Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga thebolelo ya thuso
A o tshela ka thebolelo ya loago mme ga o kgone go itlhokomela? O ka amogela thebolelo ya tlaleletso go duela motho yo o go tlhokomelang ka dinako tsotlhe.
O itse jang gore o a tshwanelwa?
O tshwanetse go bo o:
- setse o amogela thebolelo ya bogole, thebolelo ya bagale ba ntwa kgotsa thebolelo ya batsofe
- sa kgone go itlhokomela ka ntlha ya bogole jwa mo mmeleng kgotsa jwa tlhaloganyo mme ka jalo o tlhoka tlhokomelo ya nako yotlhe go tswa go mongwe
- o sa tlhokomelwe mo setheong se se amogelang thuso ya tlhokomelo kgotsa bonno go tswa mo pusong.
O tla amogela bokae?
0 tla amogela ke R560 ka kgwedi.
O tla duelwa jang?
Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) se tla go duela thebolelo ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
- madi a a seatleng kwa lefelong la tuelo ka letsatsi le le rileng
- go tsenngwa ga madi mo akhaontong ya gago kgotsa ya banka ya poso ka mokgwa wa eleketeroniki (banka e ka go duedisetsa tirelo e)
- setheo se dirang jaaka bolaodi jwa thebolelo (sekao. mokgatlo wa katlaatlelo).
Thebolelo e e tla duelwa mmogo le thebolelo ya gago ya loago.
Ela tlhoko: Fa o sa kgone go ya go itseela madi ka bowena, o ka supa moemedi wa kantorong ya SASSA, kgotsa wa neela mongwe maatla a mmueledi a go ya go tsaya thebolelo eo mo boemong jwa gago.
Thebolelo ya gago e ka sekasekwa leng?
Thebolelo ya gago e ka sekasekwa fa thebolelo ya loago e e golaganeng nayo e sekasekwa.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela kantoro e e gaufi nao ya Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) mme o ye ka dilo tse di latelang:
- lekwaloitshupo la gago la bakhoutu ya dinomoro tse 13 (ID)
- bopaki jwa kemo ya lenyalo le lekwaloitshupo la molekane fa a le teng
- pegelo ya boitekanelo kgotsa pegelo ya tlhatlhobo (e e sa feteng dikgwedi tse tharo) e e supang gore o tlhoka tlhokomelo ya ka gale.
Ela tlhoko: Fa o tsofetse kgotsa o lwala mo o ka se kgoneng go ya kwa kantorong go dira kopo, leloko la lelapa kgotsa tsala e ka go dira kopo boemong jwa gago. Motho yoo o tshwanetse go tsamaya le lekwalo le le tswang mo go wena kgotsa mo ngakeng le le tlhalosang gore ke ka ntlha ya eng o ka se kgone go ya kwa kantorong.
- Tlatsa foromo ya kopo kopo fa pele ga motlhankedi wa SASSA (ela tlhoko gore ke wena fela moamogeladitshiamelo kgotsa motlhankedi wa SASSA o ka tlatsang foromo ya kopo). Motlhankedi yoo o tla go botsolotsa mme a go bolelele gore a o tshwanelwa ke thebolelo eo.
- O tla newa rasiti. E tshole jaaka bopaki jwa gore o dirile kopo.
Go diragala eng fa kopo e gannwe?
Fa kopo ya gago e sa atlega, SASSA e tla go naya mabaka a go ganwa ga kopo ya gago ka go kwala.
Fa o sa dumelane le tshwetso eo, o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago. Ikuele mo malatsi a le 90 a go amogela kitsiso ka dipoelo tsa kopo ya gago.
Nako ya tiragatso
- Go ka tsaya go fitlha go dikgwedi tse tharo go diragatsa kopo ya gago.
- Fa kopo ya gago e atlegile, o tla duelwa go tloga ka letlha le o dirileng kopo.
Tuelo ke bokae
Tirelo e ke mahala.
Diforomo tse di tladiwang
Foromo ya kopo ga e teng mo inthaneteng. O ka e bona kwa kantorong e e gaufi nao ya tshireletso ya loago (SASSA).
O ka golagana le mang
Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA)
SASSA Toll free: 0800 60 10 11
Email: GrantEnquiries@sassa.gov.za