Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 18 Lwetse 2013

23 Sep 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1 Ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Moporesitente Jacob Zuma, puso e simolotse ka lenaane la mafaratlhatlha a baagi la diranta di le ditrilionetrilione le le tobileng go tlhola ditšhono tsa ditiro le go tlisa thebolelo ya ditirelo go maAforika Borwa otlhe.

Ka tiragatso ya manaane ano, puso e ntshetsapele boitlamo jwa yona jwa go tlhola ditiro. Fa e sa le go amogelwa Leano le Lešwa la Kgolo seelo sa ditiro se oketsegeile ka 750 000, mme halofo ya ditiro tseno e tlhageletse mo lekaleng la ditirelo tsa baagi, segolo se tonna badiri ba baoitekanelo, barutabana le sepodisi.

Manaane ano a beile kwa setlhoeng tlhabololo ya dikgwebo potlana, e leng lekala le le botlhokwa go godisa ditšhono tsa ikonomi.

Kabinete e leboga makala a ileng a ikgolaganya le puso go diragatsa letsholo leno le legolo la mafaratlhatlha e bile gape e lopa tirisanommogo ya maphata otlhe go potlakisa maano a go tlhola ditiro le tlhabololo ya ikonomi le setšhaba sa rona.

Jaaka karolo ya katoloso ya mafaratlhatlha a baagi, ka la bo 20 Lwetse 2013 Moporesitente Jacob Zuma o tla bula Seteišene sa Motlakase sa Grootvlei le go tlhatlhoba lefelo la kago ya mmila wa terena kwa Mpumalanga.

Kabinete e amogetse go agiwa ga Yunibesiti e ntšhwa ya Sol Plaatje kwa Kimberley, mo Kapa Bokone eo e solofetsweng go simololwa pele ga bofelo jwa Lwetse 2013.

Eno ke phitlhelelo ya makata namane mo kgolong le tlhabololong ya lekala la thuto e kgolwane mo Aforika Borwa. Tiragalo eno, e totobatsa tshimologo ya semmuso ya kago ya khempase mo lefelong leo.

Tlhabololo ya yunibesithi e ntšhwa e tlhagisitswe le go mametlelelwa jaaka ntlha ya botlhokwa mo lenaneong la Diporojeke tse di Golagantsweng la Togamaano (SIP 14) ke Khomišene ya Moporesitente ya Kgokaganyo ya Mafaratlhatlha (PICC).

1.2  Moporesitente Jacob Zuma mmogo le Kabinete ya gagwe ba tla tlotla baagi ba bagolo ba Aforika Borwa kwa Ntlong ya Boporesitente ya Baeti ya Sefako M. Makgatho mo Pretoria ka la bo 29 Lwetse 2013. Seno ke bontlhabongwe jwa karolo ya go keteka seabe sa baagi ba rona ba bagolo go tlhabolola setšhaba le naga ya rona. Se, se tla tlhomamisa tshimologo ya Beke ya Bagolo, e e tla felang ka la bo 6 Diphalane, leo e leng Letsatsi la bo Ntatemogolo.

1.3  Moporesitente Jacob Zuma o tla ema ka lefoko Ngangisanokakaretso ya Kopano ya Setlha sa bolesomeleborataro ya Dinagakopano (UNGA68) kwa New York ka la bo 24 Lwetse 2013.

Moono wa monongwaga ke: “Setlhogo sa Tlhabololo sa Morago ga 2015: Tshiamiso ya Serala!” mme e tobile Maitlhomo a Tlhabololo a Ngwagakete (di-MDG) letlha nepo la 2015, le Leano la Tlhabololo mo go gateleng pele.

UNGA68 e tlamela Aforika Borwa ka serala sa go ntshetsapele leano la togamaano go fitlhelela di-MDG le Leano la Tlhabololo la Morago ga 2015. Botsayakarolo jwa rona bo tlhotlhelediwa ke dikgatlhegelo tsa naga ya Aforika Borwa le dintlha tse di botlhokwa mmogo le boitlamo jwa rona jwa sedika mo kontinenteng.

1.4 Kabinete e kgala ka bogale tiro ya borukhutlhi jwa dithapo tsa motlakase e e dirilweng ke bagwanti bao mogwanto wa bona o neng o se ka fa molaong, bao ba tlhodileng gore go nne le kgaogo ya motlakase mo dikarolong dingwe tsa Johannesburg. Ditiragalo tsa mofuta oo, segolo jang mo nakong ya fa naga e ntshetsapele tlamelo ya kaabo ya motlakase ga di kitla di ikgatholoswa mme di tshwanetse go rarabololwa ka tiriso e e feleleltseng ya semolao.

1.5 Go tlhagisiwa ga Dipalopalo tsa Bosetšhaba tsa Bosenyi tsa Aforika Borwa tsa Ngwaga wa 2012/13 di netefatsa moono wa rona wa gore fa re dira mmogo re tla fitlhelela maikaelelo a rona a setšhaba se se gololesegileng ntle le bosenyi, se se ngokang babeeletsi go netefatsa kagiso le tlamelo mo baaging ba rona.

Kabinete e dira boikuelo mo go batsayakarolo botlhe go ikgolaganya le ditlhomamiso. Puso e tlhagisa dipalopalo tseno ganngwe ka ngwaga ka maikaelelo a go tlamela setšhaba ka tshedimosetso ya sešweng ka ga twantsho ya bosenyi mo nageng, le tshekatsheko ya maano a ga jaana a go samagana le bosenyi. Dipalopalo tsa bosenyi di dirisiwa gape letsatsi lengwe le lengwe go laola maano tiragatso a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS).

Kabinete e akgola matlhagatlhaga a SAPS le mekgatlho yotlhe e e golagantsweng le mekgatlho ya baagi e e ipopileng ngatana e le ngwe le puso go lwantsha bosenyi. Kabinete e dira boikuelo go maAforika Borwa otlhe go ikamanya le twantsho ya bosenyi. Ka tirisanommogo re tla netefatsa Aforika Borwa eo maAforika Borwa a ikutlwang a babalesegile e bile a sireletsegile.

1.6 Kabinete e totobaditse matshwenyego a yona ka ga dikotsi tsa tsela tse di masisi tsa sešweng. Dikotsi tseno di tlogetse malapa mangwe a humanegile, e bile di na le karolo e kgolo e e sa siamelang ikonomi. Kabinete e dira boikuelo go beng ba dikoloi go netefatsa fa dikoloi tsa bona di siametse tsela le go nna kelotlhoko fa ba kgwetsa dikoloi. Ka ntlha ya mabaka ao, Kabinete e dira boikuelo go batlhankedi ba pharakano ya mmila go tswelela pele ka go kgaphelathoko dikoloi tse di sa siamelang tsela le bakgwetsi ba ba kgannang ba susumediwa ke notagi. Kabinete e dira boikuelo go batsamaya ka dinao botlhe go tlotla melao ya tsela.

1.7 Kabinete e dira boikuelo go maAforika Borwa otlhe go keteka Letsatsi la Ngwaobošwa ka la bo 24 Lwetse 2013 ka go etela mafelo a a farologaneng a kitso ya ngwaobošwa ka go farologana go kgabaganya naga ka bophara, go keteka Dingwaga dile 20 tsa Kgololosego. MaAforika Borwa otlhe, dikolo, dikgwebo le baagi ba lopiwa go tsholetsa folaga ya rona kwa godimo jaaka sekai sa keteko ya Dingwaga di le 20 tsa Kgololosego le go ema nokeng ‘Labotlhano wa Kgololosego’ letsholo leno le tlhomamisitsweng ka la bo 20 Lwetse 2013.

1.8 Kabinete e akgola Lucas Sithole motshameki wa tense wa kolotsana ya mabili ka go fenya sefoka sa motshameka-nosi kwa Dikgaisanong tsa Pulo ya Metshameko ya Tenese ya Amerika kwa New York. Go fenya ga Sithole go tsholeditse maemo a gagwe lefatsheng ka bophara go nna mo maemong a bobedi a phenyo, e leng ke sefoka sa ntlha sa maemo a kwa godimo sa Federešhene ya Boditšhabatšhaba ya Tenese go fengwa ke moAforika e bile e le moAforika Borwa.

Kabinete e dira boikuelo go maAforika Borwa otlhe go ema nokeng batshameki ba rona ba ba kgwetlegileng, ba ba tsweletseng pele go dira naga ya rona motlotlo ka go tshameka manontlhotlho le go tlhotlheletsa batho botlhe go fitlhelela maemo a a kwa godimo.

1.9 Kabinete e amogela Kopano ya Bosetšhaba ya Tshegetso e e Atolositsweng ya Bantsho mo Ikonoming (BBBEE) e e tla simololang go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Diphalane 2013 ka fa tlase ga moono wa: “Dingwaga di le Lesome tsa Matlafatso ya Ikonomi”.

Pholisi ya Matlafatso ya Ikonomi ya Bantsho ke leano kgolo le le tobileng go atolosa kgolo ya ikonomi ya naga ka go samagana le go sa lekane ga merafe, eo e sa ntseng e le ntlha e e bokoa ya ikonomi ya Aforika Borwa.

Kopano e tla sekaseka tswelelopele ya tiragatso ya BBBEE go tsamaelana le keteko ya dingwaga di le 10 fa e sale Molao wa BBBEE o tlhomamisitswe ka 2003. Batsayakarolo ba dkgwebo, baemedi ba mekgatlho ya badiri, makoko a sepolitiki le mekgatlho ya baagi ba tla tsayakarolo go thala matlafatso ya boraro ya ikonomi ya bantsho go tsamaelana le Molao phetolelo wa BBBEE le Melawana ya BBBEE ya Tsamaiso e e Siameng.

1.10 Kabinete e akgola Lefapha la Tlhabololo ya Loago ka leano la bona le le tokafaditsweng la thebolo ya ditirelo le le bidiwang Porojeke ya Mikondzo leo le tla atolosang le go fitlhisa ditirelo tsa loago go bahumanegi le batho ba ba mo matshosetsing mo dikgaolong tsotlhe tsa Aforika Borwa.

Ka Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago, Lefapha la Tlhabololo ya Loago mmogo le makala a lona, Ajensi ya Aforika Borwa ya Tshireletso ya Loago le Ajensi ya Tlhabololo ya Aforika Borwa di tla tswelelapele ka go anamisa Porojeke ya Mikondzo go dikgaolo di le 1 300 tse di humanegileng go gaisa mo Bommasepaleng ba Sedika ba le 23 ba ba kailweng le go bewa kwa setlhoeng ke Kabinete.

1.11  Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go nna le seabe mo dikopanong tse di tla latelang tsa Beke ya Dikopano gare ga la bo 7 le la bo 13 Diphalane 2013.

Go ya ka katlego ya Beke ya Bosetšhaba ya Dikopano ya la bo 23 Seetebosigo 2013, beke eno ya bobedi e tla abela Baeteledipele ba Sepolitiki tšhono ya go buisana go ya pele le baagi.

Paka eno, e tlamela baagi ka tšhono e ngwe gape ya go buisana ka namana le Maloko a Khuduthamaga, go keteka dikatlego le go tobana le dikgwetlho tse di lebaganeng le tiragatso ya manaane a puso. Mafelo le manaane a Beke a tla tlhagisiwa fa nako e atamela.

2 Dipuisano le ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1 Kabinete e amogetse leano la tsereganyo la Pholisi ya Bosetšhaba ka ga Tlhagiso e e sa Tlhaeleng ya Dijo le Phepo, Leano la Tlhagiso e e sa Tlhaeleng ya Dijo tsa Malapa le Phepo mmogo le Tlhagiso ya Dijo ebidiwang Fetsa Tlala.

Maikaelelo a Pholisi ya Bosetšhaba ke go tobana le dikgwetlho tsa tlhaelo ya dijo le go oketsa tlhagiso ya dijo, ka maikaelelo a go fedisa tlala ka 2030. Leano leno le togamaano yaTlhagiso ya Dijo ebidiwang Fetsa Tlala a rulagantswe go ya ka mananeo a manaane a tlhakanelo ya mafapha. Lenaaneo le tla simololwa go tlhalosa ka botlalo pholisi le manaane.

Go tla tshwarwa pulo ya dipholisi le manaane go naya tlhaloso ka botlalo.

2.2 Kabinetet e amogetse Lenaanetsamaiso la kgolagano ya Aforika Borwa le Mokgatlho wa Ikonomi mabapi le Tirisanommogo ya Ikonomi le Tlhabololo (OECD) boemong jwa paka ya 2013/14 – 2016/17.

Maikaelelo a Aforika Borwa ke go dirisa botsalano jono go fitlhelela dintlhakgolo tse tharo:

i) kgolo ya ikonomi e e kwa godimo, e e golagantsweng, ditlhokego tsa go samagana le botlhokatiro, bohumanegi le go tlhoka tekatekano;

ii) badiri ba ba nang le dikgono le bokgoni, go ntshetsapele thebolo ya maikaelelo a tlhabololo ya bosetšhaba; le

iii) ntshetsopele ya maikaelelo a Aforika, mo Aforika Borwa e tla nna le tlhotlheletso go feta ka ga merero ya lefatshe go una molemo boemong jwa ikonomi ya dinaga tsa Aforika.

Dinaga tsa OECD di dula e le balekane ba botlhokwa ba kgwebo le babeeletsi ba Aforika Borwa. Ditshwaelo di bontsha fa dinaga tsa OECD di nnile le seabe se se fetang 65% go kgolo ya GDP ya lefatshe ka 2011.

Leano le tlamela mafapha a puso ka lenaanetsamaiso go laola dikgolagano tsa bona tse di farologaneng le OECD. Kgolagano eno e e matlafaditsweng ya puso e tla kgontsha maphata otlhe go una molemo mo kgolaganong eo.

3 Melaotlhomo

3.1 Kabinete e amogetse Molaotlhomo wa Thuso ya Lekgetho la Badiri yo o tla phatlaladiwang go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

Molaotlhomo o totobatsa thuso ya moputso ka maikaelelo a go rotloetsa bathapi go thapa bašwa le basenkaditiro ba ba se nang maitemogelo. Moputso yo ke a mangwe a maano gare ga maano a mantsi a Puso a togamaano ya go thapiwa ga bašwa e bile e tla matlafatsa manaane a ga jaanong a puso.

Lekgetho la go thapiwa ga bašwa le tobile batho ba bašwa ba ba simololang go dira mme ba amogela kwa tlase ga selekanyo sa lekgetho la moputso wa motho. Ka go dira jalo le tobile bokgoni jo bo kwa tlase, batho ba meputso e e kwa tlase ba ba nang le kgonagalo e e kwa tlase ya go bona tiro. Thuso e, e tla tlhola maemo a a siameng a go tlhola ditiro le go tokafatsa kgonagalo ya go thapiwa ga badiri ba ba mo matshosetsing  a go bona tiro.

Go tla nna le tlhaloso e e rulagantsweng go tlhalosa Molaotlhomo ono.

3.2 Kabinete e amogetse Molaokakangwa wa Khomišene ya Taolo ya Lefatshe wa 2013 mme o tla phatlalatswa go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

Gare ga tse dingwe Molaotlhomo wa Khomišene ya Taolo ya Lefatshe wa 2013 o ikaeletse go tlhoma Khomišene ya Taolo ya Lefatshe. Khomišene ya Taolo ya Lefatshe e tla tshwanelwa ke go rarabolola dikgotlhang tsa beng ba lefatshe mabapi le lefatshe le le ntsheditsweng lekwalotetla la mongwa lefatshe le lenosi kgotsa go feta mabapi le lefatshe le lenosi.

Khomišene e lebeletswe gape go tlhoma le go boloka tshedimosetso ka botlalo ya lefatshe lotlhe la puso le le kwadisitsweng mo maineng a mafapha go akarediwa le lefatshe lengwe le lengwe la puso le le sa kanokiwang.

3.3   Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo wa Thuso ya Molao wa 2013 fa pele ga Palamente.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go fedisa Molao wa Thuso ya Molao wa 1969 (Molao wa bo.22 wa 1969) go tsamaelana le mabaka a a renang a ga jaanong, segolo jaang paka e ntšhwa ya molaotheo le go lepanya tiragatso ya ona.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go matlafatsa bokgoni le tolamo ya Thuso ya Molao mo Aforika Borwa, mme mo go je lenngwe; o tla dira gore baagi ka kakaretso ba une molemo. Gape o ka golagangwa le maikaelelo magolo a matlafatso ya mananeo a tshireletso ya loago ka maitlhomo a go sireletsa bahumanegi le ditlhopa dingwe tse di tlhokang, le go lemoga naga e e tlhabologang, e e nang le bokgoni le botho, e bile e busa baagi ba yona ka mokgwa o o supang tlotlo.

3.4 Kabinete e amogela go phatlaladiwa ga Molaotlhomo wa Boditšhabatšhaba wa Melawana ya Boitekanelo wa 2013 mo Lokwalodikgang la Puso go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go fedisa Molao wa Boditšhabatšhaba wa Melawana ya Boitekanelo wa 1974 (Molao wa bo 28 wa 1974) le go akaretsa Melawana ya Boditšhabatšhaba ya Boitekanelo ya 2005 mo molaong wa naga.

Melawana ya Boditšhabatšhaba ya Boitekanelo ya (2005) ke molao wa boditšhabatšhaba o o rotloetsang tirisanommogo gare ga dinaga go thusana go babalela botshelo le boitekanelo ka ga ditiragalo tse di tlhodiwang ke go anama ga malwetse a boditšhabatšhaba le matshosetsi manngwe a boitekanelo.

3.5  Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo wa Melemo le Diritibatsi tse Amegang wa 2012 fa pele ga Palamente.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tlhabolola Molao wa Melemo le Diritibatsi tse Amegang wa 1965 (Molao wa bo 101 wa 1965) jaaka o tlhabolotswe ka Molao 72 wa 2008.

Phitlhelelo ya melemo e e nang le boleng, e e kgonagalang le di diriswa tsa kalafi tse di babalesegileng ke pinagare ya boitekanelo jwa baagi e bile e netefatsa gore puso e faitlhelela maikaelelo a yona a go oketsa dingwaga tsa botshelo tsa maAforika Borwa.

3.6 Kabinete e amogetse go phatlalatswa ga Molaotlhomo wa Taolo ya Papatso ya Dino tsa Bojwala wa 2013 mo Lokwalodikgang la Puso go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

Bojalwa ke sekgoreletsi se se segolo se se thibelang puso go fitlhelela maikaelelo a yona a botshelo jo bo telele le jo boitekanetseng go botlhe. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go fokotsa dikotsi tse di tsamaelanang le bojalwa ka go laola papatso ya dino tsa bojalwa.

Le fa puso e sa kgone go iletsa bojalwa, mo go je lenngwe ga e kgone gape go rotloetsa go nowa ga bojalwa ka go letlelela baagi segolo jang bašwa go dumela fa botshelo jwa bona bo tla tokafala ka go nwa bojalwa fa boammaruri bo bontsha fa bojalwa bo na le ditlamorago tse di sa siamang.

Leano leno ga le a tshwanelwa go lebelelwa ka nosi, mme le tshwanetse go bonwa jaaka karolo ya dikgato tse digolagantsweng tsa puso go fokotsa dikotsi tse di tlholwang ke tiriso ya bojalwa.

Go tla nna le tlhaloso e e rulagantsweng go tlhalosa ka tsenelelo Molaotlhomo.

3.7 Kabinete e amogetse go phatlalatswa ga Melaotlhomo e mebedi, eo ka bobedi e tlhabololang Molao wa Bana wa 2005 (Molao wa bo 38 wa 2005) jaaka o fetotswe ke Molao wa bo 41 wa 2007 go tsamaelana le Karolo 75 ya Molaotheo le Karolo 76, go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go akaretsa tlhaloso ya tatofatso ya thobalano go netefatsa fa mongwe le mongwe yo o bonwang a le molato ka tatofatso ngwe le ngwe go ya ka tlhaloso ya Molao wa Bosenyi (Ditatofatso tsa Thobalano le merero e e Maleba) Molao Phetolelo wa bo 32 wa 2007, o tselwa fa a sa siamela go dira le bana.

Molaotlhomo o lepanya Molao le katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo go tlamela ka tshekatsheko ya tshweetso ya bosiamisi go tlosa le go boloka ngwana mo legaeng la tlhokomelo ya nakwana ka tetla ya taelo kgotsa ntle le tetla ya taelo ya kgotlatshekelo go tsamaelana le nako e e tlhomamisitsweng.

Molaotlhomo Phetolelo wa Bobedi wa Bana wa 2013 o ikaeletse go netefatsa fa bana botlhe ba amogela ditirelo le ditshwanelo tse di tobileng phitlhelelo ya tlhokomelo ya loago. Gape o leka go tlamela ka tikologo e e babalesegileng le e e sireletsegileng boemong jwa tlhokomelo ya bana ba ba tlhokang tlhokomelo le tshireletsego.

4 Go thapiwa

4.1 Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang ke Lefapha la Merero ya Metsi:
a) Rre Johannes David Mahlangu jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Ditirelo tsa Tshwaraganelo
b) Rre Anil Bijman Singh jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Melawana le Kobamelo
c) Mohumagadi Deborah Gabaakelwe Mochotlhi Motlatsamokaedikakaretso: Thulaganyo le Tshedimosetso.

4.2 Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang ke Lefapha la Ditiro:
a) Mohumagadi Agnes Moiloa jaaka Motlhankedimogolo wa Tiragatso.
b) Rre Thobile Maxin Lamati jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Ditirelo tsa Tshekatsheko le Kobamelo.

4.3 Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang jaaka Bakaedi ba Boto ke Ajensi ya Tshedimosetso ya Thekenoloji ya Puso (SITA):
a) Ngaka Anna Mokgokong
b) Moadfokata Mantshare Beatrice Matlejoane
c) Moadfokata Thabani Masuku
d) Rre Zukile Nomvete
e) Mohumagadi Seadimo Chaba
f) Rre Ganelang Zeth Malele
g) Rre Graeme Alvan Victor
h) Mohumagadi Nozipho January-Bardill
i) Mohumagadi Sindi Mabaso-Koyana
j) Mohumagadi Vuyokazi Felicity Mahlati
k) Rre Stadi Mngomezulu
l) Mohumagadi Michelle Oddette Williams
m) Rre David Clephane Niddrie (Moemedi go tswa go tsa Tlhaeletsano)
n) Rre Nkhangweleni Walter Mudau (Moemedi go tswa go DPSA)
o) Rre. Geoffrey Rothschild.
4.4 Kabinete e amogetse maloko a a latelang go Boto ya Ditirelo tsa Matlole
a) Mohumagadi Jabu Mogadime
b) Mohumagadi Hilary Wilton (Motlatsa Modulasetilo)
c) Moprofesara Phillip J Sutherland
d) Mohumagadi Zarina Bassa
e) Mohumagadi Di Turpin
f) Rre Ismail Momoniat
g) Rre Olano Makhubela (Morefosanyi)
h) Mohumagadi Dudu Msomi
i) Rre Abel Sithole (Modulasetilo).

4.5 Kabinete e amogetse go thapiwa gape ga Mohumagadi Hlonela Lupuwana jaaka Motlhankedimogolo wa Taolo ya Ajensi ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana nako ya dingwaga di le tlhano.

4.6 Kabinete e etse tlhoko go thapiwa gape ga Ngaka Prins Nevhutalu jaaka Modulasetilo wa Boto ya Setheo sa Bosetšhaba sa Bosa sa Aforika Borwa.

4.7 Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang ke Khomišene ya Ditirelo tsa Tshireletso ya Sesole nako e e seng ya leruri paka e e sa feteng dingwaga di le tharo:
a) Mohumagadi Magirly Rebecca Mokoape
b) Mohumagadi Lindiwe Daphney Zulu
c) Mohumagadi Dipuo Mvelase.

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa sa namaotshwerwe)
Mogala: 083 501 0139

Issued by: Government Communications

Share this page

Similar categories to explore