Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Labobedi, wa la bo 8 Phatwe 2023 

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Mogwanto o o Rebotsweng ke ba Lekgotla la Naga la Dithekesi tsa Aforika Borwa (SANTACO) kwa Porofenseng ya Kapa Bophirima 
1.1.    Kabinete e lomilwe tsebe ka ga dikgogakgogano tse di tsweletseng magareng ga SANTACO ya kwa porofenseng ya Kapa Bophirima le Puso ya Masepala wa Motsekapa, mo dikgogakgogano tseno di feleditseng di ile magoletsa mo di tlhotlheleditseng mogwanto gore o feletse go dirisiwa dikgoka ka ntlha ya dithekesi tse puso ya masepala wa motsekapa e di thopileng.
1.2.    Kabinete e kgalemela ka mafoko a a bogale tirisodikgoka le botlhokotsebe jo bo diragalang kwa Motsekapa mme e ikuela mo go SANTACO go netefatsa gore mogwanto wa bona o se nne le mmudubudu e bile o se gatakake ditshwanelo tsa batho ba bangwe. Mo ntlheng eno, re bone gore mo matsatsing a le mabedi a a fetileng ga go a begiwa tirisodikgoka epe. Le fa go le jalo, bathankedi ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) le ba bangwe ba ditheo tsa molao ba laetswe gore ba nne ba le malalaalaotswe go dira bonnete jwa gore ditiragalo tsa tirisodikgoka di nne ka fa tlase ga taolo go dira gore baagi ba kgone go tsaya maeto a go leba kwa dikolong, kwa ditirong le kwa mabakeng a bona.
1.3.    Kabinete e lomilwe tsebe gape le ka dikgato tsa puso ya Masepala wa Motsekapa tse di ka ga go tsenya tirisong melao e e itlhametseng yona e e sa tsamaisaneng le melao ya naga ka bobedi e bong Molao wa Dijanaga tse di Tsamayang mo Mebileng ya Naga wa ngwaga wa 1996 (Molao wa bo 93 wa 1996) mmogo le Molao wa Naga wa Dijanaga tse di Rwalang Baagi wa ngwaga wa 2009 (Molao wa bo 5 wa 2009), eno ke melao e e laolang ditlolo tsa melao mo mebileng mmogo le dikotlhao tsa ditlolo tse di farologaneng tsa melao, mmogo le dikotlhao tse di buang ka go thopiwa ga dijanaga. Kabinete e laetse Tona ya Lefapha la Dipalangwa, Mme Sindisiwe Chikunga, go dira bonnete jwa gore thekesi nngwe le nngwe e e dirang mo mebileng ya rona e ntshiwa mo tseleng fa e le gore ga e obamele melao ya naga.

2.    Go Lwantshana le Bogodu jwa Dirašwa tsa Meepoe
2.1.    Kabinete e itumedisiwa ke dikgato tsa go romela kwa Riverlea, kwa Johannesburg, setlhopha se se itlhophileng sa sepodisi seo se tla enngwang nokeng ke sesole, go samagana le ditiragalo tsa bogodu jwa dirašwa tsa meepo mo motseng oo. 
2.2.    Mo godimo ga seno, Kabinete e akgola katlego e e nnileng teng ya go tshwara babelaelwa ba ditiro tsa bogodu jwa dirašwa tsa meepo ba feta ba le 194 mme e laetse ditheo tsa molao go direla ka bonako go fedisa botlhokotsebe jono mmogo le jo bongwe jo bo setlhogo ka fa nageng. 
2.3.    Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE) le ikanne gore le tla tswalela meepo yotlhe e e sa tlholeng e dira mmogo le mesima yotlhe ya meepo eo kwa Riverlea fa kgwedi ya Lwetse mo ngwageng ono a garela, fa ka fa letlhakoreng le lengwe le tla garela maano a go tswalela e mengwe ya meepo e e jaaka eno ka fa nageng ka bophara.

3.    Maemo a Pabalesego kwa Nageng ya Niger
3.1.    Kabinete e nopotse seabe se maemo a pabalesego kwa nageng ya Niger se nang le sona mo difofaneng tse di tsayang maeto go tswa mo nageng ya Aforika Borwa kgotsa mo dinageng tsa Borwa jwa Aforika go leba kwa dinageng tsa Bophirima jwa Yuropa, mmogo le go tlhola ditlamorago tse di sa jeseng diwelang mo dikgwebong le mo baaging mmogo le mo ditlamong tsa difofane tse di ntseng di leka go itharabologelwa go tswa mo matsapeng a a nnileng teng mo ngwageng wa 2019 ka ntlha ya leroborobo la bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19).
3.2.    Kabinete e boeleditse mafoko a yona a go kgalema ditiragalo tsa menolopuso kwa Niger mmogo le go ikuela gore go direlwe ka bonako go busetsa maemo a temokerasi sekeng, e bile gape Kabinete e nopotse gape le dikgato tse go samaganweng natso tsa go busetsa maemo sekeng tseo Ditheo tsa Dikgwebo kwa Dinageng tsa Bophirima jwa Aforika di samaganeng natso.

4.    Samiti e e Magareng ga Naga ya Russia le Dinaga tsa Aforika
4.1.    Moporesitente Cyril Ramaphosa ke o mongwe wa baeteledipele ba dinaga tsa kontinente ya Aforika ba ba neng ba tsenetse Samiti ya Bobedi e e Magareng ga Naga ya Russia le Dinaga tsa Aforika, kwa St Petersburg kwa nageng ya Federeišene ya Russia ka la bo 27 le la bo 28 Phukwi 2023. Mo samiting eno go ne ga tsewa tshwetso ya go sala morago Leano la go Tsaya Dikgato tse di ka ga Foramo ya Tirisanommogo Magareng ga Naga ya Russia le Dinaga tsa Aforika leo le gagamatsang tirisanommogo mo dikarolong tsa dipolotiki le tsa pabalesego, tsa ikonomi, mo mererong e e ka ga go tswa baagi thuso, mmogo le mo dikarolong tse di ka ga go unngwelwa le go atlega ga maphata otlhe.
4.2.    Mo dikopanong tse dingwe tseo di sa ikaegang ka samiti eno, Bateledipele ba Dinaga le Dipuso tsa Aforika bao ba e leng karolo ya Letsholo la Kontinente ya Aforika la go Buisanela go Rena ga Kagiso mo ntweng e e runtseng magareng ga naga ya Russia le ya Ukraine ba ne ba buisana le Moporesitente Vladimir Putin go utlwa gore ke eng se se setseng se dirilwe fa e sale ka motsi oo ba neng ba tlile kwa go ene lantlha go buisanwa ka dikgato tsa go tiisa mmoko gore ntwa e tla fela ka go dira gore maphata a a lwang a kgone go buisanela go khutlisa ntwa eo. 
4.3.    Moporesitente Ramaphosa le Moporesitente Putin le bona ba ne ba tshwara kopano ya bona ya botsalano jwa dinaga di le pedi go buisanela merero e e ka ga go tlhatlosa kgwebisano magareng ga dinaga ka bobedi, mmogo le gore naga ya Russia e oketse dipeeletso tsa yona mo nageng ya Aforika Borwa.

5.    Go Ipaakanyetsa go Tshwara Kopano ya BRICS 
5.1.    Kabinete e atlhaatlhile dithulaganyo tsotlhe mme e kgotsofetse gore Aforika Borwa e ipaakantse sentle go ka tshwara Samiti ya bo 15 ya BRICS kwa Johannesburg go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 24 Phatwe 2023. 
5.2.    Kopano ya bofelo ya Ditona tsa BRICS – e bong Kopano ya Ditona tsa Temothuo tsa BRICS – e mo tseleng, mme Kopano ya Ditona tsa Merero ya Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhaba, ya Ditona tsa Pabalesego, ya Ditona tsa Diintaseteri, ya Ditona tsa Saense, ya Ditona tsa Merero ya Badiri le Ditiro, ya Ditona tsa Ditlhaeletsano, ya Ditona tsa Boitekanelo mmogo le ya Ditona tsa Merero ya go Dira Metseseteropo di setse di konoseditse dipegelo tsa tsona gore Samiti ya Baeteledipele e kgone go ka simolola. 
5.3.    Letsholo la go Jela Setšhaba Nala la BRICS go leba kwa makaleng a a farologaneng mo setšhabeng le lona le garetswe. 
5.4.    Dipuisano tseno di neetse ditšhono go dipuso, mekgatlho, baitseanape le barutegi go tswa kwa dinageng tsa BRICS, go buisana ka dintlha tse di ba amang botlhe tse di tla dirang gore ditshwetso tse di tsewang mo Samiting ya BRICS di bo di ikaegile ka dintlha tse di utlwagalang.

6.    Go Sekaseka Dingwaga di le Lesome tsa Leano la Tlhabololo ya Naga (NDP)
6.1.    Kabinete e neseditse pula tsiboso ya Komiti ya go Loga Maano a Naga e e ka ga dikgato tsa go Sekaseka Dingwaga di le Lesome tsa NDP e e nopotseng gore ikonomi e santse e rulagantswe ka tsela e e sa tsweleng maAforika Borwa otlhe mosola, mme seno ke sona selo se segolo se se dirang gore maemo a tshokolo le a go se lekalekane a tswelele go golela ruri. 
6.2.    Puso e santse e eme ka le lereng e batla go rulaganya sešwa le go fetola ikonomi gore e tswele maAforika Borwa otlhe mosola.

7.    Motlakase 
7.1.    Ka la bo 25 Phukwi 2023 e ne e le Ngwaga Poo fa e sale Moporesitente Ramaphosa a itsise Leano la go Tseela Motlakase Dikgato.
7.2.    Kabinete e itumedisiwa ke kgatelopele e e setseng e dirilwe fa e sale leano leno le tsenngwa tirisong, mme le tswelela go nna le katlego mo go Direng gore Motlakase o Nne Teng ka fa nageng mmogo le mo go fokotseng dikgato tsa motlakase o o tshabetseng ruri. 

8.    Bojanala 
8.1.    Kabinete e itumedisiwa ke gore dipalopalo tsa lephata la Bojanala mo kgweding ya Seetebosigo 2023 di bontsha gore lekala la bojanala le ntse le gola ka iketlo go tswa mo matsapeng a a tlhodilweng ke leroborobo la COVID-19. Dipalopalo tsa Seetebosigo tse di dirilweng ke ba Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (Stats SA) di bontsha gore dipalopalo tsa batho ba ba jelang naga nala, ba ba tswang ka naga le ba ba etelang dikarolo tsa naga ka dijanaga e ka tswa e le baagi ba naga ya Aforika Borwa le baagi ba dinaga tsa kwa ntle e oketsegile magareng ga kgweid ya Seetebosigo 2022 le ya Seetebosigo 2023. 

9.    Ikonomi 
9.1.    Kabinete e itumedisiwa ke pegelo ya ba Stats SA e e reng maemo a phetogotlhotlhwa a wetse kwa tlase go tloga mo go diperesente di le 6.3 ka kgwedi ya Motsheganong 2023 go fitlha mo go di le 5.4 mo kgweding ya Seetebosigo 2023, mme eno ke palo e kgolo thata e maemo ano a wetseng kwa tlase ka yona fa e sale mo kgweding ya Motsheganong 2020. Go fokotsega gono ga phetogotlhotlhwa go bontsha ka fao ikonomi ya rona e ngangabetseng ka gona, mme yona e filwe maatla gape le ke tshwetso ya Bankakgolo ya Aforika Borwa e e sa fetolang maemo a boleng jwa madi a dikadimo a dibanka mme e a tlogetse gona fo a leng ka diperesente di le 8.25.
10.    Molaotlhomo wa Puo ya Diatla ya Aforika Borwa (SASL) 
10.1.    Kabinete e itumeletse dikgato tsa sešweng tse Moporesitente Ramaphosa a di tsereng tsa go saena Molaotlhomo wa SASL go nna molao, mme seno se raya gore SASL jaanong ke Puo ya bo 12 ya semmuso ka fa nageng ya Aforika Borwa. Seno se tla tsholetsa ditshwanelo tsa batho ba ka nna 600 000 ba ba dirisang puo eno ya SASL ka fa nageng ya Aforika Borwa. 

B.    Ditshwetso tsa Kabinete 

1.    Go Gololwa Pele ga Nako ga Kgatiso ya Kotara ya Boraro ya Dipalopalo tsa Dikgetse tsa Bosenyi mo Ngwageng wa Matlole wa 2023/2024 
1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go gololwa ga letlha la Go Gololwa Pele ga Nako ga Kgatiso ya Kotara ya Boraro ya Dipalopalo tsa Dikgetse tsa Bosenyi mo Ngwageng wa Matlole wa 2023/2024. Dipalopalo tsa dikgetse tsa botlhokotsebe tsa kotara ya ntlha le ya bobedi di tla phasaladiwa ka kgwedi ya Phatwe le ya Ngwanaitseele 2023, mme ka kgwedi ya Tlhakole le ya Motsheganong 2024 go tla phasaladiwa tsa kotara ya boraro le ya bone ka go latelana ga tsona. Go phasaladiwa gangwe le gape ga dipalopalo tsa dikgetse tsa botlhokotsebe go botlhokwa thata mo go thuseng go disa maemo a botlhokotsebe le mo go thuseng go tsaya ditshweetso tse di botoka mo go lwantshaneng le botlhokotsebe.

2.    Pholisi e e Buang ka go Thusa Batho Botlhe ka Matlole 
2.1.    Kabinete e neseditse pula Pholisi e e Buang ka go Thusa Batho Botlhe ka Matlole. Pholisi eno ke karolo ya dikgato tsa puso tsa go fetola melawanataolo ya lekala la matlole go ya ka mokgwatirelo wa Twin Peak wa Lefapha la Matlole a Naga. 
2.2.    Mo gare ga tse dingwe tse dintsi, maitlhomo a pholisi eno ke go dira gore maemo a ditirelo le a go dirisana le badirisi ba ditirelo tseno mo mebarakeng ya tsa matlole e tokafale. Maitlhomo a yona ke go dira bonnete jwa gore ditheo tsa matlole di tsamaisa kgwebo ka mokgwa o o sa tlhophololeng badirisi ba ditirelo tsa tsona, go thibela ditheo tsa matlole go tsamaisa kgwebo ka tsela e e sa tsamaisaneng le eo dimaraka tsa matlole di tshwanetseng go tsamaisiwa ka tsona mmogo le go dira gore batho ba nne le tshepo e e feletseng mo ditheong tsa matlole. 
2.3.    Go tsenyeng tirisong pholisi eno go tla dira bonnete jwa gore naga e kgona go gagamatsa dithulaganyo tsa matlole gore di kgone go ema nokeng kgolo ya ikonomi le go dira gore batho ba bantsi ba kgone go fitlhelela ditirelo tsa matlole le go dira gore baagi botlhe go se itlhokomoloswe bona mo mererong ya matlole. Re a amogela gore le fa tota batho ba bantsi ba na le diakhaonto, diakhanto tseno ga di a gasagana go ya ka ditirelo tsa matlole tse dintsi tse di leng teng. 
2.4.    Pholisi eno e ka fitlhelwa mo webesaeteng ya Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba ya www.treasury.gov.za 

C.    Melaotlhomo
1.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Setheo sa Bosekisi jwa Naga wa Ngwaga wa 2023

1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Setheo sa Bosekisi jwa Naga wa Ngwaga wa 2023. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa NPA (Molao wa bo 32 wa 1998) gore jaanong o kgone go letlelela gore go tlhomiwe Kantoro ya Dipatlisiso e e tla nnelang ruri mo setehong sa NPA mmogo le go gagamatsa maatla a go dira dipatlisiso.

2.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Molawanataolo wa Dithata tsa go Reetsa le go Gatisa Mafoko a Batho fa ba le mo Megaleng Mmogo le Tshedimosetso ya Mothale oo
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo ono ono o o Kwalolotsweng Sešwa, mme ona o kwalola sešwa Molawanataolo wa Dithata tsa go Reetsa le go Gatisa Mafoko a Batho fa ba le mo Megaleng Mmogo le Tshedimosetso ya Mothale (RICA) (Molao wa bo 70 wa 2002). 
2.2.    Maitlhomomagolo a dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa ke go dira gore go nne le dithata tse di lekaneng tsa go sireletsa ditshwanelo tsa batho gore go se italetswe mo dikgang tsa bona go se tlhokagalo, go dira jaaka go laetswe mo ditshwanelong tsa go leba kwa kgotlatshekelo, mo ditshwanelong tsa go se kgorelediwe go ntsha se se mo mafatlheng ga bobegakgang jo bo sa ilediweng go dira tiro ya jona mmogo le go ya le ka ditshwanelo tsa semolao tse ka ngwaga wa 2021 Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ntshitseng katlholo ka tsona mme ya fitlhela gore RICA ya ngwaga wa 2002 ga e tsamaisane le molaotheo. 

D.    Go Thapiwa 
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.     Rre Percy Sechemane o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Trans-Caledon Tunnel Authority. 
2.    Mme Thathakahle Nonkqubela Jordan-Dyani o thapilwe go nna Mokaedikakaretso (DG) kwa Lefapheng la Ditlhaeletsano le Thekenoloji ya Dijithale. 
3.    Rre Duncan Pieterse o thapilwe go nna DG kwa Lefapheng la Matlotlo a Naga. 
4.    Mme Qinisile Precious Delwa o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG) mo lekaleng la Boitshimololedikgwebo ka fa Lefapheng la Tlhokomelo ya Dikgwebopotlana (DSBD).
5.    Mme Mosa Keneilwe Makhele o thapilwe go nna DDG mo lekaleng la Kantoro e e Kwalang Dipholisi le go Dira Dipatlisiso ka fa Lefapheng la DSBD. 
6.    Rre Xolisa Mabhongo o thapilwe go nna DDG mo lekaleng la Merero ya Puso mo Lefatsheng le mo Kontinenteng ka fa Lefapheng la Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba.
7.    Mme Rosinah Nghaka Dumalisile o thapilwe go nna DDG mo lekaleng la Merero ya go Hira Madulo le Mafelo a Tulo a go Agelwa Baagi ke Puso ka fa Lefapheng la Merero ya Bodulo. 
8.    Rre Thabo Kekana o thapilwe go nna DDG mo lekaleng la Matsholo le Diporojeke ka fa Lefapheng la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE).

9.    Boto ya Botsamaisi jwa Setheo sa Naga sa Dikgerekgere tsa Metšhini e e Dirisang Motlakase: 
(a)     Monnasetulo Lemao Dorah Modise (Monnasetulo);
(b)     Ngaka Wolsey Barnard (Motlatsamonnasetulo);
(c)     Mme Gratitude Ramphaka;
(d)     Ngaka Kgaugelo Chiloane (o thapilwe sešwa); le
(e)     Moatefokate Derick Block.

10.    Boto ya Botsamaisi jwa Bolaodi jwa Motlakase wa Naga:
(i)     Rre Protas Phili – o thapilwe go nna Monnasetulo (o thapilwe sešwat) 
(ii)     Mme Pinkie Deneo Peta (o thapilwe sešwa); 
(iii)     Rre Paul Heeger;
(iv)     Mme Nolubabalo Zolisa Zwakala;
(v)     Ngaka Pathmanathan Naidoo;
(vi)     Ngaka Nandi Malumbazo;
(vii)     Mme Theodorah Bahlekazi; le
(viii)     Rre Happy Khambule.

 Boto ya Botsamaisi jwa Setheo sa Inkomati-Usuthu Catchment:
(i)     Mme Linda Carol Zulu (o thapilwe go nna Monnasetulo);
(ii) Moatefokate Geraldine Khoza (o thapilwe go nna Motlatsamonnasetulo);
(iii) Mme Shivon Wiggins;
(iv)     Rre Sam Mthembu;
(v)     Rre Mokgobi Andrew Ramushu;
(vi)     Rre Steven Matome Mathetsa; le
(vii)     Mme Salome Chiloane-Nwabueze. 

Boto ya Botsamaisi jwa Setheo sa Puso sa Merero ya Tlhokomelo ya Didirisiwa tsa Tshedimosetso le tsa Thekenoloji: 
(i)     Rre Kiruben Pillay (o thapilwe go nna Monnasetulo);
(ii) Mme Lerato Petlele (Motlatsamonnasetulo);
(iii) Mme Khathu Sibanda;
(iv) Ngaka Lucienne Abraham;
(vi) Rre Luvuyo keyise;
(vii)     Rre Mandla Martin Mnisi; 
(viii)     Mme Renisha Naidoo;
(ix) Mme Nolitha Pietersen; le
(x) Mme Laura Mseme

E.    Dintlha tsa Sešweng
1.    Kgwedi ya Basadi

1.1.    Aforika Borwa e keteka Kgwedi ya Basadi ka Phatwe ka molaetsamogolo yo o reng: “Go potlakisa ditšhono mo baaging le mo ikonoming gore basadi ba tle ba matlafadiwe” mme seno ke go bontsha tlotlo go basadi ba feta 20 000 ba ba kileng ba gwantela kwa Union Buildings ka ngwaga wa 1956 ba ile go lwantshana le melao e e neng e gatelela batho ba bantsho ya go rwala dibukana tsa makwaloitshupo tsa puso ya tlhaolele. 
1.2.    Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go sola kgwedi eno mosola e seng fela ka go bontsha tlotlo go basadi ba ba lwetseng kgololesego ya rona mme gape le go nne le seabe mo go ageng setšhaba se se emang nokeng matlafatso ya basadi le go netefatsa gore basadi le bana ba tla nna ba babalesegile. 

F.    Melaetsa

1.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Setlhopha sa naga sa Netball Spar Proteas, jaaka se fitlheletse maemo a borataro mo metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Bolotloa. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go sola mosola ditiragalo tsa mothale ono tsa go kopanya baagi ba Aforika Borwa go dira gore e nne seoposewngwe le go aga setšhaba se se tshwaraganeng gore yo mongwe le yo mongwe mo setšhabeng a se ipone e le letlhaodi.
  • Banyana Banyana, jaaka ba dirile motlholo ka go fetela kwa makgaolakganyeng a ditlhopha di le 16 a Metshameko ya Kgwele ya Basadi ya Sejana sa Lefatshe sa ngwaga wa 2023. Metshameko e mentle e ba e tshamekileng e rotloeditse setšhaba mme ba dirile naga motlotlo tota. 
  • Moporofesara Thuli Madonsela, yo e kileng ya nna tlhogo ya Setheo sa Mosireletsi wa Setšhaba, jaaka a thapilwe mo go Boto ya Dinagakopano e e Dirang ka Dikeletso mo Mererong ya Ditlhagisiwa tsa Saense le Thekenoloji tse di Tlhamiwang.
  • Tatjana Schoenmaker, jaaka a fentse gauta mo lebelong la go thuma go patlamilwe la dimitara di le 200 mmogo le go fenya selefera mo lebelong la go thuma go patlamilwe la dimitara di le 100 kwa Metshamekong ya Lefatshe ya Dinaledi tsa go Thuma e e neng e tshwaretswe kwa Fukuoka, kwa nageng ya Japan. 

2.    Melaetsa ya Matshediso 

Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Rre Imam Achmad Cassiem (yo a neng a na le dingwaga di le 78), yo a neng a golegilwe kwa ntlolefifing ya Robben Island, yo e neng e le tokololo ya mokgatlho wa dipolotiki wa Pan Africanist Congress yo e neng gape e le yo mongwe wa batho ba ba simolotseng mokgatlho wa Qibla, yo gape e neng e le segatlhamelamasisis mo mererong ya kgaratlhelo ya tokologo.
  • Batho ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya mogwanto wa borathekesi kwa Motsekapa
     

Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485
 

Share this page

Similar categories to explore