Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la 20 Ngwanaitseele 2013

21 Nov 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e amogela palo e e kwa godimo ya batlhophi ba ba matshwanedi ba ba tsibogetseng pitso ya go ikwadisa ka nako ya paka ya ikwadiso ya ntlha ya la bo 9 le la bo 10 Ngwanaitseele 2013. Batlhophi ba ba matshwanedi ba ba sa ntseng ba ise ba ikwadise ba gakololwa gore paka ya ikwadiso e a tswelela go fitlhela ka nako ya kitsiso ya letlha la ditlhopho tse di latelang tsa bosetšhaba.

Kabinete e tlotlomatsa tiro ya Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho, mme e lopa maAforika Borwa otlhe go diragatsa tshwanelo ya bona ya temokerasi ya go tlhopha, e e nnileng teng ka ntlha ya kgaratlho ya rona ya go bona kgololesego le temokerasi.

1.2. Letsholo la Malatsi a le 16 le le Ganetsang Tirisodikgoka Kgatlhanong le Basadi le Bana le tla tshwarwa go tloga ka la 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la 10 Sedimonthole 2013 mo tlase ga setlhogo: VIKELA MZANSI – Kwanele: Kopano ya baagi mo thibelong ya tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana.”

Kabinete e kopa maAforika Borwa otlhe go dirisa paka e go ntšhwafatsa maitlamo a rona, go khutlisa maitsholo a a setlhogo le a a digang seriti a a tlhagisiwang ke bangwe mo setšhabeng sa rona le go thusa naga ya rona go itlama gape mo ditshwanelong tse di ka se amogweng ke ope tsa basadi le bana.

1.3. Motlatsamoporesitente Kgalema Motlanthe o tla etelela pele segopotso sa Letsatsi la Lefatshe la AIDS kwa Mkhondo, mo Sedikeng sa Gert Sibande, kwa Mpumalanga, ka la 1 Sedimonthole 2013 mo tlase ga setlhogo: “Tlhalefa. Dira teko. Rupisiwa.”

Go tla dirisiwa tšhono e go lekanyetsa seemo sa setšhaba mo maitekong a puso a go lwantsha leroborobo, go oketsa temoso, le go tiisa maiteko a go oketsa ditsereganyo tsa go fokotsa leroborobo. Se se tsamaisana le Lenaane la Togamaano ya Bosetšhaba la HIV le AIDS la 2012-2016.

Letsatsi la Lefatshe la AIDS gape le tla dirisiwa go tsosolosa letsholo la Diteko le Dithobo Maikutlo tsa HIV (HCT) le go thankgolola letsholo la Thupiso ya Banna ya Kalafi.

Kabinete e kopa maAforika Borwa otlhe go tsena mo thobalanong e e babalesegileng; go dira teko ya HIV bonnye gangwe ka ngwaga gore ba kgone go tsaya ditshweetso tse di nang le tshedimosetso e e tseneletseng ka ga mekgwatiriso ya thibelo, kalafi, tlhokomelo le tshegetso; le gore banna le basimane ba amogele le go dumela ditirelo tsa thupiso ya banna tsa kalafi.
MaAforika Borwa a tshwanetse go diragatsa seabe sa bona le go tsenyeletsa togamaano ya ABC (Go itima thobalano, go nna boikanyego, go dirisa khondomo) jaaka mokgwatshelo.

1.4. Kabinete e gatisitse ntlha ya netefatso ya kobamelo ya ditlolomolao tsa pharakano jaaka karolo ya Letsholo la Setlha sa Keresemose – Goroga o tshela – mo tlase ga setlhogo se se reng ‘Mmogo re ka Boloka Matshelo a le Dimilione,’ mme e kopa badirisi botlhe ba tsela go nna le maitsholo a a supang maikarabelo a gore ba tlhaloganye gore serori fa se thulana le se sengwe se senya matshelo.

1.5. Kabinete e tlotlomatsa tswelelopele e e dirilweng ka mokgwatiro wa mekgatlho-mentsi o o amogetsweng fa go ne go tsibogelwa tsereganyo ya Moporesitente ka Motsheganong 2013 kwa Eldorado Park, go samagana le bothata jwa diritibatsi le tirisodikgoka ya digongwana tsa bosenyi le dikgwetlho tsa loago le ikonomi tse di amanang le tsona.

Se se dirile gore go tshwarwe batho ba le 1 431, mme ba le 1 098 ba bona ba sa letetse tsheko; ba le 1 095 ba bone topololo, ba le bararo ba santse ba le mo tisong ya sepodisa mme ba le 289 ba bonwe molato wa ditatofatso tsa bosenyi.

Kabinete e ikuela go baagi go efoga mokgwatiriso wa go otlhaela ba bangwe bosenyi kgotsa go batla bosiamisi ntle le tiriso ya tsamaiso ya semolao, gonne se ga se mo molaong e bile se na le seabe mo maitsholong a bosenyi. Kabinete e rotloetsa baagi go dirisana le mapodisi go ntsha batho ba ba rekisang diritibatsi le bagwebi ba ba oketsang kgakalo ya ditiro tsa bosenyi.

1.6. Kabinete e lebisitse matshediso go balelapa le ditsala tsa ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya lefelo la kago le le gosomaneng kwa Tongaat, KwaZulu-Natal; mme e eleletsa ba ba gobetseng nonofo mo pholong ya bona.
Kabinete e totomaditse ntlha ya gore go na le melao ya badiri e e sireletsang ditshwanelo tsa badiri mme e kgadile ba ba rweleng maikarabelo a matlhotlhapelo ano. Kabinete e gateletse gore morero o o latedisiwe ka tsela e e manontlhotlho.

1.7. Kabinete e amogetse go bulwa ga Tikatikwe ya Kgakologelo ya ga Nelson Mandela. Tikatikwe e tsentse mengwe ya metswedi ya botlhokwa thata ya ngwao boswa e e tlhalosang ka tatelano ditiragalo tsa botshelo le dinako tsa botshelo jwa ga Rre Nelson Rolihlahla Mandela.

Metswedi e ke karolo ya botlhokwa ya ngwaoboswa ya setšhaba sa rona, segolobogolo ngwaoboswa ya kgololesego. Ke letlotlo la setšhaba sa rona mme le tlhoka go somarelwa sentle.

Puso e tla tswelela go tlotla Nelson Mandela le setlhopha sa gagwe sa baeteledipele ka seabe se segolo se ba nnileng le sone mo kgololesegong ya rona.

1.8. Kabinete e rolela hutshe thankgololo e e tsweletseng ya lenaane la mafaratlhatlha a setšhaba la ditirilione tse dintsintsi tsa diranta le le dirwang ke Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Mafaratlhatlha (PICC) e e eteletsweng pele ke Moporesitente Jacob Zuma.

Pulo ya Letamo la Spring Grove ke Moporesitente e diretswe go nna le seabe mo go atolosetseng thebolo ya metsi kwa bommasepaleng ba le barataro, e bong Mmasepala o mogolo wa eThekwini, Mmasepala wa sedika wa uMgungundlovu, Mmasepala wa selegae wa Msunduzi, Mmasepala wa selegae wa Ugu, le Bommasepala ba selegae ba Sisonke le iLembe.

Puso e beeleditse madi a a fetang bilione o le mongwe wa diranta mo porojekeng eno, e gape e akanyeditsweng go tlhola ditiro. Ka nako ya kago ya letamo go ne ga thapiwa palogotlhe ya batho ba le 960.

1.9. Moporesitente Jacob Zuma o tla etela Mmasepala wa King Sabatha Dalindyebo, Porofense ya Kapa Botlhaba, ka la bo 22 Ngwanaitseele 2013 jaaka karolo ya Lenaane la Moporesitente la Tekolo la Siyahlola.

Se se tla akaretsa leeto la go ya kwa Mthatha go tlhatlhoba ditokafatso tsa boemelafofane le diporojeke tse dingwe tsa moporesitente tsa mafaratlhatlha mo lefelong leo. Mthatha e ne ya itsisiwe semmuso jaaka Lefelo la Tsereganyo ya Moporesitente ya Ditlamorago tse dikgolo tsa Potlako ka 2009 mme ditsereganyo di ikaelela go rarabolola dikgwetlho tsa tshalelomorago le tsa thebolelo ya ditirelo, go tsosolosa Mthatha ka botlalo.

Moporesitente o tla tlhatlhoba gape pele tswelelo e e dirilweng mo diporojekeng tsa mafaratlhatlha a puso malebana le tlamelo ya metsi, motlakase le ditsela mo lefelong leo.

Go tshubiwa ga seteišene se se potlana sa motlakase kwa Thornhill ke Moporesitente Jacob Zuma go tla tlamela bokgoni jo bontsi jwa go rarabolola tshalelomorago ya matlo a ka nna 25 000.

1.10. Moporesitente Jacob Zuma o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya kwa Accra, Ghana, go simolola ka la bo 26 go fitlha ka la bo 27 Ngwanaitseele 2013. Leeto le tla tiisa kamano ya rona e e maatla e e leng teng ya tumelano le Ghana le go tsweletsa kgwebisano mo kontinenteng.
1.11. Moporesitente Jacob Zuma o ne a rulaganyeditswe go nna modulasetilo mo Khomišeneng ya Dinagapedi ya Aforika Borwa le Botswana (BNC) ka la bo 21 Ngwanaitseele 2013. Se se tla oketsa dikamano tsa tumelano le tirisano fa gare ga dinaga tse pedi tsa boagisani. BNC e ya ngwaga le ngwaga mo maemong a Baporesitente e tlhomilwe mo ngwageng o o fetileng go oketsa seemo sa Khomišene ya Leruri ya Kopanelo ya Tirisano mo ntlheng ya Phemelo le Tshireletso.

1.12. Kabinete e amogela go tlhophiwa gwa Aforika Borwa mo Khanseleng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Ditšhabakopano (ka la bo 12 Ngwanaitseele 2013). Paka ya rona e simolola ka la bo 1 Ferikgong 2014 mme e baka kwelano le keteko ya naga ya Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego. Se se tlhomamisa sešwa maitlamo a rona mo phitlhelelong ya ditshwanelo tsa botho tsa baagi botlhe ba rona, baagi ba kontinente ya Aforika le baagi ba lefatshe.

1.13. Kabinete ke karolo ya baagi ba boditšhabatšhaba ba ba tlhagisang go itumelela go tswa kwa botennyeng jwa pelo Mekgatlho e e seng ya Puso e e nnileng le seabe mo namolong ya thuso ya potlako ya ba ba amilweng ke Setsuatsue sa Haiyan kwa Philippines.

Go nneng teng gwa Botho go tla nna le seabe mo go nolofatseng matlhotlhapelo a batho ba kwa Philippine mo nakong e e thata e.

1.14. Kabinete e amogela kitsiso ya kgato e nngwe gape mo lobakeng lwa Porojeke ya Tokafatso ya Tselafefo ya Gauteng, ka kgethiso ya dikarolo tse di tlhophilweng tsa Ditselakgolo tsa Gauteng e e tla simololang ka la 3 Sedimonthole 2013.

Beng ba dijanaga ba ba iseng ba ikwadisetse tselakgethiso ba rotloediwa go dira jalo, go netefatsa gore ba tshwanela go bona dielo tse di fokoditsweng.

1.15. Kabinete e tlotlomatsa Lefapha la Saense le Thekenoloji le la Thuto le Katiso e Kgolwane mmogo le Yunibesithi ya Thekenoloji ya Pheninsula ya Kapa go dira tiro e e sa lebalesegeng ka thankgololo ya ntlha ya naga ya CubeSat, ka la bo 21 Ngwanaitseele 2013, kwa Russia.

Sathalaete, e e tla tlamelang ka tshedimoso ya boleng ya maemo a bosa a lefaufau, e bontsha bokgoni jwa Aforika Borwa jwa saense ya lefaufau le thekenoloji ya lefaufau.

1.16. Kabinete e amogetse go tlhophiwa ga Tona ya Thuto ya Motheo Angie Motshekga jaaka Modulasetilo wa Khonsothiamo ya Borwa le Botlhaba jwa Aforika ya Tlhokomelo ya Boleng jwa Thuto (SACMEQ) ka nako ya Khonferense ya Kakaretso ya bo 37 ya Mokgatlho wa Dinagakopano wa Thuto, Saense le Setso (UNESCO); se se tshegetsa boitshepo mo tsamaisong ya rona ya thuto le ditheo tsa thuto.

Maikaelelo a SACMEQ ke go dira patlisiso le ditiro tse di lotaneng tsa katiso tse di tla atolosang ditšhono tsa barulaganyi ba tsa thuto le babatlisisi go amogela katiso ya bokgoni jwa setegeneki jo bo tlhokegang go tlhokomela, go tlhatlhoba, le go bapisa maemokakaretso a dikolo le boleng jwa thuto ya motheo.

1.17. Kabinete e bontshitse kgotsofalo go Tona ya Thuto le Katiso e Kgolwane, Blade Nzimande ka go etelela pele kopano ya Ditona tsa Thuto tsa BRICS e e tsereng ditshweetso tse dintšhwa. Kopano e rulagantswe mo dinakong tse di gaufi le go khutla ga Paka ya bo 37 ya Khonferense ya Kakaretso ya UNESCO. Dintlhaphisego tse go buisanweng ka tsona di ne di akaretsa: go maatlafatsa tirisano fa gare ga diyunibesithi tsa BRICS, ditirisano le dikananyo tsa kitso.

Ditona di dumelane ka ga tlhokego ya go tlhoma mokgwatsamaiso mo maemong a a kwa godimodimo a sepolotiki le a setegeneki go gokaganya le go tsenya tirisong dikarolo tse di supilweng tsa tirisano tse di tla gokaganngwang le Aforika Borwa jaaka Modulasetilo wa ga jaanong wa BRICS. Go nnile gape le tumelano fa gare ga dinaga tsotlhe tse tlhano tse e leng maloko ka ga botlhokwa jwa go oketsa tirisano fa gare ga BRICS le UNESCO mo thutong.

1.18. Kabinete e nopotse pegelo ya naga ya Aforika Borwa go ya kwa UNESCO ya gore bagolo ba le dimilione di le 3,3 ba maAforika Borwa ba alogile mo Letsholong la Bontsi la Go itse go kwala le go Buisa la Kha Ri Gude. Se se dira gore Aforika Borwa e nne gaufi le go fitlhelela maitlamo a yona a Dinaga tse di Kopaneng: Thuto ya Botlhe, a go fokotsa ka halofo seelo sa go tlhoka ga naga bokgoni jwa go itse go kwala le go buisa ka 2015. Letsholo le thankgolotswe ka Tlhakole 2008, ka maikaelelo a go thusa bagolo ba le dimilione di le 4,7 millione ba ba nang le dingwaga tse di fetang di le 15 go itse go kwala le go buisa le go bala ka tiriso e nngwe ya dipuo di le 11 tsa semmuso.

1.19. Kabinete e akgola bafenyi ba Dikabo tsa Ntlha tsa Bosetšhaba tsa Tiro e e Tswileng Diatla ya Batho Pele tse tiro ya tsona e leng go gagamatsa boporofešenale, go lemoga, go neela kabo, go amogela le go rotloetsa tiro e e tswileng diatla mo Tirelong ya Setšhaba le go netefatsa gore e fitlhelela kwa setlhoeng.

1.20. Kabinete e tlotlomaditse tiragatso ya maemo a a kwa godimo ya sešweng ka Bafana Bafana, di-Protea le di-Springbok mme gape e ne ya akgola Itumeleng Khune, yo o kailweng jaaka Naledi ya Metshameko ya Aforika Borwa ya ngwaga wa 2013. Mo kgatisong ya ntlha ya gore re setšhaba se se fenyang, Kabinete e supile kitso ya gore Aforika Borwa e tsogile ka mowa wa boitumelo mo mosong wa Laboraro morago ga phenyo ya Bafana Bafana ya 1-0 go Spain. Kabinete e kopa maAforika Borwa otlhe go tsaya karolo ya bona mo tshegetsong ya ditlhopha tsa rona tsa bosetšhaba.

1.21. Kabinete e tlhaloseditswe ke Karolwana ya Thibelo le Tshireletso ya Bosenyi le Bosiamisi (JCPS) ka ga pegelo ya Mosireletsasetšhaba ka ga mekgwatiriso ya tshireletso kwa legaeng la ga Moporesitente Jacob Zuma kwa Nkandla. Kabinete e tlhaloseditswe gore go samagana ga ga Mosireletsasetšhaba mo morerong o go ikaegile ka tshireletsego ya Moporesitente. Kabinete e itsisitswe gape gore tiro ya setlhopha sa puso sa borongwa mo tlhabololong ya tshireletso ya kwa Nkandla e ne ya romelwa kwa Komiting ya Leruri ya Kopanelwa e e ka ga tsa Matlhale gore ga go na bopaki jwa gore Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba le dueletse kago ya matlo a ga Moporesitente. Ditona go tswa mo Karolwaneng ya JCPS di laleditswe go tla mo kopanong e ya Kabinete mme ba teng go ka araba dipotso ka ga morero ono.

2. Dipuisano le ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e rebotse Lokwalotemoso lwa lefapha la puso le le ka ga Thuto le Katiso ya Morago ga Sekolo: “Go aga Thulaganyo e e Atologileng, e e Nonofileng le e e Lotaneng ya Thuto le Katiso ya Morago ga Sekolo”.

Lokwalotemoso lwa lefapha la puso le tlhalosa ditogamaano tsa go atolosa tlamelo ya ga jaanong ya thuto le katiso mo Aforika Borwa. Le ikaelela go tokafatsa boleng, go tsenyeletsa dintlha tse di farologaneng tsa tsamaiso ya morago ga sekolo, le go dira mekgwa e ka yona bathapi ba ditheo ka bobedi tsa poraefete le tsa setšhaba di ka nnang le seabe sa botlhokwa mo go tlholeng ditiro tsa badiri ba ba nang le bokgoni jo bo maleba.

Lokwalotemoso le le gatisa ntlha ya kgolo ya kakaretso le go tlholwa ga ditiro e leng leng se se botlhokwa mo Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Lefapha la Thuto le Katiso e Kgolwane le tla neela tlhaloso go ya pele.

2.2. Kabinete e tlotlomaditswe ka pegelo ya Komiti ya Ditona ka ga Tshekatsheko-sešwa ya Kabelo ka matlole ya Diyunibesithi mme e rebotse gore pegelo e gololwe gore diyunibesithi di dire ditshwaelo tsa botlhe.

Tlamelo ya diyunibesithi ka matlole ga e farologane le dikgwetlho tse dikgolwane tse naga e lebaganeng le tsona, mme e akaretsa go rarabolola maemo a a sa iketlang a ditheo tse di ganeditsweng go bona ditlhokego dingwe tsa botlhokwa fa e netefatsa gore diphetogo tse di dirilweng mo dikabong tsa didiriswa ga di kganele bokgoni jwa ditheo tse di ganeditsweng go bona ditlhokego dingwe tsa botlhokwa go itsege le go nna le tšhono ya go gaisana le tse dingwe mo maemong a boditšhabatšhaba.

2.3. Kabinete e rebola Togamaano ya ikonomi ya go ntshiwa ga dikuno tse di ka ntšhwafadiwang ya Aforika Borwa.

Togamaano ya ikonomi ya go ntshiwa ga dikuno tse di ka ntšhwafadiwang ke togamaano e e ikaegileng ka saense go baya ntšhwafatso jaaka lephata la botlhokwa mo mafapheng a a farologaneng a puso. E dira gape gore go nne le kamano e e tiileng le madirelo go netefatsa gore thekenoloji ya dikuno tse di ka ntšhwafadiwang le ntšhwafatso ya tsona e mo mmarakeng o o maleba le gore di tla bona tiriso e e bonolo mo Aforika Borwa.

Togamaano ya ikonomi ya dikuno tse di ka ntšhwafadiwang e tlamela enjene ya ikonomi ya ikonomi e ntšhwa e fa nako e ntse e tsamaya e tla tlamelang motheo wa kgolo ya isago.

2.4. Kabinete e rebotse Tshitshinyo ya Maemo a a Kwa Godimo ya Kgato 3 (2014-2019) ya Lenaane le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba (EPWP) gore e tsenngwe tirisong. Setotwa sotlhe sa ditšhono tse di dimilione tse 7.5 tsa tiro mo pakeng ya dingwaga di le tlhano (2014/15 – 2018/19) se ikaegile ka setotwa sa Mananeo a Go thapiwa ga Baagi se se tlhalositsweng mo NDP.

Kabinete e rebotse go tlhongwa ga Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Go Tlholwa ga Ditiro tsa Baagi go gokaganya le go bega ka mananeo a go tlholwa ga ditiro tsa baagi. Se se tla tsamaisiwa go ya ka Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Mafaratlhatlha.

EPWP e ikaelela go oketsa kabelo ya yona mo go samaganeng le dikgwetlho tse tharo tsa bohuma, botlhokatiro le go sa lekalekane. Kwelotlase ya ga jaana ya ikonomi e nnile le ditlamorago tse di sa siamang mo botlhokatirong jwa mo nageng ya rona mme e okeditse botlhokwa jwa EPWP jaaka itshimololelo e kgolo ya puso ya go nna le seabe mo tlhabololong le phokotso ya botlhokatiro.

2.5. Kabinete e rebotse go tsenngwa mo lenaneong ga Sediriswa sa Paakanyo ya Molaotheo wa Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri, 1986, kwa Palamenteng gore se tlhomamisiwe.

Maikaelelomagolo a Paakanyo e e tshitshintsweng ke go dira maloko a Lekgotlataolo la Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri go nna le kemedi e ntsi ka go tlamela mokgwa wa go thapa o o tsayang tsia dintlha tsa dikgatlhegelo tse di farologaneng tsa bonno, ikonomi le loago tsa ditlhopha tsa maloko a ona.

Malebana le go tsweletsa lenanetema la Aforika le gore fa Paakanyo ya Molaotheo wa 1986 e ka tsena tirisong, Aforika Borwa o na le tšhono ya go iponela mosola wa go tlhophiwa go nna mo maemong a leruri, malebana le dipharologantsho tse di kgethegileng jaaka di tlhalositswe mo teng ga sediriwa.

2.6. Kabinete e supile kitso ya kamogelo ya Dikatlanegiso ka ga Maemo a Ntlha a Tshireletso ya Loago ka Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri mme e rebotse go tsenngwa Katlanegiso mo lenaneong kwa Palamenteng gore e tlhomamisiwe.

Mokgwa wa Maemo a Ntlha a Tshireletso ya Loago ke sete e e lotaneng ya dipholisi tsa loago tse di diretsweng go tlhomamisa tshireletso ya ikonomi le phitlhelelo ya ditirelo tsa botlhokwa tsa loago ke botlhe, ka tsepamiso e e tobaneng le ditlhopha tse di mo kotsing ya go gatelelwa le go sireletsa le go maatlafatsa batho mo dikgatong tsotlhe tsa botshelo.

2.7. Kabinete e rebotse gore Aforika Borwa e tshware Khonferense ya Bone ya Kgaisano ya Boditšhabatšhaba ya BRICS ka 2015.

Khonferense e tlamela foramo tšhono ya kananyo ya dintlhatebo gareng ga mekgatlho ya kgaisanelo le bagakolodi ba e seng ba puso ba ba tswang kwa dinageng tsa BRICS. Se se tiisa dikgolagano tsa setheo tse di dirang gore go nne le tirisano e e botoka ya boditšhabatšhaba fa gare ga maloko a. E direga mo dingwageng dingwe le dingwe tse pedi mme e tshwarwa ke Bothati jwa Kgaisano jwa dinaga tse e leng maloko a BRICS.

2.8. Kabinete e rebotse go tsenngwa mo lenaneong ga Pholisi e e ka ga Tlhomo ya Badiredi ba Botšhoni ka Molaodi wa Kgotlatshekelokgolo mo Palamenteng le kgatiso mo Kaseteng ya Puso.

Tsepamiso ya Pholisi ke go tsweletsa tlhomamo, tekano, go se nne le bofitlha le phitlhelelo ya tekatekano ya batho ba ba neng ba kgetholotswe mo nakong e e fetileng ka kgethololo e e sa lekaneng.

Balaodi ba Kgotlatshekelokgolo mo dikantorong tse di farologaneng tsa Balaodi mo nakong e e fetileng ba ne ba na le boikemelanosi jwa go tsaya ditshweetso malebana le tlhaloso ya bona ya molao ka ga mokgwatiriso le tsamaiso e e tshwanetseng go latelwa mo dikantorong tsa bona.

2.9. Kabinete e rebotse go dirwa semmuso ga letlha la 3 Ngwanaitseele go fitlha ka la 3 Sedimonthole jaaka Kgwedi ya Temoso ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole mme e kaile semmuso la 3 Sedimonthole jaaka Letsatsi la Bosetšhaba la Batho ba ba nang le Bogole.

Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temoso ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le bogole, e e fitlhileng kwa setlhoeng mo Letsatsing la bosetšhaba la Batho ba ba nang le Bogole, e tlamela naga ka paka e e tsepamisitseng maikutlo mo go bontsheng le go ketekeng tswelelopele e e dirilweng ka go tlamela batho ba ba nang le bogole ka phitlhelelo e e lekanang ya thuto, tiro e e tlotlegang, pholo, tlhabololo ya metsemagae le tikologo e e babalesegileng e bile e sireletsegile, gareng ga tse dingwe.

2.10. Kabinete e rebotse meakanyetso ya ledi ya Setlamo sa Minte wa Aforika Borwa ya ledi la 2013 la madi a segopotso le ledi le le dirisiwang mo ikonoming la R2.
a) Ledi le le dirisiwang la R2: “Ketekomoletlo wa Dingwaga di le 100 tsa Union Buildings”
b) Ledi la Segopotso la Korone ya Selefera la R2: “Ketekomoletlo wa Dingwaga di le 100 tsa Union Buildings”
c) Sete ya Ledi la 2013 la Protea: “botshelo jwa Mogaka: NR Mandela” (Mo bongwaneng)

2.11. Kabinete gape e rebotse meakanyetso ya 2014 ya ledi la segopotso sa madi a a dirisiwang mo ikonoming:
a) Sete ya Ledi la Protea: “botshelo jwa Mogaka: NR Mandela” (thuto)
b) Sete ya Ledi la Tlhago: “Batsomi ba ba tsomang bosigo”
c) Sete ya Ledi la Gauta la R1: “Ditulafatsi tsa Aforika Borwa”
d) Sete ya Ledi la Gauta la R2: “Go bonwa ga Gauta mo Aforika Borwa”
e) Sete ya Ledi la Korone ya Selefera la Tickey: “Diterena tsa Aforika Botwa”
f) Sete ya Ledi la Selefera la Seteling: “Mafelo a a Sireleditsweng a Lewatle a Aforika Borwa”
g) Ledi la Gauta la Segopotso la R200: “Dingwaga di le 20 tsa Temokerasi”
h) Ledi la Korone la Selefera la R2 la Segopotso la Seteling: “Dingwaga di le 20 tsa Temokerasi”
i) Ledi la R5 le le dirisiwang: “Dingwaga di le 20 tsa Temokerasi”

Meakanyetso ya ledi mmogo le Dikgoeletso tsa yona di tla gatisiwa mo Kaseteng ya Puso. Moragonyana madi a tla dirwa le go rekisiwa ka mekgwa e e tlwaelegileng ya gale.

3. Go thapiwa

3.1. Kabinete e rebotse go tlhapiwa ga Mme Gugulethu Brightness Nokukhanya Khoza jaaka Mokaedi wa Bothati jwa Aforika Borwa jwa Diphofo tsa Baagi.

3.2. Kabinete e rebotse go tlhapiwa ga batho ba ba latelang mo Botong ya Koporasi ya Dipeeletso tsa Setšhaba (PIC):
a) Rre Roshan Morar (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
b) Rre Sebenzile Patrick Mngconkola (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
c) Mme Dudu Hlatshwayo
d) Mme Sibusisiwe Nkosinomusa Ngubane
e) Rre Trueman Tandabantu Goba

3.3. Kabinete e etse tlhoko go thapiwa ga batho ba ba latelang mo Botong ya Koporasi ya Aforika Borwa ya Inšorense ya Dikoloto ya Diromelwantle:
a) Rre Motshoanedi Johannes Lesejane (Modulasetilo e bile o thapiwa lekgetlo la bobedi)
b) Mme Vuyelwa Viola Matsiliza (Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga)
c) Mme Fagmeedah Petersen (Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga)
d) Mme Siobhain O’Mahony (Mokaedi yo e seng wa Khuduthamaga)

Dipotso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Issued by: Government Communications

Share this page

Similar categories to explore