Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 24 Seetebosigo 2015

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

1.1. Kabinete e amogetse ditshwetso tse di amogetsweng kwa Samiting ya bo 25 ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) tse di bayang Aforika mo tseleng e ntšhwa ya tlhabololo le kgolo e e tla kgontshang kontinente go tsaya maemo a yona mo mererong ya lefatshe.

Ditshwetso di akareditse sesole se le sengwe fela se se tshwaraganeng e bile se dira sentle kwa bokhutlong jwa ngwaga. Baeteledipele ba ikanne go akofisa go dira ga Mophato o o nnang o Eme sejaro wa Aforika (ASF).

Kabinete e akgotse maiteko a AU a a lebisang kwa kopanong e kgolwane ya kgaolo le kgwebisano ka go tlhomiwa ga dipuisano tsa go tlhamiwa ga karolo ya kgwebisano e e gololesegileng mo kontinenteng e leng se se tla dirang gore go nne le kgolagano e e maatla magareng ga diikonomi tsa Aforika.

1.2 Gape Kabinete e amogetse kopano ya Ditona tsa AU tse di Ikarabelang mo go tsa Bong le Merero ya Basadi e e neng e tshwerwe ka la bo 12 Seetebosigo 2015, go latela Phanele ya Maemo a a kwa Godimo (HLP) ya Bobedi ya AU ya merero ya Tekatekano ya Bong le Maatlafatso ya Basadi e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 10 – la bo 12 Seetebosigo fa thokonyana ga Kopano ya Tlwaelo ya bo 25 ya Kokoano ya AU, ka fa tlase ga Moono wa: "Dira gore go Diragale ka go Akaretsa Basadi ba ba mo Lephateng la Kgwebo ya Temothuo mo Mererong ya Ditšhelete".

Dipoelo tsa dikopano di le pedi e nnile Kitsiso le Boikuelo jwa gore go tsewe Dikgato malebana le Go Akarediwa mo Mererong ya Ditšhelete mo Kgwebong ya Temothuo. Boikuelo jwa gore go Tsewe Dikgato bo gwetlha Mebuso e e leng Ditokololo gore gareng ga tse dingwe

  • E diragatse ditshwanelo tsa basadi tsa go fitlhelela, go laola, go nna beng le go bona tshiamelo ya ditlamelo tsa ditšhelete, go akarediwa go fitlhelela ditsamaiso tsa ditheko tsa setšhaba mo thutong, tshedimosetsong le mo tlhabololong ya bokgoni, dithekenoloji tsa boitlhamedi le tiragatso ya tsona, go kgontsha le go tlhabolola maatlafatso ya ikonomi ya basadi ba ba mo kgwebong ya temothuo.
  • Go maatlafatsa maiteko go tlhama seemo se se kgontshang gore basadi ba dire kgwebo ya temothuo le thulaganyo ya boleng mo temothuong ka go thibela le go tsibogela dikgotlhang mo Kontinenteng, go samagana mmogo le go tlwaetsa le go nolofatsa ditlamorago tsa go fetoga ga tlelaemete, mmogo le go samagana le ditlamorago tsa leroborobo le matlhotlhapelo a tlholego.
  • Go gokaganya go tlhabololwa ga kgwebo ya temothuo ka dithulaganyo tsa boleng tsa temothuo ka tiriso ya metšhini, boitlhamedi jwa thekenoloji mmogo le tlhabololo ya bokgoni jwa basadi;

1.3 Mo dikgweding di se kae, barutwana ba materiki ba tla bo ba kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa ngwaga wa makgaolakgang. Kabinete e ikuela mo Mophatong wa 2015 go dira dikopo tsa go amogelwa kwa ditheong tsa thuto e kgolwane go sa le gale jaaka karolo ya Letsholo la Dira Kopo Jaanong/ Kaedi ya Boithutedi (le le bolodiwang ngwaga le ngwaga ke Lefapha la Thuto le Katiso tse Kgolwane.

Re ikuela mo barutwaneng go lebelela Dipalo le Saense jaaka maphata a a ka tsholetsang kgolo ya ikonomi ya rona. Boitlhamedi le boitshimololedi ke dintlha tsa botlhokwa tse di  tsamaisang ikonomi mo nageng. Gape bašwa ba tshwanetse go lebelela ditšhono tse di leng teng kwa dikholetšheng tsa Thuto ya Setegeniki le Thutelatirong tse di fitlhelwang go ralala naga go akaretsa le diyunibesithi tse di tsenyeletsang tse di sa tswang go tlhamiwa ya Yunibesithi ya Sol T Plaatje kwa Kapa Bokone le Yunibesithi ya Mpumalanga.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1 Kabinete e rebotse tshwetso ya go supa Kgaolo ya Tlhabololo ya Indaseteri ya Maluti-A-Phofung (MAP IDZ) kwa Tshiame (Industriqwa-1A), Harrismith, Porofenseng ya Foreisetata. E amogetse gape go rebolelwa Tetla ya go Dira ya kgaolo eno go Koporasitlhabololo ya Foreisetata.

Go supiwa ga MAP IDZ go tla tlhama motheo o o lebileng thulaganyo ya tsamaiso ya dithoto (Logistics Hub) dikilometara di le 10 kwa ntle ga Harrismith (setsha sa maloba sa Industriqwa), go direla maphata a dijanaga, difaboriki tse dipotlana, go fetolwa ga dikuno tsa temothuo le tsamaiso ya dithoto.

2.2 Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e golagane le Banka ya Dipeeletso tsa Mafaratlhatlha ya Asia. Banka e totile Kgaolo ya Asia le ya Oceania go tshegetsa dipeeletso tsa mafaratlhatlha.
Seabe sa Aforika Borwa se tla maatlafatsa dikamano tse di golang tsa kgwebo le kgaolo mme gape se tla supa kemommogo le dikeletso tsa kgaolo tsa tlhabololo.

2.3 Kabinete e amogetse go supiwa ga Tona ya Lefapha la Bosiamisi le Ditirelo tsa Kgopololo le ya Sepodisi go rwala maikarabelo a go diragatsa maikarabelo a Mmuso go ya ka karolo ya 9(2) ya Molao wa Thibelo le Twantsho ya Tlhokofatso e e setlhogo ya Batho, 2013.

Ditona tseo tsotlhe di tla rwala maikarabelo a tlhabololo ya mananeo a maikaelelo a ona e leng go thibela le go lwantsha tlhokofatso e e setlhogo, e leng se se tsweletsang tshwanelo ya botlhokwa ya kgololesego le tshireletsego ya motho go ya jaaka go tlamelwa ke karolo ya bo 12 ya Molaotheo.

2.4 Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Phorothokholo ya Tlaleletso mo Tumelanong ya Kgwebisano, Tlhabololo le Tirisanommogo magareng ga Dikarolo tsa Yuropa le Mebuso ya tsona ya Ditokololo go ya kwa Palamenteng gore e rebolwe.

Phorothokholo ya Tlaleletso e lemoga go amogelwa ga Rephaboliki ya Croatia mo Mokgatlhotshwaraganelong wa Yuropa (EU) o o tsenang mo Phorothokholong moragonyana.

Go godisiwa ga EU go tla tokafatsa go fitlhelela mebaraka ya EU ke Aforika Borwa mme seo se tla lebisa kwa go tlhamiweng ga ditšhono tsa ditiro, go tsweletsa kgolo ya ikonomi mmogo le go tokafatsa boitlhophelo jwa badirisi. Seno se lepalepana le ponelopele ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) la go tlhama ditiro, go godisa ikonomi mmogo le go tsweletsa thomelontle.

2.5 Kabinete e rebotse gore go tsenngwe tirisong seemo se se maleba sa boditšhabatšhaba mmogo le dikgato tse dingwe tsa saense go lebeletswe go netefatsa gore go dirisiwe tsamaiso e e lekaneng ya matshosetsi fa go romelwateng dikgomo mmogo le ditlhagiswa tsa dikgomo.

Tepatepanyo eno ya ditlhokego tsa thomeloteng tsa Aforika Borwa le dikaedi tsa boditšhabatšhaba tsa saense, e tla maatlafatsa seemo sa naga mo kgwebisanong ya boditšhabatšhaba. Seno se tla atolosa phitlhelelo ya dijo tse di lekaneng, tse di babalesegileng e bile di le dikotla tsa batho le tsa diphologolo ka theko e e logetsweng maano mme se tla oketsa go tlhamiwa ga ditiro ka thomeloteng ya ditlhagiswa tsa nama ya kgomo e e sa ntseng e tla fetolwa mo Aforika Borwa.

3 Melaotlhomo

3.1 Kabinete e amogetse go itsesewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Merero ya Bosenyi, wa 2015 kwa Palamenteng.

Dipaakanyo di dira tlamelo ya diphetogo mo melaong e e amanang le ditlolomolao tse di amanang le mafaratlhatlha a tshwana le bogodu jwa megala ya motlakase le megala ya difounu. Go dirilwe ditlamelo tse di gagametseng malebana le go ntshiwa ga beili, go atlholwa ga batlolamolao mmogo le go tlhama melato e mentšhwa gore tshenyo ya mafaratlhatlha a botlhokwa ka go feretlha gongwe go tshwenyana le go dira ga ditirelo tsa motheo ka kgato ya bosenyi e tsewe jaaka bosenyi.

Fa Molaotlhomo o setse o fetisitswe, o tla netefatsa gore go nna le dikgato tse di tla sireletsang mafaratlhatlha, moo e leng gore go bewa dipeeletso tse di tlhokegang go gaisa tsa setšhaba, go netefatsa gore naga e fitlhelela diphitlhelelo tse e di beileng tsa kgolo ya ikonomi mme e oketsa ditiro.

3.2 Kabinete e amogetse go itsesewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tsweletso le Tshireletso ya Dipeeletso, wa 2015 kwa Palamenteng.

Molaotlhomo o gatelela gore Aforika Borwa e sa ntse e amogela dipeeletso tsa dinaga di sele, e tlamela tshireletso le pabalesego e e lekaneng go babeeletsi botlhe, mme e somarela ditshwanelo tsa go ikemela tsa Puso ya Aforika Borwa go tsweletsa maitlhomo a pholisi ya setšhaba ya tlhabolololo le diphetogo.

Seno ke go tshegetsa maitlhomo a NDP la go tsweletsa kgolo ya dipeeletso le thomelontle go susumetsa kgolo e e nnelang leruri mmogo le tlhabololo mo Aforika Borwa.

3.3 Gape Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tetlokhopi wa 2015 mo kaseteng ya Puso go anamisa patlomaikutlo.

Molaotlhomo o baakanya Molao wa Tetlokhopi wa bo 98 wa 1978 le Molao wa Pabalelo ya Badiragatsi wa bo 11 wa 1967, e e onetseng ka ntlha ya fa e sa lebelele ditlhabololo kwa legatong la maphatamantsi le fa e le go nna le ditlamelo tse di samaganang le merero ya dijithale.

Molaotlhomo o lebeletse thebolo ya laesense ya tiro ya tetlokhopi fa e bapisiwa le tiro e e rebotsweng go sireletsa go jewa ntsoma mo go tsa kgwebo. Seno se tla thusa puso go samagana le mathata a baopedi le badiragatsi ka go netefatsa gore makgotlakgaso le ditlamo tsa direkhoto di duela merokotso ka nako ka ntlha ya fa bontsi bo swa bo humanegile.

3.4 Kabinete e amogetse go itsisewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Khomišini ya Tirelosetšhaba wa 2015 kwa Palamenteng. Seno se baakanya Molao wa Khomišini ya Tirelosetšhaba wa bo 46 wa 1997.

Molaotlhomo o lebeletse ntlha ya go ntšhwafadiwa ga paka ya Mokhomišinara mme gape o dira tlamelo ya gore modulasetilo a ka rebola mongwe wa bakhomišinara go dira jaaka modulasetilo ka nako ya fa modulasetilo le mothusi wa gagwe ba seyo.

4 Maemo a Kabinete mo Mererong ya jaanong

4.1 Kabinete e amogela Botlhano jwa Cuba (Cuban Five) jo bo neng bo tshwerwe ke Amerika ka 1998 mme jwa atlholelwa bosenyi jo bo akareditseng botlhodi le polao. Botlhano jono bo ne bo rometswe kwa Amerika e le karolo ya kopano e e bidiwang La Red Avispa go batlisisa ditiro tsa ditlhopha tse di neng di ile botshabelo tsa Cuba tse di neng di rera go menola puso ya ga Fidel Castro.

4.2 Kabinete e leboga puso ya Malawi e e emetsweng ke Mokhomišinaramogolo mo Aforika Borwa Mme Cassandra Mbuyane-Mokone ka ntlha ya go gokaganya go busediwa ga bana ba le babedi ba Aforika Borwa ba dingwaga di le 14 le di le 20 ba ba tserweng ba ne ba tlhokomelwa ke nkoko-a-bone kwa Mpumalanga go ya Malawi ka Phukwi 2014 ke mosadi yo a neng a itirile morutabana wa maloba. Gompieno, Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, Bathabile Dlamini o tla amogela bana bano.

5 Ditiragalo tse di tlang

5.1 Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go nna le seabe mo ketekong e e tlang ya Kgwedi ya Nelson Mandela ka Phukwi ka moono wa: "Dira letsatsi lengwe le lengwe go nna Letsatsi la Mandela: Go aba metsotso e le 67 ya nako ya rona go thusa ba ba tlhokang." MoAforika Borwa mongwe le mongwe o na le bokgoni jwa go atolosa boswa jwa Moporesitente wa rona wa maloba yo a tlhokafetseng, Nelson Mandela ka go dira pharologano mo matshelong a ba bangwe.

Mo moweng ono wa boswa jwa ga Madiba, tlaya re direng mmogo jaaka re tshwaya Kgwedi ya Kutlwano ya Loago ka Phukwi go tlhama setšhaba se se utlwanang ka go tsweletsa megopolo ya go se tlhaole go ya ka morafe gongwe ka bong, bosiamisi le tekatekano go rona rotlhe jaaka e bonetswe pele le go akarediwa mo Molaotheong.

5.2 Jaaka karolo ya go keteka le go tlotla ditshwaelo tse di itlhaotseng mo saenseng, boenjiniri, thekenoloji le boitlhamedi, Tona ya Saense le Thekenoloji, Tona Naledi Pandor o tla tshwara kopano ya moletlo wa dijo tsa maitseboa go itsise bafenyi kwa Foramong ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji ya 2014/15 - ya Dikgele tsa BHP Billiton ka la bo 9 Phukwi 2015 kwa Emperors Palace, Kempton Park ka fa tlase ga moono wa: "Lesedi".

Dikgele tseno di tlhomilwe ka 1988. Go keteka moono wa monongwaga wa UNESCO wa "Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Lesedi le Dithekenoloji tse di ikaegileng ka Lesedi", go tla ntshiwa Sekgele se se Kgethegileng sa patlisiso e e amanang le Photonics.

5.3 Mo moweng wa Beke ya Aforika ya Tirelosetšhaba e e diragalang beke eno (go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 26 Seetebosigo 2015), Kabinete e rata go leboga badiredisetšhaba botlhe ka ntlha ya maitlamo, boineelo le go dira ka natla go tlamela batho ba rona ka ditirelo. Re ikuela mo badiredisetšhabeng botlhe go itlama gape go fitlhelela ditlhokego tsa maAforika Borwa otlhe.

6. Maemo a Aforika Borwa mo Morerong wa Kgotlatshekelong ya Bosenyi ya Boditšhabatšhaba (ICC)

Kabinete e sweditse gore e tla sekaseka seabe sa Aforika Borwa mo Molaong wa Roma wa ICC, ka ntlha ya mabaka a le mmalwa.

Aforika Borwa ga e bolo go nna motshegetsi yo mogolo wa go tlhamiwa ga ICC mme ke mongwe wa basaeni ba ntlha ba Molao wa Roma wa ICC. E sa ntse e itlamile mo tsamaisong ya bosiamisi jwa boditšhabatšhaba "go netefatsa gore bosenyi jo bo tseneletseng go gaisa jo bo amang baagi ba boditšhabatšhaba botlhe ga bo tlhoke go otlhaiwa le gore go netefadiwe gore ba a sekisiwa ka go tsaya dikgato kwa legatong la bosetšhaba le ka go tokafatsa tirisanommogo ya boditšhabatšhaba."

Aforika Borwa e tla tswelela go tsweletsa le go rotloetsa maiteko a kgaolo le a boditšhabatšhaba go samagana le bosenyi jo bo jalo.

Aforika Borwa ke tokololo ya Kokoano ya Mekgatlho ya Mebuso e e tlhamilweng ke Athikele ya bo 112(1) ya Molao wa Roma wa ICC.

Gape Aforika Borwa ke tokololo ya Ditšhabakopano (UN), AU mmogo le mekgatlho e mengwe ya boditšhabatšhaba. E tseela maikarabelo a yona a boditšhabatšhaba tlhogong e le ruri.

Aforika Borwa e na le seabe sa botlhokwa mo kontinenteng ya Aforika le kwa mekgatlhong e e farologaneng ya kontinente. Gape e amogela Palamente ya Dinaga Tsotlhe tsa Aforika. Tona ya maloba ya Lefapha la Merero ya Selegae ya Aforika Borwa ke modulasetilo wa Khomišene ya AU.

Aforika Borwa e na le seabe mo matsholong a kagiso mo dinageng di le dintsi tsa Aforika di tshwana le Democratic Republic of Congo. Gape Aforika Borwa e na le seabe se se tlhaga mo go netefatseng gore thulaganyo e e reketlang ya kagiso e e tsweletseng kwa Sudan le kwa South Sudan e a tswelela, mo dikgatlhegong tsa batho ba mebuso eo e e ikemetseng gammogo le dinaga tse dingwe tse di ikemetseng le kontinente ya Aforika.

Aforika Borwa e tsewa boditšhabatšhaba jaaka motsereganyi yo o ikanyegang wa kagiso e bile go na le matsholo a Aforika Borwa a ka nna 3 000 a a nang le seabe mo matsholong a kagiso ka fa tlase ga AU le UN.

Aforika Borwa e rotloetsa tirisanommogo magareng ga Aforika Borwa le dinaga tse dingwe mmogo le tlhabololo e e golaganeng mo kontinenteng. Aforika Borwa e dirisa Letlole la Tsosoloso ya Aforika le Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba, gareng ga tse dingwe, go tokafatsa tsweletso ya temokerasi, bolaodi jo bo siameng mmogo le thibelo le tharabololo ya dikgotlhang.

Aforika Borwa e beeletsa go le gontsi mo ditlamelong tsa yona tsa ditšhelete, sesole, setegeniki mmogo le mo badiring go fitlhelela kagiso, tshireletso le khumo mo kontinenteng ya Aforika. Dipoelo tsa dipeeletso tseno di lemosega ka iketlo mo dinageng tse Aforika Borwa e leng tlhaga kwa go tsone. Dinaga tseno di akaretsa Sudan le South Sudan.

Le fa e le tokololo ya Kokoano ya Mekgatlho ya Mebuso ya Molao wa Roma wa ICC, Aforika Borwa e tshwanetse go lepalepanya maikarabelo a yona kwa ICC le maikarabelo a yona kwa AU mmogo le maikarabelo a yona kwa mebusong e e farologaneng, go akarediwa e e mo Aforika, go ya ka ditumelano tsa boditšhabatšhaba tse e di dirileng.

Aforika Borwa e lemoga gore tota le Ditokololo tsa Leruri tsa Lekgotla la Pabalesego tse di sa saenang Molao wa Roma wa ICC di ka nna le seabe se se tletseng mo dipuisanong kwa ICC le diphetiso tsa Lekgotla la Pabalesego malebana le seemo kwa nageng kwa ICC.

Dinaga tseo di tsere dikgato tsa go netefatsa gore batlhankedi ba tsona le badiri ba sesole ga ba angwe ke melelwane ya ICC.

Gape Aforika Borwa e lemoga go ikganetsa go go mo diathikeleng tse di farologaneng mo Molaong wa Roma wa ICC malebana le tshireletso ya Ditlhogo tsa Mebuso.

Athikele ya bo 27 e tlhalosa jaana:

Go tlhoka bokao ga seemo sa semmuso.
1. Molao ono o tla diragadiwa ka tekatekano mo bathong botlhe kwa ntle ga tlhaola go ya ka seemo sa semmuso. Tota, seemo sa semmuso jaaka Tlhogo ya Mmuso gongwe Puso, tokololo ya Puso gongwe palamente, moemedi yo o tlhophilweng gongwe motlhankedi wa puso se ka seke sa golola motho mo maikarabelong a bosenyi ka fa tlase ga Molao, le gona se ka se ke, ka bo sona, sa nna lebaka la go fokodiwa ga katlholo.

2. Kgololo gongwe melawana e e kgethegileng e e ka amanang le seemo sa semmuso sa motho, e ka nna ka fa tlase ga molao wa bosetšhaba gongwe wa boditšhabatšhaba, ga e kitla e thibela Kgotlatshekelo go diragatsa taolo ya yona mo mothong yoo.

Fa o e leba la ntlha, athikele eno e naya ICC taolo ya mongwe le mongwe, go sa kgathalesege maemo a motho yoo a semmuso.

Mme fela, Athikele ya bo 97 e tlhalosa jaana:

Tirisanommogo malebana le go beelwa thoko ga kgololo le tumelelo ya go ineela.

1. Kgotlatshekelo ga e a tshwanela go tswelela ka ineela gongwe ya thuso e e ka tlhokang gore Mmuso o o kopilweng go tsaya dikgato tse di sa dumelaneng le maikarabelo a ona ka fa tlase ga molao wa boditšhabatšhaba go lebeletswe Mmuso gongwe kgololo ya sedipolomate ya motho gongwe thoto ya Mmuso wa boraro, kwa ntle ga fela fa Kgotlatshekelo e ka bona pele tirisanommogo ya Mmuso wa boraro malebana le go beelwa thoko ga kgololo.

2. Kgotlatshekelo ga e a tshwanela go tswelela ka kopo ya go ineela e e ka tlhokang gore Mmuso o o kopilweng go tsaya dikgato tse di sa dumelaneng le maikarabelo a ona ka fa tlase ga ditumelano tsa boditšhabatšhaba tse di kayang gore go tlhokega tumelelo ya Mmuso o o romelang go neela motho wa Mmuso oo kwa Kgotlatshekelo, kwa ntle ga fela fa Kgotlatshekelo e ka bona pele tirisanommogo ya Mmuso o o romelang malebana le go ntsha tumelelo ya go neela.

Athikhele ya bo 98(2) e botlhokwa mme e a utlwala. E tlhalosa sentle gore ICC ga a e a tshwanela go kopa go neelwa ga motho ke Mmuso o o kopiwang, fa e le gore seo se tla lebisa kwa goreng mmuso o o kopiwang o tlole ditumelano tsa ona tsa boditšhabatšhaba, kwa ntle ga fela fa ICC ka boyona e ka bona pele tirisanommogo ya Mmuso o o romelang. Ka mantswe a mangwe, Athikele ya bo 98(2) e baya maikarabelo mo magetleng a ICC go thusa dinaga go diragatsa ditaelo tsa go tshwara.

Go bonagala sentle gore ICC e ne e itse gore Aforika Borwa e ka nna le mathata a go diragatsa taelo ya go golega Moporesitente Al-Bashir, ka ntlha ya maikarabelo a yona a boditšhabatšhaba.

ICC e ne e setse e laleditse Aforika Borwa ka la bo 28 Motsheganong 2015 go nna le dipuisano malebana le go diragatsa taelo ya go golega go ya ka Athikele ya bo 97 e e tlamelang ka dipeelo tse di tlhamaletseng e bile di sa okaoke tsa gore moo Mmuso o amogelang kopo mme o supa gore go ka nna le mathata a a ka kgoreletsang gongwe go thibela tiragatso ya kopo, Mmuso o tla buisana le Kgotlatshekelo ntle le go senya nako go rarabolola bothata.

Mathata a a jalo a ka akaretsa ntlha ya gore tiragatso ya kopo jaaka e ntse e tlhoke gore Mmuso o o kopiwang o tlole maikarabelo a a ntseng a le teng a ditumelano tse di tserweng le Mmuso o mongwe.

ICC e tshwanetse ya bo e ne e itse gore Aforika Borwa e ne e tla bo e tlola maikarabelo a ditumelano tse di leng teng le AU fa e diragatsa taelo. Seo e ka nna lona fela lebaka le le utlwalang le le dirileng gore ICC e laletse Aforika Borwa go buisana nayo.

Ka ntlha ya fa e ne e laleditse Aforika Borwa go buisana nayo, ICC e ne e na le maikarabelo a go buisana le Aforika Borwa ka boikanyego le go e thusa go obamela maikarabelo a yona go ICC le AU.

Aforika Borwa e amogetse taletso ya ICC ya go buisana nayo go ya ka Athikele ya bo 97. Tota, Aforika Borwa e ne e na le dintlha di le mmalwa malebana le maatla le tiragatso ya ditaelo tsa go tshwara gammogo le maikarabelo a Aforika Borwa a a tswang mo botokololong jwa yona jwa AU.

Aforika Borwa e na le maikarabelo a go diragatsa tshwetso e e tserweng ke AU kwa Sirte kwa Libya ka la bo 3 Phukwi 2009, ya gore ditokololo tsa yona ga di a tshwanela go dirisana le ICC go latela ditlamelo tsa Athikele ya bo 98 ya Molao wa Roma wa ICC go fitlhelela Lekgotla la Tshireletso le sena go lebelela kopo ya AU. AU e kopile Lekgotla la Tshireletso go emisa tshwetso ya lona ya go fetisetsa seemo sa kwa Darfur kwa ICC gore e batlisise.

Kopo eo ga e ise e diragadiwe ga jaana. AU e dirile kopo go ya ka Athikele ya bo 16 ya Molao wa Roma wa ICC, ka ntlha ya fa AU e dumela gore go akarediwa ga ICC mo morerong ono go tla nna matshosetsi mo kagisong le tshireletso ya kontinente ya Aforika.

Aforika Borwa e na le kgatlhego e e rileng mo tshwetsong ya AU ka ntlha ya seabe sa Aforika Borwa mo tsamaisong ya kagiso kwa Sudan le South Sudan. Dinaga ka bobedi di itlamile ka maikarabelo a a farologaneng mo go Aforika Borwa malebana le thulaganyo ya kagiso. Fa thulaganyo ya kagiso e ka pala, ditlamorago mo bathong ba dinaga tseo mmogo le kontinente ya Aforika e tla nna matlhotlhapelo.

Aforika Borwa e na le dipuisano tsa gangwe le gape le Sudan le South Sudan mme e bone netefaletso go tswa mo maphateng ka bobedi malebana le thulaganyo ya kagiso. South Sudan

Aforika Borwa e amogetse taletso ya ICC ya go buisana nayo malebana le Athikele ya bo 97 ka boikanyego mme e ne e solofetse gore go tla nna le puisano e e agang, e e mosola e bile e le bokao malebana le mathata a a itemogelwang ke Aforika Borwa tebang le go diragatsa taelo ya go golega.

Kopano ya ntlha e ne e tshwerwe le ICC ka la bo 12 Seetebosigo 2015. Kopano eo e ne e tsenetswe ke Moambasadara wa Aforika Borwa le mogakolodi wa semolao wa moambasadara. Kwa kopanong eo, Moambasadara o gateletse gore ga a kgone go samagana le dintlha tsa setegeniki le tsa semolao mme o ne a batla go rulaganya kopano e nngwe koo batho ba ba ka kgonang go samagana le merero eo ba ka nnang gona.

Kopano ya bobedi e e malebana le lebaka leo, e ne e rulaganyeditswe go tsena ka Mosupologo, 15 Seetebosigo 2015. Ka letlha leo, go ne go tshwanetse ga nna le dipuisano tsa nnete go ya ka Athikele ya bo 97. Le gale, ICC e ne ya kopa kopano ya pejana mme kopano eo ya rulaganyediwa go tshwarwa ka Latshipi wa la bo 14 Seetebosigo 2015 ka 12h30. Le fa go le jalo, e rile mo bosigong jwa Lamatlhatso, la bo 13 Seetebosigo 2015, ke fa Motšhotšhisi wa ICC a dira kopo ya ka bonako ko ICC ka dipeelo tse di latelang:

"Kopo ya ka Bonako ya Motšhotšhisi ya Taelo e e tlhalosang gore Dipuisano go ya ka Athikele ya bo 97 le Aforika Borwa di konoseditswe le gore Aforika Borwa o na le Maikarabelo a go Tshwara le go Neela Omar Al Bashir ka Gangwe fela."

Motšhotšhisi o dirile Kopo ya ka Bonako kwa ICC kwa ntle ga go naya Aforika Borwa kitsiso epe fela. Motšhotšhisi o kopile gore dintlha tsa Kopo ya ka Bonako e nne khupamarama, fela tshwetso ya ICC yona e dirilwe phatlhalatsa.

ICC e reeditse morero ka gangwe fela mme ya rebola Tshwetso ya yona. Tota ICC, kwa ntle ga go reetsa Aforika Borwa, e sweditse gore dipuisano go ya ka Athikele ya bo 97 di khutlile mme Aforika Borwa o ne a na le maikarabelo a go tshwara le go neela Moporesitente Omar Al-Bashir. Jaaka go setse go kailwe, tshwetso eo e dirilwe ntle le gore Aforika Borwa a itsisewe ka gope.

Aforika Borwa jaaka Mmuso o e leng Tokololo ya Molao wa Roma wa ICC le jaaka tokololo ya Kokoano ya Mebuso ya Ditokololo e ne e na le tshiamelo ya kitsiso ya Kopo ya ka Bonako ya Motšhotšhisi go ICC le go reediwa mo morerong, bogolo segolo ka ntlha ya fa go ne go rulagantswe dipuisano.

Go ikemela ga Aforika Borwa jaaka naga gape go kaya gore e na le tshiamelo ya go tsewa ka tekatekano le tlotlo, go sa kgathalesege gore maemo a ntseng jang.

Go lebega e kete ICC ga e a dira taletso ya go buisana le Aforika Borwa go ya ka Athikele ya bo 97 ka boikanyego le ka maiteko a a tletseng le a boammaaruri go thusa Aforika Borwa. Ka jalo, Aforika Borwa o sweditse go sekaseka seabe sa yona mo Molaong wa Roma wa ICC.

Diathikele di le pedi mo Molaong wa Roma di botlhokwa fa go lebelelwa maemo ao Aforika Borwa e tshwanetseng go a tsaya malebana le tirisanommogo ya yona le ICC mo isagong.
Diathikele tseno ke ya 119 le ya 127.

ATHIKELE YA BO 119
Tharabololo ya dikgotlhang
1.  Kgotlhang nngwe le nngwe e e amanang le ditiro tsa bosiamisi tsa Kgotlatshekelo e tla rarabololwa ka tshwetso ya Kgotlatshekelo.
2.  Kgotlhang nngwe le nngwe magareng ga Mebuso ya Ditokololo e le mebedi gongwe go feta e e amanang le thanolo gongwe tiragatso ya Molao ono e e sa rarabololweng ka dipuisano mo dikgweding di le tharo morago ga tshimologo, e tla fetisediwa kwa Kokoanong ya Mebuso ya Ditokololo.

Kokoano e ka swetsa ka boyona go rarabolola kgotlhang gongwe ya dira ditshitshinyo malebana le dikgato tse dingwe tsa tharabololo ya kgotlhang, go akarediwa go fetisediwa kwa Kgotlatshekelong ya Boditšhabatšhaba ya Bosiamisi go obamelwa Molao wa Kgotlatshekelo eo.

Athikele ya bo 119 e samagana le mabaka a le mabedi:

Sa ntlha, dikgotlhang tse di amanang le tiro ya bosiamisi ya ICC: le, sa bobedi, kgotlhang nngwe le nngwe magareng ga Mebuso ya Ditokololo e le mebedi gongwe go feta malebana le thanolo gongwe tiragatso ya Molao wa Roma.

Malebana le la ntlha fa godimo, Aforika Borwa e ka nna le kgotlhang le ICC malebana le Tshwetso e e dirilweng go latela Kopo ya ka Bonako ya Motšhotšhisi ya Taelo go tlhalosa gore a Dipuisano tsa Athikele ya bo 97 le Aforika Borwa di konoseditswe le gore Aforika Borwa e na le Maikarabelo a go Golega ka Gangwe fela le go Neela Moporesitente Omar Al Bashir.

Aforika Borwa e tla nna le dipuisano le ICC mo morerong oo ka maitlhomo a go tlhaloganya mabaka a ICC le ka moo e ranolang Athikele ya bo 97 ka gona.

Gape Aforika Borwa e batla go tlhaloganya go tswa go ICC gore maikarabelo a yona ke afe go ya ka Athikele ya bo 98(2) kwa Mmusong o o kopilweng o o ka sekeng wa diragatsa taelo ya go golega ka go gataka maikarabelo a boditšhabatšhaba.

Gape Aforika Borwa e ikaelela go tlhagisa morero ono kwa kopanong e e latelang ya Kokoano ya Mebuso ya Ditokololo tsa Molao wa Roma wa ICC. Ka ntlha ya bomarara jwa matshwenyego a setegeniki le molao a re nang nao, Aforika Borwa e tla lebelela gape go fetisetsa morero kwa Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya Bosiamisi gore e tseye tshwetso mo morerong.

Athikele ya bo 97 ga e ise e tsamae e dirisiwe ke ICC. E ne e le la ntlha Mmuso o e leng Tokololo o lalediwa ke ICC go buisana nayo malebana le mathata a e ka nnang nao go diragatsa taelo ya go golega e e ka lebisang kwa goreng Mmuso o e leng Tokololo o tlole maikarabelo a ona a boditšhabatšhaba. ICC e ne e tlhoka go tsaya morero o ka tlhoafalo mme maphata oo mabedi a ne a patelesega go buisana ka boikanyego.

Aforika Borwa e ka akanya ka go ikgogela morago go tswa mo ICC, e le kgato ya bofelo. Tshwetso e e jalo e ka tsewa fa fela Aforika Borwa a feletswe ke ditharabololo tsotlhe tse a nang natso go ya ka Molao wa Roma wa ICC, Tumelano ya Ditšhabakopano mmogo le didiriswa tse dingwe tsa molao tsa boditšhabatšhaba.

Athikele ya bo 127 e lebeletse go ikgogela morago go tswa mo ICC mme e na le ditlamelo tsa gareng ga tse dingwe.

1.  Mmuso o e leng Tokololo, o ka ikgogela morago mo Molaong, ka kitsiso e e lebisitsweng kwa Mokaedikakaretsong wa Ditšhabakopano (UN). Go ikgogela morago go tla diragala mo ngwageng morago ga go amogelwa ga kitsiso , kwa ntle ga fa kitsiso e tlhalositse letlha le le kwa moragonyana.

Aforika Borwa o tla tsenela dipuisano tsa gangwe fela le AU le mebuso e e leng ditokololo tsa yona malebana le ka moo go ka dirisiwang dikgato tsa tharabololo ya dikgotlhang tsa Aforika ka teng kwa ntle ga tshenyo ya nako "go netefatsa gore bosenyi jo bo tseneletseng jo bo amang dinaga tsa boditšhabatšhaba ka kakaretso ga bo tlogelwe ntle le go otlhaiwa le gore go netefadiwa gore go nna le tsheko ka go tsaya dikgato kwa legatong la bosetšhaba le ka go tokafatsa tirisanommogo ya boditšhabatšhaba.

Tota, Aforika Borwa e tla tsena mo dipuisanong tsa bontsi le tsa sebedi mmogo le dinaga tse dingwe tsa Aforika go akofisa diphetogo mo Kgotlatshekelong ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho mmogo le dikgotlatshekelo tse dingwe tsa kgaolo. Seno se tla netefatsa gore ditheo tseno di kgona go samagana le bosenyi jo bo tseneletseng kgatlhanong le botho ka bonako le ka bokgoni le gore go nna le sekema sa tshegetso moo bosenyi jo bo jalo bo ka sekisediwang teng e ka tswa e le ICC gongwe ditheo tsa kgaolo.

Aforika Borwa e tla rulaganya fa gautshwane go tsenela dipuisano tsa semmuso le ICC malebana le merero e e e tshwenyang.

Aforika Borwa e tla baakanya pegelo malebana le puisano ya yona le ICC go ya ka Athikele ya bo 97 mmogo le mathata a e a itemogetseng go ya ka Athikele ya bo 98(2) mme e e tlhagise kwa kopanong e e latelang ya Kokoano ya Mebuso ya Ditokololo.

Gape Aforika Borwa e tla tshitshinya dipaakanyo mo Molaong wa Roma wa ICC go tlhalosa le go bontsha maikarabelo a ICC a dipuisano le tirisanommogo mo Mebusong eo.

Dipuisano le AU le mebuso ya Aforika le tsona di tla simololwa. Puso e tla tlhopha setlhopha sa Ditona se se tla simololang dipuisano le ICC le AU le Mebuso ya Aforika ka gangwe fela.

7. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

7.1 Go thapiwa ga Bakaedi ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforika Borwa (SAMSA):

a) Rre Mavuso Msimang (Modulasetilo);
b) Mme Nomsa Cele (Motlatsamodulasetilo)
c) Mme Anna Sekabiso Molemane;
d) Rre Mervyn Robert Burton

7.2 Rre Virgin Anzel Seafield jaaka Motlatsamokaedikakaretso wa Pholisi ya Badiri le Dikamano tsa Badiri mo Lefapheng la Badiri.

7.3 Moporofesara Richard Michael Levin. Mogokgo wa Sekolo sa Puso sa Bosetšhaba ka konteraka ya dingwaga di le tlhano e e khutlang ka Sedimonthole 2019.

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139
 

Share this page

Similar categories to explore