Fa e le gore o batla go dira ditiro tsa sepodisi mo Ditirelong tsa Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) ka go ithaopa, o tshwanetse go tsenya kopo ya go nna lepodisi la lerisefe.
Lepodisi la lerisefe ke motho yo e leng leloko la setšhaba le le dirang nakwana (mo bonnyeng jwa diura di ka nna 16 mo kgweding) a dira ditiro tsa sepodisi mo boemong jwa SAPS mme a ithaopile a sa duelelwe go dira tiro eo.
Ga o kitla o thapiwa jaaka lepodisi la lerisefe fa e le gore o:
- kile wa lokololwa ka mabaka a gore boitekanelo jwa gago bo ne bo sa go letle go dira kwa mothaping wa gago wa mo malobeng
- leloko la mo malobeng la SAPS leo kopo ya lona ya go akaretswagape e kileng ya ilediwa
- mo tirong kgotsa kantorong e nngwe le e nngwe ya mokgatlho wa sepolotiki
- le mobegadikgang wa leruri kgotsa modiredi wa tsa bobegadikgang
- le moithuti
- le modirelapabalesego
- le leloko la ditirelo tsa sepodisi sa masepala.
Go nna lepodisi la lerisefe o tshwanetse go:
- nna moagi wa leruri wa Aforika Borwa
- nna le bonnye jwa dingwaga di le 18 mme o le ka fa tlase ga dingwaga di le 70
- tlhoka go se itekanele, malwetse kgotsa makoa ape a tlhaloganyo e leng tseo di ka go kgoreletsang go dira tiro ya gago
- nna le maitseo, mme mo go seno go tla batlisisiwa fa lemorago la gago le itumedisa
- atlega mo dipholong tsa diteko/ditlhatlhobo tsa tlhaloganyo go ya ka mokomišenara wa bosetšhaba
- nna le bonnye jwa lekwalothuto la materiki kgotsa lekwalo la thuto le le lekanang le lone mme o tla tshwanelwang ke go tlhagisa makwalobopaki a lone
- kgona go bua, go buisa le go kwala ka puo ya Seisemane jaaka e le e nngwe ya dipuo tsa bosetšhaba
- letlelela gore menwana ya gago e gatisiwe mme o se fitlhelwe o na le molato wa bosenyi kgotsa o tsamaya tsheko ya kgetse e e amanang le bosenyi
- itukisetsa go ka ya go katisiwa
- tsaya boikano jwa kantoro ya sepodisi
- go se nne le mekwalo le metako e e bonagalang mo mmeleng.
Go nna le lekwalotetla la go kgweetsa ke seo se rotloediwang, fela ga se selo seo se tlhokiwang gore o nne lepodisi la lerisefe.
Bona dintlha ka botlalo mabapi le ka fao o ka nnang lepodisi la lerisefe kgotsa ikgolaganye le Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa.