Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya la bo, 26 Phatwe 2020

A. Merero ya ga Jaanong

1. Kgato ya Bobedi ya Mogare wa Corona (COVID-19) 
1.1. Tshwetso ya go tswa mo Kgatong ya Boraro go tsena mo Kgatong ya Bobedi ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go tloga ka la bo 18 Phatwe 2020 go amogetse gore melaokiletso e mengwe e e iletsang ditiragalo tsa ikonomi le tsa loago e repisiwe. Tshwetse ya phetogo e kgolo eno e tla tsosolosa ikonomi ya rona le go tsenya letsogo mo go tlholeng ditiro tse di tlhokagalang, bogolosegolo mo intasetering ya bojanala le borobasogo. 

1.2. Kgato ya Bobedi eno e tla nolofatsa dithulaganyo tsa go dira gore Ditona di tle fa pele ga dintlo tse pedi tsa Palamente, e leng Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA) le Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), go tla go ikarabela fa pele ga ditokololo tsa Palamente.

1.3. Le fa tota kgonagalo ya gore re 'welwe ke leru la ditshwaetsego lekgetlo la bobedi' e santse e le teng jaaka dinaga tse dingwe di le mmalwa di itemogetse, dikgato tsa rona tse re di tshwaraganetseng mo dibekeng le dingweding di le mmalwa tse di tlang di ka thibela gore re se itemogele seno, e bile di tla re tswela molemo fa go tla mo go tseyeng ka bonako dikgato tsa go gatela pele. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe go itlhokomela, go nna le maikarabelo le go dira dilo ka tshwanelo gore re seke ra welwa ke leru leno lekgetlo la bobedi. 

1.4. Puso e dirisana le badirisanimmogo mo mererong ya loago mmogo le baagi go netefatsa gore dikgaolo di tlametswe ka tshwanelo le go rulaganngwa gore di kgone go emelana le mogare ono gore o se aname. 

1.5. Naga ya rona e ntshitse ga tshwene go lwantshana le leroborobo leno. Tiro e ntle eno e re e dirileng ka bomadimabe e nyefolwa ke maitsholo a a botlhaswa a ba bangwe ba batho ba borona ba ba ganang go rwala maikarabelo a go thibela go anama ga mogare ono. Bao ba kgannang ba itshietse le go itshwara ka mokgwa o o duleng mo tseleng ba baya mo kotsing matshelo a batho ba ba senang molato. 

1.6. Ka ntlha ya maitsholo a a duleng mo tseleng, mo bekeng eno re lelela mapodisi a le mararo a a tlhokafetseng go sa lebelelwa a Lefapha la Sepodisi sa Motsemogolo wa Tshwane (TMPD) a a latlhegetsweng ke matshelo a bona mo kotsing ya fa sejanaga sa bona se ne se sugakana le sa mokganni yo a neng a itshietse fa di ne di jana ka ditlhogo mo bofelong jwa beke e e fetileng. Kotsi e e setlhogo eno ke segakolodi mo go rona rotlhe, ka bongwe jwa rona kgotsa re ipopile ngatana, gore re ipotsolotse gore ke eng seo re ka se dirang gore re simolole go nna le maikarabelo le mo go tshamekeng karolo ya rona mo go kgaotseng tirisobotlhaswa ya notagi.

1.7. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ba naga ya Aforika Borwa gore ba tswelele go obamela dikgato tsa boitekanelo le fa tota re tla bo re le mo Kgatong ya Bobedi. Rotlhe re tshwanetse go tswelela go katogana, go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho le go tlhapa diatla ka gale ka metsi a sesepa kgotsa go itlotsa ka sebolayamegare se se nang le alekhohole. 

2. Go Boela kwa Dikolong le kwa Ditheong tsa Thuto e Kgolwane 
2.1. Kabinete e neseditse pula kgang ya go bulwa sešwa ga dikolo tsa kgato ya motheo le tse dikgolwane tsa Lefapha la Thuto ya Motheo mo Mosupologong o o fetileng. Barutwana ba Mophato wa 6 le wa 11 ba boetse sekolong mo Mosupologong fa barutwana ba Mophato wa 7 le wa 12 bona ba boetse sekolong mo kgweding e e fetileng go latela go tswalelwa ga dikolo nakwana e le kgato ya go thibela kgonagalo ya gore mogare ono wa COVID-19 o aname. 

2.2. Kabinete e neseditse pula gape le tsiboso ya gore mo Kgatong ya Bobedi ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, diyunibesiti tsotlhe di tla letla gore baithuti ba ka boela kwa dikhamphaseng mme e leng seo se tla laolwang go ikaegilwe ka dithulaganyo tse di phasaladitsweng mo Kaseteng ya Puso (Vol 660, Nomoro ya 43414 ka la bo 8 Seetebosigo 2020). Go ya ka dithulaganyo tseno, mo Kgatong ya Bobedi ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, baithuti ba ka nna 66% ba tla letlelelwa go boela kwa dikhamphaseng tsa diyunibesiti.

2.3. Kabinete e neseditse pula gape le dikgato tsa go busa baithuti ba ditheo tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegenik (di-TVET) ka makgaokgao, go bulwa ga ditikwatikwe tsa Thuto le Katiso Baagi mmogo le go boela tirong ga badiredi. Dikgato tseno tsotlhe di tla latela maano a tsamaiso a a tseneletseng a COVID-19 a a leng mo tirisong go ralala le makala otlhe, go netefatsa gore re tswelela ka go babalela baithuti le badiredi, fa ka fa letlhakoreng le lengwe re letlelela gore baithuti ba le bantsinyana ba fitlhelele ditirelo di le dintsinyana tsa go ruta le go ithuta mo dikhamphaseng.

3. Go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee
3.1. Kabinete e gateletse maikano a yona a go netefatsa gore ditatofatso tsa bonweenwee tse di amanang le dithendara tsa COVID-19 di phuruphudiwa ka ponyo ya leitlho ke ditheo tsa go disa kobamelomolao tse di jaaka Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU). Ba ba amegang ba tla otlhaiwa tota, e bile madi a a utsweditsweng puso ke bophokojwe ba ba dithetsenyane ka go tlhatlosa didirisiwa tsa ipabalesego (di-PPE) busediwa puso. 

3.2. Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e dirilweng ke Komiti ya Ditona e e eteletsweng pele ke Tona ya Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa Rre Ronald Lamola. Setlhopha seno sa Komiti ya Ditona go solofetswe gore se tla tsamaisa thulaganyo ya go bokeletsa dithendara tsotlhe tsa COVID-19 le go dira gore di phasaladiwe mo pepeneneng gore baagi ba difitlhelele. Mo go netefatseng gore seno se latela dikgato tsa botlhokalehunelo, webesaete ya Matlotlo a Naga (www.treasury.gov.za) e setse e phasaladitse tshedimosetso ya mafapha ka bontsi le ya ditheo tseo di latetseng dithulaganyo tsa dithendara ka botlalo. 

3.3. Ba Matlotlo a Naga ba tla tswelela ka tiro e e latelang go pholophotsa tshedimosetso a ba e rometsweng gore e tlhatlhobiwe ka tsenelelo. Kabinete e totobetse gore ditheo tsa go disa kobamelomolao di tla tswelela ka dipatlisiso tsa tsona. 

3.4. Tikwatikwe ya Ditirelo tse di Golaganeng tsa go Phuruphutsha Bonweenwee, e e tsamaisang tiro ya ditheo tsotlhe tsa go disa kobamelomolao, e santse e semeletse go ka phasalatsa pegelo ya yona ya ntlha ya tiro e e dirilweng mo dibekeng tsa yona tsa ntlha di le thataro mme e tla phasaladiwa fa pele ga Moporesitente Cyril Ramaphosa mo bekeng ya ntlha ya kgwedi ya Lwetse 2020.

3.5. Kabinete e tla neela ditheo tsotlhe tsa go disa kobamelomolao tshegetso nngwe le nngwe e di ka e tlhokang. Seno se tsenyeletsa go ba tlamela ka metswedi e ba e tlhokang go dira tiro ya bona ka botlalo, ba ikemetse e bile ba sa tseye letlhakore, ba sa emelele ope le go kgetolola ope mo go tsamaiseng dipatlisiso le botšhotšhisi jwa dikgetse tse di amanang le bonweenwee ntle le tiego epe. 

3.6. Leru le lentsho leno la bonweenwee, le le iponagatsang ka bogodu jo bo tseneletseng le jwa go thopa dithoto tsa puso, ke kankere e tona mo setšhabeng sa borona e e nang le kgonagalo ya go gogola tshepo e setšhaba se nang le yona mo matsapeng a a kopanetsweng ao a tsewang ke puso go tokafatsa matshelo a batho. Kabinete e kgalema ka mafoko a a galefileng ditiro tsotlhe tsa bonweenwee e bile e na le tshepo e e tletseng gore botlhe ba ba tlotseng molao ba tla tobana le ditiragalo tsa botšhotšhisi ntle le go tseya letlhakore le go emelela ope.

3.7. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go bega ditiragalo tsotlhe tsa bonweenwee mo Mogaleng wa Tshoganyetso wa Naga o o emang Kgatlhanong le Bonweenwee wa 0800 701 701.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Mananeo a Katiso go Katisa Ditokololo tsa Batsamaisibagolwane ba Khuduthamaga mo Ditirelong tsa Puso
1.1. Kabinete e neseditse pula mananeo a mabedi a katiso a a tla kgontshang gore maikano a go nna le badiredi ba ba nang le bokgoni mo pusong a diragadiwa. La ntlha ke la Katiso ka Merero ya Ikonomi ka Sekolo sa Nakwana sa Puso e e tla tsenelwang ke Khuduthamaga go tswa mo maphateng otlhe a puso. Maitlhomo a lona ke go atolosa mesola ya go ithuta ka go sekaseka le go leba ka leitlho le le ntšhotšho moodi wa dikgwetlho tse di leng teng mo pusong. Katiso eno e tla diragadiwa ke Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG), se tshwarisanemmogo tiro eno le Sekolo sa Dithuto tsa Tsamaisopuso sa Wits mmogo le Sekolo sa Dithuto tsa Boeteledipele sa OR Tambo.

1.2. Lenaneo la bobedi lona le tobile ditlhogo tsa mafapha. Le na le dikarolo di le tharo, e leng Lenaneo la Dithuto tsa Ntlha tsa Bokhuduthamaga, Lenaneo la Dithuto tsa Bokhuduthamaga mmogo le lenaneo le lentšhwa le le tla bediwang Etella. mananeo ano otlhe a tla diragadiwa ke NSG, e tshwarisanemmogo tiro eno le Yunibesiti ya Kholeje ya London. 

2. Go Isiwa kwa Pele ga Letlha la go Tshwarwa ga Kopano ya 2020 ya Mekgatlho ya Boditšhabatšhaba ya Ditheo tsa Ditirelo tsa Mawatle le Botshwaraditlhapi (IMO)
2.1. Ka ntlha ya leroborobo la COVID-19, Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isiwa kwa pele  ga letlha la go tshwarwa ga kopano ya IMO mmogo le mekete ya yona e e diragalang ka nako e le nngwe ya go keteka Letsatsi la Lefatshe la Ditirelo tsa Mawatle le Botshwaraditlhapi, go tloga ka kgwedi ya Diphalane 2020 go fitlha kakgwedi ya Diphalane 2021. Kabinete e dumetse gore mokete ono o ka tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanaitseele 2015. 

C. Melaotlhomo

1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditheo tse di Rekisang Ditsweletswa tsa Temothuo wa 2018
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditheo tse di Rekisang Ditsweletswa tsa Temothuo wa 2018. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno maitlhomo a tsona ke go babalela ditshwanelo tsa batlhagisi ba ditlhagisiwa tseno kgatlhanong le dikgato tse di seng ka fa molaong tsa ditheo tse di rekisang ditsweletswa tsa bona tse di foreše. Gang fa o setse o fetisitswe go amogelwa go nna molao, ditheo tseno tsa barekisi gareng ga tse dingwe di tla gapeletsega gore di nne le diinšorense tsa go duelela ditshenyegelo mmogo le go bula diakhaonto tsa dikgwama tsa tsona. 

1.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa mo Molaotlhomong ono di phasaladitswe ka botlalo go utlwa maikutlo a bannaleseabe ba ba maleba. Diphetogo tseno di tla tokafatsa gape le ditšhono tsa batlhagisi ba ba potlana go fitlhelela dimaraka mmogo le ditheo tse di potlana tse di rekisang ditsweletswa tseo mo malobeng di neng di kgapetswe kwa thoko go tsenyeletsa le bagwebi le barekisi ba mo mebileng. 

2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Makwalobopaki jwa Madulo
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo ono. Molaotlhomo ono o kwalolasešwa Molao wa Makwalobopaki jwa Madulo wa 1986 (Molao wa bo 95 wa 1986), o o thayang dikema tsa makwalobopaki jwa madulo. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di totobatsa dintlha ka tlhamalalo le go babalela motho yo a hirileng bonno mo mafelong ao a leng mo taolong ya motho yo a nang le makwalobopaki jwa madulo. 

3. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Ditlhopho wa 2020
3.1. Kabinete e tlhomamisitse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Ditlhopho wa ngwaga wa 2020. Molaotlhomo ono o kwalolasešwa dikgaolo di le tharo tsa molao ono e leng, Molao wa Khomišene ya Ditlhopho wa ngwaga wa 1996  (Molao wa bo 51 wa 1996); Molao wa Ditlhopho wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 73 wa 1998) mmogo le Molao wa Ditlhopho tsa Mebasepala wa Pusoselegae wa ngwaga wa 2000 (Molao wa bo 27 wa 2000).

3.2. Diphetogo tse di tshitshintsweng di tla tsholetsa dithulaganyo tsa molao tse di leng teng ga jaana. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno, gareng ga tse dingwe, di tla tsenyatirisong boitshimololedi mo ditiragalong tsa go tshwara ditlhopho mo go direng gore ditiragalo tsa rona tsa ditlhopho di nne mo maemong a a kwa godimo go tokafatsa tiro e e tswileng diatla ya Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC) ya go tsamaisa ditlhopho. 

D. Go Thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Go atolosiwa ga konteraka ya tiro ya Rre Hubert Mathanzima Mweli jaaka Mokaedikakaretso mo Lefapheng la Thuto ya Motheo ka sebaka sa dingwaga di le tlhano. 
2. Kantoroposo ya Aforika Borwa:
a. Rre Emmanuel Lekgau;
b. Mme Nolitha Pieters;
c. Rre Sandile Phillip; 
d. Rre Sipho Majombozi; le
e. Mme Yvette Lillian Mavivi Myakayaka-Manzini.

3. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Setlamo sa Puso sa Postbank:
a. Rre Gcobani Mancotywa;
b. Rre Darwin Zinzile Nkonki;
c. Rre Thabile Wonci; le
d. Moatefokate Leigh Hefer-Hendrikse.

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore