Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 28 Tlhakole 2024

A.  Merero ya ga Jaanong 

1.  Ikonomi
1.1.  Puo ya Tekanyetsokabo
1.1.1.  Kabinete e neseditse pula Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya Ngwaga wa 2024, e e bontshang maikaelelo a puso a go tswelela go samagana le ikonomi ya ka fa nageng mmogo le go tsaya ditshweetso tse di tlhokagalang tsa go fokotsa dikoloto fa ka fa letlhakoreng le lengwe e dira gore ikonomi e gole.
1.1.2.  Tekanyetsokabo ya Naga e tswelela go samagana le dilo tse di botlhokwa mmogo le go tlhokomela batho ba ba tlhokang thuso ka fa nageng. E duelela megolo ya go thusa baagi ba ba humanegileng gore matshelo a bona a nne botoka. Bano ke baagi ba ba senang ditiro mmogo le bana ba dikhutsana ba ba tlhokometseng malapa a bobona.
1.1.3.  Go golaganya le go tlhagisa tshedimosetso ya Tekanyetsokabo ya Naga ya Ngwaga wa 2024 ke kgato e kgolo thata mo dikgatong tsa Aforika Borwa tsa go nna naga ya temokerasi e e nang le maikarabelo. Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore madi a a tla abelwang ditheo tsa puso a tla dira gore ikonomi ya rona e iponele merokotso mme merokotso eno e tla dira gore naga ya rona e boele mo maemong a yona a ikonomi.

1.2.  Tirisanommogo Magareng ga Ditheo tsa Puso le tsa Poraefete
1.2.1.  Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi tirisanommogo magareng ga ditheo tsa puso le tsa poraefete e leng kgato e e iseng e tle e nne teng magareng ga Sasol le Transnet Freight Rail mme maitlhomo ke go dira gore tirelo ya diterene e nne e e ikanyegang. 
1.2.2.  Mo tumelanong ya tirisanommogo eno e e tla nnang mo tirisong dingwaga di le tlhano go dumelanwe gore Transnet Freight Rail e tla dirisa dijanaga tsa yona di le 128 go rwala ammonia kwa mafelong a Sasol mme e e ise kwa bathong bao ba rekang ammonia eno, mme Sasol yona e tla duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa go tlhokomela le go baakanya dijanaga tseno. 
1.2.3.  Tirisanommogo eno e dira gore tiro ya go tsosolosa lephata la dinamelwa tse di rwalang dithoto e phetagale. Tirisanommogo eno e bontsha ka fao re ka atlegang ka teng mo go lwantshaneng le dikgwetlho tse di re tobileng fa re ka ipopa ngatananngwe

1.3.  Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri (QLFS)
1.3.1.  Dipholo tsa sešweng tsa QLFS tse di rebotsweng ke Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) tse di ribolotseng gore dipalopalo tsa batho ba ba senang ditiro dipalopalo tsa bona di oketsegile go fitlha mo go 32.1% mo kotareng ya bone ya ngwaga wa 2023 go tswa mo go 31.9% mo kotareng ya boraro ya ona ngwaga oo, mme seno ke selo se se re nayang mafolofolo re le puso a go menaganya maiteko a rona a go dira gore re kgone go tlholela batho ba bantsi ditiro.
1.3.2.  Le fa ikonomi ya rona e tswelela go tlhola ditiro, seno ga se diragale ka bontsi jo puso e batlang gore bo diragale ka bone mo go rarabololeng matsapa a botlhokatiro. Dipholo tsa QLFS di bontsha gore lephata la ditiro tse e seng tsa semmuso le okeditse ditiro ka ditšhono di le 124 000, lephata la matlole lona le okeditse ditiro ka di le 128 000, la dipalangwa ka di le 57 000, la meepo ka di le 37 000 fa la badiredi ba ka fa dintlong lona le okeditse dipalo tsa badiri ka ba le 18 000.
1.3.3.  Kabinete e ikuetse mo makaleng otlhe mo setšhabeng go ema nokeng Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi, e leng le le thusang go tlamela maAforika Borwa a le dimilionemilione ka ditiro mmogo le ka ditšhono tsa go iphedisa.

1.4.  Segopotso sa Ngwaga wa bo 20 sa Letsholo la go Tlholela Baagi Ditiro (EPWP) 
1.4.1.  Ngwaga wa 2024 ke yo go ketekiwang Segopotso sa Ngwaga wa bo 20 sa EPWP, e leng le lengwe la matsholo a a buang ka katlego ya Aforika Borwa e leng letsholo la go thapa setšhaba ka makatlanamane mme e bile gape ke le lengwe la matsholo a a nang le seabe se segolo sa go fedisa khumanego. 
1.4.2.  Kabinete e amogetse tsiboso ka ga seo se setseng se dirilwe mo go tsenyeng tirisong letsholo leno la EPWP mmogo le seo letsholo leno le se fitlheletseng, e leng letsholo le legolo la puso le fa e sale le simolola le setseng le tlholetse ditiro maAforika Borwa a le dimilionemilione a a neng a sa dire. 
1.4.3.  EPWP mo dingwageng di feta di le 20 e tlhodile ditšhono di le dimilione di le 14, mme seno se raya gore leno ke letsholo le legolo go gaisa mo lefatsheng le le samaganang le go tlholela setšhaba ditiro ka bontsi. Gore seno se kgonagale ke ka ntlha ya go dirisanammogo ga makala a poraefete le a setšhaba. Ditšhono tseno tsa ditiro di thusitse mo go oketseng dipalo tsa batho ba ba tlhatlheletsweng ka kitso le bokgoni jaaka bao ba thapilweng mo go tsona ba isiwa mo diporojekeng ka go farologana tsa EPWP mo maphateng a bojanala, temothuo, kago le tsosoloso ya mafaratlhatlha a setšhaba, thuso ya baagi mmogo le mo go ao diporojeke tsa teng di gogwang kwa pele ke bomme.
1.4.4.  Kabinete e lomilwe tsebe gore mo Kgatong ya Bone ya paka e khutshwane ya EPWP go tlhodilwe ditšhono di le dimilione di le 4 609 000, mme tseno ke ditšhono tse di tlhodilweng magareng ga 2019/2020 go fitlha go 2022/23. Palo eno e emetse diphesente di le 92% tse di fitlheletsweng tsa palo e puso ya borataro e e busang ga jaana e neng e ipeetse yona go e fitlhelela mo e rerileng gore e batla go tlhola ditiro di le dimilione di le tlhano. Go tswelelwa ka maano ano a go dira gore go tlhodiwe tse dingwe ditšhono di le 390 973 tse di saletseng fa Mopitlwe 2024 o konosela. 
1.4.5.  Mo go ditšhono tseno di le 4 609 000, diporofense tse batho ka bontsi ba thapilweng mo go tsona ke ya KwaZulu-Natal, mo go thapilweng batho ba le 1 064 000 (23%), mme e latelwa ke porofense ya Kapa Botlhaba mo go thapilweng ba le 903 789 (20%) mme yona e latelwe ke ya Kapa Bophirima mo go thapilweng ba le 508 954 (11%). 
1.4.6.  Le fa tota bontsi jwa ditšhono tseno e se tsa leruri, tse dingwe tsa tsona kwa mafelong e feletsa di nna ditiro tsa leruri. Dipalopalo di supa gore palo e feta 20% ya batho ba ba tsayang karolo mo go EPWP ba feletsa ba thapiwa felo gongwe. 
1.4.7.  Bontsi jwa batlhankedi ba EPWP ba konoseditse ka katlego makwalo a bona a dithuto mo dithutong tse di jaaka tsa go apaya mme ba bangwe ba feleditse ba thapetswe ruri ke mafelo a borobasogo. Ga se fela go tlhola ditiro, mme EPWP gape e thusa thata fa go tla mo kabong ya ditirelo tse di botlhokwa mmogo le mo go tsosoloseng le go tlhabolola mafelo a baagi ba ka itiisang mo go ona mmogo le mo go tokafatseng mafelo a baagi ba tshelang mo go ona.
1.4.8.  Mo Kgatong ya Bone go setse go fetisitswe madi a EPWP a feta dibilione di le R52 a a lebaganeng fela le megolo ya batlhankedi ba letsholo leno. 
1.4.9.  Mo godimo ga seno, go tlhodilwe gape le dikgwebo di feta 600 ka go dirisa letsholo leno. 

2.  Merero ya Puso

2.1.  Ditlhopho tsa Ngwaga wa 2024
2.1.1.  Kabinete e neseditse pula taelo ya Moporesitente Cyril Ramaphosa ya gore ka Laboraro wa la bo 29 Motsheganong 2024 e tla nna letlha la go tshwara Ditlhopho, mme taelo eno e latela gore a itseele ka tsebe gore Khomišene ya Ditlhopho tsa Aforika Borwa mmogo le Ditonakgolo tsa diporofense tsotlhe di le robongwe ba eme sejaro go ka samagana le ditlhopho tsotlhe e leng tsa naga le tsa diporofense.
2.1.2.  Kabinete e ikuela mo bathong botlhe, segolo jang bašwa, gore ba sole mosola tshwanelo ya bona ya go dira tlhopho. Dingwaga di sena palo tse batho ba ikentshitseng setlhabelo e ne e le ka ntlha ya go kgaratlhela gore kwa bofelong bontsi jwa maAforika Borwa bo gololesege gore bo kgone go dira tlhopho mo ngwageng wa 1994. Kgaratlhelo ya kgololesego ya rona e dirile gore moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe kwa bokhutlhong a nne le seabe mo pusong ya temokerasi ya rona. 
2.1.3.  Ditlhopho tsa monongwaga di thulana sentle le moletlo wa go keteka Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego, mme seno ke selo se segolo thata se naga ya Aforika Borwa e se fitlheletseng gonne se re naya tšhono ya go ipatla re ipatlisise mo go tsotlhe tse re atlegileng mo go tsona mmogo le mo go batlaneng le ditharabololo tse di tla re thusang gore re kgone go samagana le dikgwetlho tse dikgolo tse di re dikaganyeditseng.

2.2.  Setlhopha sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini
2.2.1.  Kabinete e sekegetse tsebe kopano ya Labotlhano wa la bo 23 Tlhakole 2024 magareng ga Moporesitente Ramaphosa le Mokgatlo wa Baitseanape ba Dikhomese wa Teropo ya Durban mmogo le Intaseteri eno mme go ne go sekasekiwa dikgato tse dintsi tse di farologaneng tse di neng di gogwa kwa pele ke puso ya naga mo go thuseng Masepala wa Teropokgolo ya eThekwini gore o tle o kgone go ka rarabolola matsapa a ga jaana a metsi, motlakase le mafaratlhatlha.
2.2.2.  Moporesitente o tlhomile gape le Setlhopha sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini mme maitlhomo ke go dira gore matsapa ano a a amang Masepala wa Teropokgolo ya eThekwini a tle a rarabololwe ka bonako. Setlhopha seno – se mo go sona go nang le Ditona, batlhankedi ba Masepala wa Teropokgolo ya eThekwini mmogo le bagwebi ba teropo eo – gangwe le gape se tla begela Moporesitente ka kgatelopele e e dirilweng.

2.3.  Kopano ya bo 14 ya Dipuisanelo tsa Pholisi (PDF) e e ka ga Setlhopha sa Lefatshe sa Tiro ya go Tlhatlhelela Barutabana ka Thuto
2.3.1.  Kabinete e nopotse katlego e naga e nnileng le yona mo go tshwareng Kopano ya bo 14 ya PDF e e ka ga Setlhopha sa Lefatshe sa Tiro ya go Tlhatlhelela Barutabana ka Thuto e e neng e tshwaretswe kwa Sandton, Johannesburg ka Mosupologo, 26 Tlhakole 2024. E ne e tsenetswe ke bannaleseabe botlhe mo lephateng la thuto go tswa gotlhe mo lefatsheng ba bua ka go emelela thuto, go abelana ka megopolo le kitso mmogo le go sekaseka kgatelopele eo e setseng e dirilwe mo go direng gore re fitlhelela Peelo ya Bone ya Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri, mme yona ke e e buang ka thuto e e boleng.
2.3.2.  PDF e phasaladitse Pegelo ya Setlhopha sa Baemedi ba Maemo a a kwa Godimo mo Lephateng la Thuto mmogo le go thankgolola Pegelo ya Lefatshe e e bunga ka tlhaelo ya barutabana.

3.  Go Lwantshana le Bosenyi
3.1.  Kabinete e akgotse matsapa a a dirilweng ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) jaaka ba kgonne go ka tshwara batho ba le supa ba ba amagangwang le polao ya ga Kiernan 'AKA' Forbes mmogo le tsala ya gagwe Tebello ‘Tibz’ Motsoane. Ba babedi ba babelaelwa ba golegwe kwa nageng ya Eswatini mme ba santse ba tla tle ba busediwa ka fa nageng. 
3.2.  Gore batho bano ba tshwarwe ke ka ntlha ya go itlhoba boroko mo go direng tiro ya sepodisi. Babelaelwa ba ba golegweng bano ke bao go belaelwang gore mo go bona go na le yo a neng a rulaganya tiro yotlhe ya gore a tlosiwe mo lefatsheng, bao e leng bona ba ba mo jeleng ka tlhobolo, yo e neng e le ene yo a neng dira bonnete jwa gore motho yoo ke ene tota yo ba mo batlang mmogo le motho yo a hirileng sejanaga le ditlhobolo.

4.  Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba

4.1.  Samiti ya bo 37 ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)
4.1.1.  Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e dirilweng kwa Samiting ya bo 37 ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) e e neng e tshwaretswe kwa Addis Ababa, Ethiopia ka la bo 17 le la bo 18 Tlhakole 2024, mo go atlhaatlhilweng dikgato tse di botlhokwa tse di tla tshwanelwang ke go tsewa mo ngwageng wa 2024 le go ya kwa pele. Moporesitente Ramaphosa o ne a ema ka lefoko le le lengwe le baeteledipele ba Aforika fa go tla mo go atlhaatlheng dikgato tse di botlhokwa tse di tshwanetsweng go tsewa mo kontinenteng mme tsona di tsenyeletsa kagiso le pabalesego, phetogo ya maemo a loapi, kgodiso ya ikonomi mmogo le seabe se Aforika e tshwanetseng go nna le sona mo dinageng tsa lefatshe ka bophara. 
4.1.2.  Mo samiting eno go tserwe ditshweetso ka gore go tlhomiwe Leano la Bobedi la Dingwaga di le 10 la go Tsenya Tirisong Maitlhomo a Aforika a Ngwaga wa 2063, mme seno se tla dira gore go potlakisiwe dikgato tsa go tsenya tirisong diporojeke tse di botlhokwa tse di jaaka ya Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe, mme mo letsholong leno naga ya Aforika Borwa e na le seabe se segolo thata.
4.1.3.  Moporesitente Ramaphosa o ne gape a tlhagisa pegelo ka ga seo kontinente e se dirang mabapi le leroborobo la Bolwetse jwa Mogare wa COVID-19 mmogo le ka fao kontinente e setseng e eme sejaro ka gona go ka emelana le dikotsi tsa boitekanelo, mme o dirile seno jaaka e le makarabelo a gagwe jaaka Motlhankedi wa Mogkatlho wa AU wa Mogale wa go Samagana le Dikgato tsa go Tsibogela COVID-19. Mo samiting eno gape go gateletswe gape le dikgato tsa go thusa baagi le ikonomi go itharabologelwa morago ga paka ya leroborobo la COVID-19, mmogo le seo re ithutileng sona mo go ipaakanyetseng le mo go samaganeng le leroborobo leno, mmogo le mo go babaleleng kontinente. 
4.1.4.  Moporesitente o ikuetse mo go baeteledipele ba kontinente ya Aforika gore ba tswelele go baakanya dikgato tsa dinaga tsa bona tsa go tsibosa batho ka maemo a dinaga tsa bona fa go na le malwetse gore seno se kgone go ba tswela molemo mo isagong fa go ka nna le malwetse a a jalo, mmogo le go ba rotloetsa gore ba ipope ngatana nngwe jaaka Aforika e e Buang ka Lefoko le le Lengwe fa go tla mo go Ipaakanyetseng go Lwantshana le Leroborobo.
 
4.2.  Aforika Borwa e Tshwara Kopano ya Mokgatlho wa Dinaga di le Masomeamabedi (G20) mmogo le Go Tsorama Setulo sa Boporesitente jwa Mokgatlho onmo mo Ngwageng wa 2025
4.2.1.  Kabinete e amogetse mmogo le go sekaseka pegelo e e ka ga go ipaakanyetsa go tshwara kopano ya G20 ga naga ya Aforika Borwa mo ngwageng wa 2025 mmogo le go tsorama ga yona setulo sa Boporesitente sa mokgatlho ono. Ono ke motsotso yo o botlhokwa thata mo nageng ya Aforika Borwa gonne e tla bo e le yona naga ya ntlha mo kontinenteng ya Aforika go ka tshwara kopano ya mothale ono; mme seno ga se fela ka ntlha ya gore go solofetswe matšhwititšhwiti mme gape le ka ntlha ya seabe se e tla se dirang. 
4.2.2.  Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore Aforika Borwa e tla kgona go tshwara ka katlego Kopano ya G20, jaaka e setse e kile ya dira fela jalo mo meletlong yotlhe e megolo e e jaaka ono e e jaaka Kopano ya Mokgatlho wa Naga ya Brazil, Russia, India, China mmogo le Aforika Borwa (BRICS) mmogo le Kopano ya Mokgatlho wa Dinaga tsa Molao wa Ditšhono tsa Kgolo ya Ikonomi ya Aforika (AGOA). Go tsorama Setulo sa Boporesitente jwa G20 go tla naya naga ya Aforika Borwa tšhono ya gore e kgone go atlega mo go diragatseng diphisegelo tsa yona tsa go fitlhelela dimaraka tse di santseng di gola. 
4.2.3.  Jaaka e tla bo e tshwere kopano ya G20, go nneng le seabe ga naga ya Aforika Borwa mo kopanong eno go tla tsamaisana le maikano a naga a go buelela dikgatlhegelo tsa naga mmogo le tsa kontinente ya Aforika. 

B.  Ditshwetso tsa Kabinete
1.  Go Tshwarwa ga Kopano ya Borobongwe e e Tshwarwang Ngwaga le Ngwaga ya Banka e Ntšhwa ya Merero ya Tlhabololo (NDB) 

1.1.  Kabinete e atlhaatlhile mmogo le go nesetsa pula dikgato tsa gore ka Seetebosigo 2024 naga ya Aforika Borwa e tshware kopano ya NDB e e tshwarwang ngwaga le ngwaga. 
1.2.  Jaanong e setse e le dingwaga di le 10 Dinaga tsa BRICS di sa bolo go saena Makwalo a Ditumelano a NDB jaaka a saenilwe kw BRICS ya bo Rataro kwa teropong ya Fortaleza, kwa nageng ya Brazil ka la bo 15 le la bo 16 Phukwi 2014. Seno se dirile gore go nne le setheo sa ntlha sa dinaga ka go farologana sa go samagana le tlhabololo mo dinageng tse di santseng di iketetsa. Go fitlha ga jaana, naga ya Aforika Borwa e setse e ntshitse dibilione di le R25 a e leng a go duelela baka eno. Naga ya Aforika Borwa e fela pelo gore kopano eno ya NDB e tla tshwarwa neng jaaka e batla go dirisana mmogo le banka eno mmogo le dinaga tseo le tsona e leng leloko la dinaga tseno gore go tle go nne le kgolo e e sa kgaotseng mmogo le go kgona go dira gore Aorika e nne kontinente a a botoka that. 

2.  Leano la go Thapa Batlhankedi ba Ditirelo tsa go Tlhokomela Baagi (di-SSP)
2.1  Kabinete e neseditse pula Leano la go Thapa di-SSP jaaka karolo ya go oketsa palo ya badiredi ba puso, ba ditheo tsa mekgatlho e e seng ya puso mmogo le ba ditheo tsa dikgwebo tsa poraefete gore badiredi bano ba tle ba kgone go saoamagana le maitseo a a bodileng a naga ya rona e tobaneng le ona. 
2.2  Leano leno le theilwe ka maikano a ditheo tsotlhe a go aga lekala la ditirelo tsa baagi le le kgonang go tsibogela dilo tseo ditšhaba tsa rona di di tlhokang mmogo le go fedisa maitseo a a bodileng a a jaaka botlhokotsebe, go melela basadi meno le go ba bolaya, go robalana le go ima ga bana, go bogisana, go tlogela bana go ikgodisa, go se alafise malwetse a kgatelelo ya tlhaloganyo mmogo le go dirisa diritbatsi botlhaswa. 
2.3  Leano leno maitlhomo a mangwe a lona ke go go dira gore go nne le setšhaba se se golaganeng se bokamoso jwa sona bo sa tseweng ke ditsuatsue e bile se na le tlhokomelo. 

3.  Sekwalwa sa Bofelo sa Letsholo la Ditirelo Tsotlhe tsa Tlhokomelo ya Baagi 
3.1.  Kabinete e sekasekile mmogo le go nesetsa pula dikgato tsa go phasalatsa le go batla maikutlo a baagi ka Sekwalwa sa Bofelo sa Letsholo la Ditirelo Tsotlhe tsa Tlhokomelo ya Baagi se se kwalolotsweng sešwa sa naga. 
3.2.  Maitlhomo a sekwalwa seno ke go tsenya tirisong thulaganyo e le nngwe ya segapeletsa e e ka ga megolo ya go rola tiro ya tlhokomelo ya baagi e e tlamelang batho botlhe ba ba nang le ditiro ka madi a go rola tiro, a bogolofadi le a ba ba tlhokafetseng. Bao megolo ya bona e leng kwa tlase madi a bona a tla tlalelediwa go ya ka dikarolo tse di leng teng tsa molao. Sekwalwa seno gape se tshitshinya dikgato tsa go okobatsa ka fao lekgetho le nathang ka gona mo merokotsong ya batsofe mmogo le mo megolong ya bona ya thuso ya baagi mme se dira jaano gore se tle se rarabolole ka fao batsofe ba sa tshwaregeng ka go lekalekana ka gona mo dikgatong tseno ka bobedi jwa tsona. 
3.3.  Mo godimo ga seno, sekwalwa seno se batla go tlisa diphetogo mo diitheong gore go tle go nne le tlhomamo mo go direng dipholisi tsa tlhokomelo ya baagi fa go tla mo tsamaisong e e tswileng diatla, mo go tokafatseng kabo ya ditirelo mmogo le mo go direng bonnete jwa gore melawanataolo e disa ka tolamo, mmogo le mo go buseng le mo go tlhokomeleng metswedi yotlhe ya go tlhokomela baagi. 

C.   Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.  Rre Snike Thulani Sibuyi o thapilwe go nna Tlhogo ya Setheo sa Bokwaledi jwa Ditirelo tsa Sepodisi mo Lefapheng la go Emelela Dikgatlhegelo tsa Baagi mo Bokwaleding jwa Ditirelo tsa Sepodisi. 
2.  Rre Xolile Sizani o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa PetroSA.
3.  Mme Nombulelo Guliwe o thapilwe go nna CEO wa Setheo sa Bojanala sa Naga ya Aforika Borwa. 
4.  Mme Totsie Memela-Khambula konteraka ya gagwe ya go nna CEO nako ya yona e atolositswe mo Setheong sa Tlhokomelo ya Baagi sa Aforika Borwa (SASSA). 
5.  Mme Mapatane Elizabeth Kgomo o thapilwe go nna CEO mo Setheong sa Kemonokeng ya Mafaratlhatlha a Dimasepala.
6.  Mme Ayanda Noah o thapilwe sešwa mo Botong ya Setheo sa Matlole a a Botlhokwa a Motlakase (CEF) mmogo le go thapiwa mo maemong a Monnasetulo.

7.  Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Setheo sa Bojanala sa Naga ya Aforika Borwa: 
7.1.  Mme Makhosazana Khanyile (Monnasetulo); 
7.2.  Moatefokate Lizelle Dominique Jordaan (Motlatsamonnasetulo);
7.3.  Ngaka Gregory J Davids;
7.4.  Rre Ikaneng Ephraim Pilane;
7.5.  Moporofesara Motlhago Stella Bvuma;
7.6.  Mme Nqabomzi Haya;
7.7.  Rre Rajesh Mahabeer;
7.8.  Rre Ayanda V Mazibuko;
7.9.  Mme Maija de Rijk-Uys; 
7.10.  Ngaka Mzolisi Michael Toni; mmogo le 
7.11.  Mme Uveshnee Pillay yo a leng mo legatong la Lefapha la Bojanala. 

8.  Go thapiwa ga Monnasetulo mmogo le Motlatsamonnasetulo mo Botong ya Batlhokomedi ba Sekgwama se se Ikemetseng sa Matlole a Tlhabololo: 
8.1.  Moatefokate Kwazikwenkosi Mshengu (Monnasetulo); mmogo le 
8.2.  Mme Karabo Siyila (Motlatsamonnasetulo).

D.  Ditiragalo tse di Tlang

1.  Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho 
1.1.  Mokete wa monongwaga wa go keteka Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho mmogo le Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho ka la bo 21 Mopitlwe o tla ketekiwa pele naga naga e ka keteka Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego ka kgwedi ya Moranang.
1.2.  Ka molaetsamogolo yono: “Dingwaga di le Masome a Mararo re Obamela e bile re Tlotlomatsa Ditshwanelo tsa Batho”, Kabinete e ikuela mo bathong botlho go nna le seabe mo go gagamatseng ditshwanelo tsa batho tsa naga ya rona, mmogo le go tlotlomatsa kgololesego le temokerasi ya rona, go nne re di bonetse boimeng.

2.  Imbizo ya Moporesitente ya Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM)
2.1.  Ka Labone wa la bo 7 Mopitlwe 2024 Moporesitente o tla tshwara Imbizo ya bo 12 ya Moporesitente ya DDM kwa Masepaleng wa Tikologo ya Nkangala, kwa porofenseng ya Mpumalanga. 
2.2.  Imbizo eno e tla bokeletsa baeteledipele botlhe go tswa kwa maphateng otlhe a puso go tla go buisana le baagi ka dikgwetlho tse di leng teng mabapi le kabo ya ditirelo mmogo le go loga maano a go tokafatsa kabo ya ditirelo le go tlhabolola setšhaba mo lefelong leo.
2.3.  Imbizo eno ya Moporesitente ya DDM mmogo le dikgato tsa go etela mafelo go lekola gore a ntse a dira sentle ke selo se ntseng se diriwa mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe ka maitlhomo a go dira gore matshelo a baagi a tokafadiwe.
2.4.  Kabinete e ikuela mo go baagi ba Masepala wa Tikologo ya Nkangala mmogo le ba mafelo a fa gautshwane go tsenela Imbizo eno mmogo le go bolelela baeteledipele ba bona ka dilo tse di ba tlhorontshang.

3.  Semphosiamo ya Aforika Borwa ya go Aga Mafaratlhatlha a Setšhaba a a tla Nnelang Ruri (SIDSSA) ya Ngwaga wa 2024 
3.1.  Go enngwe sejaro go ka tshwara SIDSSA ya ngwaga wa 2024, e e tla tshwarelwang kwa Motsekapa go simolola ka la bo 17 go fitlha ka la bo 19 Mopitlwe 2024. SIDSSA. SIDSSA e tla tsenelwa ke bannaleseabe ba ba farologaneng ba lephata la mafaratlhatlha ba ba leng botlhokwa thata mo go godiseng dipeeletso mo mafaratlhatlheng a ka fa nageng.
3.2.  Go aga mafaratlhatlha ke selo se se botlhokwa thata mo pusong ya boratao e e busang ga jaana, seno ke ka ntlha ya gore go dira jalo go tla thusa go godisa ikonomi le go tlhola ditiro. Mo SIDSSA eno go tla tlhagisiwa e nngwe ya dikgatelopele tse di setseng di dirilwe mo go diragatseng Leano la go Beeletsa mo Mafaratlhatlheng le le neseditsweng pula ke Kabinete ka Motsheganong 2020. 

4.  Khonferense ya Bobedi ya Beng ba Diintaseteri tsa Bana ba Mmala wa Sebilo tsa go Romela kwa Dinageng tsa kwa Ntle Ditlhagisiwa
4.1.  Khonferense ya Bobedi ya Beng ba Diintaseteri tsa Bana ba Mmala wa Sebilo tsa go Romela kwa Dinageng tsa kwa Ntle Ditlhagisiwa e tla tshwarelwa kwa Sandton Convention Centre kwa Johannesburg ka Laboraro, 20 Mopitlwe 2024. 
4.2.  Mo khonferenseng eno go tla rebolwa dikabo tsa tlotlo tsa dikgwebo tse di dirileng ka botswapelo mmogo le go tlotla dikopano tse dikgolo tse di ikamanyang le mogopolo wa katlego le boitshimololedi, tse di bontshang gore di tlhola ditiro, tse di ikamanyang le maitsholo a a siameng a dikgwebo mmogo le go nna le boleng. Difeme di feta di le 600 tsa diintaseteri tsa bathobantsho tse di enngweng nokeng ke Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo di dirile madi a feta dibilione di le R80 mo ngwageng wa matlole wa 2023/24, e leng selo se se itumedisang mo go thuseng gore beng ba dikgwebo ba bathobantsho ba kgone go nna le seabe mo diintasetering tse di nang le seabe mo ikonoming.

E.  Melaetsa

1.  Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

1.1.  Mme Michelle Phillips jaaka a thapilwe go nna CEO mo setheong sa Transnet mmogo le Mme Nosipho Maphumulo jaaka a thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Matlole wa Transnet. Go thapiwa ga batho bano go botlhokwa mo go maswe jaaka go na le tiro e ntsi e e santseng e tlhokwa go diriwa mo go tsosoloseng Transnet jaaka e le e nngwe ya ditiro tse naga e di dirang mo go tsosoloseng lephata la naga la dijanaga le diterene tsa go rwala dithoto .
1.2.  Rre Wamkele Mene, jaaka a tlhophilwe lekgetlo le lengwe gape gore e nne Tlhogo ya Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika la Kgwebisano Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe.
1.3.  Rre Sibusiso Ngalwa, yo e leng Monnasetulo wa ga jaana wa Mokgatlho wa Naga ya Aforika Borwa wa Barulaganyi ba Naga (SANEF), go latela gore a thapiwe mo Komitikhuduthamageng ya Mokgatlho wa Barulaganyi ba Kontinente ya Aforika. 
1.4.  Banyana Banyana, e leng setlhopha sa kgwele ya dinao sa basadi go latela gore ba gape motshameko wa kgato ya bobedi wa go Fitlhelela Makgaolakgang a Metshameko ya Basadi ya CAF. Setlhopha se fentse metshameko e le mebedi ya go ntshana ka dipholo di le nne go lefela, mme se tla fetela makgaolakganyeng ka Moranang 2024 mo se tla kopanang le setlhopha sa naga ya Nigeria.

2.  Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa: 

2.1.  Mokapotene Simon Mkhulu Bobe mmogo le Lance Corporal Irven Thabang Semono Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF), ba ba bolailweng kwa nageng ya Democratic Republic of Congo (DRC) ka la bo 14 Tlhakole 2024. Ba ne e le karolo ya masole a a romilweng a Masole a Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC) a a Romilweng kwa DRC (SAMIDRC), bao ba neng ba romilwe gore ba ye go tlisa pabalesego, kagiso le tsetsepelo fela jaaka go tlhalosiwa mo go Tokomaneng ya Mogopolo wa AU o o reng "Go Fedisa Tlhabano mo Ngwageng wa 2030". Kabinete e eleditse masole a mangwe gape a mararo a a iponetseng dikgobalo mo tlhaselong eo gore ba kokotlele.
2.2.  Batho ba le robongwe ba ba tswang kwa porofenseng ya Mpumalanga ba ba tlhokafetseng setlhogo ka bese kwa Paulpietersburg, kwa porofenseng ya KwaZulu-Nata fa ba ne ba boela gae go tswa kwa kgothakgotheng ya Mokgatlho wa African National Congress e e neng e tshwaretswe kwa eThekwini.

Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

More on

Share this page

Similar categories to explore