Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga go Samagana le Matsapa a Motlakase

Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa e e ka ga go Samagana le Matsapa a Motlakase, Union Buildings, Tshwane

MaAforika Borwa a gaetsho,

Gompieno ke batla go buisana le lona ka matsapa a motlakase a a aparetseng naga ya rona.

Mo dibekeng di le tharo tse di fetileng mabone a ntse a tshaba a sa fetse mme seo se kgoreletsa matshelo a rona rotlhe le go tlhakatlhakanya tsamaiso ya ikonomi ya naga ya rona.

Go tshaba gangwe le gape ga motlakase letsatsi le lengwe le le lengwe go kgoreletsa matshelo a dimilione tsa malapa e bile go dirile gore dikgwebo di kopane le dikgwetlho tse ditona.

Jaaka e setse e le sebaka sa go feta dingwaga di le lesome mabone a ntse a tshabetse ruri, selelo sa maAforika Borwa mmogo le go tšhakgala ga bona go a tlhaloganyega.

Ba nkgetswe.

Ka ntlha ya seno re logile maano a le mantsinyana a re tla a dirisang go samagana le matsapa ano.

Matsapa a re tobaneng le ona a tlhoka gore re nne digatlhamela masisi re a tseele dikgato tse di nonofileng ntle le go etsaetsega gore re kgone go thiba makoa a re nang le ona a motlakase.

Jo ke boikuelo jwa gore maAforika Borwa otlhe e nne karolo ya tharabololo eno; gore ba nne le seabe mo go fediseng matsapa a tlhaelo ya motlakase mo Aforika Borwa.

Re le puso go dikgato di le dintsinyana tse re tla di itsiseng tse di tla samaganang le matsapa a re tobaneng nao ano.

Mo matsatsing a le 10 a a fetileng ke nnile le dipuisano tse dintsi le batlhankedi ba tsamaiso ya setheo sa Eskom, batlhankedi ba ba laolang diteišene tsa motlakase mmogo le batlhankedi ba ba kileng ba direla setheo sa Eskom.

Ke buisane gape le mekgatlho ya badiri, Mokgatlho wa go Tshwaraganya Dikgwebo tsa Aforika Borwa, Lekgotla la Beng ba Dikgwebo tsa Bathobantsho, baeteledipele mo metseng mmogo le baitseanape ba le bantsinyana mo lekaleng la motlakase.

Mo mosong ono ke kopane gape le baeteledipele ba mekgatlho ya dipolotiki, ke leboga go menagane dikakanyo tsotlhe tse di botlhokwa tse botlhe ba re kopaneng le bona ba tshwaetseng ka tsona.

Dikopano tse re di tshwereng tseno di re thusitse go loga maano a go tsibogela matsapa ano le go dira bonnete jwa gore maphata otlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa a nna le tlhwarelogong mo go tleng ka ditharabololo mo bothateng jono go nne jo ke bothata jwa naga yotlhe.

Batho botlhe ba ke setseng ke buile le bona ba bua selo se le sengwe ba re ono ke motsotso wa gore naga e tshwaragane mme e samagane le kgwetlho eno.

Tse ke tla di itsiseng mo maitseboeng ano ke dikgato tse dingwe gape tse di tla tsewang:

Tsa ntlha ke tse maitlhomo a tsona e leng go tokafatsa ka fao Eskom e laolang tiro ya diteišene tsa yona tse di leng teng tsa motlakase;

Tsa bobedi ke tsa go kuka maoto mo dikgatong tsa go reka motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa;

Tsa boraro ke tsa maitlhomo a go oketsa ditheo tsa poraefete tsa tlhagiso ya motlakase;

Tsa bone ke tsa go neela dikgwebo le malapa tetla ya go ka ithekela motlakase wa go fetlhiwa ka letsatsi; mme,

Tsa bofelo ke tsa go samagana le dikgato tse di botlhokwa tsa go fetola lekala la motlakase go dira gore le kgone go nnela ruri le mo isagong.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Gore dikgato tse re di tsayang go samagana le matsapa a re leng mo go ona di re tswele mosola, re tshwanetse go itse gore sentlentle matsapa di a tsaya kae.

Aforika Borwa e na le motlakase o o kana ka dimekawate di le 46 000, mme ka nako e rotlhe re dirisang motlakase ka nako e le nngwe re dirisa motlakase o o kanaka dimekawate di le 32 000.

Le fa go le jalo, re dirisa motlakase o o ka fa godingwana ga halofo ya o re nang le ona go nne diyuniti tse dingwe tsa motlakase di a bo di timilwe mme di baakanngwa go ya ka fao go rulagantsweng ka gone mme tse dingwe tsona di a bo di itimile e leng selo se se neng se sa solofelwa.

Bontsi jwa diteišene tsa rona tsa motlakase ke tse di saleng di agiwa bogolotala.

Sebaka se diteišene tseno se nang le ssona ke dingwaga di le 35. Go le gantsi fa diteišene tsa motlakase di onala di simolola go palelwa ke go dira tiro ya tsona ka fao go tlwaelegileng.

Dikgato tsa go aga diteišene tse dintšhwa e leng sa Medupi le sa Kusile di diegile mme e bile gape go ne ga nna le ditiego tse dingwe gape di le dintsinyana mo godimo ga tiego e e nnileng teng mmogo le go diegisiwa gape le ke matsapa mangwe a a nnileng teng a a ka fao di agegileng ka teng.

Dikgwetlho tseno tsotlhe go samaganwe natso.

Ka ntlha ya seno, Eskom e ne ya gapeletsega go se diragatse dithulaganyo tsa paakanyo ya didirisiwa tsa yona gore e se time motlakase, mme seno se dirile gore gompieno re nne le matsapa a re itemogelang ona a go robega le go se dire ga didirisiwa tseno.

Matsapa a diteišene tse dingwe tsa motlakase tsa Eskom a gakaditswe gape le ke ditiragalo tse dintsintsi tsa bogodu, bonweenwee le bokhukhuntshwane jwa go senyetsa setheo seno ka bomo.

Morago ga dingwaga di le dintsi tsa go gogiwa ka nko le tsamaiso e e sa lolamang, jaanong go na le setlhopha sa bolaodi se se dirang ka botswapelo se se ntshang ga tshwene se se dirang ka natla go fetola setheo seno go se inola mo matsapeng a a tlhodilweng ke dingwaga di tlhoka palo tsa bobodu.

Le fa seemo se le jaaka se le, re santse re tlhaela ka dimekawate di ka fitlha go di le 6 000.

Mo dibekeng tse di fetileng, go ne ga nna le matsapa a le mantsinyana a a dirileng gore re tlhaele ka dimekawate di le 18 000, mme seno se ne sa gapeletsa Eskom gore e tsenye tirisong kgato ya borataro ya go tshaba ga mabone.

Eskom e gapeletsega gore e tsenye mo tirisong dikgato tsa go tshaba ga mabone gonne fa e sa dire jalo diyuniti tsa tlamelo ya motlakase di ka phutlhamela ruri, mme e dira jalo gape gore re se iphitlhele e le gore naga ka bophara ga e sa na motlakase.

Mabaka a a dirileng gore re iphitlhele re le mo kgatong eno ya go tshaba ga mabone a tsenyeletsa a go robega ga diyuniti di le dintsinyana mo ditešeneng tse dingwe tsa motlakase.

Megala ya tsamaiso ya motlakase e e tswamg kwa Cahora Bassa kwa nageng ya Mozambique e ne ya kgaoga mme e bile gape go ne ga nna le ditiragalo tse di begilweng tsa gore didirisiwa tseno di sentswe ka bomo.

Ditlhopha tse di drang ka fa gare ga Eskom di dirile ka natla go netefatsa gore diyuniti tsa tlamelo ya motlakase di busediwa tirong le go netefatsa gore motlakase ga o tsamaele ruri.

Ka ntlha ya matsapa a ba a dirileng, mo bekeng e e fetileng re bone seemo sa motlakase se tokafala.

Ditumelano tse di utlwanetsweng le badiredi ba Eskom le setheo seno di ne tsa kgontsha gore badiredi ba boele tirong mme ditiragalo tsa go baakanya diyuniti tse di neng di senyegile di baakangwe mmogo le go di busetsa tirisong.

Go na le tema e e dirilweng ke ditheo tsa molao mo go lwantshaneng le bogodu, bonweenwee le bokhukhuntshwane ba go senyetsa diteišene tsa Eskom le dikarolo tse dingwe tse di botlhokwa.

Le fa e le gore dikgato tsa ga jaanong di thusitse gore mabone a se tlhole a tsahaba gantsi, phetlho ya motlakase e santse e le mo maemong a a tlhobaetsang e bile ga go bonnete jwa gore a tla nnela jalo saruri.

Go se nne le motlakase o o lekaneng ke bothata jo bogolo mo kgolong ya ikonomi le mo go tlholeng ditiro.

Go nyemisa babeeletsi mmoko le go fokotsa seabe sa ikonomi ya naga ya rona mo go gaisaneng le tse dingwe.

Re le mmuso o o busang ga jaanong re setse re tsere dikgato tse di botlhokwa go oketsa tlhagiso ya motlakase mmogo le go dira gore re nne le metlakase e e farologaneng e re tlamelang ka yona.

E nngwe ya dikgato tsa ntlha tse re simolotseng ka tsona mo go samaganeng le matsapa a motlakase mo ngwageng wa 2018 e ne e le go tsosolosa letsholo la dithendara tsa go reka motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa.

Go tloga ka ona motsi oo, re setse re tsentse dimekawate di feta di le 2 000 tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi le o o fetlhiwang ka phefo mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase ka ntlha ya Letsholo la Kopo ya Bone ya Dithendara.

Dimekawate tse dingwe gape di le 2 600 di rekilwe ka Letsholo la Kopo ya Botlhano ya Dithendara, mme tsona di tla tsenngwa tirisong fa ngwaga wa 2024 o simolola.

Re setse re simolotse go tlhagisa motlakase o o farologaneng ka go letlelela gore batlhagisi ba bangwe ba motlakase, ntle le Eskom, gore ba tlhagise motlakase.

Ngogola ka Seetebosigo re ne ra tlhatlosa maemo a a tlhokang laesense mo diporojekeng tse dintšhwa tsa tlhagiso ya motlakase gore maemo ano a tlosiwe mo bao ba tlhagisang mekawate o le mongwe mme a beelwe bao ba tlhagisang dimekawate tse di kwa godimo ga di le 100.

Seno se dirile gore dilaesense tsa tlhagiso ya motlakase di tlhagisiwe fela ke bao ba nang le diporojeke tsa tlhagiso ya motlakase o o dirisiwang mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase o o kwa godimo ga dimekawate di le 100.

Dikgato tseno di thusitse batlhagisi bano ba motlakase gore ba kgone go rekisetsa bareki ba le mmalwa motlakase wa bona, ba ba jaaka difeme, meepo kgotsa ditikwatikwe tsa polokelo ya tshedimosetso.

Re fetotse gape le melao go letlelela dimasepala gore di kgone go ithekela motlakase ka botsona.

Ke dimasepala di le dintsinyana tse di setseng di simolotse go dira seno.

Eskom mo malobanyaneng e abelane ka mabala a yona a a leng gaufi le diteišene tsa yona tsa motlakase kwa porofenseng ya Mpumalang go ka dirisediwa diporojeke tsa motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dinšhwa tse di sa kgotlheleng tikologo, mme seno se tla dira gore re nne le motlakase o montšhwa o o kana ka dimekawate di le 1 800.

Eskom e nopotse mabala a mangwe gape a a tla solwang mosola go dirisediwa yona tiro eno.

Dikgato tseno di botlhokwa thata e bile di tla re tswela mosola mo dikgweding tse di tlang le mo dingwageng tse di tlang.

Se re ithutileng sona mo kgatong ya mo malobeng ya go tshaba ga motlakase ke gore dikgato tse re setseng re di tsere mmogo le tse re tswelelang go di tsaya di santse di le kgakala le go thiba phatlha.

Ka ntlha ya seno re tsaya dikgato tse dingwe gape mo godimo ga tseo re setseng re di tsere gore re kgone go nna le motlakase lobaka lo lo leele le go fedisa kgang ya go tshaba ga mabone.

Sa ntlha ke go baakanya Eskom mmogo le go tokafatsa ka fao e laolang tiro ya diteišene tsa yona tse di leng teng tsa motlakase.

Mo tsamaong ya nako dikgato tsa go baakanya didirisiwa tsa Eskom tsa go fetlha motlakase di ne tsa repisiwa.

Jaanong go tserwe tshweetso ya gore mo dikgweding tse di tlang di le 12 Eskom e tla oketsa madi a a beetsweng go dirisediwa ditiro tse di botlhokwa tsa go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha ano go netefatsa gore didirisiwa tse di fetlhang motlakase di dira ka tshwanelo le go tshepagala.

Re beela kwa thoko melao e e kgoreletsang gore Eskom e kgone go reka diphatse le didirisiwa tse di tlhokegang mo nakong e di tlhokegang ka yona go baakanya didirisiwa tse di robegileng.

E nngwe ya dikgwetlho tse Eskom e kopaneng le tsona ke go tlhaela ga badiredi ba ba nang le bokgoni mmogo le dienjenere.

Ga jaanong setheo seno se samagane le go thapa batlhankedi ba ba nang le bokgoni, mmogo le batlhankedi ba ba neng ba direla Eskom mo malobeng jaaka balaodi ba bodutelo jwa motlakase mmogo le dienjenere go tswa mo lekaleng la poraefete.

Batlhankedi bano ba ba nang le bokgoni ba tla thusana le batlhankedi ba bangwe ba ba leng teng go netefatsa gore dithulaganyo tsa maemo a a kwa godimo tsa go dira tiro di busediwa sekeng.

Mo dikgweding di le tharo tse di tlang Eskom e tla tsaya dikgato tse dingwe gape ka lepotlapotla gore e kgone go oketsa phetlho ya motlakase o montšhwa mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase.

Mo go tseyeng dikgato tsa go samagana le matsapa ano gona jaanong, re tla reka motlakase o mongwe o re tla tlaleletsang o re nang le ona ka ona go tswa mo ditlamong tse di ikemetseng tsa tlamelo ya motlakase.

Tsona ke ditlamo tsa bodutelo jwa motlakase tse di nang le motlakase o montsi go feta o di o tlhokang mme motlakase ono o montsi go feta o di o tlhokang o tla rekisediwa Eskom.

Jaaka karolo ya go samagana le tlhaelo ya dimekawate, Eskom jaanong e tla reka motlakase o mongwe gape mo batlhagising ba motlakase ba ba ikemetseng ba ba jaaka meepo, madutelo a pampiri, ditikwatikwe tsa mabentlele mmogo le ditheo tse dingwe tsa poraefete tse di nang le motlakase o montsi go feta o ba o tlhokang.

Dinaga di le dintsinyana tsa baagisani ba rona mo karolong ya borwa jwa Aforika, tse di jaaka Botswana le Zambia, di na le motlakase o montsi go feta o di o tlhokang.

Eskom e tla reka motlakase ono go tswa kwa dinageng tseno ka go dirisa dithulaganyo tse di leng teng tsa Thulaganyo ya Motlakase wa Dinaga tsa Karolo ya Borwa jwa Aforika.

Eskom e tla dirisa gape le metlakase e e leng teng ga jaana ya nakwana, go tshwana le e e leng mo diatleng tsa batlhagisi ba motlakase o o rwalwang ka dikepe, go thusa go oketsa motlakase o re nang le ona ga jaanong mme yona e tla dirisiwa sebaka e seng se se telele go le kalo.

Eskom e tla tsenya tirisong letsholo la go dirisa motlakase ka go o somarela ka go dira gore badirisi ba motlakase ba se dirisi motlakase ka bontsi thata ka nako e batho ba bantsi ba dirisang motlakase ka nako e le nngwe.

Mo malobeng re buisane ka sekoloto se se boitshegang sa Eskom, se se tsamaelang mo go dibilione tsa diranta di le 400.

Sekoloto seno e santse e le tlhoba boroko mo go direng gore Eskom e kgone go rarabolola dikgwetlho tse dintsi tse e tobaneng natso.

Setheo sa Naga sa Matlole se samagane le dikgato tsa go garela ditharabololo tsa sekoloto sa Eskom.

Tona ya Matlole o tla itsise naga mo Puong ya gagwe ya Pholisi ya Maano a go Rulaganyetsa Tiriso ya Matlole mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo ka kgwedi ya Diphalane gore puso e tla samagana jang le bothata jono ka tsela e e utlwagalang.

Re tla dirisa matlole a re nang le ona a a tlametsweng ke Letsholo la Dinaga tse di Dirisanang Mmogo go Tsenya Didirisiwa tsa Motlakase o o Fetlhiwang ka Ditsela tse Dintšhwa mme re tla a beeletsa mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase ka go fetola diteišene tsa tlamelo ya motlakase tse di feletsweng ke nako.

Eskom e tla diragatsa porojeke ya yona ya ntlha ya go aga lefelo la polokelo ya motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi le o o bolokelwang ka fa dibetering kwa seteišeneng sa motlakase sa Komati, Majuba, Lethabo le kwa diteišeneng tse dingwe.

Seno se tla dira gore mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase go okediwe motlakase o o leng teng ka dimekawate tse dingwe gape di le 500.

Setheo sa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) se tlhomile setlhopha sa mapodisi a a itlhophileng go thusa go lwantshana le botlhokotsebe le bonweenwee.

Batho ba le bantsinyana ba tshwerwe mo malobeng mme ba bangwe gape ba tsamaya kgotlatshekelo ba sekisediwa dikonteraka tse ba di boneng mo go Eskom ka bogodu le bonweenwee.

Ka ntlha ya fa melao e setse e baakantswe le setšhaba se ema nokeng Eskom, setheo seno se tla kgona go diragatsa matsholo a sona a go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha a sona mmogo le a go dira dipeeletso.

Ga go sa na maikatlapelo a go tla itshwarelelwang ka ona.

Dikgato tseno di tla re thusa go fokotsa ditiragalo tsa go tshaba ga mabone le go fokotsa kgonagalo ya go nna le dikgato tse di feteletseng tsa go tshaba ga mabone.

Gore re kgone go fedisa ditiragalo tsa go tshaba ga mabone re tshwanetse go oketsa motlakase mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase ka bontsi jo re ka bo kgonang.

Kgato ya rona ya bobedi e tla nna ya go potlakisa dikgato tsa go reka motlakase mo batlhagising ba motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa, mo mafelong a polokelo ya digase le mo mafelong a polokelo ya dibeteri.

Mafapha a a maleba a samagane le go netefatsa gore diporojeke tsotlhe tse di tsamaisanang le

Letsholo la Kopo ya Botlhano ya Dithendara tsa Motlakase wa go Fetlhiwa ka Ditsela tse Dintšhwa di simolola go diragadiwa go ya ka nako e e beilweng.

Fano go buiwa le ka ditlhokwa tsa ka fa nageng tse di kgonagalang tse di tlhokegang mo diporojekeng tseno, mo ntlha e e tla bewang kwa setlhoeng e leng go aga didirisiwa tsa go fetlha motlakase ka bonako jo bo kgonagalang.

Mo matsatsing a a tlang ba Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo mmogo le ba Kantoro e e Dirisanang le Ditlamo tse di Tlhagisang Motlakase

ba tla abelana ka tshedimosetso e e tseneletseng mo ntlheng eno.

Motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa o o rekilweng ka Letsholo la Kopo ya Borataro ya Dithendara e leng o o fetlhiwang ka phefo le letsatsi o tla okediwa ka palo e e menaganeng gabedi go tloga mo dimekawateng di le 2 600 go dira gore re nne le tse 5 200.

Monongwaga ka kgwedi ya Lwetse re tla rebola kopo ya go nna le lefelo la polokelo ya motlakase wa dibeteri, mme morago ga go rebola kopo ya ntlha re tla romela ka gangwe kopo e nngwe gape ya go nna le motlakase wa digase.

Tona ya Metswedi ya Dimenerale le Motlakase mo Leanong la Ngwaga wa 2019 la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase o tla rebola taelo mo a tsibogelang ka fao motlakase o o leng teng o ka abiwang ka gone, mme o tla bulela matsholo a mangwe gape a dithendara a a tla phetagadiwang ka bonako.

Go netefatsa gore maano a rona a re tswela mosola, Leano la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase la naga le santse le sekasekiwa go netefatsa gore le bua ka tlhokagalo ya go tlaleletsa motlakase o re nang le ona mmogo le go bua le ka maikemisetso a rona mabapi le merero ya loapi.

Kgato ya rona ya boraro e ka ga go oketsa ka bontsi ditlamo tse di ikemetseng tsa tlhagiso ya motlakase.

Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra itsise gore re tla tlhatlosa ditlhokwa tsa go nna le laesense ya go tlhagisa motlakase gore e nne fela ba ba tlhagisang motlakase o o kwa godimo ga dimekawate di le 100.

Kgato eno e amogetswe ka atla tsoopedi. E re buletse diporojeke tsa ditlamo tsa poraefete di feta di le 80 tse fa di kopane di fetang dimekawate di le 6 000.

Re setse re simolotse go dirisana le diintaseteri go potlakisa diporojeke tse re setseng re le kgakala ka tsona, mme bontsi jwa tsona ke tse di setseng di simololwa go agiwa.

Diphetogo tseno di fetotse lephata la tlhagiso ya motlakase.

Morago ga gore diphetogo tseno di atlege mmogo le go bona matlhagatlhaga a lephata la poraefete le nnileng le ona morago ga go diragatsa kgato eno, re tla tlosa ka gotlhe dipeelo tsa dilaesense tseo batlhagisi ba diteišene tse di potlana tsa motlakase ba tshwanetseng go di obamela.

Seno se tla dira gore ditlamo tsa poraefete ka bontsi di beeletse mo tlhagisong ya motlakase.

Le fa e le gore dilaesense di ka se tlhole di tlhokega, diporojeke tsotlhe tsa tlhagiso ya motlakase ka ditsela tse dintšhwa di santse di tlhoka gore di kwadisiwe mo setheo sa melao ya motlakase mmogo le go obamela ditlhokwa tsa setegeniki tse di ka ga go tsenya motlakase wa tsona mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase mmogo le go ikobela gape le melao ya merero ya tikologo.

E nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse re santseng re mekamekana le tsona mo go tsenyeng motlakase mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase ke sebaka se se tsewang go rebolela tetla porojeke e nngwe le e nngwe e e dirang jalo mmogo le ya gore diporojeke tseo di ka simolola.

Kgato eno go simolola kwa e simolotseng ka go loga maano a yona go fitlha kwa e felelang teng ka go e tsenya tirisong go gweba ka yona e batlile e tsaya dingwaga di feta di le tharo ka ntlha ya melao e e tshwanetseng go e latela mmogo le melao e e kgoreletsang kgato eno.

Le fa e le gore melao e re nang le yona ga jaana e siametse maemo a a edileng, maemo a re leng mo go ona ga jaana a re meletse meno mme re tshwanetse go tsaya dikgato tse di tebileng ka bonako jo bo kgonagalang.

Ka ntlha ya seno mo nakong e e sa fediseng pele kwa Palamenteng re tla tlhagisa molao wa maemo a a itlhophileng gore o diragadiwe ka bonako go rarabolola phiphitha ya melao le melawana e e re diegisang go nna le motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa mme molao ono o tla dirisiwa sebakanyana se se sa fediseng pelo.

Boammaruri ke gore ntlha eno re e atlhaatlhile mo mosong ono fa re ne re buisana le baeteledipele ba mekgatlho ya dipolotiki e e nang le baemedi mo

Kokoanotheomolaong ya Naga.

Bontsi bo ne bo dumelana gore fa molao ono wa maemo a a itlhophileng o sena go tlhagisiwa kwa Palamenteng o tshwanetse go potlakisediwa go garelwa ka bonako.

Ga jaanong mo melao e re nang le yona ga jaana e re kgontshang re tla emisa ditlhokwa tsa molawana kgotsa ra di lepalepanya le seemo sa rona.

Seno se tsenyeletsa dikgato tsa go fokotsa ditlhokwa tsa melawana e e laolang diporojeke tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi mo mafelong a a nang le matsapa a mannye le a magolwane.

Seno se raya gape le gore Eskom e ka oketsa megala ya motlakase le diteišene tse di potlana ntle le go rebolelwa tetla ya go dira jalo ke ditheo tse di laolang maemo a tikologo o mafelong a a nang le matsapa a mannye le a magolwane mo mafelong a a botlhokwa a tlhagiso ya motlakase.

Re samagane gape le go tlhoma lefelo le le esi la go dira dikopo tsotlhe tsa diporojeke tsa motlakase, go netefatsa gore ditheo tsotlhe tsa puso tse di tshwanetseng go rebola tetla di dira jalo ka thulaganyo e e tsamaelang ka bonako.

Ke laetse mafapha le ditheo tsa puso gore di sekaseke dinako tse di di tlhomileng tsa go rebolela tetla mme di di fokotse gore re kgone go fetisa dikopo tsotlhe ka bonako.

Dikgato tseno di tshwana fela le tsa fa ka fa nageng go na le masetlapelo kgotsa go na le segapeletsa jaka ba bangwe ba ne ba tshwaela.

Ditharabololo tseno di tla re thusa gore re dire sengwe le sengwe se se tlhokegang gore re kgone go tlhatlosa lebelo la go nna le motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa fa ka fa letlhakoreng le lengwe di tla bo di sireletsa ditshwanelo tsa maAforika Borwa otlhe le go ikokotlela ka molao.

Ga re tlhoke go diragatsa dikgato tsa segapeletsa kgotsa tsa fa ka fa nageng go na le masetlapelo go tsenya tirisong melawanataolo e mang le mang a itseng gore goring re e tsenya tirisong e re itseng gore e tla re thusa go rarabolola matsapa a re nang le ona a motlakase.

Kgato ya bone, re ikemiseditse go letlelela dikgwebo le malapa a a kgonang go ithekela didirisiwa tse di pegiwang mo marulelong tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi.

Naga ya Aforika Borwa e na le letsatsi le lentsi thata mme re tshwanetse go le sola mosola gore le re fetlele motlakase.

Dikgwebo le malapa a le mantsi ba ka itsenyetsa didirisiwa tse di pegiwang mo marulelong tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi mme motlakase ono o ka tsenngwa mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase.

Go thusa gore didirisiwa tse di pegiwang mo marulelong tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi di tsenngwe ka bontsi, Eskom e tla kwala melawana le dituelelo tse di bidiwang dituelelo tsa tsenyetso ya motlakase – mme e tla tshwanelwa ke go obamelwa ke dikgwebo le malapa otlhe a a tsenyediwang didirisiwa tseno a ga jaanong e a tlamelang ka motlakase.

Seno se raya gore batho ba ba itsenyeditseng didirisiwa tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi mo malapeng a bona kgotsa mo dikgwebong tsa bona mme ba na le motlakase o montsi go feta o ba o tlhokang, ba tla kgona go rekisetsa Eskom motlakase wa bona o ba sa o tlhokeng.

Re ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go somarela motlakase jaaka re samagane le go fedisa ditiragalo tsa go tshaba ga motlakase mmogo le go oketsa motlakase mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase.

Kgato ya bofelofelo, re samagane le go fetola ka gotlhe lekala la motlakase mme re le rulaganyetsa gore le mo isagong le se tlhole le re naya matsapa.

Mo malobeng re buile ka go fetola setheo sa Eskom, mme diphetogo tseno di tla dira gore kwa bokhutlong re bo re na le ditheo di le tharo tse di ikemetseng e leng setheo sa phetlho ya motlakase, setheo sa tsamaiso ya motlakase le setheo sa tlamelo ya motlakase.

Eskom e setse e tlhomile setheo sa tsamaiso ya motlakase mme e bile dithulaganyo tsotlhe tsa go kgaoganya setheo sa phetlho ya motlakase le sa tlamelo ya motlakase di ntse di tsama sentle jaaka di beetswe nako ya go dira jalo pele ngwaga wa 2022 e konosela.

Mo nakong e e sa fediseng pelo re tla thapa diboto tsa lephata la phetlho ya motlakase le la tsamaiso ya motlakase.

Diphetogo tse dikgolo tsa go tlhoma kgaisano mo mebarakeng ya motlakase di tla diragadiwa ka go garela Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melawanataolo ya Metlakase go kgontsha gore ditlamo tsa poraefete di kgone go dira dipeeletso.

Diphetogo tseno di tla fetola go utlwagala seemo sa lekala la motlakase mo isagong.

Dinaga tse dintsi di tsere dikgato tsona tseno mme ka go dira jalo di kgonne go dira gore phetlho ya motlakase e se tlhole e nna tlhoba boroko.

Dikgato tseno di tla dira gore re nne le ditsela tse di farologaneng tsa phetlho ya motlakase mmogo le go tokafatsa tlamelo ya motlakase.

Diphetogo tseno di tla dira gore re nne le batlhagisi ba motlakase ba le bantsinyana, ba ditlamo tse di ikemetseng le ba ditheo tsa puso, mme ba tla gaisana ka go tshwana.

Diyuniti tsa tlamelo ya motlakase di tla tswelela go nna tsa puso.

Eskom e tla tswelela go nna intaseteri ya komangkanna ya naga mo mererong ya motlakase jaaka re tswelela go tokafatsa tiro ya yona gore e nne e e manontlhotlho, fa re tokafatsa tlhokomelo ya yona ya matlole le tiriso ya ona.

Go netefatsa gore dikgato tseno di diragadiwa ka tsela e e tshwanetseng, ke tlhomile Komiti ya Naga ya Merero ya Matsapa a Motlakase.

Monnasetulo wa komiti eno ke Mokaedikakaretso mo Kantorong ya Moporesitente mme e tsenyeletsa gape le batlhankedi ba mafapha otlhe le ditheo tsotlhe tse di samaganeng le tiro ya tlamelo ya motlakase.

Komiti ya Naga ya Merero ya Matsapa a Motlakase e tla thapa gape le baitseanape ba ba tlhantlhetseng ka bokgoni go tswa mo dikgwebong, mo mekgatlhong ya badiri, mo mekgatlhong ya baitseanape ba dienjenere mmogo le mo mekgatlhong ya baagi.

Tona e e maleba e tla tshwanela ke go mpaya mo dinakong gangwe le gape jaaka e tla bo e ikarabela mo go nna mme seno se tla dira bonnete jwa gore ga re diege mo go phethagatseng dikgato tseno.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Dikgato tse ke di tlhagisitseng ga di a tshwanela fela go samagana fela le matsapa a a re farafereng ga jaana.

Maitlhomomagolo a rona ke go dira bonnete jwa gore mo nakong e e tlang ga re sa na mathata a motlakase, gore re se tlhole re itemogela matsapa a motlakase le ka letsatsi la motlholo.

Re ikemiseditse go dira seno ka go dira gore Eskom e se tlhole e nna mo ketsaetsegong mmogo le ka go tlhabolola ka fao bodutelo jwa motlakase bo dirang ka gone, ka go dira gore re nne le dikgwebo di le dintsinyana tse di gaisanelang mebaraka ya motlakase, ka go tlhagolela dipeeletso tsa ditlamo tsa poraefete mo go beeletseng mo motlakaseng o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa mmogo le go oketsa dipeeletso tsa rona mo phetlhong ya motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa.

Dikgato tseno di botlhokwa mo go tsosoloseng kgolo ya ikonomi le mo go tlholeng ditiro.

Mo tsamaong ya nako re tla dira gore matsapa ano re feletse re a fetotse go a dira ditšhono gore re kgone go gola le go ikatlapela mo isagong ka go dira gore naga ya rona e nne e e di gogang kwa pele mo go fetogeleng mo tirisong ya motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa.

Fela jaaka puso e tla tswelela go diragatsa tiro ya yona, ke ikuela le mo dikgwebong, mo mekgatlhong ya badiri le mo baaging botlhe gore ba tle re nne seoposengwe mo go diragatseng dikgato tseno.

Fano go tsenyelediwa gape le dikgato tsa go diragatsa Letsholo la Eskom la Tumelano ya go Ema Baagi Nokeng mmogo le go diragatsa maikano a a tseneletseng a a tshwanetsweng go diragadiwa ke ditokololo tsotlhe tsa letsholo leno.

Fela jaaka re ne ra dira mo nakong ya dikgato tsa naga tsa go thibela leroborobo la COVID-19, le jaanong re tshwanetse go thiba phatlha mo re ka kgonang.

Kwa malapeng a rona re ka somarela motlakase.

Re tshwanetse go duelela ditirelo tse re di abelwang mmogo le go thibela ditiragalo tsa go ikgogela motlakase.

Re tshwanetse go nna karolo ya bao ba tla tsenyang didirisiwa tse di pegiwang mo marulelong tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi mme re thuse go tla ka tharabololo ya matsapa a re nang le ona.

Dikgwebo di tshwanetse go fokotsa tiriso ya bona ya motlakase ka go dirisa motlakase ka go o seketsa thata.

Dikgwebo di tshwanetse go tlolela ditšhono tse go boletsweng ka tsona mme di beeletse mo diporojekeng tsa tlhagiso ya motlakase.

Mekgatlha ya badiri e tshwanetse go dirisana sentle le ditheo tse e emetseng badiredi ba tsona, e gopole gore selo se se botlhokwa thata ga jaanong se se tla dirang gore ditiro tse di leng teng ga jaanong di se nyelele le selo se se tla tlholang ditiro tse dintšhwa ke go nna le motlakase.

Mo bekeng e e fetileng ke ne ke etetse seteišene sa motlakase sa Tutuka kwa Mpumalanga, seo tiro ya sona ka bontsi e kgorelediwang ke ditiragalo tsa botlhokotsebe.

Re boleletswe ka fao diphatse tsa go baakanya lefelo leno tse di neng di beetswe go dirisiwa fa go tlhokega di utswitsweng mme di boe di rekisediwe sona seteišene sona seo sa Tutuka.

Re boleletswe ka ditiragalo tse di leng teng tsa go utswiwa ga leokwane ka bontsi jo bo boitshegang mmogo le ditiragalo tsa go senyetsa ka bomo didirisiwa tsa Eskom e leng seo se tla gapeletsang gore setheo seno se adime didirisiwa tseno mo ditlamong tsa poraefete tsa borakonteraka.

Se se diragalang kwa Tutuka le kwa diteišeneng tse dingwe ke ditiragalo tsa ka bomo tse di diriwang ke magodu a a nang le maikemisetso a maswe a go senyetsa setheo seno le go phuaganya ikonomi ya naga ya rona.

Morago ga go etela Tutuka, ke ne ka tshwara kopano le balaodi botlhe ba diteišene tsa motlakase tsa Eskom.

Ke ne ke gagametse go bona ka fao banna le basadi bano ba merafe e e farologaneng ba nang le maikemisetso a go thapa batho ba banang le bokgoni jo bo tlhokegang mmogo le go tlhokomela diteišene tseno.

Re tshwanetse go leboga go menagane setlhopha seno sa batlhankedi ba rona ba diteišene tsa rona tsa motlakase ka tiro e ba samaganeng le yona.

Ba re bontshitse gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re Tshwane le bona.

Dikgato tse re di ribolotseng mo maetsiboeng ano, mmogo le dikgato tse re setseng re di tsere, e tla nna tsona tse di fedisang ditiragalo tsa go tshaba ga motlakase.

Di tla baya naga ya rona mo maemong a a tlhamaletseng a go nna le tlamelo ya motlakase o o tshepagalang, o o sa tureng le o o sa tshabeng.

Fa re ka dirisana mmogo, fa re ka rwesana maikarabelo fa re sa direng sentle, fa re ka dira bonnete jwa gore dinako tse re di beileng ga di re sie mmogo le go diragatsa maikano a rona, re tla fedisa matsapa a motlakase mmogo le go dira gore re kgone go godisa ikonomi ya naga ya rona le go tlhola ditiro.

Mme go di feta tsotlhe, re tla bontsha gore re ithulagantse sentle go samagana le namane e tona ya tiro ya go tsosolosa naga ya rona e re boulelwang ka yona.

Pula.

Share this page

Similar categories to explore