Kopo ya ntšhwafatso ya thebolo ya phologolo gore e tle e ntshiwe moroto wa senna

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go ntšhwafatsa go amogelwa ga phologolo gore o ntshe moroto wa senna mo go yona

Go ntsha phologolo e o e kwadisitseng go neelana ka moroto wa senna kwa tikwatikweng e nngwe, o tshwanetse go dira pele kopo ya ntšhwafatso ya kwadiso ya yona.

Ga o tlhoke go tsaya disampole tsa madi a phologolo e e amegang. Ga o tlhoke le setifikheiti sa boitekanelo jwa diphologolo ntle le fa o fudusa phologolo e ka ntlha ya go runya ga bolwetse jwa molomo le tlhakwana mo lefelong le phologolo e e nnang mo go lona. Le fa go le jalo, o tshwanetse go golagana le Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi go ba neela mabaka a gore ke ka ntlha ya eng o batla go fudusa phologolo eo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Golagana le kantorokgolo ya Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi
  2. Duela tlhotlhwa e e beilweng ka tšheke, otara ya poso kgotsa otara ya madi go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi. Fa o tlile go sa kopo ya gago le madi a kopo ka seatla, netefatsa gore o newa setlankana sa tuelo. Fa o duela madi ao ka mokgwa wa phetisetso ya ileketeroniki, o tshwanetse go a duela mo akhaontong e e latelang:
    Standard Bank
    Lekala: Arcadia
    Nomoro ya akhaonto: 011219556
    Nomoro ya Lekala: 000845/010845.
  3. Sitlholola le go tlatsa foromo ya kopo ka botlalo.
  4. Kgomaretsa bopaki jwa tuelo mo foromong.
  5. Romela kopo ya gago go:
    The Registrar of Animal Improvement
    Private Bag X138
    Pretoria
    0001.

Nako ya tiragatso

Matsatsi a le 30.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2018/19

Diforomo tse di tladiwang

Application for renewal of the approval of an animal for the collection of semen (Kopo ya go ntšhwafatsa go amogelwa ga phologolo gore o ntshe moroto wa senna mo go yona)

O ka golagana le mang

 

Directorate: Animal Production

Tel: 012 319 7424/34
Fax: 012 319 7570/7425

Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001

Share this page