Laesense Ya Boditshaba Go Thaya Ditlhapi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kopa laesense ya setshwaraditlhapi sa boditšhaba

Go nna le setshwaraditlhapi sa boditšhaba mo Aforikaborwa, sediriswa seo se tshwanetse go kwadisiwa le maemo a folaga ya naga e e seng Aforikaborwa. O tshwanetse go dira kopo ya setifikheiti sa pabalesego kwa Department of Agriculture, Forestry, and Fisheries Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town.

Gore setshwaraditlhapi se se rebolelwe laesense, o tshwanetse go bo o se tlhakanetse le mong wa tshwanelo wa Moaforikaborwa. Gore sediriswa se se dumelelwe, o tshwanetse go tlatsa foromo ya phemiti ya go tshwara go ya ka lekala le sediriswa se se tla tshwarang ditlhapi mo go lona. Fa o batla gore sediriswa se se tshware ditlhapi kwa Matle a a kwa Godimo mo pakeng ya khiro, o tshwanetse go tlatsa foromo ya kopo ya Mawatle a a kwa Godimo.

Moaforikaborwa yo o nang le tshwanelo ya go tshwara ditlhapi a ka hira sediriswa se fela ka fa tlase ga mabaka a a kgethegileng go tsenela ditiragalo tsa ditlhapi mo teng ga Karolo e e Kgethegileng ya Ikonomi (Exclusive Economic Zone) (EEZ) kgotsa mo metsing a boditšhaba ka fa tlase ga folaga ya Aforikaborwa.

Pele o nna le seabe mo ditiragalong tsa ditlhapi o tshwanetse go golagana le Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town (dintlha di fa tlase) go sekaseka gore go hira setshwaraditlhapi sa boditšhaba go dumeletswe mo lekaleng le le rileng le gore go tlhokega ditlankana dife gore kopo eo e amogelwe.

Setshwaraditlhapi seo se tla tsenela tlhatlhobo ya tshiamelolewatle ka South African Maritime Safety Authority (SAMSA) mme o tla duelela tlhatlhobo eo.

Ditshwaraditlhapi tsotlhe tsa boditšhabadi tshwanetse go nna le INMARSAT C VMS tse di dirang mo go tsona tse di begelang Lekala: Taolo ya Bodirelatlhapi kwa Cape Town. Karolo ya Tsamaiso ya VMS ya Lekala: Taolo ya Bodirelatlhapi e tla netefatsa se.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town:  Ground Floor, , Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way , Foreshore, Cape Town go bona foromo ya kopo ya laesense ya setshwaraditlhapi sa boditšhaba
  2. Tlatsa foromo ya kopo ka tshedimosetso e e latelang:
    • leina la setshwaraditlhapi
    • lleina le dintlha tsa mong wa setshwaraditlhapi (go akaretsa dišere tsa beng fa se tlhakanetswe le baagi ba Aforikaborwa
    • maatla a sediriswa
    • boleele le mothamo wa sedriswa
    • nomorokwadiso ya sediriswa
    • oNaga ya folaga e sediriswa se kwadisitsweng ka fa tlase ga yona (fa se se hirilwe go tswa go kgotsa o se tlhakanetse le ba e seng baagi ba Aforikaborwa)
    • setifikheiti sa kwadiso go tswa kwa nageng ya folaga
    • lekala la ditlhapi le sediriswa se se tla bong se dira mo go lona mo pakeng e se dirisiwang
  3. Kgomaretsa lekwalo la semmuso la Bothati jwa Bodirelatlhapi jwa naga ya folaga, le le tlhalosang gore:
    • setshwaraditlhapi se letlilwe go tshwara ditlhapi mo metsing a Aforikaborwa
    • sediriswa se ga se ise se nne le seabe mo tiragalong ya go tshwara ditlhapi e e seng mo molaong, e sa laolwa e bile e sa begiwa (Illegal, Unregulated and Unreported kgotsa IUU)
    • Bothati ba Bodiretlhapi ba Aforikaborwa bo tla rwala maikarabelo a go laola setshwaraditlhapi se
    • Bothati ba Bodiretlhapi ba Aforikaborwa bo tla rwala maikarabelo a go bega ditshwaro go Mekgatlo ya Dikgaolo ya Taolo ya Bodirelatlhapi (RFMO) fa go tlhokega go ya ka RFMOs dipalopalo tsotlhe tsa ditlhapi tse di tshwerweng, e ka tswa e le mo EEZ ya Aforikaborwa kgotsa kwa Mawatle a a kwa Godimo, e tla nna tsa Aforikaborwa mo pakeng ya tumalano ya khiro
    • setshwaraditlhapi sa boditšhaba se tla dira go ya ka melawana le dipeelano tsa phemiti ya Aforikaborwa.
    • fa sediriswa e se se se tlhophilweng go ya ka tsamaiso ya go rebola dithata, modirakopo o tshwanetse go tlatsa foromo ya phetisetso ya sediriswa.
  4. Duela tlhotlhwa e e beilweng mo akhaontong e e latelang:
    Banka: First National Bank
    Nomoro ya akhaonto: 62123256382
    Mofuta wa akhaonto: Current
    Leina la akhaonto: Marine Living Resources Fund
    Leina la lekala: Corporate Account Services CapeTown
    Khoutu ya lekala: 204-109
  5. Leletsa tikwatikwe ya tirelo ya badirisi gore o newe referense (021 402 3911 / 086 000 3474)
  6. Isa kopo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012 mmogo le tshwanelo ya go tshwara ditlhapi kgotsa konteraka magareng ga gago le mong wa tshwanelo kgotsa o ka di isa ka seatla kwa Foretrust Building.

Nako ya tiragatso

Kopo ya go dirisa setshwaraditlhapi sa boditšhaba (go akaretsa kopo ya phetisetso ya sediriswa, phemiti ya go tshwara le laesense ya mawatle a a kwa godimo) e ka tsaya matsatsi a tiro a le 14, fa dikopo di dirilwe sentle.

Tuelo ke bokae

Dituediso

Diforomo tse di tladiwang

Etela Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town:  Ground Floor, , Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town go bona foromo ya kopo ya laesense ya setshwaraditlhapi sa boditšhaba.
 

O ka golagana le mang

 

Fisheries Customer Service Centre:
Tel 021 402 3911 / 086 000 3474
Fax 021 402 3362

Physical address: Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town 8000
Postal address: Department of Agriculture, Forestry, and Fisheries, Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012
Website: https://www.dalrrd.gov.za/

Contact details for SAMSA

Share this page