Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 21 Diphalane 2015

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

1.1. Kabinete e tshegetsa dikgato tsa boitshimololedi tse di tlhagisitsweng ke Tona ya Lefapha la Matlotlo Nhlanhla Nene mo Puong ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Pakagare. Dikgato tseno tsa boitshimololedi di tla eletsa ikonomi mo nakong e e masisi ya kgolo e e iketlileng ya ikonomi ya lefatshe.

Aforika Borwa e gatetse pele mo diphetogong tsa loago le tsa ikonomi le mo go baakanyeng dikgoreletsi tsa kgolo ya ikonomi. Tona Nene o tlhagisitse letlhomeso la naga la tiriso ya madi mo dingwageng di le tharo tse di tlang.

Letlhomeso leno la tiriso ya madi le tla netefatsa fa puso e tla tsetsepela mo tseleng ya yona mo go tsenyeng tirisong manaane a yona jaaka go tlhagisitswe mo Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba. Ditlapele tse di botlhokwa di tswelela go nna botlhokwa thata mo maanong a pakagare a letlhomeso la tiriso ya madi.

Kabinete gape e tshegetsa le dikgato tsa puso tsa tshomarelo ya madi tse di tla netefatsang fa ditlapele tsa puso di sa kgoreletswe ka tsela epe.

Kabinete e amogetse dipoelo tsa loeto lo lo mabapi le tiro lwa ga Moporesitente Jacob Zuma kwa Democratic Republic of Congo (DRC) go simolola ka la bo 16 go fitlha ka la bo 17 Diphalane 2015. Mo ngwagasomeng yo o tlang Khomišene ya Dinagapedi e tla gagamatsa go tsenngwa tirisong ga diporojeke tse di tlhakanetsweng tse di ka ga ikonomi, bogolosegolo Porojeke ya Motlakase o o Fetlhiwang ka Metsi ya Grand Inga.

1.2. Kabinete e amogetse kwetso e e atlegileng ya loeto lo lo mabapi le tiro lwa ga Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa kwa Stockholm, Sweden go simolola ka la bo 18 go fitlha ka la bo 20 Diphalane 2015, moo a neng a le modulasetiolo le ba bangwe mo Khomišeneng ya Dinagapedi, eo e dirileng gore go thankgololwe komiti ya tikologo, motlakase le metsi ya dinaga tsa kwa tlase kwa borwa.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e atlenegisitse boikano jwa dinaga tsa G20 jwa Maitsholo a Maemo a a kwa Godimo mo go nneng Beng ba Bojalefa jwa go Tlhoka Diphitlhela mo Tirong ya Bona. Maitsholo ano a tlhagisa gore ke tokololo efe ya naga e e tla tshwanelwang ke go tsaya dikgato tsa go thibela tiriso e e botlhaswa ya badiredi ba molao le dithulaganyo tsa semolao ka ga bolaodi.

Kabinete gape e atlenegisitse go tlhomiwa ga Komiti ya Tirisano le Mafapha e e tla tlhomamisang fa Lenaanetiro la Naga le tsenngwa tirisong le go bega ka ga lona.

Maitsholo a maemo a a kwa godimo a tla tokafatsa go tlhoka diphitlhela ga badiredi ba tsa molao mme dithulaganyo di botlhokwa mo go sireletseng seriti le botlhokaphitlhela mo thulaganyong ya lefatshe ya tsa matlole.

Go thibela tiriso e e botlhaswa ya ditheo tseno mabapi le maitlhomo a a bodileng a a jaaka a bonweenwee, go se duele lekgetho le tirisobotlhaswa ya madi go tshegetsa maitlhomo a G20 a go oketsa kgolo ya ikonomi ka go beeletsa mo makaleng a poraefete.

2.2. Kabinete e atlenegisitse gore Aforika Borwa e tsee karolo mo go nneng Monnasetilo wa Pulo ya Tirisanommogo le Puso (OGP) mo Komiting ya Bolaodi ka 2015-16. Kabinete gape e atlenegisitse Leanotirotlhomo la Boraro la Bosetšhaba la Aforika Borwa la OGP.

OGP ke letsholo la lefatshe ka bophara le le akaretsang dipuso tse di eteletseng pele le mekgatlho ya baagi mme go direlwa go ka atolosa botlhokadiphitlhela le go nneng le maikarabelo mo pusong – ka maitlhomo a go ka atolosa boikarabelo jwa puso mo baaging, go tobatobana le bonweenwee, go rotloetsa ditšhono tsa ikonomi, go kgoboketsa boitshimololedi, le go tokafatsa kabo ya ditirelo. Fa e sale go simololwa ka OGP, Aforika Borwa e sale e tswela go tokololo e e matlhagatlhaga ya Komiti ya Bolaodi, e leng mokgatlho o o kwa godimo o o tsayang ditshwetswo.

2.3. Kabinete e atlenegisitse gore Tumelano ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Maikarabelo mo Baaging mo Tshenyong e e Tlhodileng ke Tshilafatso ya Bodutelo jwa Oli, 2006 gore e romelwe kwa Palamenteng go amogelwa semolao.

Tumelano ya Bodutelo jwa Oli e netefatsa gore batsayakarolo botlhe ba a unngwelwa mo paakanyong ya ditshenyegelo tse di diregileng ka ntlha ya kotsi mo mabopong a lewatle. Tumelano eno e tla ama fela dikotsi tsa dikepe tse di rwalang oli tse di sa amegeng mo ditumelanong dipe tsa boditšhabatšhaba.

Aforika Borwa ga e kitla e jara maikarabelo a tatlhegelo mo go tsa ikonomi kgotsa mo ditshenyegelong tsa phepafatso tse di tla bong di bakilwe ke tshololo ya oli mo dikarolong tsa yone tsa fa nageng le tsa mo metsing a ikonomi e e ikgethileng fela maikarabelo ao a tla rwalwa ke inšorentshe ya mong wa sekepe seo.

Tumelano eno gape e netefatsa gore tuelelo e e matshwanedi, ya ka bonako e bile e le mosola e duelelwa batho ba ba itemogetseng matshwenyego a a tlhodilweng ke tshologo ya oli fa e rwelwe jaaka leokwane mo dikepeng.

2.4. Kabinete e atlenegisitse mebetlo ya madi a tshipi a Setlamo sa Mint sa Aforika Borwa tebang le go tlotla le go ntshiwa ga madi a tshipi mo ngwageng wa 2015 le 2016. Moano o supa ngwaoboswa ya naga ya Aforika Borwa (mo nakong e e fetileng le mo nakong ya jaanong),diphologolo le malomo a yona mmogo le diphitlhelelo tsa yona tsa leago mme gape di tsamaisana le dikgato tsa lefatshe ka bophara tsa go tlhagisiwa ga adi a tshipi.

a) Madi a Tshipi a a Supang Tlotlo - ya Dingwaga di le 200 tsa Segopotso Madi a Tshipi a Teropo ya Griqua
b) Madi a Tshipi a 2015 a go Keteka Aforika Borwa – Nonyane ya Kokolofute
c) Madi a Tshipi a 2016 a Lelomo la Naga – Botshelo jwa Mogale: NR Mandela
d) Madi a Tshipi a 2016 a tsa Tlhago – Diphologolo tsa go Tsoma Bosigo (Ka Mebala ya Lekanyane)
e) Madi a Tshipi a 2016 a Digagabi tsa Aforika Borwa (Leobu le le Khutshwane la kwa Kapa)
f) Madi a Tshipi a 2016 a Tlhago le Lefaufau tse Dikgolo (Tlhago le Lefaufau tsa kwa Lebopong la kwa Kapa Bophirima)
g) Madi a Tshipi a 2016 – Mafelo a a Sireleditsweng a kwa Mawatleng a Aforika Borwa.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e atlenegisitse Molaotlhomo wa Peelothoko e e Ikgethileng ya Banka ya Ditlhabololo tse Dintšhwa go itsesiwe kwa Palamenteng. One o tla kgontsha Aforika Borwa go duelela Banka ya Ditlhabololo tse Dintšhwa e e eteletsweng pele ke BRICS karolotuelelo ya R2 bilione mo ngwageng wa matlole wa 2015/16.

Banka ya Ditlhabololo tse Dintšhwa ke banka ya ditlhabololo tsa dinagantsi mme e laolwa ke dinaga tsa BRICS (e leng Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa) mo go rotloetseng tirisanommogo e kgolo mo tlhabololong ya tsa matlole magareng ga dimmaraka tseno di le tlhano tse di supologang.

3.2. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Ditirelo tsa Laboratori ya Boitekanelo wa Bosetšhaba, wa 2015 ka fa gare ga Lekwalodikgang la Semolao la Puso, gore baagi ba dire ditshwaelo. Dipaakanyo tseno di thatafatsa mekgwataolo ya bobusi le ya tlamelo ya matlole ya mo Ditirelong tsa Laboratori ya Boitekanelo ya Bosetšhaba mo go tokafatseng phitlhelelo ya tlhokomelo ya boitekanelo.

Molaotlhomo gape o netefatsa fa maikarabelo magolo a Dilaboratori tsa Boitekanelo tsa Bosetšhaba e nna go aba ditirelo tsa laboratori ya boitekanelo mabapi le netefaletso ya bolwetse mo baaging.

3.3. Kabinete e atlenegisitse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo wa Matlotlo wa 2015 kwa Palamenteng.

Molaotlhomo ono o neela tetla puso ya bosetšhaba mo ditshenyegelong tseo e sa letlelelwang mo go tsone go nna taelo e e tobaneng le Letlole la Lekgetho la Bosetšhaba. O latela karolo ya bo 34 ya Molao wa Botsamaisi jwa Matlole a Puso wa 1999 mme gape o neela tetla ya go diragadiwa ga ditshwaelo tsa Komiti ya Kokoano ya Bosetšhaba e e ka ga Diakhaonto tsa Puso. Molaotlhomo ono o netefatsa fa go nna le botsamaisi jo bo kwa godimo jwa leruri mo mererong ya matlole a puso ya bosetšhaba le gore ditshenyegelo tsotlhe di letleletswe go latela melao ya letlhomeso la tiriso ya madi.

4. Ditiragalo tse di Tlang

4.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla tsenela Samiti ya Foramo ya Aforika-India ya bo 3 magareng ga la bo 26 le la bo 29 Diphalane 2015 kwa New Delhi, India. Samiti eno ya 2015 e atolositswe go ka akaretsa dinaga di le 54 tsa Aforika mme e tla tshegetsa kgwebisano le go samagana le dikgwetlho tsa metlha.

4.2. Moporesitente Jacob Zuma o amogetse Moporesitente wa Mozambique Filipe Nyusi kwa Union Buildings mo Tshwane maabane. Bobedi jwa dinaga tse bo na le botsalano jo bo maatla mo ikonoming jo bo iponagatsang ka ditumelano di le 60 tsa dinagapedi le memorantamo wa go tlhaloganyana o o akaretsang makala a a farologaneng.

4.3. Loeto lo lo mabapi le tiro lo lo tserweng ke Motlatsamoporesitente go leba kwa Havana, Cuba go simolola ka la bo 22 go fitlha ka la bo 26 Diphalane 2015, le tla natlafatsa gape le botsalano jwa sepolotiki le jwa ikonomi magareng ga dinaga ka bobedi.

4.4. Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) o samagane le AMANI AFRICA (Kagiso mo Aforika)Katiso ya Dikgaolo di le II tsa Katiso kwa Tikwatikweng ya Katisetso ya Dintwa ya Sesole sa Aforika Borwa kwa Lohatla kwa Kapa Bokone go simolola ka la bo 19 Diphalane go fitlha ka la bo 7 Ngwanaitseele 2015. Palo e e ka atumelang ditokololo di le 5 400 tsa sesole, sepodisi le baagi ba ba tla bong ba emetse Ditikologo di le tlhano tsa Ikonomi ya Baagi ba AU di tla tsenela dikatiso tseno.
Maitlhomo a seno ke go lekola boipakanyo jwa Sesole se se Letetseng Dikhuduego sa Aforika le Bokgoni jwa go Romelwa Dintweng ka Bonako jwa sone mo go tlholeng kagiso pele ga se ka Simolola go Dira ka Botlalo ka 2015.

4.5. Kabinete e eletsa masego baithuti botlhe bogolosegolo ba materiki ba 2015 mo ditlhatlhobong tsa bone tsa Lekwalonetefaletso le Legolwane la Bosetšhaba (NCS), tse di tla simololang ka la bo 26 Diphalane 2015 mme di tla konosediwa ka la bo 27 Ngwanaitseele 2015. Monongwaga ke baithuti ba le 801 688 ba ba kwadisitseng go kwala ditlhatlhobo mme ba le 674 232 ke ba ba tsenang sekolo sa motshegare fa ba le 127 456 ba sa tsene sa motshegare. seno ke katlego e nngwe gape moo go nang le koketsego mo baithuting ba ba konoseditseng dithuto tsa bone.
Batsadi le batlhokomedi botlhe ba eletswa go rotloetsa bana ba bone mo go ipaakanyetseng ditlhatlhobo.

4.6. Lefapha la Tlhabololo ya Loago le tla keteka Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temoso ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba Golofetseng go simolola ka la bo 3 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 3 Sedimonthole 2015, e leng gape mo go tla ketekiwang gape le Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Batho ba ba Golofetseng. Kgwedi eno e naya puso, mekgatlho ya baagi, ya kgwebo le ya badiri serala sa go ipatla le go ipatlisisa ka ga kgatelopele e e dirilweng mo go rotloetseng le mo go sireletseng ditshwanelo tsa batho ba ba golofetseng. Kabinete e ikuetse mo maAforika Borweng go tswelapele go lwantshana le dikgoreletsi tse di thibelang batho ba ba golofetseng go ka tsaya karolo ka botlalo mo setšhabeng le mo ikonoming.

4.7. Setheo sa Thekenoloji ya Tshedimosetso ya Puso (SITA) monongwaga se tla tshwara Khonferense ya Thekenoloji ya Puso ya bo 10, e e tla tsepamisang mogopolo mo kabong ditirelo tsa lekala la Thekenoloji ya Ditlhaeletsano tsa Tshedimosetso (ICT) la puso. GovTech 2015 e tla tshwarwa ka la bo 25 go fitlha ka la bo 28 Diphalane 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: "Tirisanommogo go ka aba Tlamelo ya Ditirelo", ka sekamoono se se reng 'Go Golaganya Baagi Mabapi le Tlhabololo le Kgolo'.

Gape e tla netefatsa fa go nna le thankgololo ya Dikabo tsa Tlamelo ya Ditirelo tsa Puso tsa ICT. E tshegetsa 'Aforika Borwa Gokaganya', jaaka go tlhagisitswe ke Moporesitente Jacob Zuma mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba ya 2014, ka go tlhagisa dirala tsa go iponela ditharabololo tsa lnnete tse di nang le kgatelopele mo nageng e e santseng e tlhabologa ka go dirisa didirisiwa tsa ICT.

4.8. Kabinete e atlenegisitse go tshwarwa ga National Imbizo Focus Week go simolola ka la bo 30 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 6 Sedimonthole 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: “Mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa”. Paka eno ya ditlhaeletsano tse di tobaneng e tla tlhagisa kgatelopele mo go diragatseng dintlha tsa Leano la Dintlharobongwe la go godisa ikonomi ya Aforika Borwa.

Gape e neela serala sa gore setšhaba se nne le seabe le gore go nne le dipuisano tse di mosola mo go tsosoloseng ikonomi. Ditokololo tsa khuduthamaga go ikuelwa mo go bona go neelana ka nako gore ba thuse go ka atolosa bogolo jwa letsholo leno mo mafelong a go ralala le naga. Go tshwanetswe go gatelelwe tlhokego ya balekane le maitemogelo a bajalefa. GCIS e jere maikarabelo a go tsamaisa letsholo mme e tla gasaganya tshedimosetso e e botlhokwa, go akaretsa melaetsa ya botlhokwa le maano a bobegakgang.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Mogote o o tsweletseng mo dikarolong tse dintsi tsa naga o dira gore metsi a dirisiwe ka bontsi ke botlhe. Kabinete e ikuelela mo maAforika Borweng go seketsa metsi, e leng motswedi o o botlhokwa, ka bontsi jo ba ka bo kgonang.

Baagi ba KwaZulu-Natal ba lopiwa go obamela melaotaolo ya metsi ya porofense ka ntlha ya fa porofense eno e itemogela komelelo e e kwa godimo go gaisa mo tsamaong ya dingwaga. MaAforika Borwa ba tshwanetse go seketsa metsi ka go kgaotsa go dirisa lethompo go tlhatswa dijanaga tsa bone, ka go nosetsa ditshingwana tsa bone mo maitseboeng, go lekola dimitara tsa bone tsa metsi go itemoga fa ba dirisa metsi a mantsi le go baakanya foo metsi a dutlang gone.

5.2. Kabinete e lebisa matshediso kwa malapeng le kwa ditsaleng tsa bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bone fa sekafolo mo Leborogong la Great Walk mo Mmileng wa Grayston kwa Sandton se ne se wa.
Kabinete gape e eletsa bao ba iponetseng dikgobalo gore ba fole ka bonako. Kabinete e akgotse batirelo ya tshoganyetso botlhe, Masepala wa Teropokgolo ya Johannesburg mmogo le Puso ya Porofense ya Gauteng tebang le tsibogelo ya bone ya ka bonako mmogo le banametsi ba mo Gauteng bao ba neng ba tsenya seatla mo go rwaleng banamedi.

Kabinete e leboga banamedi tebang le bopelotelele jwa bone mo nakong ya fa go ne go santse go phuthiwa mo mmileng. Kabinete e ikuetse gore dipatlisiso tse di tsweletseng ga jaana gore di tlhotlhomise ka kelotlhoko e e tseneletseng gore go itsiwe modi wa setlhodi sa kotsi eno le go netefatsa gore ga e ipoeletse mo nakong e e tlang. Kabinete e kopile gore batho ba nne le pelo e e telele fa dipatlisiso di ntse di tsweletse ka seno.

5.3. Kabinete e amogetse diphpolo tsa 2015/16 tsa Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe tsa ngwaga le ngwaga ka ga Tshupane ya Dikgaisano tsa Lefatshe, moo Aforika Borwa e tlhatlhositsweng go feta maemo a le supa go tswa mo maemong a bo 59 go leba go a bo 49 mo dinageng di le 140.

Ditokafatso tse dikgolo tsa Aforika Borwa di mo dikarolong tsa: boitekanelo le thuto ya motheo (di nameletse ka dikgato di le thataro), tsamaiso e e sa lolamang ya mekgatlho ya badiri (di nameletse ka dikgato di le thataro), dipaakanyo tsa thekenoloji (di nameletse ka dikgato di le 16) mmogo le boitshimololedi (di nameletse ka dikgato di le tlhano).

Seno se paka gore fa re dira mmogo re dira go le gontsi. Kabinete e ikuela mo mekgatlhong ya kgwebo le ya baagi go tswelela go dirisana le puso mo go iseng ikonomi ya rona kwa maemong a a kwa godimo.

5.4. Kabinete e akgola Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) eo e ketekang Segopotso sa yone sa bo 75 mo kgweding eno. IDC ke motswedi wa bosetšhaba mme mo dingwageng tse di fetileng di le 21 tsa temokerasi, e nnile le seabe se segolo mo go oketseng dipeeletso, go latediseng ditšhono tsa diintaseteri le mo go direng diphetogo mo ikonoming.

Fa e sale ka 1994, IDC e beeleditse R150 bilione mo Aforika Borwa le mo Aforika ka bophara. Mo go yone R60 bilione e beeleditswe mo ditlamong tseo maAforika Borwa a bathobantsho a tshotseng dišere di ka nna 25%.

Mme R20 bilione yone e beeleditswe mo Aforika ka bophara, go ka thusa go natlafatsa kgolo le tlhabololo ya Aforika le go tsenyeng seatla mo go tlholeng ditšhono mo ikonoming ya Aforika Borwa.

Mo dingwageng tse di fetileng di le tlhano, gape e ngoketse madi a mangwe a a kanaka R103 bilione go tswa kwa balekaneng ba babeeletsi ba makale a poraefete, mme seo se okeditse seabe sa yone sa dipeeletso go ka nna se se kanaka R163 bilione.

Mo pakeng eo ikonomi e tobaneng le dikgwetlho tse dintšhwa, IDC e tla solofelwa go ka natlafatsa gape seelo sa yona mo ikonoming le go tsenyeletsa seabe sa phetogo, ka go tsepamisa mogopolo mo go tlotlomatseng boradiintaseteri ba bathobatsho le go matlafatsa bašwa.

5.5. Kabinete e lebogisitse di-Springboks go ka iponela dintlha tsa go ba fitlhisa kwa sekamakgaolakgannyeng a Sejana sa Lefatshe tsa Rakabi kwa Engelane mme e ikuetse mo maAforika Borweng go tshegetsa setlhopha sa rona sa rakabi jaaka ba kgaratlhela go boa gae le Sejana sa Lefatshele lekgetlho la boraro.

Kabinete e eletsa setlhopha sa Amajimbos masego jaaka ba tla be ba gaisanela Sejana sa Lefatshe sa Batshameki ba ka fa Tlase ga 17 kwa Chile go simolola ka la bo 17 Diphalane go fitlha ka la bo 8 Ngwanaitseele 2015.

Kabinete e akgotse Orlando Pirates mo go fitlheleleng makgaolakgang a Sejana sa Orange CAF Confederation mmogo le Banyana Banyana mo go fitlheleleng matshwanedi a go tsenela Metshameko ya Lefatshe ya 2016.

5.6 Kabinete gape e romela matshediso a yone kwa lelapeng le kwa ditsaleng tsa ga Motlhankedikhuduthamagamogolo wa mo malobeng wa Sejana sa Dinaga tsa Aforika (Afcon) le wa Komiti ya Dithulaganyo tsa fa Gae ya Bagale ba Dinaga tsa Aforika (Chan) e bile gape e ne e le khuduthamaga ya Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC), Mvuzo Mbebe yo a ragileng kgamelo mo bosigong jwa Mosupologo.

5.7 Kabinete e hutsafaditswe thata ke loso lwa ga Mlungisi Sisulu, ngwana wa bobedi wa ga Walter le Albertina Sisulu, mme e romela matshediso a yone kwa lelapeng le kwa ditsaleng tsa gagwe.
Rre Sisulu o nnile le seabe se se botlhokwa mo mekgatlhong ya ANC e e neng e bobile mo dingwageng tsa bo 1980, moo a neng a fitlha dikarolo tsa Umkhonto weSizwe mo lebentleleng la gagwe le le potlana kwa Soweto‚ leo le neng le itsege jaaka Shop 7, mme seo se ne se mo baya mo kotsing e kgolo thata.

Kabinete e ikamanya le Moporesitente Jacob Zuma mo go romeleng matshidiso kwa lelapeng le kwa ditsaleng tsa yo mongwe wa batshameki ba ba diragatsang bontle ba Aforika Borwa, Sammy Moeti yo a ragileng kgamelo ka Mosupologo, ka la bo 13 Diphalane 2015, morago ga go lwala lobaka lo lo leele.

5.8 Kabinete e buisanetse ka tsenelelo ditshupetso tsa baithuti kgatlhanong le koketso ya dituelelo tsa diyunibesiti mabapi le ngwaga wa dithuto wa 2016. Kabinete e tlhomotswepelo ke matshwenyego ano a baithuti bao ba fitlhelang dituelelo tsa dithuto tse dikgolwane di le tlhwatlhwagodimo moo baithuti ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng ba retelelwang ke go ka di duelela.

Thuto ke engwe ya dikarolo tse di botlhokwa tsa go fokotsa dikgwetlho tsa ga jaanong tsa khumanego, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro jo bo tobaneng le naga. Molaotheo wa rona o tlhalosa gore batho botlhe ba na le tshwanelo ya thuto ya motheo le thuto ya godimo, eo puso ka go dirisa dikgato tse di utlwalang e tshwanetseng gore e nne teng le gore e fitlhelesege.

Puso ya jaanong fa e sale ka 1994, e dirile gore phitlhelesego ya thuto e nne karolo e e kwa setlhoeng eo go tshwanetsweng go tobanwe le yone. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) se se tlametseng baithuti ba ba humanegileng se oketsegile mo tsamaong ya nako go simolola ka R300 milione go ya go R9,5 bilione. Mo ngwageng ono wa dithuto puso e tlamela baithuti ba ba humanegileng le ba ba nang le bokgoni bo dithutong ba le 45 000.

Kabinete e tsopoletswe ke Tona ya Thuto le Katiso tse Dikgolwane ka ga dipuisano tsa ga jaanong tse a samaganeng le tsone le bannaleseabe botlhe ba ba matshwanedi go ka bona tharabololo mabapi le koketsego ya dituelelo tsa kwa diyunibesiti. Kabinete gape e tlotlomaditswe ka tiro e e e dirileng mo go tokafatseng botsamaisi jwa NSFAS. Dikeletso tsa seno di tla tlhagisetswa Kabinete mo kopanong e e tlang.

Kabinete e nopotse Setlhopha sa Tiro sa Boporesitente se se tswang go tlhomiwa se se neilweng tiro ya go sekaseka dituelelo tse di namelelang tsa kwa diyunibesiting. Setlhopha se akaretsa baemedi ba baithuti, Makgotla a Diyunibesiti le Lefapha la Thuto le Katiso tse Dikgolwane. Setlhopha seno se solofetswe gore se tla konosetsa tiro ya sona le go tlhagisa pegelo ka bonako jo bo ka kgonagalang.

Kabinete e dumela gore matsapa a a tserweng ke Moporesitente le Tona ya Lefapha la Thuto le Katiso tse Dikgolwane a na le mosola e bile a tla nna le mosola o montsi thata mo go rarabololeng dingongorego tsa baithuti.

Tsela eo puso e samaganeng le dingongorego tsa baithuti e dirile gore Moporesitente a ipiletse mo baeteledipeleng ba baithuti le ba diyunibesiti gompieno gore go tsenelelwe kwa boteng jwa ntlha eno ka maitlhomo a go bona tharabololo.

Moporesitente o tla buisana le setšhaba ka ntlha ya fa kgang eno e le ya botlhokwa mo nageng.

5.9 Kabinete e itsisitswe ka ga ka ga kgatelopele mo Kominting ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) ya Mabapi le Melawanataolo ya Bofaladi eo e neng e eteletswe pele ke Motlatsamoporesitente.

Moporesitente o ne a tlhoma IMC go batlisisa ditlamorago tse di neng di sa lebelelwa tse di tlhagisitsweng ke bannaleseabe mo lekaleng la bojanala.

Morago ga go diriwa ga dipatlisiso le go tsibogela dikarolo tse di ka tokafadiwang go samagana le megopolo ya tshireletsego le ya ditlamorago tse di neng di sa lebelelwa IMC e dirile ditshwaelo tse di latelang
Go tsenya kopo ka sebele:

Sebaka se se tla neelwang mo nakong ya dikgwedi di le tharo.

  • Dinaga tseo go senang mafelo a Aforika Borwa a bofaladi, Lefapha la Merero ya Selegae le tla letlelela dikopo tse di romelwang ka poso.

Morago ga foo, menwana le ditshwantsho tsa pasa tsa baeti bao di tla tsenngwa mo khomphiutheng fa ba tsena ka naga. Tshwetso eno e tla diragadiwa fela mo baeting kgotsa bao ba tlileng ka Visa ya tsa boitekanelo.

  • DHA e tla tsenya menwana (go akaretsa le ditshwantsho tsa pasa) kwa dikarolong tseo di dirisiwang go tsena mo nageng. Go tla lekelelwa seno kwa Boemelafofaneng jwa OR Tambo; Boemelafofaneng jwa King Shaka le kwa Boemelafofaneng jwa Boditšhabatšhaba jwa Motsekapa.
  • DHA e tla itsise Lenaane la Setlamo sa Bojanala se se Atlenegisitsweng Semmuso Mabapi le China, India le Russia ka kgonagalo ya go ka atolosetsa seno kwa dinageng tse dingwe tse di tlhokang di-visa.
  • DHA e tla tswelela go ntsha Visa ya go Tsena mo Nageng ka Mabaka a a Farologaneng ya pakatelele tebang le baeti ba ba etang gangwe le gape. Yona e tla dira mo sebakeng se se sa feteng dikgwedi di le tharo mme e sa fete dingwaga di le tharo.
     

Sebaka se se tla neelwang mo nakong ya dikgwedi di le tharo go ya go ngwaga o le mongwe.

  • DHA e tla oketsa Ditikwatikwe tsa Dithulaganyo tsa Visa (VFC) hina, India, United Kingdom, Nigeria Democratic Republic of Congo, Angola, Ghana, Kenya le Uganda.n DHA gape e tla sala morago pulo ya kwa VFC kwa Zimbabwe, UAE le Botswana.

Sebaka se se tla neelwang go feta sa ngwaga o le mongwe.

  • DHA e tla tsenya dithulaganyo go ka sekaseka baeti pele ba tsena mo difofaneng (tse di tla akaretsang le ditikwatikwe tsa tirelo) kwa mafelong a boemelafofane jwa boditšhabatšhaba.
  • DHA e tla tlhabolola thulaganyo ya Tshekatsheko ya Banamedi e e Tlhabologileng (APP)mme e diri Rekoto ya Leina la Monamedi (PNR) go tlhabolola ditshekatsheko tsa dikotsi.
  • DHA e tla konosetsa thulaganyo ya go letlelela di-visa.
     

Ditlhokwa tsa fa o tsamaya le ngwana: Bana ba mo Aforika Borwa:

Fa go tla mo baneng ba mo Aforika Borwa (ba ba yang kwa dinageng tsa kwa ntle) IMC e letleletse ditlhokwa tsa ga jaanong tsa fa o tsamaya le ngwana, go akaretsa le tetlelelosemolao ya motsadi ka lekwaloboikanyo la semolao ka ntlha ya fa seno maitlhomo a sone e le go sireletsa bana.

Sebaka se se tla neelwang mo nakong ya dikgwedi tse di ka fa tlase ga di le tharo.

  • Bagokgo ba dikolo ba tla ntsha makwalo a a netefatsang tetla ya gore bana ba tsee maeto a sekolo. Tetla eno e tla atolosediwa gape le kwa mekgatlhong ya metshameko.
  • Paka ya go dira ga tetlelelosemolao ya motsadi e tla atolosiwa go ka nna sebaka se se sa feteng dikgwedi di le thataro.

Sebaka se se tla neelwang mo nakong ya dikgwedi di le tharo go ya go ngwaga o le mongwe.

  • Lereo “Unabridged Birth Certificate” le tla fetolelwa go “Birth Certificate containing parental details”
  • Dintlhaitshupo tsa batsadi di tla gatisiwa mo lekwalong la mosepele, gore batsadi bao dintlha tsa bone di gatisitsweng foo ba se tlhoke go rwala gape le makwalonetefaletso a tsalo.

Ditlhokwa tsa fa o tsamaya le ngwana: Bana ba ba dinaga tsa kwa ntle:

Fa go tla mo baneng ba ba tlang ka fa nageng go tswa kwa ntle ga naga IMC e tsere tshwetso ya gore fao go tlhokegang di-visa, tetlelelo ya go tlhagisa lekwalonetefaletso la tsalo la boammaruri kgotsa dikhophi tsa lona tse di netefaleditsweng le tsa ditokomane tse dingwe tse di tlhokegang di tshwanetse go tswela di dirisiwe fa go santse go diriwa dithulaganyo tsa go dira kopo ya visa ka ntlha ya fa seno se tsamaelana le dithulaganyo tsa dinaga tse dingwe tse dintsi.

Fa go tla mo baneng bao ba tswang kwa dinageng tseo baagi ba tsona ba sa tlhokeng go tlhagisa di-visa, IMC e eleditse gore go diriwe thulaganyo eo mo go yona:

  • Baeti ba tla elediwang thata go tla ka bopaki jwa kamano ya bona le ngwana le tetlelelosemolao ya mo/batsadi kgotsa mo/batlhokomedi ba ngwana fa e le gore ga ba tsamaya le bona.

Dintlha tse dingwe tsa botsamaisi tseo di amanang le mafapha a a maleba di tla rarabololwa ka ditherisano magareng ga mafapha.

Kabinete e opetse legofi ditshwaelo tseno mme e dumela fa tseno di tla samagana sentle le ditlamorago tse di neng di sa solofelwa tseo di tlhagisitsweng mme gape le tshireletsego ya bana ga e kitla e bewa kotsing ka tsela epe fela.

Kabinete e opetse legofi gape le DHA mo go diragatseng ditsela tsa molao mo go tsenyeng tirisong dikeletso tseno. Gape e ne ya laela mafapha otlhe a a maleba go buisana le bannaleseabe ba bona ba ba maleba go ba tlhagisetsa dikeletso tseno tse di letleletsweng.

Kabinete e atolositse paka ya go dira ya IMC gore e kgone go samagana le dintlha dingwe le dingwe tse di ka supogang fa go tsenngwatirisong ditshwetso tsa Kabinete.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore