Kopo ya go kwadisa patente

Kwadisa tshireletso ya dikakanyo tsa gago tsa kgwebo kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) go thibela batho ba bangwe go dira, go dirisa, go lekelela, go latlha kgotsa go tshidisa mawatle kakanyo ya gago ya kgwebo ntle le tetla ya gago.

Tshireletso ya dikakanyo tsa gago tsa kgwebo ke tshwanelo e e itlhophileng e e neelwang dikakanyo. Kakanyo ya mothale oo e tshwanetse go nna ka sebopego sa setlhagiswa kgotsa go nna thulaganyo e e tlhagisang tsela e ntšhwa ya go diragatsa sengwe, kgotsa e tshwanetse go neela tharabololo ya setegeniki e ntšhwa mo matsapeng. Tshireletso ya dikakanyo tsa gago tsa kgwebo e raya gore mo sebakeng se se lekanyeditsweng dingwaga di le 20 ga go ope yo a ka dirisang dikakanyo tsa gago mo kgwebisanong, a di phasalatsa kgotsa go di rekisa ntle le tetla ya gago.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go kwadisa tshireletso ya dikakanyo tsa gago tsa kgwebo kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) kgotsa golagana le CIPC mo go 086 100 2472.

 

Share this page