Kopo ya go ikwadisa jaaka morutabana

Ikwadise jaaka morutisi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga ikwadiso jaaka morutisi

A o morutabana yo o nang le dithutego mme o batla tiro mo Aforika Borwa? Go ruta mo Aforika Borwa o tshwanetse go ikwadisa le South African Council for Educators (SACE).

O ka se thapiwe jaaka morutisi fa o sa ikwadisa le SACE. Dithutego tsa gago di tshwanetse go bo di amogelwa go ka thapiwa mo lefapheng la thuto pele o ikwadisa le SACE. O tla bo o duela madi a botokololo kgwedi le kgwedi (montly subscription fee).

Fa o na le dithutego tsa kwa dinageng tsa boditšhaba, di tshwanetse go tlhatlhojwa ke South African Qualifications Authority (SAQA) kgotsa Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso (National Department of Higher Education and Training (DHET) pele o ikwadisa le SACE.

Ela tlhoko: SAQA ga e tlhatlhobele dithutego mabaka a tiro mo dikarolong tse di rileng tsa tiro.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Tlatsa foromo ya kopo, foromo ya kopo ya SACE.
  • Isa tse di latelang:
    • dikhopi tse di kannweng tsa dithutego tsa gago le direkoto tsa gago tsa thuto 
    • khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo la gago
    • khopi e e kannweng ya setifikeiti sa lenyalo (fa go le maleba) 
    • madi a kwadiso.

Ba e seng baagi ba Aforika Borwa:

Fa o se moagi wa Aforika Borwa, o tshwanetse go isa dithutego tsa gago le rekoto ya gago go lefapha la thuto la porofense e o leng mo go yona. Lefapha la thuto la porofense le tla romela ditlankana tsa gago go Karolo ya Tshekatsheko ya Dithutego le Dithulaganyo tsa Barutisi kwa Lefapheng la Thuto e Kgolwane le Katiso. O tshwanetse go isa gape le tse di latelang:

  • pegelo ya tlhatlhobo go tswa go SAQA kgotsa
  • pegelo ya tlhatlhobo ya tiro mo thutong go tswa go DHET la Bosetšhaba: Karolo ya Tshekatsheko ya Dithutego le Dithulaganyo tsa Barutisi 
  • bopaki jwa bonno jwa leruri le lekwaloitshupo le e seng la Aforika Borwa
  • bopaki jwa tiro kgotsa tiro e e sa ntseng e letilwe go tswa go sekolo se se rileng mo Aforika Borwa.

Morago fela ga gore tlhatlhobo e konosediwe, setifikeiti sa tlhatlhobo se tla rebolelwa lefapha la porofense la thuto le o isitseng ditlankana tsa gago kwa go lona. Ba tla go itsise ka go kwala ka ditlamorago tsa kopo ya gago.

Nako ya tiragatso

  • Fa o le moagi wa Aforika Borwa, kwadiso ya gago e tla tsaya dibeke tse thataro.
  • Fa o se moagi wa Aforika Borwa, kwadiso ya gago e tla tsaya dikgwedi tse tharo.

 

Share this page