e e totileng dikgaisano mo go tlhopheng modirisanimmogo kgotsa badirisanimmogo ba ba nang le togomaano ya go ka samagana le lenaane la go aga nyutlelia.

Peelo ya rona ke go golaganya yuniti ya ntlha mo go diteišenekabelo ka 2023, go tshwara nako e e beilweng ya gore Eskom e ntshe tirisong medutelo e mengwe ya yone ya metlakase.

Tebang le motlakase o o fetlhiwang ka metsi, tirisanommogo ya Porojeke ya Motlakase o o Fetlhiwang ka Metsi ya Grand Inga magareng ga Rephaboliki ya Temokerasi ya Congo e tla tlhagisa dimekawate di feta 48 000 tsa motlakase o o phepa o o fetlhiwang ka metsi. Aforika Borwa e tla kgona go iponela dimekawate di le 15 000.

Tebang le tshomarelo, Puso e tla tlhomamisa tirisanommogo e e nang le togomaano mabapi le tlhabololo ya bokgoni le dinaga tse re tla dirisanang mmogo le tsone mo Lenaaneng la go Aga Motlakase, fa gape re ntse re tsweletse go tlhagisa bokgoni fa gae.

Bakaulengwe,

Go santse go na le malapa a le 3,4 milione mo nageng a a senang motlakase.

Ka SoNA ya Seetebosigo 2014, ke tlhalositse gore tshegetso ya mafaratlhatlha e tla nna teng mo mebasepaleng e e rileng mo nageng.

Matlole a baetswe mebasepala e e lateng gore e tsenye metlakase ka ngwaga wa matlole wa 2015/16:
Masepala wa Kgaolo ya Amathole, Masepala wa Kgaolo ya Umzinyathi, Masepala wa Kgaolo ya Alfred Nzo, Masepala wa Tikologo ya Lukhanji le Masepala wa Kgaolo ya OR Tambo.

MaAforika Borwa ka nna,

Fa re tsweletse go samagana le dikgwetlho tsa motlakase mo nageng ya rona, re tshwanetse gape re lwantshe bogodu jwa dikheibolo tsa koporo le jwa ditshipi.

Puso e tla tsenyatirisong dikgato tse di bogale go samagana le bosenyi jo bogolo jono.

Bakaulengwe,

Mo ngwageng ono wa segopotso sa bo 60 sa Lokwalo lwa Ditshwanelo tsa Kgololesego, lefatshe ga jaanong ke ntlha ya tse dingwe tse di botlhokwa go gaisa mo go fitlheleleng paakanyo ya diphoso tsa mo malobeng.

Mo ngwageng yo o fetileng re butse letlhabaphefo la bobedi la tšhono ya go tsenya topotuelo ya mafatshe. Go setse go tsentswe ditopotuelo tsa mafatshe di feta 36 000 naga ka bophara mme letlha la bofelelo le ka 2019. Gape re tšhotlha letlhomeso la pholisi ya 50/50, leo le tshitshinyang ditshwanelo tse di tshwanang mabapi le batho ba ba nnang le ba ba dirang kwa dipolaseng. Dikgwebokgolo di le 50 tsa temothuo di tla nopolwa jaaka diporojeke tsa tekelelo.
Fa go tla mo melaong ya rona e e tshitshintsweng e mentšhwa, palogodimo e motho a ka e bonang mabapi le go nna le naga e tla felela ka diheketara di le 12 000.

Batswantle bone ga ba kitla ba letlelelwa go ka nna le lefatshe mo Aforika Borwa fela ba tla letlelelwa go ka hirisetswa lefatshe sebaka se se leele.

Mo ntlheng eno, Molawanataolo wa Molaotlhomo wa go Nna le Lefatshe o tla isiwa kwa Palamenteng mo ngwageng ono.

Ka Lenaane la Ntšhwafatso ya Mafatshe, diheketara di feta 90 000 tsa naga di neetswe balemirui ba bannye, baagi ba kwa dipolaseng le badiredi ba ba hirileng kwa dipolaseng.

Thulaganyo ya go tlhomo Kantoro ya Moneedibolengkakaretso e santse e le fa tseleng, mme e tlhomiwa go ya ka Molao wa Boleng jwa Dithoto.
Fa o setse o tsentswe tirisong molao ono o tla fedisa kgang ya gore naga e rekisiwe ka mokgwa wa Moreki yo a Batlang go Reka o tla Leta Morekisi yo a Batlang go Rekisa fa go tla mo goreng puso e reke naga.

Bakaulengwe,

Temothuo ke sedirisiwa se se bogale mabapi le kgolo le go nneng le dijo tse di sa tlhaeleng.

Re dirisana le makala a poraefete go tlhagisa Leanotiro la Pholisi ya Temothuo le le tla tlhagisang diheketara di le milione o le mongwe tsa lefashe tse di sa dirisiweng go ka nna tse di dirisiwang ka gotlhe go dirisetswang tlhagiso ya dijo mo dingwageng tse di tlang di le tharo.

Mo gare ga ditsereganyo tse di botlhokwa tse re tla di dirang mo ngwageng ono, re tla tlhotlheletsa go tlhomiweng ga diphaka tsa temothuo kgotsa dikoporasi le dingatana mo lefelong le lengwe le le lengwe la dimasepala tsa kgaolo di le 27 tse di humanegileng go ka fetola diikonomi tsa metseselegae.
Tlamelomatlole ya ntlha ya R2 bilione e setse e beetswe kwa thoko mabapi le letsholo la diphaka tsa temothuo.

Gape re tla tsweletsapele thomelontle ya boapei jwa dijalwa e leng seo se ntseng se gola ka lebelo bogolosegolo kwa mebarakeng e mentšhwa mo Aforika le kwa Tšhaena. Sekao, re setse re akareditse thulaganyotatelo ya kgwebisano ka tsa temothuo mabapi le dithomelontle tsa bupi le diapole tsa Aforika Borwa go ya kwa Tšhaena.

Thomelontle ya diapole e le esi e balelwa go R500 milione fa e fetolelwa go tswa mo mebarakeng ya kwa ntle mo dingwageng di le tharo.

Kgang e e monate go ka tlotla ka yona mo temothuong ke katlego ya balemirui le balimipotlana ba ba santseng ba supuga ba rona.

Kwa Masepaleng wa Kgaolo ya Vhembe e e kwa Musina, Puso ya Limpopo e tshegeditse Ngatana ya Nwanedi e e dirilweng ke balemirui ba le 300 ba ba jalang merogo mo diheketareng di feta 1 300 eo maitlhomo e leng go e rekisa.

Ngatana e setse e tlhomile ditiro di feta 2 500 ka ntlha ya fa go lema merogo go tlhoka badiredi ba le bantsi.

Re itumetse gore gompieno ra bo re na le mofenyi wa Dikabo tsa Bagwebi ba Basadi ba ba kwa Godimo mo Temothuong tsa 2014, Mme Nokwanele Mzamo, go tswa kwa Kirkwood e e kwa Kapa Botlhaba.

Mmusakgotla mmogo le wena Modulasetulo,

Ditsereganyo tsa rona tsa go tshegetsa lekala la tlhagiso le thuntsha maungo.

Sekema sa Dipeeletso mo Dikoloing sa rona se buletse dipeeletso go tswa kwa makaleng a poraefete tse di kanaka R24, 5 bilione, mme tsa tlhagisa dikoloi tse di romelwang kwa ntle le dikagare tse di ka dirang R103 bilione ka 2013.

Re agile lekala la dikoloi le le gaisang mo lefatsheng mo kontinenteng ya Aforika mme re romela kwa ntle kwa dinageng di feta 152.

Lekala la tsa matlalo le ditlhako le lone le goletsepele moo le setseng le kgona go tlhagisa ditlhako di ka nna 60 milione, mme diromelwantle di oketsegile ka 18% mme ga iponelwa letseno le le kwa godimo mo kgwebisanong.

Kopanokgolo ya Dinagakopano e e ka ga Kgwebisano le Tlhabololo e tlhagisitse gore Aforika Borwa e menagantse dipoelo tsa Dipeeletso tsa yona tse di Tlhamaletseng kwa Dinageng tsa kwa Ntle go ka R88 bilione nna ka 2013 fa diponelopele tsa 2014 le tsone di tsweletse go ka itumedisa.

Lekala la Tlhagiso ke lone le le itemogetseng matlhotlhapelo a magolo mo Matsapeng a Matlole a Lefatshe.

Puso e tsentse madi a a fetang R2,8 bilion kwa ditlamong tsa lekala leno, ka go dirisa Lenaane la Tshegetso ya Dikgaisano tsa Tlhagiso.

Re itumetse thata ka tsibogelo eo batlhagisi ba rona ba dirisitseng madi a a fetang R12,4 bilione mo dipeeletsong tsa lekala la poraefete. Eno tota e tota e le kgang e e monate go ka e tlotla.

Mo godimo ga seno, fa go tla mo phetolelong e e gatetseng pele, re tsentsetirisong lenaane go ka bona le go ka tlhabolola balaodi ba diintaseteri ba baothobatsho mo dingwageng di feta di le tharo.

Bakaulengwe,

Ka ntlha ya katlego e kgolo eno mo tlhagisong, re gapeletsega gore re dire kgatelopele mo letsholong la rona la go tlhola kgolo.

Mmusakgotla mmogo le wena Modulasetulo,

Go ngokela bokgoni jwa batswantle tebang le ikonomi ya rona e e golang, re tla laletsa bannaleseabe ba ba farologaneng go nna le puisano ka ga Pholisi ya Bofaladi.

Gape re tla baya kwa mankaleng tshekatsheko ya melawana ya go neelwa Visa gore go nne le tekatekano magareng ga pabalesego ya naga le kgolo mo bojanaleng.

Bakaulengwe le ditsala,

Ka SoNA ya Seetebosigo 2014, ke boletse ka tlhokego ya go tsetsepedisa lekala la meepo le go tsweletsa tikologo e e tsetsepetseng tebang le mekgatlho ya badiredi.

Re ne re tshwetswe thata ke tiragalo e e latelaneng ya ditshupetso tse dileele moo e bile mo gongwe di nnang le bosenyi.

Go tsenngwatirisong ga manaane a le mmalwa ka fa tlase ga Letlhomeso la Ditumelano tebang le Intaseteri e e Tsetsepetseng ya Meepo, a tlhotse tsetsepelo e e bapileng le matlhagatlhaga mo lekaleng la meepo, e leng lone mokwatla wa ikonomi ya rona.

Diforamo tsa Twantshobosenyi kwa Meepong di setse di tlhomilwe kwa porofenseng ya Bokone Bophirima, ya Limpopo, ya Foreisetata, ya Mpumalanga le ya Gauteng.

Puso e tla tsenyatirisong ditumelano tse di utlwanetsweng magareng ga Lekala la Kgwebo le la Mekgatlho ya Badiredi, go akaretsa tseotsia ya mogolo o o lekaneng wa bosetšhaba.

Re ne gape ra tsaya maikano mo go SoNA ya ngwaga o o fetileng a go tsosolosa diteropo tsa meepo tse di phutlhameng mme go nnile le kgatelopele e kgolo mo go seno.

Palogotlhe ya bokanaka R2,1 bilione e kgobokeditswe mabapi le maikalelo ano mme R290 milione e letleletswe go ka tlhabolola Lefelo la Megoafatshe kwa Mpumalanga, Bokone Bophirima, Gauteng, Kapa Bokone, Limpopo le Foreisetata.

Mafelo a megoafatshe a le 133 a santse a tlhatlhobiwa kgotsa go baakanyetswa go tlhabololwa ka go dirisa Lenaane la Tshegetso ya Tlhabololo ya Bosetšhaba.

Mafelo a megoafatshe a le 32 a santse a tlhabololwa fa diporojeke tsa dintlo di le 87 di tsenngwatirisong go ralala diteropo tse di kwa makaleng tsa meepo.

Se se botlhokwa, Puso, lekala la meepo mmogo le Mokgatlho wa Dibanka tsa Aforika Borwa ba saenile Konteraka ya Loago mabapi le tlhabololo ya tsetsepelo ya bonno jwa batho.

Puso gape e tsweletse go neela tshegetso ya tlhabololo ya loago ka fa gare ga baagi ba kwa mafelong a meepo. Tshegetso e nngwe e akaretsa kitso ya setegeniki mabapi le Maano a Tlhabololo e e Golagantsweng mmogo le tlhabololo ya Mafelo a Ikonomi e e Ikgetileng.

Diteropo tsa kwa meepong le tsone di neelwa tshegetso ya go tsenya tirisong ‘Go Boela kwa Tshimologong’ e leng togamaani ya ditirelo tsa mebasepala.
Tota go gontsi go go diriwang go aga diteropo tsa rona tsa meepo.

Puso gape e tlhatlhoba kobamelo ya ditlamo tsa meepo tebang le dipeelo tsa Lokwalo lwa Ditshwanelo tsa Meepo lwa 2014.

Ke buseditse kwa Palamenteng Molao wa Tlhabololo ya Didirisiwa tsa Peteroleamo le tsa Meepo gore go diriwa tshiamiso ya diphoso tse di rileng tsa kgoreletso ya molaotheo mmogo le dintlhanyana tse di rileng.

Bakaulengwe,

Go tsibogela kopo ya kgwebo, puso e diragaditse ka nako e le esi ditlhatlhobo tse di mabapi le dipoelo tse di sa itumediseng mo tikologo, ditsenyokopoditshwanelo tsa metsi le meepo mmogo le go beela matsatsi a le 300 mabapi le ditetlelelo tseno go ka neelwa.

Mo godimo ga seo, re tla tlhoma lefelo le le esi la ditirelo tsotlhe tsa Ntlo ya Ditetlelelo tsa Mafapha go ka samagana le dingongorego le matsapa a mobeeletsi.

MaAforika Borwa ka nna,

Ngwaga wa 2015 o tla iponela gape tlhabololo e nngwe gape mo melaong ya mekgatlho ya badiredi go rotloetsa ditshwanelo tsa badiri.

Lefapha la Ditiro le tla sekaseka maikaelelo a lekala tebang le Makala a temothuo, jalodikgwa, pabalesego ya poraefete, mafelo a borekelo mmogo le a dithekisetso.

Re solofela konosetso ya Molao wa Ditirelo tsa Bothapi wa 2014 e leng one yo o neelanang ka ditirelo tsa bothapi jwa setšhaba.

Molao gape o laola semmuso ditiro tsa bothapi jwa ditheo tsa poraefete le tsa ditirelo tsa bothapi jwa nakwana, go efoga tirisomakgwakgwa ya basenkatiro b aba sa itseng sepe.

Mo godimo ga seo, Molao wa Tshireletso ya kwa Tirong wa 2001 o tla baakanngwa go tokafatsa dikungo mo bajakungong go akaretsa badiredipuso mo tiragatsong ya Molao.

Maloko a a Tlotlegang le Baeng ba ba Tlotlegang,

Dikgwebopotlana ke dikgwebokgolo.

Puso e tla beela kwa thoko 30% ya dithulaganyo tsa manaane mabapi le ditheko tsa Puso go ka reka go tswa kwa di-SMME, kwa dikoporasing mmogo le go tswa kwa dikgwebokgolong tsa kwa makeišeneng le kwa metseselegaeng.

Re tla tswelapele go tsweletsa ditšhono tse di mabapi le bašwa.
Setheo sa Tlhabololo ya Bašwa sa Bosetšhaba se phasaladitse R25 milione mo dikgwebopotlaneng tsa bašwa di le 765 mo ngwageng yo o fetileng wa matlole naga ka bophara.

Setheo se dirisanammogo le Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri mmogo le Setheo sa Matlole a Dikgwebopotlana ka tirisanommogo ya maphatatharo e e tlhagisitseng R2,7 bilione e e tlametseng bašwa.

Bakaulengwe,

Ngwaga wa 2015 o tla tshwaya tshimologo ya kgato ya ntlha ya go phasalatsa porotebente. Puso e tla golaganya  dikantoro kwa dimasepaleng tsa kgaolo di le robedi.

Tsone ke Ngaka Kenneth Kaunda kwa Bokone Bophirima, Gert Sibande kwa Mpumalanga, O.R. Tambo kwa Kapa Botlhaba, Pixley ka Seme kwa Kapa Bokone, Thabo Mofutsanyane kwa Foreisetata, Umgungundlovu le Umzinyathi kwa KwaZulu-Natal mmogo le Vhembe kwa Limpopo.

Puso gape e tsere tshwetso ya go rwesa Telkom maikarabelo a go nna setheo se se eteletseng kwa pele mo go thuseng go phasalatsa tsenngotirisong ya porotebente.
Jaaka karolo ya go simolola kgolo, ka go tshegetsa ditlamo tsa puso, dithulaganyo di mo tseleng go tsenyatirisong togamaano ya diphetogo mo matsatsing a le 90 e e ikaeletseng go tsetsepedisa matlole a Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA).

Go ya ka tshwanelo, maeto a mangwe boditšhabatšhaba a a tlholang ditshenyegelo a tla ntshiwa mo tirong.

Fela re tla dira seno ka tsela e e senang dikgoreletsi tse di sa itumediseng mo maetong, kgwebisanong le mo bojanaleng magareng ga Aforika Borwa le lefatshe ka bophara.

Bakaulengwe,

Lenaane la Tlhabololo ya Mafaratlhatlha a Bosetšhaba le tswelapele go nna botlhokwa mo go tlholeng ditiro mmogo le setsereganyi mo kgolong ya ikonomi.

Metsi ke sedirisiwa se se botlhokwa mo kgolong ya ikonomi le mo go nneng le botshelo jo bo botoka. Diporojeke di le mmalwa tse di tlhomilweng go abela diintaseteri le baagi ka metsi di tsenngwatirisong kgotsa go diriswa maano tebang le tsone go ralala naga.

Diporojekekgolo di akaretsa Porojeke ya Metsi ya Umzimvubu kwa Kapa Botlhaba, Letamo la Jozini kwa Umkhanyakude e e kwa KwaZulu-Natal le diporojeke tsa kwa Bushbuckridge e e kwa Mpumalanga mmogo le Kgato ya Ntlha ya Kgodiso ya Metsi a Mokolo Crocodile kwa Limpopo.

Kgatelopele e a diriwa mo go tokafatseng tlamelo ya metsi kwa mafelong a a amilweng ke tlhaelo ya metsi a a jaaka Masepala wa Kgaolo ya Makana kwa Kapa Botlhaba, Masepala wa Kgaolo ya Ngaka Modiri Molema kwa Bokone Bophirima le kwa Giyani e e kwa Limpopo moo re ketikileng go tlisiwa ga metsi kwa metseng e le 55 ka Diphalane ngwaga yo o fetileng.

Ntetlelele Mmusakgotla mmogo le wena Modulasetulo ba ba Tlotlegang ba NCOP go ikuela mo go botlhe mo nageng go somarela metsi. Lerothodi lengwe le lengwe le na le mosola. Naga e latlhegelwa ke R7 bilione ka ngwaga ka ntlha ya go senyega ga metsi.

Go lwantshana le kgwetlho eno, Pusoka Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe e tla katisa badirikadiatla kgotsa badirikadipeipi ba le 15 000 ba ba tla baakanyang dipompo tse di dutlang mo metseng ya bo bona.

Re itumetse go bo re na le moeng wa rona yo a kgethegileng, mofenyi wa Dikabo tsa Tshomarelo ya Metsi tsa Basadi, Mme Mapule Phokompe go tswa kwa Mahikeng e e kwa Bokone Bophirima.

Bakaulengwe,

Lenaane la mafaratlhatlha le tswelapele go godisa tlhatlhamano ya dipalangwa le go tokafatsa ditsela e leng seo se siametseng kgolo ya ikonomi.

Lefapha la Dipalangwa le tla dirisa bokanaka R9 bilione mo Letloleng la Tlhokomelo ya Ditsela tsa Porofense kgotsa mo Lenaaneng la Re Tsamaya Rotlhe mmogo le R11 bilione go tlhabolola le go tlhokomela ditsela tse di sa duelelweng.

Madi a a fetang R6 bilione a tla dirisediwa maano, go agiwa le go tlhokomela diteropokgolo di le 13 tebang le go diragatsa dipalangwa tsa botlhe  mo ngwageng ono wa matlole.
Re tla tswelela gape go tokafatsa mafaratlhatlha a kwa dikolong le kwa ditheong tse dikgolwane tsa thuto go aga tikologo e e itumedisang fa go tla mo go ithuteng le mo go ruteng.

Ka go dirisa Letsholo le le Gagamaditsweng la Kabelo ya Mafaratlhatlha a Dikolo leo e leng karolo ya Leano la Mafaratlhatlha a Bosetšhaba, dikolo di le 92 tse dintšhwa di setse di konoseditswe go fitlha jaanong mme di le 108 di santse di agiwa.

Dikolo di ka nna 342 di tsentsheditswe metsi lekgetlho la ntlha

Dikolo di ka nna 351 di amogetse kgeleloleswe e e seriti fa di le 288 tsone di tsentsheditswe motlakase.

Re tswelapele. Re a dira. Re setšhaba se se semeletseng.

Puso e nopotse mafelo a le 16 a go tla agiwang dikhamphase tse dintšhwa di le 12 tsa Kholetšhe ya Thuto le Katiso ya Setegeniki le Thuto ya Tiro mmogo le tsosoloso ya tse dingwe di le pedi tse di leng teng.

Tiro e tsweletse ya go tlhoma diyunibesiti tse dintšhwa di le tharo, ya Sol Plaatjie kwa Kapa Bokone, Yunibesiti ya Mpumalanga mmogo le Yunibesiti ya Sefako Makgatho Allied and Health Sciences.

Maloko a a Tlotlegang,

Re tsweletse go agela batho ba borona dintlo. Ka la bo 30 Lwetse 2014, palogotlhe ya go feta dintlo di le 50 000 di abilwe mo tlamelothusong le mo karolong ya go reka dintlo tse di rekegang.

Puso gape e tla neela tlamelothuso ya ditšhono di le 5 000 mo go Bagale ba Sesole. Puso gape e tla dira go fedisa tshalelomorago ya makwalo a a pakang fa motho e le mong wa lefelo tebang le dintlo tsa pele ga le morago ga 1994.

Mmusakgotla mmogo le wena Modulasetulo,

Mo ngwageng yo o fetileng re tsentse tirong manaane a a nang le diphetogo go tsenyatirisong Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba.

Mo ngwageng yo o fetileng re ribotse Operation Phakisa, jaaka thulaganyo e e tsepamisitseng mo dipoelong mabapi le go loga maano le mo go diragatseng manaane.

Operation Phakisa, fa go tla mo ikonoming ya mawatle e ikaeletse go bulela ditšhono mo makaleng a go tsamaisa dithoto ka dikepe, go thea ditlhapi, temothuo ya tsa ka fa bodibeng, mo meepo, mo oling le mo gaseng, mo thekenolojing ya tsa botshelo mmogo le mobojanala.

Re tsetse peeletso ya R9,2 bilione mo go batlisiseng ka ga gase le oli kwa dikarolong tsa kwa Saldanha jaaka maitlhomo a Operation Phakisa.

Operation Phakisa fa go tla mo go oketseng maemo a Boitshimololelo jwa Tleliniki e e Tlhokiwang e ikaeletse go rotloetsa tirontle, tiromosola le tiro e e duleng diatla kwa ditleliniking.

Re tla batlisisa Operation Phakisa kwa lekaleng la meepo. Ke laetse puso go dirisanammogo le lekala la meepo go tlhoma ditharabololo tseo maphata otlhe a unngwelwang go unngwela didirisiwa tsa rona tsa meepo.

Bakaulengwe le ditsala,

Mo dingwageng tse di fetileng di le tlhano puso e fitlheletse dikunngwelo tse dikgolo mo tlhokomelong ya boitekanelo.

Mo ngwageng ono, re tla tlhagisa lenaane le lekgolo go fetola maemo a Bolwetse jwa Lohuba (TB), go totilwe ditšhaba tse di rileng di le tharo, basenyi kwa lefelong la Ditirelo tsa Kgopololo, badiredi ba kwa meepong mmogo le baagi ba kwa diteropong tsa kwa meepong.

Mo go lwantsheng mamodula ka ga HIV le AIDS, Setlamo sa puso sa melemo, Ketlaphela, se tlhomilwe mme se tla tsaya karolo mo go tlameleng dianthiriterobaerale tsa Lefapha la Boitekanelo.

Mmusakgotla mmogo le wena Modulasetulo,

Re tshwanetse go tswelela go dirisana mmogo ka natla go lwantsha bosenyi le go dira gore baagi ba bolokesege.
Re gatetsepele fa go tla mo bosenying jo bo kgatlhanong le basadi le bana.

Yuniti ya Dipatlisiso tsa Ditlolomolao tsa Thobalano, Tshireletso mo Baneng le Dikgaruru tsa kwa Malapeng ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e kgonne go iponela dikatlholelo di le 659 tsa go atlholela balatofadiwa ba bosenyi jo bo kgatlhanong le basadi le bana botshelo jotlhe kwa kgolegelong.

Re naga e e nang le terama mme re tlotla tokelo ya baagi ta go dira ditshupetso. Le fa go le jalo, re ikuela gore ditshupetso tseno di tshwanetse go nna ka fa tlase ga diphuka tsa molao mme di nne le kagiso jaako go tlhagisitswe mo Molaotheong.

Sepodisi ka katlego se kgonne go busetsa taolong ditiragalo di le 13 575 tsa bosetšhaba tseo di rekotilweng, mme di akaretsa di le 1 907 tse di senang kagiso le tse di tsamaelanang le tsone mmogo le ditiragalo tse di nang le kagiso di le 11 668.
Ntwa kgatlhanong le bosenyi e tswelela pele go isiwa kwa pele ke Komiti ya Ditona tsa Mafapha a Puso Kgatlhanong le Bosenyi.

Puso e na le ditheo di le supa tse di leng kgatlhanong le bosenyi mmogo le dikarolo di le 17 tsa molao tseo di ikaeletseng go lwantsha bosenyi. Seno se bontsha maitlhomo a a kopanetsweng le puso a go phampholola seikokotlelo sa mamodula ono mo nageng.

Mo ngwageng wa matlole wa 2013/14, batho ba le 52 ba bonwe molato mo dikgetseng tse di amanang le madi a a fetang R5 milione.

Badiredipuso ba le 31 ba golegilwe mo kgweditharong ya ntlha 2014/15 mmogo le go iponela ditaelo tsa go emisa ditheko tse di balelwang go madi a a fetang R430 million.

Go thibela bosenyi le go rotloetsa bobusi jo bo nang le maitsholo a a siameng, ka Sedimonthole ke saenetse Molao wa Bolaodi le Botsamaisi jwa Puso oo mo gare ga tse dingwe o thibelang badiredipuso go gwebisana le puso.

Bakaulengwe,

Kabinete e amogetse mafolofolo le tsereganyo ya tshwaraganyo go lwantsha go bolaiwa ga ditshukudu bosula mo nageng.
Tsereganyo eno e akaretsa mananeotwantsho a seleruri a a tshwaragantsweng le dinaga tse di botlhokwa tsa baagisani, kgoboketso ya boitseanape e e tokafaditsweng mmogo le go oketsa tshireletso kwa diphakeng le kwa dirapeng tsa diporofentshe moo go nang le ditshukudu.

Puso gape e gatetsepele go utlwagala mo go tlhomeng Setheo sa Bolaodi jwa Melelwane, go tlhokomela dikarolo tsotlhe tsa go tsena ka fa nageng le go tokafatsa pabalesego.
Go tokafatsa gape phitlhelelo ya makwaloitshupo, baagi go simolola mo ngwageng ono ba tla kgona go ikwadisetsa Dikarataitshupo tsa bone kwa dibankeng tse di gautshwane le bona ka ntlha ya tirisanommogo magareng ga Lefapha la Merero ya Selegae le dibanka tse di rileng mo nageng.

Mmusakgotla mmogo le wena Modulasetulo,

Go aga puso e e tlhokomelang, e e mosola le e e tsibogelang go tla tswelela go nna kwa mankalengkaleng.

Ka SoNA ya 2014, ke boletse gore re tla tswelela go tokafatsa matshelo a batho ba ba nang le bogole. Ka Sedimonthole mo ngwageng yo o fetileng, Kabinete e ne ya rebola setlhomeso sa Pholisi ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole ya Bosetšhaba gore baagi ba dire ditshwaelo.

Bakaulengwe,

Pusoselegae ke boikarabelo jwa botlhe. Re tshwanetse go dira gore karolo eno o e dire sentle.

Re tlhomile lenaane la ‘Go Boela kwa Tshimologong’ go rotloetsa bobusi jo bo siameng le bolaodi jo bo mosola ka go fokotsa ditshenyegelo, go dirisa madi a puso ka botlhale, go thapa badiri ba ba nang le bokgoni le go netefatsa fa go nna le dimasepala tse di senang bofitlha ebile di le maikarabelo.

Letlhomeso la Tlhabololo ya Mafelo a Kgolaganyo le Seteropo le le tlhagisitsweng mo go SoNA e e fetileng ka Sedimonthole, le amogetswe ke kabinete.
MaAforika Borwa ka nna,

Go nna le seabe mo go ageng aforika e e Botoka, Aforika Borwa e tswelapele go tshegetsa kagiso le tshireletsego mmogo le kopanelo ya ikonomi ya tikologo mo kontinenteng.

Dipoelo di le mmalwa tse di botlhokwa di tlhageletse.

Bokgoni jwa Aforika jwa go Tsibogela Ka Bonako Matlhotlhapelo (ACIRC), moo Aforika Borwa e tsenyang seatla mme ditokololo tsa beng di setse di tsentswe tiragatsong.

Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) mmogo le SAPS di tsweletse go tsayakarolo  ka matlhagatlhaga mo go thibeleng dikgogakgogano mmogo le go dira gore go nne le kagiso mo kontinenteng.

Aforika Borwa gape e tsweletse go tshegetsa letsholo la tharabololo ya dikgaruru kwa Lesotho, Sri Lanka le kwa South Sudan, moo Motlatsamoporesitente e leng ene moeteledipele wa lone

Tirisanommogo ya le badirisanimmogo ba rona ba BRICS tebang le koporasi ya ikonomi e gagamaditswe fa tumelano ya magareng ga mafapha a le mabedi e sena go konosetswa mo moletlong wa bo rataro wa Samiti ya BRICS.

Eno e ne e le tumelano mo Bankeng ya Tlhabololo e Ntšhwa mmogo le Tumelano e e Tlhomang Thulaganyo ya Paakanyetso ya Ditshoganyetso.

Mmusakgotla mmogo le wena Modulasetulo,

Dinaga tse di tlhabologileng tsa Borwa di santse di le badirisani ba ba botlhokwa mo togamanong ya Aforika Borwa moo naga e kgonang go tsweletsa pele dipholisi tsa yona tsa bosetšhaba le tsa dinaga tsa kwa ntle.
Re na le tirisanommogo e e botlhokwa le Mokgatlhokitlano wa Yuropa moo, gareng ga tse dingwe, Lenaane la Dipeeletso tsa Mafaratlhatlha la Aforika Borwa le emeng mo boleng jwa go ka atumela R1,5 bilione.

Ntšhwafatso ya Kgolo ya Aforika le ya Molao wa Ditšhono go tlolela ka kwa ga Lwetse 2015 mmogo le maikano a go tshegetsa matsholo a kagiso e e etilweng pele ke Aforika mo kontinenteng ke tse dingwe tsa dipoelo tse di botlhokwa tsa baeteledipele ba Samiti ya Dinagatshwaragano tsa Aforika e e tshwaretsweng kwa Amerika mo ngwageng yo o fetileng.

Bakaulengwe,

Mo maemong a ditumelano tsa dinagantsi, 2015 e tshwaya segopotso sa bo 70 sa Dinagatshwaragano e leng se se tlisang tsepamisomogopolo mo go tlhabololeng Lekgotla la Pabalesego ya Dinagatshwaragano mmogo le ditheo tse dingwe tsa boditšhabatšhaba.

Bakaulengwe,

Bagale ba kgololesego ya bosetšhaba, Kotane le JB Marks ba tla bolokwa sešwa mo Aforika Borwa ka Mopitlwe.
Re leboga puso le baagi ba kwa Nageng ya Rašia fa ba re tlhokomeletse masaledi a bagale ba rona ka tlotlo mo dingwageng di feta palo.
Mo metshamekong, Setlhopha sa Aforika Borwa se tla tsaya karolo mo Metshamekong ya Dinaga tsotlhe tsa Aforika Congo Brazzaville ka 2015.

Di-Springbok di tla tshameka mo Sejaneng sa Lefatshe sa Boto ya Rakabi ya Boditšhabatšhaba (IRB) se se tshamekelwang kwa Engelane ka Lwetse 2015.

Di-Protea di ile Australia kwa New Zealand go tshameka mo Sejaneng sa Lefatshe sa Kerikhete ya Lekgotla la Kerikhete. MaAforika Borwa otlhe jaaka gale a tshwanetse go tshegetsa ditlhopha tsa bosetšhaba.

Re tshwanetse gape go akgola matsapa a Bafana Bafana ba rona. Ke nagana gore mo gona le tla dumelana le nna fa ke re mo nakong e gone ba ntshitse ga tshwene.

Ba ne ba le mo “setlhopheng sa makgaolakgang” mme ba itekile ka bojotlhe.

Re tshwanetse go ba tshegetsa, ba re dirile motlotlo.

Maloko a a Tlotlegang,
Re tla tswelela go rotloetsa botshelo jo bo itekanetseng le go ikuela mo baaging go kgaotsa go goga motsoko le go itshiela mmogo le tirisobotlhaswa ya diritibatsi.

Mo ntlheng eno, ka la bo 10 Motsheganong re tla tshwaya Letsatsi la Go Tsamaya ka Dinao o Keteke Boitekanelo, e leng moletlo wa boditšhabatšhaba o o rotloetswang ke Mokgatlho wa Boitekanelo jwa Lefatshe. Letsatsi leno gape le diragala ka nako e le nngwe le segopotso sa tlhongopusong ya ga Moporesitente Mandela.

Bakaulengwe,
MaAforika Borwa ka nna,

Go gontsi go go fitlheletsweng mo ngwageng yo o fetileng. Re dumela gore leano la rona la dintlharobongwe tsa go tsereganya mo ikonoming le tla fitlhelela dikatlego, le go simolola kgolo e e tlhokegang thata.

Mo ngwageng ono wa Lokwalo lwa Ditshwanelo tsa Kgololesego le Tshwaragano mo Ditiragatsong go Atolosa Kgololesego ya Ikonomi, re ikaelela gape go tshwaragana le go dira ka natla, go netefatsa katlego e e tsweletseng mo nageng ya borona.

Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa!

Ke a leboga.

Issued by: 
More from: