Pegelo ya Kopano e e Itlhophileng ya Kabinete ya la bo 15 Moranang 2020

Pegelo ya Kopano e e Itlhophileng ya Kabinete ya Laboraro, wa la bo 15 Moranang 2020

Gompieno, ka la bo 15 Moranang 2020, go tshwerwe Kopano e e Itlhophileng ya Kabinete e e neng e tshwerwe ka go dirisa didirisiwa tsa mafaratlhatlha a thekenoloji ya ditlhaeletsano, mo go neng go sekasekwa leano la go busetsa maemo a ikonomi le loago sekeng fa re sena go konosetsa Paka ya COVID-19 ya Go Sekega Nakwana Ditiro tsa ka fa Nageng.

Kopano eno e latela tsiboso ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa mo dibekeng di le pedi tse di fetileng, mo a tlhalositseng gore Kabinete e tla tšhotlha kgang eno ka botlalo go tlhagisa leano la go busetsa maemo a ikonomi le loago sekeng ka fa nageng.

Go bonwe dikemedi di le tlhano go tswa mo ditlhopheng tseno: (1) Makala a Merero ya Tlhabololo ya Ikonomi, Dipeeletso, Ditiro le Mafaratlhatlha (ESIED); (2) Makala a Merero ya Tlhabololo ya Tsamaisopuso, Bokgoni jwa Puso le Ditheo; (3) Makala a Merero ya Tlhabololo ya Pabalesego ya Loago, Baagi le Batho; (4) Dikoporasi tsa Kgwebisano le Pabalesego tsa Boditšhabatšhaba (ICTS); mmogo le go tswa go (5) Makala a Merero ya Tlhabololo ya Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego (JCPS).

Dikemedi tseno di supa tirisanommogo e e dirilweng ke ditlhopha tsotlhe tsa Kabinete, di tsepamisitse mogopolo mo go busetseng sekeng maemo a ikonomi ya naga ya rona jaaka a koafaditswe ke leuba la COVID-19 mmogo le go folosiwa mo maemong a dipeeletso go sa le gale ke ditheo tsa tshekatsheko ya maemo a ikonomi e leng sa Moody’s le sa Fitch go ya ka tatelano ya tsona.

Kabinete e sweditse gore go santse go na le dipuisano di le dintsi le dikgato tsa go batla maikutlo di le dintsi tse di santseng di tlhoka go diriwa pele re ka re jaanong re atlenegisa leano le le kopantsweng go ka nna leano la bofelo le re ka reng jaanong re ka le abela baagi ba naga ya rona.

Ditlhopha tsotlhe tsa Kabinete di kopilwe gore di dirisane mmogo mme di tlhagise tokomane e le nngwe e e kopanetsweng e e samaganang le dikarolo tse di botlhokwa thata mo leanong la go busetsa sekeng maemo a ikonomi ya naga ya rona, mme tokomane eno e tshwanetse go konosediwa pele ga Kopano ya Kabinete e e tla tshwarwang ka Mosupologo wa la bo 20 Moranang 2020 mo bekeng e e tlang.

Kabinete gape e laetse Tona ya Dikgwebo tsa Puso, Pravin Gordhan, go kwala pegelo e e nang le tshedimosetso ya sešweng e e ka ga Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa (SAA), gore e tle go tšhotlhiwa mo kopanong e e tlang eno. Mme e tla re morago, Kabinete ya garela leano la naga la go busetsa sekeng maemo a ikonomi.

Kabinete e lebogile batho botlhe go ralala le naga go bo ba ntse gae mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore