Polelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 26 Seetebosigo 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e ikgolaganya le setšhaba le baagi ba boditšhabatšhaba go rapelela rrasetšhaba, e leng Moporesitente wa maloba Nelson Mandela. Mo nakong eno e e masisi, tla re bontsheng lerato le kutlwelobotlhoko mme re dire Madiba motlotlo.

1.2. Kabinete e lemogile segopotso sa bo 58 sa go saeniwa ga Tumelano ya Kgololesego e e leng motheo wa temokerasi le wa Molaotheo wa rona, e e saenilweng ka la bo 26 Seetebosigo 1955. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe 'Go Tshameka Karolo ya Gago' mo go atametseng naga gaufi le ponelopele ya Aforika Borwa yo o golaganeng, yo o senang tlhaolele go ya ka semorafe, yo o sa tlhaoleng ka bong, wa temokerasi le yo o tswelelang pele.

1.3. Kabinete e amogela maitlamo a a ntšhwafaditsweng a Lefapha la Boitekanelo mmogo le babatlisisi, a go samagana le dintlha tse di bakang dikgwetlho malebana le maiteko a a kopanetsweng mo ntweng kgatlhanong le HIV. Gape Kabinete e amogela dipaakanyo tse di dirilweng ke Lefapha la Boitekanelo go itsese ditsereganyo tse dintšhwa di le mmalwa mo dipopegotheong tse di ntseng di le gona tse di akaretsang temoso e e oketsegileng ka ga HIV le AIDS, le dikgato tsa go fokotsa matshosetsi a go tshwaediwa ke HIV.

1.4. Kabinete e romela matshediso go latela tlhaselo e e swabisang kwa Komponeng ya Botlhe ya Ditšhabakopano kwa Mogadishu, Somalia ka la bo 19 Seetebosigo 2013, e e tlogetseng batho ba le 15 ba tlhokafetse, ba ba akaretsang maAforika Borwa a le mabedi. Re ikuela mo ditlhopheng tsotlhe tsa sepolotiki tse di kwa ntle ga tsamaiso ya sepolotiki kwa Somalia go tlogela tirisodikgoka le go isa matshwenyego a tsona kwa Pusong ya BoFederale ya Somalia ka tsela e e agang le ya poelano.

1.5. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go ithaopa metsotso e le 67 ka Letsatsi la Nelson Mandela (18 Phukwi) go thusa go fetola baagi ba bona le Aforika Borwa go nna botoka. Tiragalo ya monongwaga e tla diragala ka moono wa "Tsaya kgato; susumetsa diphetogo; dira letsatsi lengwe le lengwe go nna Letsatsi la Mandela" mme go tla bo go totilwe tlhagiso e e sa tlhaeleng ya dijo tsa naga, matlo le kitso ya go buisa le go kwala.

1.6. Kabinete e lemogile gore jaaka karolo ya Letsatsi la Nelson Mandela, katoloso e e dirwang ka dikarolo ya Karata ya Boitshupo e tla bo e tlhomiwa. Tlhongo eno ke kgaogano ya botlhokwa le lemorago la rona gammogo le bokhutlo jwa paka ya bukana ya pasa mo Aforika Borwa. Karata ya Boitshupo eno ke karata e e senang dintlha tsa kgolagano e e nang le bokgoni jwa go nna le tshedimosetso go tswa kwa batsayakarolong ba ba farologaneng ga jaanong le ba mo isagong. Tona ya Merero ya Selegae o tla tlamela ka dintlha tse dingwe mo kopanong e e rulagantsweng mo tsamaong ya nako.

1.7. Kabinete e amogela go tlhomiwa ga letsholo le le bidiwang Diporojeke di le 94+ ke Lefapha la Thuto ya Motheo, go keteka letsatsi la botsalo la ga Nelson Mandela mmogo le boswa jwa gagwe. Maikaelelo a letsholo leno ke go tokafatsa mafaratlhatlha kwa dikolong tse di fetang 94 go di fetola go nna ditheo tsa maemo a a kwa godimo a thuto ya boleng. Letsholo leno le neela dikolong go ralala naga tsholofelo le seriti. Mo Kgweding ya Mandela go tloga ka Phukwi 2013, lefapha, beke nngwe le nngwe, le tla bo le eteletse pele go neelana ka dikolo tse dintšhwa tse di konoseditsweng go agiwa jaaka karolo ya maitlamo a go tokafatsa thuto ya motheo ya boleng.

1.8. Kabinete e amogela go konosediwa le go neelwa ga Borogo jwa Boswa jwa Kgosi Dalibhunga Mandela mo baaging ba Mveso ba ba eteletsweng pele ke Kgosi Mandla Mandela, setlogolo sa Moporesitente wa maloba Nelson Mandela, ka la bo 18 Phukwi 2013. Neelo eo e tla diragadiwa ka nako e le nngwe le letsatsi la botsalo la Moporesitente wa maloba Rre Nelson Mandela, yo o tla bong a gola go nna le dingwaga di le 95 ka lone letsatsi leo.

1.9. Kabinete e lemogile gore Aforika Borwa e dirile segopotso sa Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditšhabakopano le le kgatlhanong le Tiriso e e botlhaswa ya Diritibatsi le go Gweba ka Batho go go Seng mo Molaong ka la bo 26 Seetebosigo 2013, kwa Kimberley. Letsatsi leo le diriseditswe go gatelela botlhokwa jwa go samagana le dikgwetlho tse di lebaneng lefatshe, tse di akaretsang bosenyi, HIV le AIDS, go nyelela ga maitsholo, tirisodikgoka mo malapeng le boimana jwa basetsanyana.

1.10. Kabinete e amogela go amogelwa ga Samiti ya Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi, e e diragalang go tloga ka la bo 20 go ya go la bo 21 Phukwi. Samiti e tla lebelela katlenegiso ya pegelo ya Komiti ya Tshekatsheko ya Ditona, tomagano le kgokaganyo e e tokafetseng mo Thulaganyong ya Bosetšhaba ya Boitlhamedi le dipuisano tse di maatlafetseng magareng ga puso, madirelo le barutegi.

1.11. Kabinete e amogela pegelo e e ka ga tswelelopele e e dirilweng kwa motseng wa Muyexe kwa Giyani, kwa Porofenseng ya Limpopo mo go tsenngweng tirisong ga maitlamo a a dirilweng ke puso go tokafatsa matshelo a batho. Gape kabinete e boeleditse matshwenyego a Moporesitente a gore magato otlhe a puso a tshwanetse go akofisa tlamelo ya ditirelo go ya ka maano a go dumelanweng ka ona.

1.12. Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Porojeke ya Mafaratlhatlha a Togamaano ya bo 18 ka Lamatlhatso, la bo 29 Seetebosigo 2013, e e amanang le dintlha tsa mafaratlhatlha le maitlhomo a go tlamela ka metsi le kgelelo ya leswe. Porojeke e tla netefatsa tlamelo e e nnelang ruri ya metsi go fitlhelela ditlhokego tsa loago le go tshegetsa kgolo ya ikonomi.

1.13. Kabinete e amogetse pegelo eo e e amogetseng malebana le ditiro tsa digongwana mo lephateng la dikonteraka. Kabinete e amogetse dipoelo tsa dipatlisiso tse di tlhagisitseng bopaki jwa go okediwa ga ditlhotlhwa go go seng mo molaong, ditumelano tsa bogodu le bobodu mo intasetering ya dikonteraka tsa poraefete. Seelo sa ditumelano tseno tsa bogodu se tlhoka dikgato tse di gagametseng tsa bothati jwa kgaisano. Kabinete e emetse ditshweetso tsa tsamaiso ya Kgotla ya Dikgaisano fela e lemoga bopaki jo bo supang tshenyo e e boitshegang mo dikgatlhegong tsa setšhaba moo mmuso o duetseng ditlhotlhwa tse di kwa godimo thata ka ntlha ya ditumelano tseno tsa bogodu.

2. Dipuisano le ditshwetso tsa botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse Leanolegolo la Bosetšhaba la Diritibatsi (2013-2017) le go tsenngwa tirisong ga lona mo dingwageng tse tlhano tse di latelang. Leano le dira jaaka mosupatsela wa naga malebana le go thibela le go fokotsa tiriso e e botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi mmogo le ditlamorago tse di amanang nayo tsa loago le ikonomi mo baaging ba Aforika Borwa.

2.2. Kabinete e rebotse go Amogelwa ga Samiti ya Bosetšhaba ya Maatlafatso e e Atolositsweng ya Ikonomi ya Bantsho ka Diphalane 2013. Samiti ya Bosetšhaba e tla bontsha dikgang tsa katlego le go tlhalosa ditsereganyo tsa puso go tshegetsa seabe se se mosola le se se nnelang ruri sa bantsho mo ikonoming le go fitlhelela tsa ikonomi ka tsela e e tshwaelang mo kgolong e e akaretsang botlhe.

2.3. Kabinete e rebotse gore Aforika Borwa e amogele Khonferense ya "Go etelelapele Diphetogo mo Toropokgolong" mmogo le lenaane la Ditšhabakopano la Bonno jwa Batho (UN-HABITAT) ka la bo 5 le la bo 6 Lwetse 2013. Maitlhomomagolo a khonferense eno ke go lebelela seabe sa basadi mo botshelong jwa metsesetoropo mo Aforika. Khonferense e tla tlamela Aforika ka tšhono ya go samagana le dikgwetlho tsa bonno jwa kwa metsesetoropong le go dirisa kgolo ya bonno jwa kwa metsesetoropo go tlhabolola batho.

2.4. Kabinete e rebotse Lekwalotlhomo le le ka ga Malapa le Leano la Go tsenngwa tirisong. Lekwalotlhomo le le ka ga Malapa le tla kgontsha Puso le batsayakarolo ba bangwe go dirisa malapa jaaka motheo wa go fitlhelela itekanelo ya loago. Lekwalotlhomo le tshitshinya ditlapele tsa togamaano di le tharo, Tsweletso ya botshelo jwa lelapa jo bo itekanetseng, maatlafatso ya Lelapa mmogo le tshomarelo ya Lelapa.

2.5. Kabinete e rebotse go konosediwa le go tsenngwa mo kaseteng ga Togamaano ya bobedi ya Ditlamelo tsa Bosetšhaba tsa Metsi. Togamaano eno e agelela mo Togamaanong ya Bosetšhaba ya Ditlamelo tsa Metsi ya 2004. Togamaano ya Bosetšhaba ya bo 2 ya Ditlamelo tsa Metsi e tlamela ka tshekatsheko ya seabe sa metsi mo ikonoming mmogo le go supa dikgwetlho tse di rileng, ditšhono tsa tlhabololo le dikgato tse di thusang letlhomeso le go dumelanweng ka lona malebana le dintlha tsa ditlapele tsa naga. Togamaano ya bo 2 e ikaelela go netefatsa metsi a a nnelang leruri, ka tekatekano mme a babalesegile gore rotlhe re nne le botshelo jo bo botoka le tikologo le gore metsi a tsamaisiwe ka tshwanelo le bokgoni gore go nne le kgolo le tlhabololo e e nnelang ruri.

2.6. Kabinete e rebotse pegelo e e ka ga Dipoelo tsa kopano ya bo 16 ya Khonferense ya Maloko a Tumelano mo Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba ya Ditshedi tse di mo Matshosetsing tsa Diphologolo le tsa Dimela tsa Naga (CITES CoP) 16, e e neng e tshwaretswe kwa Bangkok, Thailand go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 14 Mopitlwe 2013. Gape Kabinete e rebotse gore Aforika Borwa e rulaganye le go tlhagisa tshitshinyo ya kgwebo gore e lebelelwe kwa CITES Cop 17 ka 2016 mo Aforika Borwa.

2.7. Kabinete e amogetse taletso go tswa kwa Bankeng ya Tlhabololo ya Aforika tebang le Aforika Borwa go nna tokololo ya Mokgatlhokgwebisano ya Mafaratlhatlha a Aforika (ICA) e e tlhomilweng kwa Samiting ya G8 ya Gleneagles ka 2005. Peeletso e kgolo ya Aforika Borwa mo mafaratlhatlheng mo pakeng e e magareng e tla tokafadiwa ka botokokololo jwa yona jwa ICA, bogolo segolo mo go tlhagisiweng ga dikumo tsa tshedimosetso le kitso le kgokgaganyo ya dipholisi tsa tlhabololo magareng ga dinaga tsa G20 le tsa Aforika.

2.8. Kabinete e rebotse go tlhagisiwa ga Tsamaiso ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) ya Kgwebisano ka Ditirelo kwa Palamenteng gore e amogelwe, go ya ka karolo ya 231 ya Molaotheo. Maitlhomo a Tsamaiso eno ke go golola kgwebisano ya ditirelo ya mo gare ga kgaolo go lebeletswe tekatekano le dipoelo tse di mosola go botlhe. Gape Tsamaiso eno e tlhagisa letlhomeso la go gololwa ga kgwebisano ya ditirelo magareng ga mebuso e e leng ditokololo tsa SADC mme e dira jaaka motheo wa ditherisano.

2.9. Kabinete e lemogile go tlhomiwa ga borutegi jwa Bachelor of Human Settlements Development Degree (BHSD) ka tirisanommogo magareng ga Lefapha la Thuto le Katiso e Kgolwane le Yunibesithi ya Nelson Mandela Metro. Maikaelelo a Dikirii ya BHSD ke go tlhabolola batsamaisi le badiri ba Bonno jwa Batho ba ba tla nnang le kitso le bokgoni jo bo maleba go tlhama, tokafatsa le go akofisa tlhabololo ya bonno jwa batho mo Aforika Borwa.

2.10. Kabinete e ikuela mo mafapheng otlhe a puso, makgotlatoropo le ditheo tsa puso tse di kwa Gauteng go kwadisetsa dijanaga tsotlhe tsa puso e-tag.

2.11. Kabinete e rebotse dikgato tsa go tsenya tirisong tse di tshitshintsweng malebana le go tlhamiwa ga Setheo sa Tsamaiso ya Melelwane (BMA). BMA e tla tsamaisa ditirelo tsa khudugo, lekgetho le taolo ya mola wa molelwane le go gokaganya sentle ditirelo tsa mafapha otlhe kwa dintlheng tsa matseno a naga. Lefapha la Merero ya Selegae le tla etelela pele Lefapha go tlhama BMA.

3. Kabinete e rebotse Melaotlhomo e e latelang gore e ka tlhagisiwa kwa Palamenteng:
3.1. Molaotlhomo wa Taolo ya Lekgetho, Molaotlhomo wa Lekgetho la Thomelontle wa 2013 le Molao o o Baakantsweng wa Lekgetho le le Kgethegileng wa 2013 – Molaotlhomo o dira tlamelo ya motheo wa kgokaganyo ya kgwebisano ya boditšhabatšhaba le tshireletso ya ikonomi le baagi, mme ka go rialo o dira gore go nne le tekatekano magareng ga taolo ya lekgetho le kgokaganyo ya kgwebisano.

3.2. Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Patlisiso ya Metsi – Maikaelelo a Paakanyo ke go o lepalepanya le diphetogo tse dikgolo mo ditheong, pholising, saenseng ya metsi le seemo sa molao le mo go oketseng seabe sa Khomišene ya Patlisiso ya Metsi mo ditlhokegong tsa patlisiso ya metsi a Aforika Borwa, mmogo le go netefatsa gore naga e beilwe sentle go ka tsibogela ditlhokego le dikgwetlho tsa naga e e omeletseng e tshwana le Aforika Borwa.

3.3. Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Melao ya Bosetšhaba ya Tsamaiso ya Tikologo wa 2013 – Molaotlhomo o tshitshinya dipaakanyo tsa ditlamelo dingwe ka fa tlase ga Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo, 1998 (Molao wa bo 107 wa 1998) mme gape o netefatsa gore ditlamelo tsa tlholego tsa naga di a sirelediwa gore di dirisiwe ke baagi ba ga jaanong le ba isago jaaka go rulagantswe mo Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba.

3.4. Tsamaisotlhomo ya Bosetšhaba ya Tikologo: Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Boleng jwa Mowa wa 2013 – Molaotlhomo ono o baakanya ditlamelo tse di rileng ka fa tlase ga Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Tikologo: Molao wa Boleng jwa Mowa, 2004 o o laolang boleng jwa mowa mo nageng go sireletsa tikologo ka go tlamela ka dikgato tse di amogelesegang tsa thibelo ya kgotlhelego le go senyega ga tlhago fa go ntse go tswelediwa tlhabololo e e tlhokegang ya ikonomi le loago.

3.5. Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Tikologo: Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Matlakala wa 2013 – Molaotlhomo o baakanya Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo: Molao wa Matlakala, 2008 (Molao wa bo 59 wa 2008) yo o laolang tsamaiso ya matlakala go sireletsa boitekanelo le tikologo.

3.6. Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Tikologo: Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Mafelo a a Sireleditsweng wa 2013 – Molaotlhomo o baakanya Molao wa Bosetšhaba wa Tsamaiso ya Tikologo: Molao wa Mafelo a a Sireleditsweng, 2003 (Molao wa bo 57 wa 2003). Dipaakanyo di akaretsa tsamaiso ya Mafelo a a Sireleditsweng a Lewatle mo thulaganyong ya tsamaiso ya Mafelo a mangwe a a Sireleditsweng mmogo le go diragatsa Dikgoeletso tsa Moporesitente tse di farologanyang maikarabelo magareng ga tsamaiso ya botshwaratlhapi le tikologo.

3.7. Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Kgwebo ya Bankaposo ya Aforika Borwa – Maitlhomomagolo a Molao wa Kgwebo ya Bankaposo ya Aforika Borwa, 2010 (Molao wa bo 9 wa 2010) ke go tlhama setheo sa ditšhelete go rotloetsa bontsi go boloka le go beeletsa le go tlhama banka ya boitlhophelo jwa ntlha ya setlhopha se se amogelang lotseno lo lo kwa tlase.

3.8. Kabinete e rebotse Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Inšorense ya Botlhokatiro wa 2012 gore baagi ba tshwaele mo go ona le gore go batlwe maikutlo a Balekane ba Loago ba Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le ya Ditiro. Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa Inšorense ya Botlhokatiro, wa bo 63 wa 2001. Paakanyo eno e samagana le dintlha tsa badiri ba ga jaanong ba ba sa akarediweng mo Molaong le go tokafatsa tuelo ya ditshiamelo tsa babeeletsi ba yona, go atolosa paka ya tuelo ya ditshiamelo tsa babeeletsi ba yona go tloga mo dikgweding di le robedi go ya go dikgweding di le 12 mme e dira tlamelo ya go tlhophiwa ga bajalefa laditshiamelo malebana le ditshiamelo tsa loso.

3.9. Kabinete e rebotse go isiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Ditlhopho wa 2013 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o o Baakantsweng o ikaelela go dira tlamelo ya ditlhopho tse di kgethegileng mo ditlhophong tsa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba, mmogo le go dira tlamelo ya go kwadisiwa ga batlhophi ba e leng gore ba nna kwa ntle ga Rephaboliki go ba kgontsha go nna le seabe mo ditlhophong tse di kgethegileng.

4. Go thapiwa

4.1. Kabinete e dumelana le go thapiwa ga Rre Romeo Adams mo maemong a Motlatsamokaedikakaretso: Ditirelo tsa Ditheo mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.

4.2. Kabinete e dumelana le go thapiwa ga Mme Irene Rofhiwa Singo mo maemong a Motlhankedimogolo wa Ditšhelete mo Lefapheng la Metswedi ya Dimenerale.

4.3. Kabinete e dumelana le go thapiwa ga Mme Kalayvani Pillay mo maemong a Motlatsamokaedikakaretso: Tlhabololo ya Molao mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.

4.4. Kabinete e dumelana le go thapiwa ga Ngaka Bismark Tyobeka mo maemong a Motlhankedimogolo wa Molaodi wa Bosetšhaba wa Nutlilia mo Aforika Borwa.

4.5. Kabinete e dumelana le go thapiwa gape ga Rre Tsietsi Mokhele jaaka Motlhankedimogolo wa Bothati jwa Aforika Borwa jwa Pabalesego ya Lewatle sebaka sa dingwga di le tlhano go tloga ka 1 Moranang 2013.

4.6. Kabinete e dumelana le go thapiwa gape ga ditokololo tse di latelang tse e seng tsa Khuduthamaga mo botong ya Bosetšhaba ya Tlhomamiso ya Aforika Borwa, tse paka ya tsona ya ga jaana mo kantorong e tla khutlang ka la bo 30 Ngwanaitseele 2013, go dira paka ya bobedi go tloga ka la bo 1 Sedimonthole 2013 go fitlha ka la bo 30 Ngwanaitsele 2018.
• Rre Vernon Roderick Seymour
• Rre Phakamisa Zonke.

4.7. Kabinete e lemogile go thapiwa gape ga ditokololo di le sometharo mo Lekgotleng la Aforika Borwa la Merero ya Sebaka go tloga ka la bo 24 Seetebosigo 2013 go fitlha ka la bo 24 Seetebosigo 2015. Gape Kabinete e lemogile go thapiwa ga dikemedi go tswa kwa Lefapheng la Tshireletso, Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Indaseteri (CSIR) le Lefapha la Dikamano le Tirisaommogo ya Boditšhabatšhaba go tloga ka la bo 24 Seetebosigo 2013 go fitlha ka la bo 24 Seetebosigo 2015.
a. Ngaka Peter Martinez
b. Mme Nomfuneko Majaja
c. Rre Kim Victor Gorringe
d. Ngaka Sandile Bethuel Malinga
e. Mme Pontsho Maruping
f. Mme Andiswa Mlisa
g. Ngaka Valanathan Munsami
h. Rre Tenza Themba
i. Rre Ron Olivier
j. Rre Linden Petzer
k. Rre Hendrik Rheeder
l. Moatefokate Phetole Patrick Sekhule
m. Ngaka Jo-Ansie Karina van Wyk
n. Tlhopho go tswa kwa Lefapheng la Tshireletso
o. Tlhopho go tswa kwa CSIR
p. Tlhopho go tswa kwa Lefapheng la Dikamano le Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba.

4.8. Kabinete e lemogile go thapiwa ga Rre Kutoane Obed Kutoane jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Setlamo sa Inšorense ya Molato wa Thomelontle sa Aforika Borwa sebaka sa dingwaga di le tharo go tloga ka la bo 1 Phatwe 2013 go fitlha ka la bo 31 Phukwi 2016.

4.9. Kabinete e lemogile go thapiwa gape ga Moporofesara Linda De Vries jaaka Modulasetilo yo o e seng wa Khuduthamaga wa Boto ya Bosetšhaba ya Metshamekwane ya Itekolesego mo pakeng ya bobedi mo kantorong go tloga ka la bo 1 Sedimonthole 2013 go fitlha ka la bo 30 Ngwanaitseele 2018.

4.10. Kabinete e lemogile go thapiwa ga Rre Ndwakhulu Samuel Mukhufhi jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Bosetšhaba sa Tekanyetso sa Aforika Borwa sebaka sa dingwaga di le tlhano go tloga ka la bo 1 Phatwe 2013 go fitlha ka la bo 31 Phukwi 2018.

4.11. Kabinete e lemogile go thapiwa ga Mme Agnes Tsele-Maseloanyane jaaka tokololo ya nako e e tletseng ya Lekgotla ya Lekgotla la Ditlamo sebaka sa dingwaga di le tlhano go tloga ka la bo 1 Phukwi 2013 go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo 2018.

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore