Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga kopo ya go thomelontle ya dikhemikhale
Fa o rata go romelantle dikhemikhale tse di rileng, o tlhoka tetla go tswa go Khomišene ya Tsamaiso ya Kananyo ya Boditšhaba (ITAC).
Dikhemikhale di a laolwa go ikobela ditlamelo tsa Montreal Protocol le United Nations Convention Against Illicit Traffic in Narcotic Drugs and Psychotropic substances. A ke maiteko a boditšhaba a go sireletsa loapi le go lwa kgatlhanong le tlhagiso ya diritibatsi le go dira ka tsona boditšhaba.
Fa o dira kopo ya tetla ya thomelontle ya dikhemikhale tse, o tshwanetse go bona lekwalo la katlenegiso go tswa go Tirrelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) kgotsa kwa Lefapheng la Merero ya Tikologo (DEA), go ya ka khemikhale e o batlang go e romela ntle.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela ITAC kgotsa o sitlholole foromo e e maleba
- Tlatsa diforomo tsa kopo.
- Isa tse di latelang:
- khopi ya setifikeiti sa gago sa Vat
- khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo la gago fa o sena setifikeiti sa vat
- lekwalo la katlenegiso go tswa kwa SAPS kgotsa
- lekwalo la katlenegiso go tswa kwa DEA fa dikhemikhale tseo di le mo teng mo lenaneng la Montreal Protocol.
Nako ya tiragatso
Go ka tsaya matsatsi a matlhano a tiro go ka diragatsa kopo ya tetla ya diromelwantle.
Kopo ya tetla ya thomelontle: dithoto ka kakaretso (Application for export permit: general goods)
ITAC | |
Tel | 0861 843 384 |
City/town | Pretoria |
Province | Gauteng |
Physical address | International Trade Administration Commission, 77 Meintjies Street, Block D, Sunnyside, Pretoria, 0001 |
Postal address | Private Bag X753 Pretoria, 0001 |