Pegelo ya Kopano e e Kgethegileng ya Kabinete ya 13 Ferikgong 2016

1. Ikonomi

1.1. Kabinete e kopane go buisana ka maemo a ikonomi le merero e e amang tekanyetsokabo. Kabinete e ne ya amogela dintlha tse dintsi tse di amang ikonomi ya naga.

Maemo go ralala lefatshe a koafetse mo dikgweding tse di fetileng. Kgolo e e bokoa ya lefatshe lotlhe e supa tiragatso e e bokoa le dikotsi tse di kwa godimo mo dinageng tse di botlhokwa tse di tlhabologang, go akaretsa China.

Poelomannong e e amogelegang e e solofelwang kwa USA e ka baka tlhatlogo ya dieelo tsa morokotso go ralala lefatshe. Methamo e e ka fa tlase ga kgatelelo ya kgwebisano le maemo a a sa iketlang mo mebarakeng ya lefatshe ya matlole di gatelela tlhokego ya gore ditšhaba di tlhome tsepamo le go gata ka tlhoafalo mo dipakeng tse di latelang.

Kabinete e ne gape ya amogela gore go na le dipoelo dingwe tse di siameng ka ntlha ya tlhwatlhwa e e kwa tlase ya oli e e sa tlhotlhiwang. Jaaka moromelantle wa diphatlho o mogolo, Aforikaborwa e tlhobaediwa ke bokoa bo bo tswelelang ba ditlhwatlhwa tsa diphatlho.

Puso e tswelela go agelela mo maemong a ikonomi ya naga a mefutafuta, le dipoelo tsa thomelontle di tswelela go ikaega go le gontsi ka dimetale le dire tse di tlhotlhilweng go se kae.
Go wa ga ditlhwatlhwa tsa diphatlho go ka se dirologe ka bonako. Se se tla nna le ditlamorago tse di tla tswelelang mo ikonoming ya Aforika Borwa le tsa dinaga tse dingwe tse dintsi tse e leng balekane ba rona mo kontinenteng ya Aforika.

Kwelotlase ya Ranta mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng e tlamela ka ditšhono tse di botoka tsa kgolo ya thomelontle mme, mmogo le tlhwatlhwa e e kwa tlase ya oli, e thusitse go fokotsa kgatelelo mo akhaontong ya matlole ya naga. Le fa go le jalo, kgolo e e bokoa mo balekaneng ba Aforika Borwa ba kgwebisano e kaya topo e e fokotsegileng ya ditlhagiswa tsa Aforika Borwa kwa dinageng tse dingwe.

Maemo a lefatshe a tsewa a gwetlha mo mebarakeng e e alogang, ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa diphatlho le go gagamadiwa ga pholisi ya ditšhelete kwa USA e leng se se beileng kgatelelo mo kelelong ya madi le ditsholofelo tsa kgolo. Se, se bakile ketsaetsego mo mebarakeng ya madi.

Ranta ya Aforika Borwa, e leng lengwe la madi a mebaraka e e alogang le go gwebisanwang thata ka lona, e utlwisitswe botlhoko, segolo mo dibekeng tse di sa tswang go feta.

Mo maemong a a bokete a a lefatshe, a mo go ona diikonomi tsotlhe di lebaganeng le dikgwetlho tse dikgolo, Kabinete e gateletse tlhokego ya gore puso e tsereganye ka botlhale le ka go tsaya tshwetso go busetsa segalo sa kgolo ya ikonomi.

1.2. Leanotlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le tlamela ka ditsereganyo tse. Puso e tla golagana le balekane ba loago, segolo kgwebo le mekgatlo ya badiri, go bopa tumalano mo dikgatong tse di kopanetsweng tse di tlhokegang go tsepamisa ikonomi, go bopa tshepo, go tsholetsa maemo a peeletso le poelo mo Aforika Borwa go ya ntlheng ya kgolo ya ikonomi e e akaretsang. Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka 11 Tlhakole e tla tsaya tsia tiro e.

1.3. Kabinete e tiisitse mekgwa e e maatla ya go busetsa tsela e e isegang ya matlole go lebilwe koafalo e e nnileng teng mo ikonoming ya lefatshe le ditlamorago tsa yona mo gae. Tona ya Matlotlo, Pravin Gordhan, o tla ribolola ditsela tse fa a ala tekanyetsokabo ya bosetšhaba ka 24 Tlhakole 2016.

2. Tlamelo ka matlole go Thuto e Kgolwane

Kabinete e amogetse diphetolo mo dikabong tsa tekanyetsokabo ya bosetšhaba tse di tla fetisang matlole go thusa diyunibesithi ntle le go fetisa ditekanyetso tse di begilweng tsa tirisong ya matlole.

Moporesitente Jacob Zuma le Tona ya Thuto e Kgolwane le Katiso, Blade Nzimande, go sa le gale ba supile gore dikabo tse di tla dirisediwa gore dituelo di se tlhatlosiwe jaaka go dumelanwe mo ngwageng wa ga jaana wa dithuto, go phimola sekoloto sa baithuti sa Sekema sa Thuso ya Matlole sa Baithuti sa Bosetšhaba le go thibela kokotsego ya sekoloto se mo pakagareng.  

Mekgwa e ya tsereganyo ke tsibogo ya ditherisano di le mmalwa tse di simolotseng ka Diphalane 2015 e bile di santse di tswelela. Tona ya Thuto e Kgolwane le Katiso le setlhopha sa gagwe sa bolaodi o tshwere dikopano di le mmalwa le boeteledipele ba SASCO, Makgotla a Dikemedi tsa Baithuti otlhe, Foramo ya Diyunibesithi tsa Aforika Borwa, Kopano ya Baithuti ba Aforika Borwa, boCEO ba diSETA, Mokgatlo wa Tlhabololo ya Thuto e Kgolwane le komiti ya Palamente e e nang le maikarabelo a thuto e kgolwane.  

Moporesitente o kopane gape le boeteledipele ba baithuti e bile o ba begetse ka go tlhongwa ga Khomišene e e tla lebang dintlha tse di tlhagisitsweng ka ga Thuto e Kgolwane. Ditherisano tse di santse di tswelela pele gonne re dumela gore jaaka puso re batla go dira go bona tharabololo ya leruri. Ditopo tsa baithuti di nyalana le maitlhomo a thulaganyo ya puso tebang le thuto.

2.1.1. Mo maemong a ga jaana, dibilione tsa diranta tse 2.33 di abetswe go samagana le tlhaelo mo go tlameleng diyunibesithi ka matlole ka ntlha ya tumalano ya koketso ya dituelo ka 0% ka 2016.

2.1.2. Mo ngwageng wa ditšhelete wa 2016/17, puso e abile sešwa dibilione tsa diranta di le 2.543 tsa matlole a Puso go abelwa NSFAS go tlamela ka dikadimo tsa go thusa baithuti ba ba supilweng ke NSFAS ba le 71 753 mme ba ne ba tlametswe ka seripa fela kgotsa ba sa tlamelwa gotlhelele ka matlole mo dingwageng di le tharo tse di fetileng tsa dithuto. Se se kaya gore baithuti ba ba tshwanelwang ba, ba ka se ganediwe go tsweletsa dithuto tsa bona ka ntlha ya fa ba na le dikoloto tse di saletseng morago tsa diyunibesithi.

2.1.3. Dibilione tse dingwe tsa diranta di le 2.039 di abetswe NSFAS mo ngwageng wa ditšhelete wa 2016/17 go tshegetsa baithuti ba ba senang matlole kgotsa ba matlole a a tlhaelang ba ba santseng ba le mo diyunibesithing ka 2016 go konosetsa dithuto tsa bona.  

Matlole a ke tlaleletso mo godimo ga dibilione tsa diranta di le 10 tse NSFAS e tla di rebolang mo ngwageng wa dithuto wa 2016.

Puso e ineetse go tlamela ka thuto ya morago ga sekolo, go baithuti botlhe ba ba tshwanelwang, ya mahala go batlhoki le ba maemo a a kwa tlase a badiri, mo teng ga ditekanyetso tse di diregang tsa matlole. Kabinete e ikuela go baithuti, badiri, batlhatlheledi le batsamaisi ba diyunibesithi go dirisana mmogo le puso go fitlhelela maikaelelo a.

Dikgato tse di kgoreletsang dithuto kgotsa di tlholang maemo a a sa iketlang kgotsa go solofela dilo tse di ka se fitlhelelegeng, ga di na thuso epe. Tirisodikgoka le matshosetsi ga di amogelege.

2.2. Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go lemoga gore go na le maemo a a gwetlhang mo pakeng e e tlang. Maemo a ikonomi ya lefatshe a koafetse. Seabe sa ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa diphatlho se setse se utlwala mo Aforika Borwa. Mathata a selegae jaaka tlamelo e e sa lekanang ya motlakase, a santse a le teng. Komelelo e kgolo e baka mathata mo diporofenseng di le mmalwa.

Kabinete e na le bonnete ba gore maAforika Borwa a tswelela go nna setšhaba se se maatla se se itseng boleng ba go dira mmogo ka kagiso le kutlwano. Go senoga ga sešweng ga batho ba ditumelo tsa go tlhaola ka mmala go maatlafaditse boineelo ba rona rotlhe ba go aga setšhaba se se sa tlhaoleng go ya ka mmala, ka bong mme e le setšhaba se se tswelelang.  

3. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:
3.1. Rre Shonisani Mathews Munzhedzi jaaka Motlatsa Mokaedikakaretso (DDG): Mefutafuta ya Botshelo le Tshomarelo mo Lefapheng la Merero ya Tikologo.

3.2. Mme Siphokazi Ndudane jaaka DDG: Boalodi ba Bodirelatlhapi mo Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.

Dipotso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore