Go tlhola diphitlhelelo tsa borutegi

O ka tlhomamisa borutegi jwa gago mo Sefalanatshedimosetsong sa Bosetšhaba sa Direkoto tsa Barutwana (NLRD) ka go dirisa SAQA VeriSearch kwa Bothating jwa Dithebolelo tsa Makwaloithuto a Aforika Borwa (SAQA). Fa o le mothapi, le wena o ka tlhomamisa makwalo a thuto a badiri ba gago mo sefalanatshedimosetsong. Fa o batla go tlhola tshedimosetso ka ga wena, o tla amogela rekoto e e tletseng ka ga wena ya se se tshotsweng ke NLRD.

Fa batho ba bangwe ba tlhomamisa tshedimosetso ya gago jaaka morutwana, ba tshwanetse go tlhagisa se ba se batlang ka botlalo (borutegi bofe, setheo le letlha). Tsibogo ya SAQA e ka nna "e bonwe" kgotsa "ga e a bonwa" malebana le tshedimosetso eo fela.

Etela SAQA VeriSearch go bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le tsela ya go tlhomamisa makwalo a thuto a gago.

 

Share this page