Kopo ya thekontle ya dikhemikale

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya romelateng dikhemikhale

Go romela teng dikhemikhale mo Aforika Borwa, o tlhoka tetla go tswa go Khomišene ya Tsamaiso ya Kananyo ya Boditšhaba (ITAC). ITAC e tla swetsa gore a go mo dikgatlhegelong tsa baagi go tlisa dikhemikhale tseo mono.

Dikhemikhale di a laolwa go ikobela ditlamelo tsa Montreal Protocol le 1988 United Nations Convention Against Illicit Traffic in Narcotic Drugs and Psychotropic substances. A ke maiteko a boditšhaba a go sireletsa loapi le go lwa kgatlhanong le tlhagiso ya diritibatsi le go dira ka tsona boditšhaba.

Fa o dira kopo ya tetla ya thomeloteng ya dikhemikhale tse, o tshwanetse go bona lekwalo la katlenegiso go tswa go Tirrelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) kgotsa kwa Lefapheng la Merero ya Tikologo (DEA).

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa diforomo tse di latelang:
  2. Isa tse di latelang:
    • khopi ya setifikeiti sa gago sa Vat
    • khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo la gago fa o sena setifikeiti sa vat
    • lekwalo la katlenegiso go tswa kwa SAPS fa go romelwa teng dikhemikhale tse di tlhagelelang mo lenaneng la 1988 Convention Against Illicit Traffic in Narcotic Drugs and Psychotropic substances
    • lekwalo la katlenegiso go tswa kwa DEA fa dikhemikhale tseo di le mo teng mo lenaneng la Montreal Protocol.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a matlhano a tiro go ka diragatsa kopo ya tetla ya diromelwantle.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse di tladiwang

O ka golagana le mang

 

ITAC national office - Import and Export Control

Tel: 0861 834 384, 012 394 3590, 012 394 3591
City/town: Pretora
Province: Gauteng
Physical address: International Trade Administration Commission, 77 Meintjies Street, Block D, Sunnyside, Pretoria, 0001
Postal address: Private Bag X753 Pretoria, 0001
Web address: http://www.itac.org.za

Share this page