Moporesitente Cyril Ramaphosa: Puo ya Maemo a Setšhaba ya 2023

Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Moporesitente Cyril Ramaphosa Cape Town City Hall Labone, 9 Tlhakole 2023

Mmusakgotla wa Kokoanopeomolao, Mme Nosiviwe Mapisa-Nqakula, 
Monnasetilo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense, Rre Amos Masondo, 
Motlatsa Moporesitente David Mabuza, 
Mmeyara wa Khuduthamaga ya Toropokgolo ya Cape Town, Rre Geordin Hill-Lewis, 
Moporesitente wa Maloba Thabo Mbeki, 
Motlatsa Moporesitente wa Maloba Baleka Mbete, 
Moporesitente wa Palamente ya Kopano ya Aforika, Motlotlegi Kgosi Fortune Charumbira, 
Moatlhodimogolo Raymond Zondo le maloko a Boatlhodi, 
Ditlhogo tsa Ditheo tse di Tshegetsang Temokerasi, 
Motlatsa Moporesitente wa lekoko le le busang, Rre Paul Mashatile le baeteledipele ba makoko otlhe, 
Maloko a Palamente, 
Maaforika Borwa a gaetsho, 
 
Ke tlotlo e kgolo go bo ke eme fa pele ga lona mo maitsiboeng ano go le alela Maemo a Setšhaba. 
 
Jaaka re le setšhaba se se sa itsegeng fela ka mawatle le dinoka tse di dirang melelwane ya lefatshe la rona. 
 
Se se sa itsegeng fela ka diminerale tse di ka fa tlase ga lefatshe la rona kgotsa bokgabo jwa boalo jo bo mo godimo ga lona. E bile tota ga re itsege fela ka dipuo tse re di buang kgotsa dipina tse re di opelang le fa e le tiro e re e dirang. 
 
Se segolo thata se re itsegeng ka sona ke go nna setšhaba se se itsegeng thata ka go nna le tsholofelo le boitshoko. 
 
Ke tsholofelo e e dirileng gore re kakatlele kgaratlho ya rona ya kgololesego, e bile ke tsholofelo e e tswelelang go re rotloetsa jaaka re kgweetsa naga ya rona go tswa mo metsing a a šakgetseng go ya kwa mawatleng a a edileng. 
 
Le mo dinakong tse di masisi tse, ke tsholofelo e e tswelelang go re tiisa mmoko le go tlhotlheletsa mo maikemisetsong a rona a go fenya tota le dikgwetlho tse dikgolo. 
 
Mo nakong e re leng mo go yona ga jaana mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, naga ya rona e ne e tlhasetswe ke leroborobo le le maswe go gaisa la lefatshe lotlhe. Batho ba le diketekete ba latlhegetswe ke matshelo a bona, madirelo a tswetswe, ba bangwe ba latlhegetswe ke ditiro. 
 
COVID-19 ga e ake ya re kgoba marapo gore re ineele kgotsa re latlhele seditse. 
 
Ka go dira mmogo, re kgonne go fenya bothata joo, mme ga jaana dilo di ntse di boela sekeng. 
 
Gompieno ikonomi ya rona e mo maemong a a kwa godimo go gaisa a e neng e le mo go ona pele ga go welwa ke leru la leroborobo leno.

Go tloga ka kotara ya boraro ya ngwaga wa 2021 go fitlha mo go ya ngwaga wa 2022, go ne ga tlholwa ditiro tse dišwa di ka nna milione le halofo mo ikonoming ya rona.
 
Lenaneo la Ditiro la Moporesitente le tlametse batho ba feta milione o le mongwe ka ditiro le ditšhono tsa go iphedisa. 
 
Ngogola, baithuti ba rona ba materiki ba ne ba thula ka tlhogo ditlamorago tsa leroborobo leno mme ba kgona go finyelela jaaka go falotse 80% ya bona mme re ba akgola ka nno e kgolo eo ba e fitlheletseng. 
 
Re bona mowa o wa boineelo mo bataking, baopedi, badiragatsi, bakwadi le bagaka ba rona ba metshameko, ba ba tswelelang go dira sentle mo gae, mo kontinenteng le kwa moseja. 
 
Banyana Banyana ba ne ba re dira motlotlo ka go fenya Sejana sa Dinaga tsa Aforika sa Basadi go nna ditshimega tsa Aforika. 
 
Zakes Bantwini, Nomcebo Zikode le Wouter Kellerman ba re tlotlomaditse kwa Dikabong tsa Grammy ka tirisanommogo ya bona, Bayethe. 
 
Se re se fitlheletseng jaaka setšhaba mo ngwageng o o fetileng, le fa tota go ne go na le dikgwetlho, se re gakolola gore tsholofetso ya Aforika Borwa e a tshela. 
 
Tswelopele e re e bonang e tshwanetse go re tiisa mmoko jaaka re lebile isago e e botoka. 
 
Le fa go le jalo, ke lo eme ka lefoko maitsiboeng a, le le mo magaeng a lona go ralala naga, batho ba bantsi ba a sotlega, bontsi bo tshwenyegile, ba bangwe ba a etsaetsega fa ba bangwe ba sa tlhole ba na le tsholofelo. 
 
Fela ke na le kitso e e tletseng gore le fa tota go na le dikgwetlho ga jaana, re ka tswa re lebagane le mathata afe, re tla tsoga go samagana nao mmogo, mme mmogo re tla a fenya. 
 
Se re tla kgona go se dira fa re dira mmogo re sa tlogele ope kwa morago. 
 
Re kopanela fa mo nakong ya mathata. 
 
Mo dikgweding tse dintsi, naga ya rona e itshoketse tlhaelo e e masisi ya motlakase e e bakileng tshenyo e kgolo mo ikonoming ya rona. 
 
Dingwaga di le pedi pele ga moo, setšhaba sa rona se ne se tlhasetswe ke leroborobo la COVID-19 le le bakileng tatlhegelo e kgolo ya matshelo a batho mmogo le go dira gore botshelo bo nne bokete. 
 
Leroborobo leno le ne la gakatsa maemo a botlhokatiro ka go dira gore dipalo di ye kwa godimo, ka ntlha ya fa naga e ne ya latlhegelwa ke ditiro di le dimilione di le pedi. Leroborobo leno le ne la ama ka tsela e e sa itumediseng ditsela tse batho ba iphedisang ka tsona le go oketsa botlhoki. 
 
Ka Phukwi 2021, go ne ga runya merusu le tshenyo ya dithoto e e seng kana ka sepe fa e sale re simolola go nna le temokerasi ya rona mo batho ba feta ba le 300 ba neng ba latlhegelwa ke matshelo a bona. 
 
Mo ngwageng yo o fetileng dikarolo tsa Kapa Botlhaba, KwaZulu-Natal le Bokone Bophirima di ne tsa gogolwa ke merwalela e e maatla e e gogotseng matshelo a le mantis a batho, e e bakileng tshenyo e kgolo ya magae le ya mafaratlhatlha. 
 
Ga jaana, motlakase yo o tshabetseng ruri o kgoreletsa gore dilo di boele sekeng go latela gore re sutlhe mo dipharagobeng tsa matsapa otlhe a re buileng ka one a. 
 
Re a itse gore ntle le tlamelo e e ikanyegang ya motlakase, dikgwebo di ka se gole, mela ya tlhagiso e ka se dire, dimela di ka se nosediwe mme le ditirelo tse di botlhokwa di tla kgoreletsega. 
 
Ka motlakase o o tshabetseng ruri malapa le mabenkele a magolo ga a kgone go tshola dijo di le foreše, tlamelo ya metsi e a kgoreletsega, diroboto ga di dire le mebila ga e na mabone bosigo. 
 
Ntle le tlamelo e e ikanyegang ya motlakase, maiteko a rona a go godisa ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona e e tlholang ditiro le go fokotsa botlhoki a ka se atlege. 
 
Ka jalo, jaaka re ala lenaneo la rona la ngwaga o re leng mo go ona, tiro ya rona e e kwa setlhoeng ke gore mo dikgweding tse di latelang re fokotse ka fao motlakase o tshabetseng ruri ga ntsi ka gona mme kwa bokhutlhong re feletse re sa tlhole re na le bothata jwa motlakase o o tshabetseng ruri. 
 
Fa maemo a tswelela go nna jaaka a le, re ka se kgone go tswelela jaaka go tshwanetse. 
 
Batho ba Aforika Borwa ba batla go bona go diragadiwa sengwe, ba batla ditharabololo mme ba batla gore puso e ba direle. 
 
Ba batla go itse gore bothata jo jwa motlakase o o tshabetseng ruri bot la rarabololwa leng. 
 
Ka jalo, ga jaanong re tsepamisitse mogopolo mo dikgatong tse di tla re tswelang mosola gona jaanong, tse di tla dirang gore pele ga ngwaga yo o tlang go bo go na le kgatelopele e motho a ka e supang mmogo le tse di tla dirang gore dikgato tse di tla nnelang ruri tsa go itharabologelwa mo isagong di simololwe mo godimo ga se sengwe se se dirilweng go dira gore maemo a boele sekeng. 
 
Mo puong eno ga re tlhagise maano a mašwa, kgotsa go neelana ka thulaganyo e e tletseng ya puso. 
 
Re kapa fela segolo merero e e amang Maaforika Borwa: 
 
Motlakase o o tshabetseng ruri. 
 
Botlhokatiro. 
 
Botlhoki le ditlhwatlhwa tse di tlhatlogang tsa dilo tse batho ba iphedisang ka tsona. 
 
Bosenyi le bonweenwee. 
 
Dikgwetlho tseno tsotlhe ga go le e le nngwe ya tsona e e ka rarabololwang bonolo. 
 
Fela re na le maatla, bokgoni le dithata tse re ka di dirisang go ka samagana le tsona.
 
Fa re dira mmogo le ka bogatlhamela le ka maikemisetso, re sa tlogele ope kwa morago, re tla kgona go rarabolola dikgwetlho tsa rona. 
 
Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) e ka ga go tsosolosa tsholofelo le fa ponelopele e le e e lerotho. 
 
E ka ga go re bonisetsa lesedi la gore re ka sutlha jang mo mathateng ano. 
 
Maitseboeng ano, re tla neela pegelo ka ga tswelopele e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong maikano a re a dirileng ka SoNA ya ngogola. 
 
Mo tsamaong ya ngwaga o o fetileng, re tlhomile motheo o o tsepameng ka go dira ditsholofetso tse re di solofetseng tse di ka ga kgolo e e bonako ka letsholo la rona la dipeeletso, diphetogo tsa ikonomi, matsholo a go tlhola ditiro tsa setšhaba mmogo le lenaneo la go oketsa mafaratlhatlha. 
 
Se se mo pepeneng go tswa mo maitemogelong a rona a dingwaga di le mmalwa tse di fetileng – segolo go tswa mo hisetoring ya rona ya fa e sale re nna le temokerasi – ke gore ga re batho ba re ineelang bonolo fa go le thata. 

Fa re ne re le fa teng ga dinala tsa phage ya puso ya tlhaolele, ga re a ka ra ineela gore puso ya kgatelelo e itirele boithatelo ka batho ba rona. 
 
Re ne ra ema ra tsepama ra tsena mo kgaratlhong, re na le tsholofelo e e tletseng ya gore re tla fenya. Go ne ga nna fela jalo. Mo gare ga dikgoreletsi re ne ra kgona go fenya tsamaiso ya tlhaolele. 
 
Re ka kgona e bile re tla fetola maemo a re iphitlhelang mo go ona gompieno. 
 
Re na le bokgoni le maikemisetso a go fenya mathata a le go tlhoma ikonomi ya rona mo tseleng e e tsepameng ya poelomannong. 
 
Bothata jo bogolo jo re batlang go bo rarabolola ga jaanong ke go dira gore motlakase wa rona o boele sekeng. 
 
Ga jaanong re dubana le thangka ya motlakase o o tshabetseng ruri e e sa bolong go dubiwa dijarajara tse dintsi tse di fetileng. 
 
Re ka se dirolole diphoso tse di dirilweng mo nakong e e fetileng, mafelo a bodutelo jwa motlakase a a sa agiwang, tshenyo e e dirilweng kwa dipolanteng tsa rona tsa motlakase ka ntlha ya go se tlhokomelwe, kgotsa ditlamorago tsa go goga puso ka nko mo ditheong tsa rona. 
 
Se re ka se dirang ke go rarabolola bothata jono gompieno, gore kamoso le go ya go ile motlakase o se tlhole o sokodisa. 
 
Ka Phukwi ngogola, ke ne ka begela setšhaba ka leanotiro le le edileng la go rarabolola bothata jwa motlakase. 
 
Kgato eno e ne e le mabapi le go samagana le motlakase o o neng o tlhaela ka dimekawate (MW) di le 4 000 go ya go di le 6 000. 
 
Leano leno le ne la tlhagisa dikgato di le tlhano tsa botlhokwa tsa go samagana le bothata jono: 
 
Ya ntlha, go baakanngwa ga diteišene tsa malatlha tsa Eskom le go tlhokomela tseo di ntseng di le teng. 
 
Ya bobedi, go bulela le go itlhaganedisa ga dipeeletso go tswa mo ditlamong tsa poraefete ka go rekisetsa motlakase wa tsona diteišene tsa go fetlha motlakase. 
 
Ya boraro, go itlhaganedisa go reka motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa go tswa mo ditlamong tse di fetlhang motlakase ka ditsela tse dintšhwa, tsa gase le tsa polokelo ya motlakase ka dibeteri. 
 
Ya bone, go thusa dikgwebo le malapa go beeletsa mo motlakaseng o o fetlhiwang ka letsatsi mo godimo ga marulelo a bona. 
 
Sa botlhano, go fetola lekala la motlakase go dira gore le se tlhole le tobana le dikgwetlho tsa motlakase mo pakeng e telele. 
 
Baitseanape ba dumela gore leano leno ke lona la mmatota fa re batla go phutlhamisa motlakase o o tshabetseng ruri. 
 
Mo dikgweding di le thataro tse di fetileng, re nnile le katlego ya botlhokwa ya go tsenya tirisong leano le. 
 
Re tsere dikgato go tokafatsa ka fao diteišene tsa motlakase tse di leng teng tsa Eskom di dirang tiro ya tsona gore diteišene tseno di kgone go re tlamele ka 80% ya motlakase o re o dirisang, e leng palo yotlhe ya motlakase o di agetsweng go abelana ka ona. 
 
Ka taelo ya boto ya yona e ntšhwa, Eskom e tsenya tirong batho le didiriswa tse di matshwanedi go thusa diteišene tsa yona tse thataro tse di nnileng le seabe se segolo mo motlakaseng o o tshabetseng ruri. 
 
Eskom e sala morago dikgato tsa go thusa nakwana tse di ka ga go busetsa tirisong diyuniti tse tharo kwa seteišeneng sa motlakase sa Kusile morago ga gore kwa seteišeneng seo tšhemene ngogola e gosomele, fa ka fa letlhakoreng le lengwe go ntse go baakangwa ditharabololo tsa leruri. 
 
Re samagane le go tsosolosa kitso le bokgoni tseo di re latlhegetsweng mme e bile re setse re simolotse re thapile batlhankedi ba ba nang le kitso le bokgoni ba ba okameng maemo a a kwa godimo ba ba tla isiwang kwa diteišeneng tsa motlakase tse di sa direng ka tshwanelo. 
 
Lekgotla la Boenjeneri la Aforika Borwa le ithaopile go re tswa thuso e e tlhokegang ka go romela baenjeneri go dira le ditlhopha tsa boeteledipele kwa diteišeneng tsa motlakase. 
 
Re na le batho ba ba nang le kitso le bokgoni jo bo tseneletseng mo Aforika Borwa – re tlhoka fela go ba sola mosola. 
 
Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le samagane le go konosetsa ditharabololo tsa sekoloto sa Eskom sa diranta di le dibilione di le 400 ka tsela e e sa tseyeng letlhakore e bile e sa gobelele ope wa bannaleseabe, e e tla kgontshang setheo se go dira dipeeletso tse di tlhokegang mo ditirelong tsa go baakanya le go tlhokomela mafaratlhatlha a sona mmogo le go abelana ka motlakase. 
 
Puso e tla tshegetsa Eskom go bona matlole a mangwe go reka lookwane la disele mo ngwageng otlhe wa ditšhelete. Se se tshwanetse go fokotsa ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri ka ntlha ya fa Eskom e tla kgona go dirisa dipolante tsa yona tse di dirang ka disele fa tsamaiso ya motlakase e le ka fa tlase ga kgatelelo. 
 
Eskom e thankgolotse lenaneo la go reka motlakase go tswa go ba bafetlhi ba poraefete mme e setse e kgonne go reka 300 MW go tswa kwa dinageng tse di mabapi. 

Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e tlhomile setlhopha se se kgethegileng sa boeteledipele ba maemo a a kwa godimo go samagana le bonweenwee le bogodu jo bo tswelelang kwa diteišeneng di le mmalwa tsa motlakase tse di nnileng le seabe mo tiragatsong e e bokoa ya diteišene tse. Ditiro tse di kgweediwang ke matlhale a ditlhotlhomiso di bakile go tshwarwa ga batho ba le 43 go fitlha ga jaana. 
 
Jaaka karolo tiragalo ya poposešwa e e anameng, go agwa sešwa ga Eskom go re go begileng mo nakong e e fetileng go a tswelela mme Setlamo sa Bosetšhaba sa Phetisetso se tla bo se dira mo nakong e e sa fediseng pelo, ka boto e e ikemetseng. 
 
Moragonyana monongwaga, re tla ala Molaotlhomo wa Tokafatso ya Taolo ya Motlakase go tokafatsa lekala la motlase le go tlhola kgaisano mo mmarakeng wa motlakase. 
 
Jaaka go kailwe ka Phukwi ngogola, le ka maikaelelo a go samagana le bothata jwa motlakase o o tshabetseng ruri, re tlile go tswelela ka diphanele tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi. 
 
Mo puong ya gagwe ya Tekanyetsokabo, Tona ya Matlotlo o tla tlhalosa ka moo malapa a tla thusiwang ka teng le ka moo dikgwebo di ka boelwang go tswa mo tetlelelong ya lekgetho. 
 
Lefapha la Matlole a Bosetšhaba le samagane le ditokafatso tebang le sekema sa kadimo sa poelomannong go thusa dikgwebopotlana go beeletsa mo didirisweng tsa maatla a letsatsi, le go letla dibanka le ditheo tsa tlhabololo ya matlole go adima ka tlhamalalo mo sekemeng se go thusa go hirisetsa badirisi ba bona diphanele tsa maatla a letsatsi. 
 
Nngwe ya diphetogo tse di botlhokwa tse re di dirang ke go letla batlhagisi ba poraefete go fetlha motlakase. Ga jaana go setse go na le diporojeke di feta 100, tse go solofelwang di tla tlamela ka 9 000 MW mo tsamaong ya nako. 
 
Ditlamo di le mmalwa tse di nnileng le seabe mo lenaneong la maatla a a ntšhwafatsegang di tla simolola ka kago le go rebola 2 800 MW tsa mothamo o mošwa. 
 
Eskom e tla reka motlakase wa tshoganyetso o o ka dirisiwang mo dikgweding tse thataro go tswala mokhino o o leng teng ga jaana. 
 
Re beeletsa mo meleng e mešwa ya phetisetso le diteišene tse dinnye, segolo mo mafelong a a jaaka Kapa Botlhaba, Kapa Bokone le Kapa Bophirima. 

Ditsela tsotlhe tse di tla baka koketsego e kgolo mo mothamong wa motlase mo dikgweding di le 12 go ya go 18 tse di latelang, le go feta moo. 
 
Motlakase o o tla bo o nyalana le motswako wa metswedi e e farologaneng ya motlakase, go akaretsa diteišene tsa ga jaana tsa malatlha, letsatsi, phefo, gase, nutlelere, metsi le poloko ya dibeteri. 
 
Go tsenya leano le tirisong ka botlalo, re tlhoka momaganyo e e maatla ya bogareng le kgato e e tsepameng. 
 
Mo nakong ya mathata, re tlhoka lefelo le le lengwe fela la taolo le mola o le mongwe fela wa tiro. 
 
Jaaka re samagana le modi wa bothata jo, re tshwanetse go samagana gape le ditlamorago. 
 
Bothata jo bo setse bo namile mo bo amang karolo nngwe le nngwe ya setšhaba. 
 
Re tshwanetse go dira sengwe go fokotsa ditlamorago tsa bothata jo go balemirui, dikgwebopotlana, mo mafaratlhatlheng a rona a metsi le mo mafaratlhatlheng a dipalangwa. 
 
Tikwatikwe ya Bosetšhaba ya Taolo ya Matlhotlhapelo ka jalo e supile fa bothata jwa motlakase le ditlamorago tsa teng e le matlhotlhapelo. 
 
Ka jalo, re tsenya tirisong maemo a bosetšhaba a matlhotlhapelo go tsibogela bothata jwa motlakase le ditlamorago tsa teng. 
 
Tona ya Puso e e Kopanetsweng le Merero ya Setso o sa tswa go tsenya mo kuranteng ya puso kgoeletso ya maemo a matlhotlhapelo, a a simololang ka gangwe. 
 
Maemo a matlhotlhapelo a re kgontsha go tlamela ka mekgwa e e diregang e re e tlhokang go tshegetsa dikgwebo tsa tlhagiso ya dijo, polokelo le kgwebisano mo marekelong, go akaretsa go rebolwa ga dijenereita, diphanele tsa maatla a letsatsi le tlamelo ya motlakase e e sa kgoreletsegeng. 
 
Fa go kgonegang teng ka setegeniki, a tla re thusa gore mafaratlhatlha a a botlhokwa a a jaaka maokelo le dipolante tsa phepafatso ya metsi di se amiwe ke motlakase o o tshabetseng ruri. 
 
Se se tla re thusa gape go itlhaganedisa diporojeke tsa maatla le go fokotsa ditlhokego tsa taolo fa re ntse re tsweletse ka ditshireletso tse di tseneletseng tsa tikologo, melawana ya theko le dipeelo tsa setegeniki. 
 
Morunikakaretso o tla akarediwa go netefatsa gore tiriso ya matlole e tswelela go elwa tlhoko go disa tiriso e e botlhaswa efe fela ya matlole a a tlhokegang go samagana le matlhotlhapelo a. 
 
Go samagana le dikgwetlho tse re lebaneng natso ka nonofo le ka bonako, ke tla thapa Tona ya Motlakase mo Kantorong ya Moporesitente go tsaya maikarabelo ka botlalo a go tlhokomela merero yotlhe e e ka ga go tsibogela bothata jwa motlakase, go akaretsa tiro ya Komiti ya Bosetšhaba ya Bothata jwa Motlakase. 
 
Tona eo e tla samagana le go dira mmogo le boto le bolaodi jwa Eskom go fedisa motlakase o o tshabetseng ruri le go netefatsa gore Leanotiro la Motlakase le tsenngwa tirisong ntle le tiego. 
 
Gore go se nne le ketsaetsego, Tona ya Dikgwebo tsa Puso o tla tswelela go nna moemedi wa mongdišere wa Eskom le go kgweetsa poposešwa ya Eskom, go netefatsa go tlhongwa ga setlamo sa phetisetso, go tlhokomela go tsenngwa tirisong ga lenaneo la maatla a a sa gobeleleng, le go etelela pele go tlhongwa ga Setlamo sa Tlhokomelo ya Dikgwebo tsa Puso (di-SOE). 
 
Tiro e ya go bopa puso sešwa e tla re neela tšhono ya go sekaseka kwa re ka tlhomang dikarolo tse di farologaneng tsa maikarabelo le gore dikantoro tsa ditona le mafapha a a farologaneng a ka direla jang maitlhomo a rona a bosetšhaba. Re tsepamisitse matlho a rona mo bothateng jwa motlakase ga jaana mme re tla mekamekana le poposešwa ya puso mo nakong e e sa fediseng pelo. 
 
Se se botlhokwa gonne tsibogo e e nonofileng kgatlhanong le bothata jo e akaretsa mafapha le ditheo tse di farologaneng tse di tlhokang momaganyo go tswa mo bogareng ba puso. 
 
Re tlile go akaretsa balekane ba loago mo lenaneong le le nonofileng fela jaaka re dirile ka letsholo la go enta. 
 
Maemo a a masisi a tlhoka dikgato tse di masisi. 
 
Bothata jwa motlakase ke tlhobaboroko e e tswelelang go nna teng mo ikonoming ya rona le mo dikamanong tsa rona. 
 
Ga re a tshwanela go tlogela maiteko ape fela, le eseng go letla tiego, mo go tsenyeng tirisong dikgato tse. 
 
Jaaka re tsaya dikgato tse go rarabolola bothata jwa motlakase, re ntse re etse tlhoko le matshosetsi a phetogo ya tlelaemete mo setšhabeng sa rona. 
 
Ditiragalo tsa maemo a bosa tse di masisi jaaka leuba, merwalela le melelo ya naga di tswelela go nna matshosetsi mo boitekanelong, maemo a a edileng le pabalesego ya batho. 
 
Re tla tswelela mo tseleng ya rona ya go fetogela kwa ikonoming ya khabono e e kwa tlase ka lebelo le naga e ka le kgonang le ka tsela e e netefatsang gore go nna le tshireletso ya motlakase. 
 
Re tla diragatsa phetogo e ya rona ka tsela e e tla bulang ditšhono tsa dipeeletso tse dišwa, madirelo a mašwa, mme godimo ga tsotlhe go tlhola ditiro. 
 
Khomišene ya Moporesitente ya Tlelaemete e kaela bontsi jwa tiro e, mme ka go dira jalo, e aga setshwantsho se sešwa sa go tsaya ditshwetso ka tsela e e akaretsang e bile e tlhakanetswe, go akarediwa batho, badiri, le baagi ba ba amiwang bogolo ke phetogo e. 
 
Ka Leano la Peeletso la Phetogo ya Motlakase e e sa Gobeleleng, go tla beelediwa ditirilione tsa tsa diranta di le 1,5 mo ikonoming ya rona mo dingwageng di le tlhano tse di lateng mo mererong e mešwa e e jaaka motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa, haeterojene e tala le dikoloi tse di tsamayang ka motlakase. 
 
Makala a mangwe a mašwa a a tlhagelela mo ikonoming jaaka haeterojene e tala le dikoloi tsa motlakase le disele tsa lookwane. 
 
Diporojeke di le mmalwa di setse di dirwa go akaretsa go agaiwa ga lefelo le lešwa ke Sasol Boegoebaai kwa Kapa Bokone, Prieska Power Reserve kwa Foreisetata, le Hydrogen Valley kwa Limpopo, Gauteng le KwaZulu-Natal. 
 
Kapa Bokone e setse e ngokile dipeeletso tsa boleng jo bo fetang dibilione tsa diranta di le 100 ka diporojeke tsa motlakase o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa. 
 
Dipeeletso tse le tse dingwe tse dikgolo mo motlakaseng o o ntšhwafatsegang di tla tlhola ditiro le go tsosolosa diikonomi e seng fela kwa Kapa Bokone, mme le kwa Kapa Botlhaba, Kapa Bophirima le Mpumalanga, le go fitlha le kwa mafelong a a omileng a dikaka go nna motswedi o mogolo wa motlakase. 
 
Godimo ga tsotlhe, phetogo ya rona e e sa gobeleleng e tla baya kwa setlhoeng badiri le baagi mo madirelong a a mo kotsing go netefatsa gore ga go ope yo o tlogelwang kwa ntle. 
 
Maaforika Borwa a gaetsho, 
 
Ikonomi ya rona e tlhoka go gola ka bonako fa re batla go fokotsa botlhokatiro mo go bonalang. 
 
Ka SoNA ya ngogola, re buile ka maikaelelo a rona a go tsweletsa tumalano ya loago e e tla kopanyang balekane botlhe ba loago mo lenaneong le le tshwanang go aga ikonomi ya rona gape le go kgotsha kgolo e e botoka. 
 
Ga re a kgona go konosetsa tumalano ya loago mo pakeng e re neng re e solofetse ka ntlha ya fa go tlhageletse mabaka a mangwe a mašwa a a dirileng gore go nne bokete gore balekane ba semphato ba fitlhelele tumalano. 
 
Balekane ba loago ba tlhagisitse maikaelelo a bona a go konosetsa tumalano ya loago mme ba tswelela go bopa letlhomeso go kgontsha kgato ya motlhakanelwa mo dikarolong tsa botlhokwa tse di jaaka motlakase, dipalangwa le mafaratlhatlha, go tlhola ditiro le tlhatlhelelo ya batho ka kitso le bokgoni, peeletso le ditlhagiswa tsa selegae, tshireletso ya loago, bosenyi le bonweenwee. 
 
Le fa re ineetse mo go fitlheleleng tumalano e ntšhwa mo gare ga makala a setšhaba, re dirile dikamano tse dingwe mo makaleng a a rileng. Ditumalano tse dingwe di le mmalwa di setse di konoseditswe le balekane ba loago. 
 
Re bona boineelo ba balekane botlhe ba loago mo ditumalanong tse di dirilweng go lwantsha leroborobo la COVID-19 le go diragatsa lenaneo la go enta le legolo go gaisa mo hisetoring ya rona. 
 
Re bone maiteko a a jaaka Letlole la Kopanelo le le rotloeditseng setšhaba, go nna le seabe ga baagi le tlamelo ka matlole go fitlhelela maitlhomo a a tshwanang, le ka ditirisano tsa go fedisa tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le polao ya basadi (GBVF), le go tsibogela ditlamorago tsa phetogo ya tlelaemete. 
 
Re bone dipoelo tsa mokgwa o go rotloetsa peeletso le go rala maanomagolo mo makaleng a ikonomi a a jaaka a dirori, diaparo le matsela, sukiri, temothuo le ditirelo tsa kgwebo tse di akaretsang. 
 
Maanomagolo a a setseng a konoseditswe a tshegetsa tsosoloso mo makaleng a a maleba, go dirwa ga dipeeletso ka lekala la poraefete le go tlholwa ga ditiro le matshelo a mašwa. 
 
Re motlotlo gore balekane ba rona ba loago, segolo kgwebo, ba ntse ba tlamela ka tshegetso ya go tsenya tirisong Leanotiro la Motlakase ka mowa wa go dirisana wa loago. Ka ona mowa oo, re dirile dikamano tse di tseneletseng tsa tiro le badiri le setšhaba go tshegetsa merero e mengwe ya go tsibogela bothata jwa motlakase. 
 
Fela jaaka motlakase o le botlhokwa mo kgolong ya ikonomi, go fela jalo le ka tlamelo e e ikanyegang ya metsi, dipalangwa le tsamaiso ya mafaratlhatlha le tsela e e nonofileng. 
 
Mafaratlhatlha a rona a diporo a sotlegile mo dingwageng di le dintsi tsa go se beeletse ka tshwanelo, go se baakanngwe, ditiro tsa bosenyi le go se nonofe. 
 
Go mekamekana le se, ngogola, re amogetse Pholisi ya Bosetšhaba ya Diporo go re kaela mo go tlhabololeng le kagosešewa ya lekala la diporo, go tlamela ka, gareng ga tse dingwe, phitlhelelo ya mafaratlhatlha a rona ke ba lephata la boraro. 
 
Re dira go ralala puso go tlhabolola Transnet Roadmap e e tla dirang gore boineelo ba rona ba dipholisi e nne boammaaruri, go akaretsa kagosešwa ya Diporo tsa Dithoto tsa Transnet go tlhoma Molaodi wa Mafaratlhatlha yo o ikemetseng wa mafatlhatlha a diporo pele ga Diphalane 2023. 
 
Transnet le ditlamo tsa lekala la poraefete e tla konosetsa dikamano kwa ditheminaleng tsa ditshodi tsa Durban and Ngqura, go kgontsha peeletso e ntšhwa kwa maemelakepe a rona le go tokafatsa bokgoni ba ona. 
 
Se se tla thusa gore maemelakepe a rona a boelwe ke maemo a ona mo lefatsheng jaaka mangwe a maemelekepe a a nonofileng go gaisa. 
 
Go nnile le katlego e kgolo mo go busetseng mannong Theminale ya Dirori ya Port Elizabeth, e e okeditseng mothamo wa yona gabedi e bile e setse e bone koketsego ya diromelwantle. 
 
Dirori tse dintsi tse di yang kwa mebarakeng ya moseja di tloga di le kwa Theminaleng ya Dirori ya Port Elizabeth. 
 
Transnet e tsosolosa ditimela tsa yona tse di sa tsamaeng le go oketsa dipalangwa tsa yona. 
 
Re nnile le dikgwetlho mo go tsamaiseng bapalami ba diterena. 
 
Go latela kagosešwa e e tswelelang mo Setheong sa Bapalami ba Diterena sa Aforika Borwa, mela e le 13 ya diterena tsa bapalami e butswe gape, e leng se se fokotsang ditlhwatlhwa tsa dipalangwa go badiri ba le bantsi. 
 
Tlamelo ya metsi e e ikanyegang e botlhokwa gore batho ba tshele sentle le gore ikonomi ya rona e gole. 
 
Go netefatsa tshireletso ya metsi ga jaana le mo isagong, Lefapha la Metsi le Kgelelaleswe le eteletse pele tiragalo ya go beeletsa mo diporojekeng tse dikgolo tsa mafaratlhatlha go ralala naga. 
 
Morago ga go diega dingwaga di le mmalwa, tiro ya kago e e tletseng ya porojeke ya Kgato ya Bobedi ya Lesotho Highlands e tla simolola monongwaga. 
 
Porojeke ya Lesotho Highlands e botlhokwa mo go netefatseng tshireletso ya tlamelo ya metsi mo Gauteng, Foreisetata, Mpumalanga, Bokone Bophirima le Kapa Bokone. 
 
Dingwagasome di le mmalwa morago ga fa e sena go tshitshinngwa le dingwaga di le robongwe morago ga tiragalo ya go simololwa ga porojeke e, kgato ya ntlha ya Porojeke ya Metsi ya Umzimvubu e tla simolola mo ngwageng o o tlang wa ditšhelete. 
 
Kgato e, e e akaretsang go agiwa ga Letamo la Ntabelanga, mafaratlhatlha a nosetso le kabo ya metsi go baagi e tla rebolelwa matlole ke puso. 
 
Kgato e e latelang e tla nna go agiwa ga Letamo la Lilane, e e tla akaretsang seteišene se fetlhang motlakase ka metsi. 
 
Diporojeke tse dikgolo tsa go oketsa mothamo wa Letamo la Clanwilliam, Letamo la Hazelmere le Letamo la Tzaneen di tla tokafatsa tlamelo ya metsi kwa Lobopong la Bophirima, eThekwini le karolo e e kwa botlhaba ya Limpopo. 
 
Ngogola re begile ka leanolegolo le le tletseng la go momaganya tirego ya dikopo tsa dilaesense tsa tiriso ya metsi, e leng se se botlhokwa go kgontsha dipeeletso tse dikgolo 
 
Fa e sale ka nako eo, re fokoditse tshalelomorago ya dilaesense tsa tiriso ya metsi le go fokotsa nako ya go konosetsa dikopo go nna matsatsi a le 90. 
 
Lenaneo la rona la kago ya mafaratlhatlha le tswelela sentle ka tiro ya Letlole la Mafaratlhatlha le Mafaratlhatlha a Aforika Borwa, le le tlhomilweng go tshegetsa diporojeke tse di kgethegileng tsa mafaratlhatlha. 
 
Sengwe sa dikgoreletsi tse dikgolo tsa peeletso ya mafaratlhatlha ke tlhokego ya kitso le bokgoni jwa setegeniki le bokgoni jwa tsamaiso ya diporojeke. 
 
Go siamisa se Mafaratlhatlha a Aforika Borwa a neetswe dimilione di le 600 tsa diranta tsa paakanyetso ya porojeke, segolo kwa mafelong a selegae le a a senang metswedithuso e e lekaneng. 
 
Tshegetso le mekgwa ya thulaganyo e re ntseng re e dirisang mo dingwageng di le mmalwa ga jaana di simolola go ungwa maungo a tlhatlogo mo peeletsong ya mafaratlhatlha a botlhe. 
 
Ka Ferikgong monongwaga, diporojeke tsa bokana ka diranta di le dibilione di le 232 di ntse di tswelela mme diporojeke tsa bokana ka diranta di le dibilione di le nne di setse di konoseditswe. 
 
Diporojeke tse di konoseditsweng di akaretsa mafelobonno a mašwa kwa Gauteng, tlhabololo ya ditsela le tlhabololo la maemelakepe a mannye. 
 
Mo tlhabololong e kgolo, Setheo sa Bosetšhaba sa Ditsela sa Aforika Borwa – SANRAL – se abile dikonteraka tsa kago ya ditsela tsa bokana ka dibilione di le 18 mo dikgweding tse tharo tse di fetileng. 
 
Kago ya Leborogo la Msikaba le Leborogo la Mtentu e tla konosediwa mme e tla dira gore leeto mo Kapa Botlhaba le nne botoka. 
 
Peeletso e e tla tswela mosola intaseteri ya kago le go kgontsha go tlhola ditiro di le dintsi, go tlhatlhelela batho ka kitso le bokgoni le go fedisa botlhoki, segolo go baagi ba metsemagae e e mabapi. 
 
Ngogola re rile re tla oketsa kago ya maborogo jaaka karolo ya lenaneo la Welisizwe, go kgontsha baagi go fitlhelela dikolo, mafelotiro le didiriswa tse dingwe bonolo le ka pabalesego. 
 
Mabogoro a le 24 kwa KwaZulu-Natal a agiwa ga jaana mme go baakanngwa mafelo a maborogo a mangwe a le 24. 
 
Mo lekaleng la ditlhaeletsano ka megala, go konosediwa ga fantisi ya marang a tlhaeletsano go buletse peeletso e ntšhwa mme se se tlisitse dibilione tsa diranta di le 14 mo letloleng la naga. 
 
Mo tsamaong ya ngwaga o, re tla fudusetsa malapa a a setseng go ya go marang a thelebišene a dijithale le go konosetsa go timiwa ga phetisetso ya analoko. 
 
Se se tla rebola marang a a boleng a go phasaladiwa ga mafaratlhatlha a diselula a 5G le go fokotsa ditlhwatlhwa tsa data. 
 
Dikgato tse di tla re tlisa gaufi le ponelopele ya rona ya inthanete e e tlhwatlhwatlase, e bile e le bonako go botlhe. 
 
Ka SoNA ya ngogola, re rile re tla tsepamisa maiteko a rona mo go ngokeng maemo a a kwa godimo a peeletso, e e leng botlhokwa go godisa ikonomi ya rona le go tlhola ditiro. 
 
Re rile re tla matlafatsa letsholo le re le simolotseng dingwaga di le tlhano tse di fetileng la go kokoanya diranta di le ditirilione di le 1.2 tsa peeletso e ntšhwa. 
 
Ngogola, Khonferense ya bo 4 ya Peeletso ya Aforika Borwa (SAIC) e kokoantse dibilione tsa diranta di le 367 tsa maikano a peeletso, e leng se se supang gore re tla fitlhelela maitlhomo a rona a peeletso ya dingwaga di le tlhano. 
 
Mo ngwageng yo o fetileng, bontsi jwa maikano a a bakile gore ditlamo tse di dirileng maikano ao di beeletse mo madirelong a mašwa, ditikwatikwe tsa megala, dipolante tsa motlakase wa letsatsi, megala ya faeba ya ka fa tlase ga lewatle, go okediwa ga mela ya tlhagiso le go dirisiwa ga dithekenoloji tse dišwa. 
 
Sa botlhokwa, dipeeletso tse di bakile ditiro tse dišwa le ditšhono go dikgwebo tse dinnye tse di simololang.
 
Ka 13 Moranang monongwaga, re tla tshola SAIC ya rona ya bo5. 
 
Kwa khonferenseng e, re tla tlhoma maikaelelo a mašwa go ngoka dipeeletso tsa ditirilione tsa diranta di le 2 pele ga 2028. 
 
Dipeeletso tse di setseng di tsene mo ikonoming go fitlha ga jaana di nnile le seabe mo kgolong ya tlhagiso ya selegae. 
 
Dipeeletso tse di rotloeditse maiteko a rona a go reka ditlhagiswa tsa selegae. 
 
Ngogola, ke neetse SoNA ke apere sutu le ditlhako tse di dirilweng ka boipelo mo Aforika Borwa. 
 
Maitsiboeng a, ke nwa metsi ka galase e e dirilweng kwa Wadeville beke e e fetileng ke badiri ba kwa Katlehong, Vosloorus le Germiston. 
 
Ke dingwaga di le dintsi Aforika Borwa e ntse e reka digalase go tswa kwa dinageng tse dingwe. 
 
Ga jaana re tswelela go di dira mog gae. 
 
Mme ga se digalase fela. 
 
Fa o ya kwa bookelong go dirwa karo, go na le kgonego ya gore o tla newa diidibatsi tse di dirilweng kwa lefelong la tlhagiso la maemo a boditšhaba kwa Kapa Botlhaba. 
 
Fa ke ne le mo Leetong la Semmuso kwa United Kingdom ngogola, feme ya Aforika Borwa e amogetse laesense ya go tlhagisa molemo o o nowang wa kholera la ntlha teng mo Aforika Borwa. 
 
Ditumalano tsa kopano ya dikgaisano di tlametse gore lookwane lo lontsi lo tlhotlhiwe mono le gore dijo tse dintsi di rekiwe mo balemiruing ba selegae. 
 
Ngogola, re ineetse go bulela dipeeletso mo lekaleng la hempo le matekwane. 
 
Re dira gore maemo a letlelele lekala le go gola. 
 
Lefapha la Temothuo, Kabosešwa ya Lefatshe le Tlhabololo ya Metsemagae le Lefapha la Boitekanelo a tla mekamekana le maemo a a renang go jwalwa hempo le matekwane go letla temo ya kwa ntle le kokoanyo ya kotulo go tswa go balemi ba setlwaedi. 
 
Se se tla bulela maatla a magolo a ikonomi mo mafelong a selegae a naga, segolo kwa Kapa Botlhaba, KwaZulu-Natal le Mpumalanga. 
 
Puso e konosetsa tiro e e botlhokwa ya go tlhola letlhomeso la taolo ya polante yotlhe, ditsela tsotlhe tsa semolao tsa melemo e e nyalanang, dijo, diintlafatsi, le ditlhagiswa tsa madirelo, go nyalana le ditumalano tsa boditšhaba le tiriso e e amogelegang. 
 
Se se akaretsa taolo e ntšhwa ya ditekanyetsokabo tsa mafapha go tlhabolola lekala le, le go tshegetsa balemi ba setlwaedi, ba bantsho, le go golaganya taolo ya SAPS le melawana ya taolo. 
 
Ikonomi e e golang e tshwanetse go nna ikonomi e e tswelelang go akaretsa. 

Khonferense ya Ntlha ya Baintaseteri ba Bantsho ka Phukwi ngogola e supile katlego ya Maaforika Borwa a bantsho mo tlhagisong ya dijo, dikarolo tsa dikoloi, fenitšhara, diaparo, tshipi, dikhemikhale le ditlhagiswa tsa meepo, le go tlhola dikete tsa ditiro le go nna le seabe mo ikonoming ya selegae. 
 
Ga jaana re na le baintaseteri ba bantsho ba ka nna 1 000 ba ba nang le seabe mo lenaneong la baintaseteri ba bantsho. 
 
Go neela sekao sa boitseanape ba thekenoloji ya baintaseteri ba, mongwe wa bafenyi ba dikabo kwa khonferenseng e ne e le Astrofica Technologies, e leng setlamo se mongwe wa basimolodi ba sona e leng mosadi wa montsho, Jessie Ndaba, se se tlamelang ka data ya tsamaiso ya disathalaete. 
 
Re nnile le tswelopele mo ngwageng o o fetileng ka go fitlhelela maemo a a kwa godimo a badiri ba e leng beng mo ikonoming. 
 
Ga jaana go na le badiri ba feta 400 000 ba ba nang le dišere mo difemeng tse ba dirang mo go tsona. 
 
Kgolo le go tlholwa ga ditiro mo ikonoming ya rona go di tla kgweediwa ke dikgwebo tse dipotlana le tse di magareng, dikoporasi le dikgwebo tse di sa tlhomamang. 
 
Ngogola, re thankgolotse sekema sa kadimo sa poelomannong se se tsamaisiwang ke dibanka le ditheo tse dingwe tsa matlole, mme se netefaditswe ke puso, go thusa ditlamo tse di tlhokang matlole go fodisa matsadi a a bakilweng ke leroborobo. 
 
Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le tla dira le Lefapha la Matlotlo a Setšhaba go sekaseka ka moo sekema se se ka matlafadiwang go tshegetsa dikgwebopotlana le tse di magareng gammogo le dikgwebo tsa lekala le le sa tlhomamang. 
 
Go samagana le kgwetlho ya botlhokatiro mo bašweng, Poelo ya Lekgetho la go Thapa e atolositswe go rotloetsa dikgwebo go thapa bašwa ka bontsi. 
 
Ngogola ke begile gore re tla batla tsela e e fokotsang dikgato tsa tiragatso gore re kgone go fedisa dikgato tse tota di sa tlhokegeng tse e leng tsona di re gogelang morago. 
 
Setlhopha sa phokotso ya dikgato tsa tiragatso mo Kantorong ya Moporesitente ka fa tlase ga Rre Sipho Nkosi se ntse se dira le mafapha a a farologaneng go dira gore go tsena mo kgwebong go nne bonolo. 
 
Se dirisa tsela ya tirisano, ka go dira le mafapha le ditheo mo makaleng a a jaaka tsamaiso ya ditshwanelo tsa meepo, dilaesense tsa dipalangwa tse di tsamaisang bajanala, divisa le diphemiti tsa ditiro, tlhabololo ya bana ya motheo le lekala le le sa tlhomamang. 
 
Monongwaga re tla konosetsa ditokafatso tsa Molao wa Dikgwebo, 1991 (Molao wa bo 71 wa 1991) go fokotsa maparego a taolo go dikgwebo tse dinnye, tse dipotlana le tse di magareng (diSMME) le dikoporasi gore go nne bonolo gore bagwebi ba simolola dikgwebo. 
 
Ka setheo sa Thuso ya Matlole go Dikgwebopotlana – re rulaganya go tlamela bagwebi ba feta 90 000 ka diranta di le dibilione di le 1.4. 
 
Puso ka semphato le SA SME Fund e dira ka natla go tlhoma letlole la diranta di le dibilione di le 10 go tshegetsa kgolo ya diSMME. Puso e lebile kgonagalo ya go tlamela letlole le ka diranta di le dibilione di le 2.5 mme diranta di le dibilione di le 7.5 tsona di tla kokoanngwa go tswa go lekala la poraefete. 
 
Go rebolelwa laesense ga PostBank go tla tlhoma motheo wa go tlhongwa ga banka ya puso e e tla tlamelang ka ditirelo tsa matlole go diSMME, dikgwebo tse beng ba tsona e leng bašwa le basadi le baagi ba ba senang ditirelo tse di lekaneng. 

Jaaka Kokoanopeomolao e sekaseka Molaotlhomo wa Tokafatso wa PostBank, Postbank e sekaseka ditirelo tse e di rebolang gore e tlamele ka sengwe se se farologaneng le dibanka tse dikgolo. 
 
Tsela e e nonofileng e bile e ka dira go aga ikonomi ya rona ke go tlhatlhelela batho ka kitso le bokgoni jwa go e kgweetsa. 
 
Ka jalo, re ntse re dira ka natal go matlafatsa momagano magareng ga kitso le bokgoni tse re tlhatlhelanang ka tsona le kitso le bokgoni tse mafelotiro a di tlhokang. 
 
Mongongwaga, Letlole ba Bosetšhaba la Kitso le Bokgoni le tla tlamela ka diranta di le dimilione di le 800 go tlhatlhelela batho ka kitso le bokgoni mo lekaleng la dijithale le thekenoloji ka mokgwa o mošwa o o golaganyang tuelelo ya katiso le dipoelo tsa tiro. 
 
Re tswelela go ikuela go ditlamo, mafapha le di-SOE go tlosa tlhokego ya maitemogelo a tiro mo diphatlhatirong tsa maemo a motheo tse bašwa ba batlang go tsena mo go tsona. 
 
Ngogola re rile re tla tsenya dialogane tsa dikholeji tsa Thuto ya Setegeniki le Tiro le Katiso (TVET) mo ditirong. 
 
Re fetile palo eo mme jaanong re ikaelela gore mo 2023 baithuti ba le 20 000 ba TVET ba tsene mo ditirong. 
 
Palo ya baithuti ba ba tsenelang katiso ya ditiro kwa dikholejing tsa TVET e tla oketsega go tswa go 17 000 go ya go 30 000 mo ngwageng wa dithuto wa 2023. 
 
Nngwe ya dintlhakgolo mo kgolong ya ikonomi le kgaisano ke bokgoni jwa go ngoka kitso le bokgoni tse ikonomi e di tlhokang. 
 
Morago ga go konosetsa tshekatsheko e e tseneletseng ya divisa tsa tiro, re tla dira ka bonako go tsenya tirisong dikatlenegiso tse di dirilweng. 
 
Tsona di akaretsa go tlhoma lenaneo la dintlha go ngoka bafudugedi ba ba nang le kitso le bokgoni, go tsenya tirisong sekema se se ikanyegang sa bathapi go dira gore tsamaiso ya di-visa e nne bonolo go babeeletsi ba bagolo le go rulaganya ditlhokego tsa dikopo. 
 
Re tlile gape go tsenya tirisong visa ya tiro ya go direla kwa nageng e nngwe le e e kgethegileng ya dikgwebo tse di simololang tsa kgolo e e kwa godimo. 
 
Le fa thulaganyo ya tlhabololo e ntse e tswelela pele, re tla tswelela go tshegetsa ditiro tsa puso le tsa loago go tlamela ka ditiro go ba ba di tlhokang. 
 
Ngogola re buile ka ga Thulaganyo ya Ditiro ya Moporesitente go tlamela ka ditšhono tsa ditiro le botshelo. 
 
Thulaganyo e e setse e tlhotse ditšhono di feta milione, mme e fitlhelela porofense nngwe le nngwe le sedika sengwe le sengwe mo nageng ya rona. 
 
Beke e e fetileng, setlhopha se sešwa sa bathusi kwa dikolong ba le 150 000 se simolotse tiro kwa dikolong di feta 22 000, e leng se se neelang seriti, tsholofelo le maitemogelo a a botlhokwa a tiro go bašwa ba ba sa direng. 
 
Letlole la Ditiro la Loago le ngoka bannaleseabe ba le 50 000 mo kgatong ya lona e e latelang go dira tiro e e tswelang botlhe mosola, mme le Tirelo ya Bosetšhaba ya Bašwa e e tsosolositsweng e tla tlhola ditšhono tse dingwe di le 36 000 ka mekgatlo e e sa direng morokotso le ya baagi. 

Lefapha la Merero ya Selegae le thapile setlhopha sa ntlha sa bašwa ba ba sa direng ba le 10 000 go fetolela direkoto tsa lona tsa dipampiri di le dimilione di le 340 go nna tsa dijithale. 
 
Ga jaana go na le badirisi ba le dimilione di le tharo ba ba ikwadisitseng mo seraleng sa SAYouth.mobi, se se sa diriseng data sa bašwa ba Maaforika Borwa go fitlhelela ditšhono tsa go ithuta le go nna le lotseno. 
 
Se se dirilwe ka tirisano le Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA), se se tswelelang go tlamela ka thuso ya botlhokwa go bašwa ba bagwebi gammogo le ba ba batlang ditiro. 
 
Ke akgola NYDA ka tsela e e thusitseng bašwa go bona ditiro. 

Thulaganyo ya Moporesitente ya Ditiro le yona e tshegetsa batho go nna le lotseno lwa bona. 
 
Balemirui ba bannye ba ka nna 140 000 ba amogetse difoutšhara tsa go reka dipeo, menontsha le didiriswa, go tlamela ka tshegetso ya tshireletso ya dijo le tlhabololo mo temothuong. 
 
Maiteko a a bakile gore go lemilwe diheketara di ka nna 640 000 tsa lefatshe. 
 
Se se itumedisang ke go 68% tsa balemi ba ke basadi. 
 
Monongwaga re ikaelela go tlamela ka difoutšqhara tse dingwe di le 250 000 go balemi ba bannye. 
 
Tse ke dikao tsa pharologano e puso e ka e dirang mo matshelong a batho ka itlhamelo, go dira sengwe le boineelo. 
 
Maaforika Borwa a gaetsho, 
 
Ditlhwatlhwa tsa botshelo tse di tlhatlogang di etegetsa botlhoki le go tlhoka tekatekano. 
 
Dimilione tsa Maaforika Borwa ga ba kgone go itlamela mmogo le ba malapa a bona. 
 
Go na mme yo o tlhokometseng lelapa kwa Alex, yo o tshwenyegileng ka gore o tla dira jang ka ntlha ya fa tlhwatlhwa ya bupi le dituelelo tsa dithekisi di tswelela go tlhatloga. 
 
Go na le modiri kwa femeng kwa Gqeberha yo ga jaana a lebaganeng le isago e e sa itseweng ka ntlha ya gore fa motlakase o tshabile, mola wa tlhagiso kwa tirong le ona o ema tsi. 
 
Ke tiro ya puso go tlamela ka maemo a motheo a tshireletso a e leng gore ga go Moaforika Borwa ope yo o tshwanetseng go wela kwa tlase ga ona. 
 
Ga jaana mo nageng ya rona, go na le batho ba feta dimilione di le 25 ba ba amogelang mofuta o o rileng wa tshegetso ya lotseno. 
 
Godimo ga moo malapa a ka nna dimilione di le pedi a a tlhokang a amogela metsi a motheo a mahala, motlakase wa motheo wa mahala le go tsewa ga matlakala mahala. 
 
Bokana ka 60% tsa tekanyetsokabo ya rona di dirisiwa mo go se se itsegeng jaaka moputso wa loago, o o tlamelang ka mefuta e e farologaneng ya tshegetso, ditirelo tsa motheo le thuso go malapa le batho go lwantsha botlhoki le tlala. 
 
Go tshegetsa tiro e le go lwantsha ditlhwatlhwa tse di tlhatlogang tsa botshelo, re tla tswelela ka Thuso ya Namolo ya Kgatelelo ya Loago (SRD), e ga jaana e fitlhelelang batho ba ka nna dimilione di le 7.8. 
 
Re tla netefatsa gore dithuso tsa ga jaana tsa loago di a okediwa go thusa batlhoki kgatlhanong le infoleišene e e tlhatlogang. 
 
Tona ya Matlotlo o tla tlhalosa se mo tekanyetsongkabo. 
 
Go na le tiro e e dirwang go tla ka leano la tshegetso ya lotseno lwa motheo go ba ba tlhokang, le fa tota matlole a rona a le ka fa tlase ga kgatelelo. 
 
Se se tla agelela mo go se re se simolotseng ka Thuso ya SRD, go akaretsa go golaganya tshedimosetso e re nang nayo go ralala puso go netefatsa gore re fitlhelela botlhe ba ba tlhokang. 
 
Lefapha la Matlotlo a Setšhaba le sekaseka kgonagalo ya dikgato tsa tshoganyetso go fokotsa ditlamorago tsa motlakase o o tshabetseng ruri mo ditlhwatlhweng tsa dijo. 
 
Monongwaga re tla tsaya dikgato go bulela boleng jo bogolo go malapa a a tlhokang ka go itlhaganedisa thebolo ya ditetlelelo tsa bonno tsa matlo a a boneng thuso ya matlole. 
 
Tsharelelomorago ya ga jaana mo go reboleng ditetlelelo tsa bonno e kwa godimo ga dintlo di le milione, e leng boleng jwa dithoto jo bo ka fitlhang go dibilione di le 242 tsa diranta tse di tshwanetseng go bo di le mo diatleng tsa Maaforika Borwa a a tlhokang go gaisa. 
 
Re tla tsepama e seng fela mo go fediseng tshalelomorago e, mme re tla dira gore tsamiso ya ditetlelelo tsa bonno e nne e e nonofileng e bile e fitlhelelega. 
 
Jaaka re re buile mo SoNA ya ngogola, Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba le Mafaratlhatlha le konoseditse phetisetso ya diheketara di le 14 000 tsa lefatshe la puso go dirisediwa matlo. 
      
Phitlhelelo ya thuto e e boleng go botlhe ke sediriswa se se maatla thata go fedisa botlhoki. 
 
Re tshwanetse go simolola ka bana ba bannye, go ba tlamela ka motheo o ba o tlhokang go kwala le go buisetsa bokao, go ithuta le go gola. 
 
Ka jalo go botlhokwa gore palo ya bana ba ba amogelang thuso ya Tlhabololo ya Bana ya Motheo (ECD) e atile gabedi magareng ga 2019 le 2022, go fitlhelela bana ba le milione le halofo. 
 
Lefapha la Thuto ya Motheo le rulaganya ditlhokego tsa ditikwatikwe tsa ECD go fitlhelela tshegetso le go kgontsha dikete tse dingwe go amogela thuso go tswa go puso. 
 
Ka fa letlhakoreng le lengwe la leeto la thuto ya motheo, re tshwanetse go akgola seelo sa phalolo sa 80% sa baithuti ba materiki ngogola, ka diporofense tsotlhe di supile tokafalo mo dipholong tsa tsona. 
 
Ke tokafalo go tswa go 76% ya ngogola. 
 
Palo ya ba ba falotseng go ka ithuta kwa diyunibesithi ba ba tswang kwa dikolong tse di sa duelelweng e tokafatse go tswa go 55% ka 2019 go ya go 64% ka 2022. 
 
Se se kaya gore tiragatso ya baithuti kwa dikolong tse di tlhokang e tswelela go tokafala, e leng se se netefatsang boleng ba tshegetso e puso e ba neelang yona. 
 
Se dipholo tse di se senolang ke gore go na le phetogo e e seng modumo e e tswelelang pele mo dikolong tsa rona. 
 
Dikolo di tshwanetse go babalesega go letla go ithuta le go ruta go go nonofileng. 
 
Mokgatlo wa Maiteko a Kgelelaleswe e e Siametseng Thuto – o o bidiwang SAFE – mmogo le Maiteko a a Itlhaganedisitsweng a Thebolo ya Mafaratlhatlha a Dikolo a puso di agile matloboithusetso a a matshwanedi a le 55 000 mo lekaleng la puso le la poraefete. 
 
Go tlhagisa kitso le bokgoni tse naga ya rona e di tlhokang, re atolosa tsamaiso ya thuto ya tiro le katiso ka go tsenya tirisong kharikhulamo e e amogetsweng ya maphatamararo. 
 
Monongwaga, puso e ikaelela go konosetsa Leano le le Botlalo la Thuso ya Matlole go Baithuti ba thuto e kgolwane, segolo go baithuti ba ba kwa ntle ga mekgwatlhaolo ya Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Matlole; go fitlhelela ba ba itsege jaaka ba ba nyelelang mo bogareng. 
 
Maloko a a tlotlegang, 
 
Bosenyi jwa tirisodikgoka ke tlhobaboroko go Maaforika Borwa mongwe le mongwe. 
 
Baagi go ralala naga ba tshela mo poifong le ba malapa a bona. 
 
Maemo a ka se tswelele a le jalo. 
 
Re matlafatsa SAPS go thibela bosenyi le go tokafatsa bokgoni ba Bothati jwa Botšhotšhisi ba Bosetšhaba (NPA) le dikgotlatshekelo go netefatsa gore ba ba molato ba lebagana le molao. 
 
Se se akaretsa go nna mapodisi a mantsi mo mebileng le go tlhoma ditlhopha tse di kgethegileng tse di tla lebaganang le mefuta e e rileng ya bosenyi. 
 
Ngogola re solofeditse go thapa mapodisi a mašwa a le 12 000. 
 
Fa e sale ka nako eo, mapodisi a feta 10 000 a alogile kwa ditheong tsa sepodisi mme ba le 10 000 ba bangwe ba tla tlhophiwa le go katisiwa monongwaga. 
 
Ditlhopha tse di kgethegileng tsa sepodisi tse di dirang ka mefuta ya bosenyi e e jaaka go thopiwa ka dikgoka, go tseela batho madi ka dikgoka le go epa go go seng molaong di nnile le dikatlego di le mmalwa, e bile go tshwerwe babelaelwa ba le mmalwa le go fitlhelela dikatlholo di le mmalwa. 
 
Kgato e e gagametseng e a tsewa go mekamekana le kgoreletso ya ikonomi le mefuta ya bosenyi e e amanang e e bakang tshenyo e kgolo mo ikonoming. 
 
Ditlhophatiro tsa Maphatamantsi tsa Mafaratlhatlha a Ikonomi ga jaana di dira kwa mafelong a le 20 a ditiragalo tse di diragalang thatakwa go ona. 
 
Ngogola ke supile ka moo go leng tshenyo e kgolo ya megala ya kopore le tshipi mo mafaratlhatlheng a motlakase wa rona, diporo le mafaratlhatlha a mangwe a puso. 
 
Fa e sale ka nako eo, mapodisi a ntse a tshwara magodu a megala.. 
 
Ka Sedimonthole, puso e ne ya tlhoma kiletso ya nakwana ya thomelontle ya megala ya kopore le ditshipi tse dingwe go kgoreletsa digongwana tsa bosenyi le go letla gore tsamaiso e ntšhwa ya kgwebisano e tsenngwe tirisong. 
 
Jaaka re setse re simolotse ka ditokafatso tsa ikonomi tebang le motlakase, metsi, ditlhaeletsano tsa megala le mafaratlhatlha ka Operation Vulindlela, re tsena mo tiragalong ya tokafatso ya nonofo ya rona mo ntweng kgatlhanong le bosenyi. 
 
Re tla dirisa bokgoni ba rona mo ditirong tsa ditikwatikwe tsa megala go tshegetsa tiriso e e matshwanedi ya mogala wa thuso wa 10111, ka semphato le lekala la poraefete. 
 
Se ke go netefatsa gore fa batho ba leletsa sepodisi, megala ya bona e a arabiwa mme maemo a bona a tshoganyetso a tsewa tsia. 
 
Re tla dirisa gape le mekgwa e e dirisang data ka tsela ya maemo a a kwa godimo go lemoga le go disa mafelo a bosenyi bo diragalang thata kwa go ona. 
 
Ka jalo, mo tekanyetsongkabo e, sepodisi, NPA le Yuniti e e Kgethegileng ya Dipatlisiso di tla bona kokeletso ya matlole. 
 
Bosenyi kgatlhanong le basadi le bana e tswelela go nna tlhobaboroko mo botshelong ba rona jaaka setšhaba. 
 
Ka Ngwanatsele ngogola, re nnile le Samiti ya Moporesitente ya GBVF ya bobedi go tlhatlhoba tsenyotirisong ya Leanolegolo la Bosetšhaba, le le amogetsweng jaaka tsibogo e e botlalo, e nonofile e bile e momagane kgatlhanong le leroborobo le. 
 
Nngwe ya dikatlego tse dikgolo mo maitekong a rona a go lwantsha GBVF ke ka moo balekane ba loago ba inyalantseng le Leanolegolo la Bosetšhaba. 
 
Ka Ferikgong ngogola, ke saenile melao e meraro e e neelang tshireletso e kgolo go bafalodi ba GBVF le go netefatsa gore badiri ba ditiro tse ga ba tlhole ba kgona go dirisa ditlhaelo mo melaong ya rona go tila tshekiso. 
 
Re tswelela go tokafatsa phitlhelelego le tiro ya Dikgotlatshekelo tsa Bosenyi jwa Thobalano le go oketsa Ditikwatikwe tsa Tlhokomelo tsa Thuthuzela. 
 
Ntlha ya botlhokwa ya Leanolegolo la Bosetšhaba ke matlafatso ya ikonomi go basadi. 
 
Fa e sale re goeleditse maikemisetso a rona gore bonnye 40% tsa theko ya puso e neelwe dikgwebo tse e leng tsa basadi, re netefaditse gore re tlhoma maemo a a kgontshang tshegetso go bagwebi ba basadi. 
 
Re katisitse dikgwebo di feta 3 400 tsa basadi go ba baakanyetsa go tsaya ditšhono tsa theko. 
 
Ka Kokoano ya Ikonomi ya Basadi, re bone mekgatlo ya intaseteri le ditlamo di ineela go tshegetsa dipalotlhomo tsa tekatekano ya bong mo diintasetering tse di farologaneng. 
 
Koporasitlhabololo ya Intaseteri e beetse thoko diranta di le dibilione di le robongwe go di beeletsa mo dikgwebong tse di eteletsweng pele ke basadi. 
 
Ditheo tse dingwe go akaretsa Koporasi ya Peeletso ya Puso le Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba, di ineetse go tlhoma dirori tsa ditiro tse di kgethegileng go tshegetsa dikgwebo tsa basadi. 
 
Rotlhe re tshwanetse go nna le seabe, jaaka batho, ditheo le baeteledipele ba baagi, go fedisa bosenyi kgatlhanong le basadi le bana. 
 
Ngogola ke rile re tla tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le bonweenwee le go kgaogana gotlhelele le paka ya go goga puso ka nko. 
 
Khomišene ya dipatlisiso tsa go Goga Puso ka Nko e e neng e eteletswe pele ke Moatlhodimogolo Raymond Zondo e konoseditse tiro ya yona le go tlisa pegelo ya yona ya makgaolakgang ka Seetebosigo ngogola. 
 
Jaaka naga, re tshwanetse go leboga Moatlhodimogolo Raymond Zondo, badiri ba Khomišene le botlhe ba ba neetseng bopaki ka go direla setšhaba ka manontlhotlho. 
 
Dikatlenegiso tsa komišene di tsenngwa tirisong go ya ka leano le ke le rometseng mo Palamenteng ka Diphalane ngogola gore makoa a tsamaiso a a supilweng ke Khomišene e, a rarabololwe le gore go se tlhole go nna le tiragalo ya go goga puso ka nko. 
 
Lekgotla la Bosetšhaba la Kgakololo Kgatlhanong le Bonweenwee, le le nang le batho go tswa mo setšhabeng, le teng go neela maele ka ga mekgwa e e siameng go epolola bosenyi, go akaretsa go tokafatsa popego ya ditheo tse di lwantshang bosenyi. 
 
Re dira go kgontsha Yuniti ya Tshireletso ya Dipaki mme re tla tlhagisa ditokafatso mo Moalong wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng, 2000 (Molao wa bo 26 wa 2000) le Molao wa Tshireletso ya Dipaki, 1998 (Molao wa bo 112 wa 1998) go matlafatsa tshireletso ya ba ba ntshang mosi ka sekhurumelo. 
 
Tiro e setse e tsweletse ya go tokafatsa go fitlhelela thulaganyo ya tshireletso ya dipaki go badiredipuso ba ba senolang bobodu, bonweenwee le maitsholo a a maswe. 
 
Re tla konosetsa seralwa sa Molaotlhomo wa Theko mo Pusong go samagana le makoa a a supilweng ke Khomišene ya dipatlisiso tsa go Goga Puso ka Nko mme re tokafatse nonofo, boleng ba madi le go se gobelele. 
 
Ditheo tsa rona tsa tiragatso ya molao tse di tsosolositsweng di tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le ditlamo le batho ba go belaelwang ba nnile le seabe mo go gogeng puso ka nko. 
 
Bokaedi jwa Dipatlisiso ba NPA, jo bo tlhomilweng ka 2019, bo setse bo gogetse balatofadiwa la le 187 kwa kgotlatshekelo mo dikgetseng di le 32 tsa go goga puso ka nko le tsa bonweenwee. 
 
Go fitlha ga jaana go setse go busitswe diranta di le dimilione di le supa go tswa mo dikgetseng tsa go goga puso ka nko. 
 
Go fitlha jaanong, matlole le dithoto tsa boleng ba diranta di le dimilione di le 12.9 di ka fa tlase ga taolo ya bothati. 
 
Monongwaga, Bokaedi jwa Dipatlisiso bo tla tlhongwa jaaka setheo sa leruri mo teng ga NPA. 
 
Maaforika Borwa a gaetsho, 
 
Go fitlhelela tswelopele efe fela mo go samaganeng le dikgwetlho tse re lebaganeng natso, re tlhoka Puso e bokgoni e bile e nonofile. 
 
Makoa a rona a magolo a mo dikgwebong tsa puso le mo pusoselegaeng. 
 
Bontsi jwa di-SOE tsa rona bo kgaratlha ka dikoloto tse di kwa godimo, peeletso e e kwa tlase mo mafaratlhatlheng, ditlamorago tsa go goga puso ka nko le tlhaelo ya kitso le bokgoni. 
 
Re tla tsenya tirisong dikatlenegiso tsa Lekgotla la Moporesitente la di-SOE go tlhoma setlamo sa tsamaiso sa puso jaaka karolo ya tsela ya mongdišere wa bogareng se se tla netefatsang tlhokomelo e e nonofileng ya di-SOE. 
 
Ntle le moo, ke laetse Kantoro ya Moporesitente le Lefapha la Motlotlo a Setšhaba go dira mmogo go tlhatlhoba mafapha a puso, ditheo le mananeo mo dingwageng di le tharo tse di latelang. 
 
Lefapha la Matlotlo a Setšhaba le kabakanya gore le tla kgona go boloka bokana ka diranta di le dibilione di le 27 mo pakagareng fa re ka mekamekana le ditiro tse di tlhatlhaganang, ra tswalela mananeo a a senang mosola le go kopanya ditheo fa go leng maleba. 
 
Tiragatso e e bokoa ya dipusoselegae tse dintsi e tswelela go nna tlhobaboroko. 
 
Bontsi ja bommasepala ba rona, ba le 163 go tswa go 257, ga ba dire kgotsa ba ka fa tlase ga kgatelelo ka ntlha ya bobusi jo bo bokoa, taolo e e sa nonofang kgotsa e e bonweenwee ya matlole le botsamaisi, gammogo le thebolo e e bokoa ya ditirelo. 
 
Puso e tsenya tirisong ditsereganyo di le mmalwa go mekamekana le go retelelwa kwa dipusoselegaeng le go tokafatsa thebolo ya ditirelo tsa motheo. 
 
Tsona di akaretsa bokgoni ba baemedi ba baagi le batlhankedi, go baakanya le go tlhabolola mafaratlhatlha a dipusoselegae, le go dirisa dithata tsa puso ya bosetšhaba go tsereganya fa bommasepala ba retelelwang ke go diragatsa maikarabelo a bona. 
 
Bodiredipuso jwa porofešenale, jo bo thapileng batho ba ba nang le kitso le bokgoni, ba ba dirang ka boineelo le go nna le maitsholo a a siameng bo botlhokwa mo pusong e e dirang ka botswapelo le go fedisa bonweenwee, go gobelela le tshenyo. 
 
Go tsibogela Khomišene ya dipatlisiso tsa go Goga Puso ka Nko le go nyalana le letlhomeso la go tlhoma bodiredipuso jo bo dirang tiro ka manontlhotlho, ditlhatlhobo tsa maitsholo a botho e tla nna tlhokego ya pateletso go thapiwa mo bodiredipusong mme go tla dirwa gape le ditlhatlhobo tsa go tsena. 
 
Re tokafatsa molao le go matlafatsa seabe sa Khoomišene ya Bodiredipuso go netefatsa gore batho ba ba nang le makwalothuto a a maleba ba thapiwa mo diphatlatirong tsa bolaodi jo bo kwa godimo le go ya ntlheng ya go bopa bodiredipuso bo le bongwe jo bo nyalanang. 
 
Maloko a a tlotlegang, 
 
Jaaka re ineetse go tokafatsa matshelo a banna le basadi ba naga ya rona le go tsweletsa katlego ya botlhe, go fela jalo le ka maikemisetso a rona a go fitlhelela Aforika yo o Botoka le Lefatshe le le Botoka. 
 
Re tshwenyegile thata ka go runya go go tsweletseng go sa le gale ga dikgotlhang magareng ga Iseraele le Palestina, mme re ikuela gore dikgotlhang tse di khutle mme go simololwe ka tiro e e diegisitsweng ya kagiso. 
 
Aforika Borwa e romela melaetsa ya matshidiso go puso le batho ba Türkiye go latelang matlhotlhapelo a thoromo ya lefatshe go sale gale mo bekeng e. 
 
Jaaka naga re ipela thata ka maiteko a Gift of the Givers go thusa ba ba amilweng ke thoromo eo ya lefatshe. 
 
Re tswelela go tshwenyega ka kgotlang e e tswelelang ya Russia-Ukraine mme re ikuela go maphata otlhe go emisa dikgotlhang tse le go batla ditharabolo tse di nang le kagiso ka ditherisano. 
 
Tswelopele ya Aforika Borwa e golagane le tsa dinaga tsa kontinente ya rona, segolo tsa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika. 
 
Gore re nne le maemo a a edileng le tswelopele, re na le tiro ya go latelela ditsereganyo tse di tla bakang kagiso, maemo a a edileng le tlhabololo mo kontinenteng ya rona. 
 
Re tla tswelela go atolosa ditšhono tsa kgwebisano le peeletso le balekane ba rona ba kgwebisano ba lefatshe mme re solofela gore re tla ngoka dipeeletso le matlole mo Aforika Borwa ka seabe sa rona mo dikopanong tsa maphatamantsi jaaka G20, e re tla nnang baamogelabaeng ba yona ka 2025. 
 
Monongwaga Aforika Borwa ke monnasetilo wa setlhopha sa dinaga tsa Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa. 
 
Tsepamo ya rona e tla nna mo tirisanongmmogo ya tlhabololo e e tswelelang, phetogo e e sa gobeleleng ya maatla, madirelo le go tsenngwa tirisong ga Karolo ya Kgwebisano e e Gololosegileng ya Kontinente ya Aforika. 
 
Aforika Borwa mmogo le baagisani mo Kopanong ya Makgetho ya Borwa jwa Aforika, e tla konosetsa thebolo ya rona ya intaseteri ka ga Karolo ya Kgwebisano e e Gololosegileng ya Kontinente ya Aforika. 
 
Fa e setse e dira ka botlalo, Kgwebisano e e Gololosegileng ya Kontinente e tla tlamela ka tšhono e e iseng e bonwe ya go matlafatsa momagano ya ikonomi ya Aforika, go godisa diikonomi tsa dinaga, le go bulela ditlamo tsa Aforika Borwa dikgoro le mebaraka e mešwa. 
 
Maaforika Borwa a gaetsho, 
 
Semelo sa nnete sa setšhaba se senoga mo dinakong tsa mathata. 
 
Setšhaba se se tlhaloswang ke ka moo batho ba sona ba lebaganang le mathata a magolo – e ka nna ka go dirisana mmogo le go itepatepanya le dikgwetlho tsa bona ba le seoposengwe, ba kopanngwa ke morero o o tshwanang, kgotsa ba ineela mo mathateng a a ba lebaneng. 
 
Re setšhaba se se nang le dikgwetlho tsa ga jaana, mme gape re setšhaba se se dirang ka natla go diragatsa tsholofetso ya isago. 
 
Fa re ne re tsaya kgato ya rona ya ntlha ya go tsena mo tseleng ya temokerasi, re ne re na le ponelopele e e edileng ya gore tsela e e tla re isa kae. 

Re bone naga e mo go yona batho botlhe ba lekanang. 
 
Re bone naga e mo go yona khumo ya dikumo tsa rona di tshwanetseng go itumelelwa ke botlhe. 
 
Re bone naga e mo go yona re ka tshelang mmogo ka kagiso, e mo go yona re ka dirang mmogo go bopa setshwano se le sengwe le isago e e tlhakanetsweng. 
 
Setšhaba sa rona se theilwe mo Molaotheong o o dumelanang le meono ya seriti, tekatekano le kgololesego, le ditshwanelo tsa mongwe le mongwe wa rona. 
 
Dikgato tse re di tlhagisitseng maitseboeng a, go agelela mo tirong e re setseng re e dirile, tsotlhe tseno di tla re atumetsa gaufi le ponelopele eo. 
 
Ka go dirisana mmogo ka ponelopele e le nngwe, di tla re kgontsha gore re le setšhaba re supoge mo bothateng jono re fetogileng. 
 
Re tla tswa mo bothateng jo re huparetse mafaratlhatlha a motlakase o o dirang sentle, o o ikanyegang e bile e le o o gaisang e mengwe mo lefatsheng. 
 
Re tla supoga re huparetse mafelo a boemelakepe le diporo a a gaisanang le a mangwe mo lefatsheng, re huparetse inthanete e botlhe ba kgonang go e fitlhelela mo dikarolong tse dintsi tsa naga, re huparetse gape le tlamelo ya metsi a a nang le boleng a a sa kgaleng. 
 
Re tla nna le bajanala ba bantsi ba ba batlang go jela naga ya rona nala, le go tlhatlhelela batho ka kitso le bokgoni jo ikonomi ya rona e bo tlhokang mmogo le go ngoka batho ba ba nang le kitso le bokgoni joo. 
 
Re tla tlholela ba ba sa direng ditiro, le go neela tsholofelo ba e leng sebaka ba letile. 
 
Ka mapodisi a mantsi mo mebileng, ka diforamo tsa baagi tse di dirisanang le sepodisi mmogo le bothati jo bo ikemetseng jwa botšhotšhisi jo bo nonofileng, batho ba rona ba tla nna le tshepo mo tshireletsong ya Puso. 
 
Ka go lwantsha kemokgatlhanong ya ikonomi le bosenyi jo bo rulagantsweng, mafaratlhatlha a rona a tla sireletsega le dikgwebo tsa rona di tla dira ka kgololesego. 
 
Ka tsamaiso ya tshireletso ya loago e e matlafaditsweng e bile e atolositswe, e tla nna batho ba le mmalwa fela ba ba tla tshelang mo botlhoking le malapa a le mmalwa fela a a tla itemogelang tlala. 
 
Re tshwanetse go dira dilo tsotlhe tse, e seng fela go fenya dikgwetlho tsa rona, mme gore re ntšhwafatse tsholofetso ya Aforika Borwa. 
 
Ke tsholofetso e re e tshotseng e tshela mo dipelong tsa rona le mo ditirong tsa rona. 
 
Monongwaga e tla bo e le dingwaga di le 10 fa e sale Nelson Mandela, Moporesitente wa ntlha wa Aforika Borwa, Madiba yo re mo ratang, a re tlogela. O ne a tla bo gape a keteka dingwaga di le 105 tsa matsalo. 
 
Jaaka re tlotlomatsa bogolo jwa botshelo jwa gagwe, tla re nopoleng mafokong a gagwe a a tla re tiisang mooko a a a buileng fa a ne a tlhongwa mo setilong ka 1994, fa a ne a re: 
 
“Mo maitemogelong a matlhotlhapelo a a sa tlwaelegang a batho a a tsereng sebaka se seleele, go tshwanetse ga belegwa setšhaba se batho botlhe ba tla ipelang ka sona. 
 
“Ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi jaaka Maaforika Borwa di tshwanetse go tlhagisa bonnete jwa mmatota jwa Aforika Borwa yo o tla tlhotlheletsang go dumela ga batho mo bosiamising, go matlafatsa boitshepo ba yona mo tshiamong ya motho le go tshegetsa ditsholofelo tsotlhe tsa rona tsa botshelo jo bo botoka go botlhe.” 
 
Go bopa setšhaba sa mofuta o, go fenya mathata a paka e, re tlhoka go dira mmogo. Re tshwanetse go se tsewe ke ditsuatsue. 
 
Jaaka setšhaba, re tlhoka go senola semelo sa rona sa mmatota segolo mo nakong ya ga jaana. 
 
Re tlhoka go dira mmogo mme re se tlogele ope kwa morago. 
 
Ke a lo leboga. 

Share this page

Similar categories to explore