Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga thebolelo ya batsofe
O ka bona thebolelo e e ka go thusang mo botsofeng jwa gago. Thebolelo ya batsofe e duelwa basadi ba dingwaga tse 60 kgotsa go feta kgotsa banna ba dingwaga tse 60 kgotsa go feta. Thebolelo e mo malobeng e ne e bidiwa phenšene ya botsofe.
O itse jang gore e a go tshwanela?
O tshwanetse go bo o:
- le moagi kgotsa modudi wa leruri wa Aforika Borwa
- nna mo Aforika Borwa
- sa amogele thebolelo e nngwe ya loago
- sa tlhokomelwe mo setheong sa puso
- sa amogele go feta R86 280 ka ngwaga. Fa o nyetse/nyetswe, lotseno lwa lona lo kopane ga le a tshwanela go feta R 172 560 ka ngwaga
- dithoto tsa gago e se tsa boleng jo bo fetang R1 227 600 fa o sa nyala/nyalwa mme wena le mogatso ga thoto ya lona ga e a tshwanela go feta R2 455 200.
O tla newa bokae?
Bontsi jwa madi a o tla a amogelang ke R 2 310 ka kgwedi. Fa e le gore o na le dingwaga tse di fetang 75, o tla amogela R2 330.
O tla duelwa jang?
Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) e tla go duela ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
- madi a a seatleng kwa lefelong la tuelo ka letsatsi le le rileng
- go tsenngwa ga madi mo akhaontong ya gago ka mokgwa wa eleketeroniki, kgotsa banka ya poso (banka e ka go duedisetsa tirelo e)
- ditheo (sekao. legae la batsofe).
Ela tlhoko: Fa o sa kgone go ya go itseela madi ka bowena, o ka supa moemedi wa kantorong ya SASSA, kgotsa wa neela mongwe maatla a mmueledi a go ya go tsaya thebolelo eo mo boemong jwa gago.
Thebolelo ya gago e ka sekasekwa leng?
SASSA e ka sweetsa gore a thebolelo ya gago e tlhoka go sekasekwa. Lotseno lwa gago jaaka o lo tlhagisitse fa o ne o dira kopo ya thebolelo ke lona le tla laolang tshwetso eo. O tla itsisiwe dikgwedi tse tharo pele ga nako ka letlha le tebosešwa e tla diragalang kgotsa letlha le setifikeiti sa botshelo se batlegang. Fa o amogela madi a gago ka banka, setheo kgotsa moemedi, o tlhoka go tlatsa setifikeiti sa botshelo kwa kantorong ya SASSA ngwaga mongwe le mongwe.
Thebolelo ya gago e ka sekegwa leng?
Dilo tse di latelang di ka baka go sekegwa ga thebolelo ya gago:
- fa maemo a gago a fetoga
- ditlamorago tsa tshekatsheko
- fa o se na tirisanommogo fa thebolelo e lejwa sešwa
- fa o dira bogwenegwene kgotsa o tsietsa
- fa go ne go diragetse phoso fa thebolelo ya gago e amogelwa.
Thebolelo ya gago e ka fela leng?
Thebolelo e tla fela fa o:
- tlhokafala
- amogelwa mo setheong sa puso
- o sa lope dikgwedi tse tharo ka tatelano
- se teng mo nageng.
Fa mosiamelwa a amogelwa mo setheong se se nang le konteraka le puso go tlhokomela le go tlamela mosiamelwa yoo, thebolelo ya loago e fokolediwa go 25% ya tlhotlhwa e e kwa godimo ya thebolelo ya loago go tloga ka kgwedi ya bone morago ga go amogelwa ga mosiamelwa mo setheong seo. Thebolelo e e fokoditsweng e busediwa maemong a yona ka letlha le mosiamelwa a gololwang mo setheong seo.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela kantoro e e gaufi nao ya Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) mme o tle le tse di latelang:
- Lekwaloitshupo la gago la bakhoutu ya ditlhakapalo tse 13 (ID). Fa o sena ID:
- o tshwanetse go tlatsa afidafiti go ya ka popego e e dumelelwang ke SASSA fa pele ga Mokhomišinara wa Maikano yo e seng motlhankedi wa SASSA
- o tshwanetse go tla le setatamente se se kannweng e saenilwe ke motho yo o tlotlegang (jaaka molekgotla, moeteledipele wa setso, modirediloago, moruti wa tumedi kgotsa mogokgo wa sekolo) yo o ka netefatsang leina le dingwaga tsa gago
- motlhankedi wa SASSA o tla gatisa menwana ya gago. O tla romelwa kwa Lefapheng la Merero ya Selegae le fa kopo ya gago e ntse e diragadiwa. Fa o sa newe lekwaloitshupo, thebolelo ya gago e tla sekegwa.
- bopaki jwa kemo ya lenyalo (fa go kgonega)
- bopaki jwa bonno
- bopaki jwa lotseno, dikarolelo (fa di le teng)
- bopaki jwa dithuto go akaretsa le boleng jwa thoto ya gago
- bopaki jwa phenšene ya poraefete (fa e le teng)
- kanego ya gago ya dikgwedi di le tharo sa banka
- fa o ne o dira, Letlole la Inšorense ya Botlhokatiro (UIF) (buka e tala) kgotsa setifikeiti sa go ntshiwa mo tirong ke mothapi fa e le gore o ne o dira
- khopi ya wili le diakhaonto tsa ntlha le tsa bofelo tsa tswalo le phatlhalatso, fa e le gore molekane wa gago o tlhokafetse mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng.
- Lekwaloitshupo la gago la bakhoutu ya ditlhakapalo tse 13 (ID). Fa o sena ID:
Ela tlhoko: Fa o tsofetse kgotsa o lwala mo o ka se kgoneng go ya kwa kantorong go dira kopo, leloko la lelapa kgotsa tsala e ka go dira kopo boemong jwa gago. Motho yoo o tshwanetse go tsamaya le lekwalo le le tswang mo go wena kgotsa mo ngakeng le le tlhalosang gore ke ka ntlha ya eng o ka se kgone go ya kwa kantorong.
- Tlatsa foromo ya kopo fa pele ga motlhankedi wa SASSA (ela tlhoko gore ke wena fela motswelwamosola kgotsa motlhankedi wa SASSA o ka tlatsang foromo ya kopo). Motlhankedi yoo o tla go botsolotsa mme a go bolelele gore a o tshwanelwa ke thebolelo eo.
- O tla newa rasiti. E tshole jaaka bopaki jwa gore o dirile kopo.
Nako ya tiragatso
- Go ka tsaya go fitlha go dikgwedi tse tharo go diragatsa kopo ya gago.
- Fa kopo ya gago e atlegile, o tla duelwa go tloga ka letlha le kgotlatshekelo e beileng ngwana mo tlhokomelong ya gago.
Tuelo ke bokae
Tirelo e ke mahala.
Diforomo tse di tladiwang
Foromo ya kopo ga e teng mo inthaneteng. O ka e bona kwa kantorong e e gaufi nao ya tshireletso ya loago (SASSA).
O ka golagana le mang
SASSA Toll free: 0800 60 10 11
Email: GrantEnquiries@sassa.gov.za