Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 18 Mopitlwe 2015

1 Go tlhokafala ga ga Tona Ohm Collins Chabane

1.1 Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke go tlhokafala ga ga Tona Chabane le basireletsi ba gagwe, Bosajene Lesiba Samuel Sekele le Mareme Lawrence Lentsoane, ba ba tlhokafetseng mo kotsing e e masisi ya sejanaga ka Latshipi, 15 Mopitlwe 2015. Puso le batho ba Aforika Borwa ba tla gopola tshwaelo ya modiredi yono wa batho yo a neng a ntse a tshwere maitlamo a go aga Aforika Borwa yo o botoka go fitlhelela le kwa losong.

Jaaka tokololo ya Kabinete, moswi Tona ya Tirelosetšhaba le Tsamaiso o tla newa Phitlho ya Semmuso ya Karolo 1. Tirelo ya phitlho e tla tshwarwa ka Lamatlhatso, 21 Mopitlwe 2015 kwa motseng wa Xikundu kwa Malamulele, Limpopo. Kabinete e romela matshidiso a a tswang kwa botennye jwa dipelo go malapa le ditsala tsa baswi Tona le basireletsi ba gagwe ba babedi.

2. Go tsenngwa tirisong ga Manaane a a Botlhokwa a Puso

2.1.  Moporesidente Jacob Zuma o tla etelela pele meletlo ya segopotso sa bo50 sa setsibogi sa patlisiso ya nyutlilea sa Aforika Borwa SAFARI-1 se se tsamaisiwang ke Molaodi wa Bosetšhaba wa Maatla wa Aforika Borwa (NERSA) kwa Pelindaba gaufi le Pretoria. Fa e sa le se tlhomiwa ka la bo 18 Mopitlwe 1965, setsibogi seo, se e leng motlhagisi yo mogolo wa di-isotope tsa kalafi tsa madirelo a selegae le a boditšhabatšhaba, se amogetse dikgele di le dintsi mmogo le tlhomamiso ya bodišhabatšhaba. Setsibogi seno gape se nnile le seabe sa botlhokwa mo patlisisong, tlhabololong le mo thutong ya nyutlilea mme gape se beile Aforika Borwa kwa pele mo mererong ya saense.

2.2. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tlhopha batho ba ba maleba ba ba ka dirang mo Khomišeneng ya Bosetšhaba ya Maano pele ga letlha la bofelo la 10 Moranang 2015. Khomišene e ntšhwa e tla tota go gakolola puso gore e ka diragatsa jang Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba. Go tlaleletsa foo, e tla thusa gape ka maano a a nang le dintlha mo maphateng a a tlhophilweng a a tlhokang go totiwa go tsamaisa kgolo ya ikonomi, phetogo e e tlhaga ya ikonomi mmogo le tlhabololo e e nnelang leruri. Tshedimosetso ka botlalo malebana le thulaganyo ya go tlhopha e ka fitlhelwa mo: www.thepresidency.gov.za

3. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

3.1. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Dipaakanyo tsa Molao wa Roma wa Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya Bosenyi mo Palamenteng gore di tlhomamisiwe. Dipaakanyo di akaretsa tlhaloso ya bosenyi jwa tirisodikgoka le melao ya tlaleletso e e akaretsang bosenyi jwa ntwa mo Molaong wa Roma o o amogetsweng ke Kokoano ya Ditlhopha tsa Mebuso (kwa Kampala, Uganda ka 11 Seetebosigo 2010).

Go tlhomamisiwa ga dipaakanyo tseno tsa Molao wa Roma ke Aforika Borwa go supa maitlamo a puso a go lwantsha bosenyi jo bo tseneletseng kgatlhanong le batho mmogo le bosenyi jwa tirisodikgoka jo bo dirwang mo teng gongwe kwa ntle ga naga ya rona.  

4. Maemo a Kabinete mo mererong ya jaanong

4.1. Kabinete e lemoga ditsibogo tsa sediko sa bofelo sa fa gautshwane sa kgaoganyo ya melelwane e e tshitshintsweng mme e amogela gore dikganetsano tse di tlhaga ke karolo ya temokerasi ya rona. Ka ntlha ya fa go na le makgotlatoropo a a nang le mathata a go tlamela ka ditirelo mme a sa ikgone ka ntlha ya letseno le le sa lekanang le taolo e e tlhaelang, melelwane ya makgotlatoropo e nna e ntse e sekasekwa.

Diphetogo tse di tshitshinngwang di sekasekwa pele ke Boto ya Kgaoganyo ya Melelwane ya Makgotlatoropo (MDB), e maikarabelo a yona e leng go swetsa ka melelwane ya makgotlatoropo go ya ka Molao wa Pusoselegae: wa Kgaoganyo ya Melelwane ya Makgotlatoropo, 1998 (Molao wa bo 27 wa 1998) le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

Jaaka lephata le le ikemetseng, ditsamaiso tsa MDB di direlwa mo pepeneneng mme di akaretsa patlomaikutlo. Kabinete e rotloetsa baagi go nna le seabe se se tlhaga mo ditsamaisong tseno. Kabinete e nyatsa tiriso ya ditshupetso tse di nang le tirisodikgoka jaaka tsela ya go rarabolola dikgotlang tse di ka ga kgaoganyo ya melelwane. Tiro ya MDB ke karolo ya botlhokwa ya mokgwa wa puso wa Go Boela kwa Tshimologong go netefatsa gore baagi ba tlamelwa ka ditirelo.

4.2. Kabinete e akgola Basotho ka ntlha ya phetiso e e edileng ya dithata mme e ba rotloetsa go dira mmogo gore go nne le kagiso ya leruri le tlhabololo ya ikonomi. Gape Kabinete e akgotse Tautona e ntšhwa ya Nagabogosi ya Lesotho, Motlotlegi Pakalitha Mosisili ka go tlhophiwa ga gagwe le go tlhomiwa ka katlego ka Labobedi, 17 Mopitlwe 2015, jaaka go ne go tsenetswe ke Motlotlegi Moporesidente Jacob Zuma le Motlatsamoporesidente Cyril Ramaphosa.

Kabinete e akgola Motlatsamoporesidente ka seabe sa gagwe fa go ne go lebilwe ditlhopho tse di atlegileng tsa Nagabogosi ya Lesotho.  Gape e lebogela seabe sa Dinaga tsa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika ka ntlha ya go gokaganya mosupatsela wa kagiso le ditlhopho tsa puso e ntšhwa. Kabinete e boeleditse maitlamo a Aforika Borwa a go tswelela go dira mmogo le Nagabogosi ya Lesotho go tsweletsa botsalano jo bo ntseng bo le gona ka go tota go maatlafatsa tirisanommogo ya ikonomi le loago, e e tla lebisang kwa go tokafadiweng ga matshelo a batho.

5. Ditiragalo tse di tlang

5.1 Motlatsamoporesidente Ramaphosa o tla tsenela Segopotso sa bo 25 sa Boipuso jwa Rephaboliki ya Namibia, go akarediwa go tlhomiwa ga Moporesidente Hage Geingob kwa Windhoek ka 21 Mopitlwe 2015. Kabinete e akgola Namibia ka keteko ya dingwaga di le 25 le Moporesidente Geingob ka go nna Moeteledipele wa Mmuso wa boraro wa naga. 

5.2. Moporesidente Zuma o tla amogela Moporesidente wa Zimbabwe, Robert Mugabe go tloga ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Moranang 2015 kwa Pretoria. Setlhoa sa leeto e tla nna Foramo ya Kgwebo ya Aforika Borwa-Zimbabwe e e rulaganyeditsweng go tshwarwa ka la bo 9 Moranang 2015 e maikaelelo a yona e leng go oketsa kgwebisano le dipeeletso gareng ga dinaga tse pedi.

5.3. E tla re ka la bo 19 Mopitlwe 2015, Moporesidente Zuma a tlhome diterena di le 95 kwa Pretoria, tse di agilweng e le karolo ya lenaneo la peeletso ya madi a bokana ka R300 bilione la Transnet, la go tsosolosa mafaratlhatlha a go rora dithoto a naga. Mo tsamaong ya lenaane la dipeeletso, go tla tlhamiwa ditšhono di le mmalwa tsa ditiro tse dintšhwa mme dikgwebo tsa selegae di tla bona ditshiamelo tsa go fetolelwa ga dikuno go siamela tiriso ya selegae, tlhabololo ya bokgoni mmogo le phetiso ya thekenoloji.

Diterena tse dintšhwa di tla samagana le tshalelo morago ya thulaganyo tsa diterena mo nageng mme gape di tla tokafatsa tlhagiso le bokgoni jwa mafaratlhatlha a rona a diporo. Gape tlhomo eno e supa go fetolwa ga Boenjiniri jwa Transnet go nna motlhagisi yo o tletseng wa didiriswa tsa tshimologo ka ntlha ya fa diterena di le 85 tsa bone di  ditlhagisitswe kwa setheong sa yona kwa Koedoespoort, gaufi le Pretoria.
                                                                                                                                                    
5.4. Moporesidente Zuma o tla bula Indaba ya Batlhagisi ba Bantsho e e diragalang go tloga ka la bo 25 go fitlha ka la bo 26 Mopitlwe 2015 kwa Gallagher Convention Centre, Midrand, jaaka karolo ya maitlamo a puso a go tlhabolola batlhagisi ba bantsho mo nageng. Indaba e tla gokaganya dipuisano magareng ga lephata la setšhaba le la poraefete go tsweletsa batlhagisi ba bantsho, le go fetola thata le go aga sešwa ikonomi go filthelela kgolo e e akaretsang.

5.5. Moporesidente Zuma o tla bua le Kokoano ya Ditokololo tsa Bosetšhaba (NMA) ya Mokgatlho wa Pusoselegae wa Aforika Borwa, e e tla diragalang kwa Gallagher Convention Centre, Midrand go tloga ka la bo 24 go fitlha ka la bo 26 Mopitlwe 2015. NMA e tla lebelela seemo sa pusoselegae morago ga dingwaga di le 15 le go buisanela maano a go samagana le tlamelo ya ditirelo, go aga bokgoni, bobodu le merero e e amanang le kgaoganyo ya melelwane ya makgotlatoropo, ka tsela e e bokgoni. Kokoano e tla tshwarwa ka moono wa: “Dingwaga di le 15 tsa Pusoselegae ya Temokerasi - Re Kopanya le go Tiisa Temokerasi ya Selegae e e Matlhagatlhaga, e e Tlhabololang mme e totile Batho ”.

5.6. MaAforika Borwa a tla keteka tiragalo ya Letsatsi la Bosetšhaba la Ditshwanelo tsa Botho ka la bo 21 Mopitlwe 2015 kwa Uitenhage, Kapa Botlhaba ka fa tlase ga moono wa:  "Re keteka Tumelano ya Kgololesego, Re itumelela Ditshwanelo tse di Lekalekanang tsa Botho go Botlhe". Ditiragalo tseno di tla tlamela maAforika Borwa otlhe ka serala sa go gopola setlhabelo se e neng e le karolo ya kgaratlho ya temokerasi le maitlamo a rona a go tsweletsa ditshwanelo tsa botho jaaka di fitlhelwa mo Molaotheong.

Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go keteka letsatsi leno la botlhokwa ka go tsweletsa kutlwano ya loago le kago ya setšhaba. Jaaka karolo ya Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Botho, go tla nna le dipuisano mo baaging go ralala diporofense, go tsweletsa dikamano magareng ga baagi ba ba tswang kwa lemoragong le le farologaneng. Seno se tla lebisa kwa Samiting ya Bosetšhaba ya Pegelo ya Kutlwano ya Loago le Tlhokomelo e e tla tshwarwang ka la bo 30 Mopitlwe 2015 kwa Port Elizabeth.

5.7. Lefapha la Tlhabololo ya Loago le tla amogela Indaba ya Bosetšhaba ya Tireloloago go tloga ka la bo 24 go filtha ka la bo 26 Mopitlwe 2015 kwa International Convention Centre kwa Durban ka fa tlase ga moono wa: "Re tsosolosa tiro ya tireloloago mo Aforika Borwa".

Indaba e tla dira ditshitshinyo le ditsereganyo go samagana le merero e e amang tiro ya tireloloago le go lepalepanya thomo ya tlhabololo ya porofešene go tshegetsa diphetogo tsa puso tse di tseneletseng tsa ikonomi-loago Go fitlhelela seno, lefapha le atolositse lenaneo la dithuso tsa sekolo go tlamela baithuti ba ba ithutelang bodirediloago kwa diyunibesithi.

5.8. Gape lefapha la Tlhabololo ya Loago le tla tshwara Khonferense ya Bobedi e e Kgatlhanong le Tsietso le Bobodu go tloga ka la bo 30 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2015, kwa Hoteleng ya St George's, kwa Centurion ka fa tlase ga moono wa: "Go netefatsa ditshwanelo tsa botho tsa botlhe ka tsamaiso e e se nang tsietso ya madi a thuso ya loago".  Khonferense e tla sekaseka dikgato tsa ga jaana tsa go tlosa bobodu mo tsamaisong ya madi a thuso ya loago. 

5.9. Kabinete e amogela go amogelwa ga baeng ba kgaisano ya ntlha ya kgwele ya basekete ya Metshameko ya Bosetšhaba ya Dinaga di le Nne e e tla diragalang kwa Lebaleng la Metshameko la Wembley, Johannesburg go tloga ka la bo 19 go fitlha ka la bo 22 Mopitlwe 2015. Seno se kopanya ditlhopha tsa banna ba ba godileng tsa Aforika Borwa, Nigeria, Mozambique le Kenya mo go se go solofetsweng e tla nna tiragalo ya ngwaga le ngwaga.

5.10. Kabinete e akgola setlhopha sa rona sa khirikhete, se se fetetseng kwa seka-makgaolakgannyeng ka go fenya Sri Lanka ka diwikete di le robongwe mo motshamekong wa sona wa Sejana sa Lefatshe. Re eleletsa setlhopha le mokatisi masego jaaka ba tswelela pele ka thonamente.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi:

6.1.  Lekgotla la Metsi:
a.    Moatefokate Tintswalo Annah Nana Makhubele (Modulasetilo);
b.    Mme Lindelwa Mbanjwa (Motlatsamodulasetilo);
c.    Rre Pumezo Malik Mpumelelo Jonas;
d.    Mme Maleho Margaret Nkomo;
e.    Moporofesara Tumai Murombo, le
f.    Rre Ferdinand Zondagh.

6.2.  Bothati jwa Taolo ya Magae a Loago
a.    Ahmed Essop Vawda (Modulasetilo, o thapilwe gape);
b.    Shadrack Kabelo Ganda;
c.    Itumeleng William Kotsoane;
d.    Kelikile Elva Kwinana;
e.    Maphuti Justine Lamola (o thapilwe gape);
f.     Nontutuzelo Nomtandazo Mbiza (o thapilwe gape);
g.    Mandla Mdludlu;
h.    Rose Sessie Molokoane;
i.      Manye Richard Moroka;
j.      Zolile Thando Ngcakani;
k.    Zikiswa Zandile Ntlangula, le
L      Phakamile Worrel Weekes Ximiya.

6.3.   Setheo sa Bosetšhaba sa Bobegadikgang jwa Eleketoroniki sa Aforika Borwa (NEMISA)
Go thapiwa gape ga Bakaedi ba e seng ba Khuduthamaga ba Boto ya NEMISA:
a.    Rre Thami ka Plaatjie
b.    Ngaka Molatelo Maloka.

6.4.  Komiti ya Bogakolodi ya Tirelo ya Letseno ya Aforika Borwa
a.    Moatlhodi Frank Kroon (Modulasetilo);
b.    Moatefokate Selby Mfanelo Mbenenge (Motlatsamodulasetilo);
c.    Moatefokate Roedolf Mastenbroek;
d.    Rre Lazarus Docter Mokoena, le
e.    Mme Mmakgolo Meta Maponya.

6.5.  Bothati jwa Puso jwa Thuto le Katiso ya Maphata
Mme Gugu Dlamini jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO)

6.6.  Setheo sa Bosetšhaba sa Bobegadikgang jwa Eleketoroniki sa Aforika Borwa (NEMISA)
Ngaka Ndivhoniswani Aaron Tshidzumba jaaka CEO.

6.7.  Setheo sa Mmuso sa Thekenoloji ya Tshedimosetso (SITA)
Ngaka Setumo Mohapi jaaka CEO

6.8.  Lefapha la Saense le Thekenoloji
Mme Mohlago Flora Mokgohloa jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Maano a Setheo le Tshegetso

6.9.  Foramo ya Bosetšhaba ya Porofešene ya Molao:
a) Rre Max Boqwana;
b) Rre Krish Govender;
c) Rre Jan Maree;
d) Mme Martha Mbhele;
e) Mme Janine Myburgh;
f) Rre Richard Scott;
g) Rre Lutendo Sigogo;
h) Rre Jan Stemmett;
i) Moatefokate Willem van der Linde SC;
j) Moatefokate Ismail Jamie SC;
k) Moatefokate Greg Harpur SC;
l) Moatefokate Thami Ncongwane SC;
m) Moatefokate Dali Mpofu SC;
n) Moporofesara Managay Reddi;
o) Moatefokate M A Hawyes;
p) Moatefokate Samuel Mgiba;
q) Moatefokate D Ntsebeza SC;
r) Moatefokate Kgomotso Ditsebe Moroka
s) Mme Namhla Thina Siwendu
t) Moatefokate Brian Nair, le
u) Rre Uys Mathebula.

Dipotsiso
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete wa Namaotshwere)
Sele: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore