Puo ya Maemo a Setšhaba ka Moporesitente Cyril Ramaphosa

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA), Mme Baleka Mbete,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), Mme Thandi Modise,
Motlatsammusakgotla wa NA le Motlatsamodulasetulo wa NCOP,
Motlatsamoatlhodimogolo Raymond Zondo le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa bosiamisi,
Moporesitente wa maloba Rre Thabo Mbeki le Mme Mbeki,
Moporesitente wa maloba Rre Kgalema Motlanthe le Mme Motlanthe,
Mmusakgotla wa maloba wa NA, Ngaka Frene Ginwala,
Mmusakgotla wa maloba wa NA, Rre Max Sisulu,
Ditona le Batlatsatona,
Ditonakgolo le Babusakgotla ba Dikgotlapeomolao tsa Diporofense,
Modulasetilo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga) le bomeyarabagolo,
Mmusisi wa Banka ya Risefe ya Aforika Borwa, Rre Lesetja Kganyago,
Ditlhogo tsa Ditheo tse di Sireletsang Molaotheo wa Temokerasi,
Seaparankwe, Mme Sophie De Bruyn,
Seaparankwe, Rre Andrew Mlangeni,
Modulasetulo wa Ntlo ya Magosi, Kgosi Sipho Mahlangu,
Moeteledipele wa morafe wa maKhoi San kwa Kapa Bophirima, Morwakgosi Jacobus Titus,
Kgosi John Molefe Pilane,
Kgosana Aaron Martin Messelaar,
Mokatisi wa Ngwaga wa Setlhopha sa Naga sa Kgwele ya Dinao mo Metshamekong ya Dikgaisano ya Aforika mo ngwageng wa 2018, Mme Desiree Ellis,
Baeteledipele ba mekgatlho ya bodumedi,
Baeteledipele ba ditheo tsa thuto le tsa dipatlisiso,
Bagale ba kgaratlhelo ya tokololo,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate,
Baeng ba ba laleditsweng,
Ditokololo tse di tlotlegang tsa NA,
Ditokololo tse di tlotlegang tsa NCOP,
MaAforika Borwa ka nna,

Ke tlotla e kgolo mo go nna go ema fa pele ga lona gompieno go neelana ka Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya bo 25 mo nageng e e gololotsweng e e nang le temokerasi ya Aforika Borwa.

Monongwaga, jaaka batho ba ba farologaneng e bile ba tshwaragane, re tla bo re keteka ya tse dingwe tsa diphitlhelelo tse digolo tse di fitlheletsweng ke batho.

Re tla keteka go fenya kgololesego go na le go itshokela kgatelelo, go fenya temokerasi  go na le go itshokela go busiwa ka tšhaka ya bosemorafe, go fenya go nna le tsholofelo go na le go itshokela go tlhoka tshepo.

Re tla keteka maikemisetso a a sa tlhokomolosegeng a batho ba ba gateletsweng a go batla kgololesego, go lekalekana le ba bangwe le a go kgotsofala.

Re tla dirisa tšhono eno go ikgopotsa boima le tshotlego eo batho ba borona ba itshoketseng yona dingwaga di feta palo – tshotlego ya bona, go ikentsha setlhabelo ga bona le maikano a bona a a sa sweng lentswe a go aga Aforika Borwa yo e leng wa mang le mang yo a nnang mo go yona.

Re tla gakologelwa ka fao re wetseng makgwafo le ka fao re nnileng le boitumelo ka letsatsi la kgololesego ya rona, motsi o re nnileng setšhaba, naga e e renang kagiso ka fa gare ga yona le kwa ntle ga yona mo lefatsheng.

Mo tsamaong ya monongwaga, go matshwanedi e bile re tla bontsha leeto le re le tsamaileng mo dingwageng tse di fetileng di le 25.

Jaaka maAforika Borwa, re tla tshwanelwa ke go ipotsolotsa gore a tota re fitlheletse ditsholofetso tse di dirilweng motsing wa fa re ne re bona kgololesego mo nageng ya rona.

Re tshwanetse go dirisa ngwaga ono, yo e leng ngwaga wa bo 25 wa kgololesego ya rona, re ipotsolotsa gore a tota re agile setšhaba seo maAforika Borwa otlhe ka go lekalekana go sena yo a beetsweng mo maemong a a farologaneng le a ba bangwe a keteka ditshwanelo tse di ba totileng tsa bona mo botshelong, tsa go neelwa seriti le kgololesego.

A re agile setšhaba seo ditiro tsa mo malobeng tse di neng di tsaya letlhakore di senang seabe mo matshelong a batho gompieno?

Re tshwanetse go dirisa nako eno go lebelela koo re tswang teng go bona kgatelopele e re e dirileng, dikgwetlho tse re tsamaileng re kopana le tsona, ditiragalo tse di re buseditseng kwa morago le diphoso tse re tsamaileng re di dira.

Ngwaga yo o fetile, re rebotse letsholo la go ikaga sešwa le go godisa ikonomi.

Go tswa mo pakeng e re sa iketseng fa re emeng gone le ya go latlhegelwa ke tshepo le go tshepana, re tsere tshwetso ya go fedisa tsotlhe tse di re kgaoganyang, mme ra swetsa ka go tsholetsa tsotlhe tse di re dirang gore re nne seopo se le sengwe.

Re tsere tshwetso ya go oka naga ya rona mo matsading a bonweenwee le go busetsa seriti sa ditheo tsa rona.

Re sweditse go atolosa botlhokwa jwa Molaotheo wa naga ya borona mmogo gape le go beela kwa setlhoeng sa maikemisetso a naga ya rona ditlhokwa tsa batho ba borona ba ba humanegileng, ba ba senang ditiro, ba go itlhokomolositsweng bona le ba ba itlhokelang.

Re a dumelana gore, mo go tlotlomatseng ngwagakgolo wa ga Nelson Rolihlahla Mandela le Albertina Nontsikelelo Sisulu, re tla tshwanelwa ke go dira boineelo ka ditiro tsa rona, matsapa a rona le ka ka dipuo tsa rona fa go tla mo go fitlheleleng diponelopele tsa bona tsa setšhaba sa temokerasi, se go renang bosiamisi ebile se lekalekana.

Mo pharologanong ya rona e e gagamatsang, go sa kgathalesego ka fao re farologaneng ka teng, baagi ba naga eno ba arabetse letsholo la Thuma Mina (Roma nna).

Ka matšhwititšhwiti a bona, maAforika Borwa ga a kake a botsa gore ke eng se ba ka se direlwang, fela a ne a botsa gore ke eng se ba ka se direlang naga ya bobona.

Ka mekgwa yotlhe e mennye le e megolo, ya puso le ya ditlamo tsa poraefete, maAforika Borwa a ne a tswa letsholo go aga naga e e botoka.

Ba le bantsi ba ne ba kopa maAforika Borwa go ba tlhaba mokgosi moo ba bangwe ba neng ba tlhoka thuso.

Ba bangwe ba ne ba tlhagisa maikemisetso a bona a go tshegetsa puso mo matsapeng a yona a go fetola seemo seo naga e neng e le mo go sona.

Gompieno, jaaka re gadima ngwaga yo re o fetileng, tota re ka nna dipaki tsa kgatelopele e e bonagalang e e dirilweng.

Batho ba borona ba neseditse pula go ikaga sešwa go ba go bonang go diragala mo nageng mme ebile gape ba bonela pele bokamoso jo bo botoka tota.

Tsholofelo eno eo batho ba borona ba nang le yona ga se selo fela se go sa itseweng gore se tswa kae; ke selo se se ikaegileng ka kgatelopele e ba bonang e diragala fa pele ga matlho a bona.

Mo ngwageng yo o fetileng, re ne ra simolola ka go aga sešwa tumelano ya loago e e tla tshwarelelang malebana le phetolothefosano e e botlhokwa ya ikonomi ya loago ka bannaleseabe ba ba botlhokwa jaaka go solofeditswe.

Jaaka badirisanimmogo mo mererong ya loago, re tsosolosa botshepegi, puisano le tirisanommogo le setšhaba.

Re buisana le maphata ao mo setšhabeng sa rona a ikgogetseng kwa morago, a a sa tlholeng a na le kgatlhegelo epe le ao a gobeletsweng ka mefuta e e farologaneng ya dipuisano le go itlhalosa.

Matsapa a rona a kana a ne a sa tshwane, mme re santse re na le tiro e ntsi, fela re bontshitse setšhaba mo ngwageng yo o fetileng maikemisetso a rona rotlhe a go dirisanammogo go tobana le dikgwetlho di le dingwe tse re tobaneng natso.

Re tsepamisitse matsapa a rona mo go tsosoloseng sešwa kgolo ya ikonomi le mo go tlholeng ditiro.

Re dirisana mmogo – jaaka puso, mekgatlho ya badiri, dikgwebo, mekgatlho ya baagi le ditšhaba – go fedisa dikgwetlho tse di thibelang kgolo e e akaretsang batho botlhe le go latela maemo a a kwa godimo a dipeeletso.

Re ne ra tshwara ka katlego Samiti ya Ditiro ya Boporesitente e e utlwanetseng dikgato tse di tla nnang mosola thata – fa di tsentswe tirisong ka botlalo – tse di tla menaganang gabedi palo ya ditiro tse di ka tlhodiwang ke ikonomi ya rona ngwaga yo mongwe le yo mongwe.

Mo ngwageng yo o fetileng, bannaleseabe ba le bantsi ba tlhagisitse dingongorego tsa bona ka ga maemo a dipholisi a go sa itseweng gore a lebile kae le ka dipholisi tseo di ikganetsang ka botsona.

Re setse re mekamekane le go rarabolola dingongorego tseno.

Mo go tsibogeleng maemo a a sa iketlang kwa ditheong di le mmalwa tsa dikgwebo tsa puso (di-SOE) – moo taolo e e sa lolamang le bonweenwee di dirisitseng ditheo tseno ka tsela e e maswe – re sweditse gore re tla tokafatsa bobusi, ra matlafatsa boeteledipele le go busetsa tsetsepelo mo ditheong tse di leng botlhokwa tsa puso.

Re ne gape ra tshwanelwa ke go mekamekana le matsadi a dikgato tsa go goga puso ka nko mo ditheong tse di botlhokwa tsa puso, go akaretsa mo ditheong tsa rona tsa tiragatso ya molao, tseo seriti sa tsona le bokgoni jwa tsona jwa go diragatsa maikarabelo a tsona bo neng jwa gogolelwa kgakala kwa mo dingwageng tse di fetileng tsa mo malobeng.

Jaanong re tsere dikgato tsa go tsosolosa le go busetsa sekeng seriti sa ditheo di tshwana le Bothati jwa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba (NPA), Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS), Setho sa Phemelo ya Puso (SSA) le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS).

Re thapile Mokaidi o montšhwa wa Naga wa Ditirelo tsa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba (NDPP), Moatefokate Shamila Batohi, go nna tlhogo e e tla tsosolosang Bothati jwa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba (NPA)

Re diragatsa ditshitshinyo tse di rebotsweng ke pegelo ya Khomišene ya Dipatlisiso ka ga Merero ya SARS e e Etilweng Pele ke Moatlhodi Nugent mme re mo thulaganyong ya go ka thapa Mokomišenara yo montšhwa go ka nna tlhogo ya setheo seno se se botlhokwa.

Go ikaegilwe ka pegelo le ditshitshinyo tsa Phanele ya Ditekolosešwa ya Maemo a a kwa Godimo e e samaganeng le SSA, e monnasetilo wa yona e leng Tona ya mo malobeng Sydney Mufamadi, go ise go ye kae ke tla bo ke rebola dikgato di le dintsinyana tsa tshoganyetso tse di tla re kgontshang go ritibatsa le go busetsa sekeng maemo a boporofešenale a semolaotheo a ditiro tsa tirelo ya matshosetsi a naga ya Aforika Borwa.

Gare ga dikgato tse re tla di tsayang go busetsa sekeng semolaotheo mo tirelong ya matshosetsi a naga e tla nna go tlhoma sešwa Lekgotla la Phemelo ya Naga (NSC) le le tla etelelwang kwa pele ke Moporesitente go netefatsa gore merero yotlhe e e ka ga matshosetsi a naga le ditiro dingwe tse di amanang le puso ya naga di tsamaisiwa ka tshwanelo mmogo le o tlhoma sešwa dikarolo di le pedi tsa tirelo ya matshosetsi a naga, karolo e nngwe e samagana le matshosetsi a a diragalang ka fa na nageng ya rona mme karolo e nngwe e tla nna e e samaganang le matshosetsi a naga ya rona go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle.

Tiro ya go baakanya puso e setse e le kwa pele.

Re motlotlo go rebola gore ka matlhagatlhaga a baagi, baagi ba le bantsi ba maAforika Borwa ba tswelela go bontsha kgatlhegelo e kgolo mo kagong ya bokamoso jwa puso.

Mo tsamaong ya ngwaga o o fetileng jaaka Kantoro ya Moporesitente, re etse tlhoko tirisodikgoka le go bogisega ga bana le basadi mo ditšhabeng tsa borona.

Re tsibogetse dingongorego tsa naga le boikuelo jo bo dirilweng ke maAforika Borwa ka go tshwara Samiti e e ka ga Bosenyi jwa Tirisodikgoka mo Bathong ba Bong jo bo Rileng (GBV) le Dipolao tsa batho ba Bomme e leng se se tlhomileng metheo e e tsetsepetseng go ka rebola letsholo la naga la thulaganyo ya go samagana le matsapa ano.

Re ne gape ra tshwara Samiti ya Moporesitente e e ka ga Boitekanelo ya ntlha mo kgweding ya Diphalane mo ngwageng yo o fetileng, e leng se se bokeleditseng bannaleseabe ba ba botlhokwa ba bantsi ba ba farologaneng mo lekaleng la boitekanelo.

Mo samiting eno ya boitekanelo, batsayakarolo ba tlhagisitse matsapa a a tobaneng le thulaganyo ya boitekanelo mme ka gangwe ya tlhagisa ditharabololo tsa pakakhutshwe le tsa pakatelele go tokafatsa bomosola jwa thulaganyo ya boitekanelo. 

Re simolola ngwaga ono o montšhwa re rotloeditswe ke kgatelopele e re e dirileng, ka go dirisana mmogo mo go tsosoloseng ikonomi ya borona le mo go busetse sekeng ditheo tsa naga ya borona tsa temokerasi.

Re ikemiseditse go tsamaya leeto leno.

Ga re na poifo tebang le mogorogoro wa dikgwetlho tse re santseng re tla kopana le tsona mo leetong la rona.

Rotlhe jaaka maAforika Borwa re tshwanetse go ipaakanyetsa go tobana mo matlholeng le dikgwetlho le maima otlhe a re santseng re tla kopana nao.

Tiro ya go aga Aforika Borwa yo o botoka ke tiro ya rona rotlhe re le naga, jaaka re le baagi ba Aforika Borwa.

Ke seo se leng botlhokwa mo tirong e nngwe le e nngwe ya lefapha la puso, ya setheo se sengwe le se sengwe mo ditheong tsotlhe tsa puso.

Ke seo se leng mosola mo pholising nngwe le nngwe, mo lenaaneng lengwe le lengwe le mo letsholong lengwe le lengwe.

Le fa go na le tiro e ntsi e e botlhokwa e e diriwang go ralala le puso ka bophara, mo maitseboeng ano ke batla go mekamekana le ditiro di le tlhano tse di botlhokwa tse di tshwanetseng go diragadiwa ka potlako mo motsing ono wa hisetori.

Tseno ke ditiro tse di tla tlhalosang sengwe le sengwe se re tla bong re se dira monongwaga.

Ka go dirisanammogo, re tshwanetse go diragatsa ditiro tse di latelang:

  • Sa ntlha, re tshwanetse go potlakisa kgolo e e akaretsang batho botlhe le go tlhola ditiro.
  • Sa bobedi, ka ntlha ya hisetori ya rona re tshwanelwa ke go tokafatsa thulaganyo ya thuto ya rona le go tlhagisa bokgoni jo re bo tlhokang jaanong jo bo tla re tswelang mosola le kamoso.
  • Sa boraro, ke maikarabelo a rona go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa otlhe, bogolosegolo ba ba humanegileng
  • Sa bone, ga go ka fao re ka dirang ka teng mme re a gapeletsega gore re tlhotlheletse ntwa kgatlhanong le dikgato tsa bonweenwee le tsa go goga puso ka nko.
  • Sa botlhano, re tshwanetse go gagamatsa bokgoni jwa puso mo go tsibogeleng ditlhokwa tsa batho.

Mo ngwageng yo o fetileng, re tsenyeleditse matsapa a rona mo go potlakiseng kgolo e e akaretsang batho botlhe mo ikonoming, ra oketsa ka bontsi maemo a dipeeletso le go tsenya tirisong dikgato tse di tla oketsang go tlhodiwa ga ditiro.

Mo ngwageng yo o fetileng ikonomi ya naga ya rona e ne ya kopana le matsapa a kwelotlase ya setegeniki ya maemo a ikonomi.

Puso e ne ya tsibogela seno ka tsosoloso ya ikonomi le maano a go e tsosolosa e leng seo se neng sa romela sešwa madi a puso kwa dikarolong tse di nang le bokgoni jwa go ka godisa ikonomi le go ka tlhola ditiro.

Leano la rona e ne e se go dirisa madi a mantsi go ipona re tswile mo mathateng a merero ya ikonomi a re neng re le mo go ona fela e ne e le a go tsenya ikonomi ya rona mo mmileng wa itharabologelo.

Go dikgato di le dintsi tse re di tsereng go ka tlhotlheletsa ditiragalo tsa ikonomi, go tsosolosa tshepo ya babeeletsi mo nageng ya rona, go tshegetsa ditiro le go samagana le dikgwetlho tse di potlakileng tse di amang matshelo a ditokololo tsa setšhaba sa naga ya borona tse di leng mo tlalelong.

Re motlotlo go le begela gore kgatelopele e ntsi e dirilwe mo go tsosoloseng tshepo mo dipholising tsa rona ka go setse go totobaditswe maemo a dipholisi tsa rona ka ga melawana ya meepo le ka ga ya visa, ya go betla kabo ya mmila wa go disa marang a kgaso a megala ya seatleng, mmogo le go lekolwa sešwa ga tsa maemakepe, diterene le ditlhwatlhwa tsa motlakase.

Re simolotse gape ka thulaganyo ya go diira gore dimasepala di le 57 di tsetsepele le go tshegediwa, moo diporojeke tsa mafaratlhatlha di feta 10,000 tsa masepala di tsenngwang tirisong.

Go tsepamisa mogopolo ga rona mo go tsosoloseng difeme tsa diintaseteri tsa bogologolo tse di leng kwa makeišeneng go nnile le diphetogo tse di mosola, go nne difeme tseno tsa diintaseteri di ne di ntse fela di sa tlhole di dirisiwa mme jaanong di tla boela di nna le mosola gape ka di tla dirisiwa.

Go fitlha ga jaanong ke diintaseteri di le 10 mo go di le 16 tse di nopotsweng tse di setseng di tsosolositswe mo mafelong a a jaaka kwa Botshabelo, Phuthaditjhaba, Garankuwa, Isithebe, Komani le Seshego.

Maemo a kgolo a re a tlhokang mo go direng dipoelo tse di bonagalang mo go tlholeng ditiro a ka kgonagala ntle le go dira dipeeletso tse dintsi tse dintšhwa tse dikgolo.

Khonferense ya kamogelo ya Dipeeletso ya Aforika Borwa mo kgweding ya Diphalane mo ngwageng yo o fetileng e nnile mosola tota mo letsholong la rona la go ngokela dipeeletso tsa bokanka R1.2 trilione mo dingwageng di le tlhano tse di tlang.

Khonferense eno ya dipeeletso e ngoketse bokanaka R300 bilione ya maikano a dipeeletso go tswa mo ditlamong tsa ka fa nageng ya Aforika Borwa le tsa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba.

Go nnile gape le koketsego e ntsi mo dipeeletsong tsa dinaga tsa kwantle tse di totileng  naga eno mo ngwageng yo o fetileng.

Mo ngwageng wa 2017, re itemogetse thologelo e e tlang ka fa nageng ya dipeeletso tsa dinaga tsa kwantle tse di totileng  naga eno tse di ka fitlhang go R17 bilione.

Tshedimosetso ya semmuso e bontsha gore mo dikotareng fela tsa ntlha di le tharo tsa ngwaga wa 2018, go nnile le thologelo e e tlang ka fa nageng ya bokanaka R70 bilione.

Eno ke phitlhelelo e e gagamatsang fa go bapisiwa le maemo a a kwa tlase a peeletso mo dingwageng tse di fetileng.

Barongwa ba rona ba go tsomana le dipeeletso – Trevor Manuel, Mcebisi Jonas, Phumzile Langeni le Jacko Maree – mmogo le InvestSA ba lebeletse ka tlhoafalo maemo a dipeeletso a a rebotsweng kwa khonferenseng ya dipeeletso.

Go bontsha gore khonferense ya rona ya dipeeletso e ne e se fela go otlisa legano ka phefo moo go dirilweng ditsholofetso tse go senang koo di yang gone, jaaka re bua jaana, diporojeke tsa boleng jwa R187 bilione di ntse di tsenngwa tirisong, mme gape diporojeke tse di ka nnang le boleng jwa R26 bilione di ntse di tsweletse go tsenngwatirisong.

Go ithuta go tswa mo diphosong tse re di dirileng, moo re ithutileng dintlha tse di botlhokwa,  ka go tsaya matsapa a re a tsayang fa go tla mo ntlheng ya go tokafatsa, tikologo ya kgwebo, re ikaeletse go oketsa dipeeletso tse dingwe gape monongwaga.

Re tla nopola makala le difeme tse re di batlang mo Aforika Borwa mme re tseye matsapa a go ngokela babeeletsi.

Re ikaegile ka maitemogelo a rona a re itemogetseng ona mo ngwageng yo o fetileng, le go agelela mo godimo ga kgato e re e fitlheletseng, re tla tshwara Khonferense e nngwe gape ya Dipeeletso tsa Aforika Borwa monongwaga.

Ke maikemisetso a rona go netefatsa gore dipeeletso tse re di bokeletsang di kgone go  phasaladiwa mo diporojekeng tse di leng teng go ralala le naga.

Mo ntlheng eno ke ikuetse mo mebusong ya diporofense go nopola diporojeke tse go ka beelediwang mo go tsona mme go netefadiwe gore go kwala dibuka ka diporojeke tseno tsa dipeeletso mo porofenseng e nngwe le e nngwe ya di le robongwe tseo re tla di bontshang bao ba ka ratang go beeletsa mo go tsona.

Go latela go tshwara ka katlego khonferense ya rona ya dipeeletso, setlhopha sa baeteledipele ba dikgwebo tsa Aforika Borwa bao ba neng ba gapilwe ke letsholo la rona la Thuma Mina ba ne ba simolola Letsholo la Kgodiso ya Ikonomi mo Maphateng a Puso le a Poraefete go tsamaisa tsepamiso ya maano a dipeeletso a ditlamo tse di digogang kwa pele go ralala ditheo tsotlhe di le 19 tsa ikonomi; go simolola ka meepo go fitlha kwa maphateng a motlakase o o ntšhwafadiwang; go simolola ka tlhagisodikuno go fitlha kwa maphateng a temothuo.

Diintaseteri tseno go solofetswe fa di tla oketsa ka bontsi dipeeletso mo pakeng e e tlang ya dingwaga di le tlhano le go tlhola ditiro tse dintsintsi tse dintšhwa, bogolosegolo fa re ka kgona go tshegetsa ditlhokwa tsa ditlhagisiwa tsa ka fa nageng, le go ritibatsa tikologo ya ditiro le go tokafatsa thulaganyo ya go tlhama dikgwebo.

Jaaka karolo ya tiro ya rona e e tsweletseng ya go fedisa dikgoreletsi tsa dipeeletso tse dikgolo, re tlhomile setlhopha sa ditokololo tsa kwa Kantorong ya Moporesitente,  InvestSA, Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le tsa kwa Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro mme se tla samagana le dikgoreletsi tsotlhe tsa pholisi, melao, melawana le botsamaisi tse di nyemisang babeeletsi mooko.

Eno ke karolo e e botlhokwa thata ya tiro ya rona go tokafatsa bonolo jwa go dira kgwebo mo Aforika Borwa e leng se se botlhokwa mo go ngokeleng dipeeletso.

Setlhopha seno se tla begela Kabinete ka kgatelopele e ba e dirileng kgwedi e nngwe le e nngwe.

Pegelo e e ka ga Go Dira Kgwebo le Dinaga tse Dingwe e e rebotsweng ke Banka ya Lefatshe ga jaanong e beile naga ya Aforika Borwa kwa maemong a naga ya bo 82 mo go di le 190 tse di lebeletsweng ka leitlho le le ntšhotšho.

Re ipeetse maemo a go nna e nngwe ya dinaga tse di leng mo maemong a bo 50 mo lefatsheng ka bophara mo dingwageng gi le tharo tse di tlang.

Go setse go nopotswe gore e nngwe ya dikgoreletsi tse di kgoreletsang kgolo ya ikonomi ya rona ke matsapa a ikonomi e e sekametseng ka fa letlhakoreng le le lengwe fela.

Ka fao sebopego sa ikonomi ya rona se bopegileng ka teng ke sebopego se se dirang gore khumo ya ikonomi ya rona e sekamele mo matsogong a batho ba le mmalwa fela.

Seno se thibela kgolo ya ikonomi le boitlhamedikgwebo le go dira gore bašwa ba le bantsi ba ba itshimololelang dikgwebo le borakgwebopotlana gore ba se nne le seabe mo ikonoming kgotsa go ba kgapela kwa ntle ga merero ya ikonomi.

Jaaka karolo ya dikgato tse dingwe tse re tla di tsayang go oketsa dipeeletso, le go oketsa palo ya batho go akarediwa mo ikonoming le go tlhola ditšhono tse dingwe gape tse dintsi, go ise go ye kae ke tla bo ke saena Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dikgaisano gore e nne molao.

Seno se tla naya bothati jwa dikgaisano matla a go rarabolola bothata jono mme se se botlhokwa thata ke gore seno se tla bulela maAforika Borwa a le mantsi ditšhono tse dintšhwa tse dintsi tseo di tla ba kgontshang go tsenela makala a a farologaneng a ikonomi le go gaisana mo maemong a a lekalekanang.

Gore re kgone go godisa ikonomi, re age dikgwebo tse dingwe gape tse dintsinyana le go kgona go thapa batho ba le bantsinyana, re tlhoka go balta mebaraka e mengwe gape e mentšhwa e megolonyana moo re ka tlamelang ka ditlhagisiwa le ditirelo tsa rona.

Ka gore jalo, re tla bo re tsepamisa mogopolo thata mo go oketseng diromelwantle.

Re ikaegile ka maikano a a tserweng kwa samiting ya ditiro, re tla tsepamisa mogopolo mo go romeleng kwa ntle ditlhagisiwa tse di tlhagisitsweng fa gae le go gweba ka ditirelo di tshwana le ditirelo tsa thulaganyo ya kgwebo tse di direlwang kwa ntle ga kgwebo mmogo le ditirelo tsa go isa ditirelo tsa boitekanelo kwa mafelong a a leng kgakala.

Re tla bo gape re lebelela ntlha ya go tlhoma dizoune tse di itlhophileng tsa ikonomi tseo maitlhomo a tsona e leng go tlhagisa ditlhagisiwa tse di rileng, tse di jaaka diaparo le masela, go naya motlhala.

Go tokafatsa bogaisanedi jwa rona jwa diromelwantle tsa rona, re tla konosetsa dipatlisiso tse di setseng di ntse di rebotswe tse di ka ga go fokotsa dituelelo tsa motlakase, kgwebisano, ditlhaeletsano, dipalangwa mmogo le dituelelo tse dingwe gape.

Re tla tsepamisa mogopolo mo go oketseng maano a diromelwantle tsa rona.

Tumelano ya go tlhoma Kgwebisano e e Senang Dikgoreletsi mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika e bulela Aforika Borwa ditšhono di le dintsi fa go tla mo kgwebisano e e etilweng kwa pele ke dipeeletso, mmogo le go dirisana mmogo le dinaga tse dingwe tsa Aforika goredi kgone go tlhoma diintaseteri tsa tsona.

Tumelano eno e tla dira gore go tlhomiwe maraka wa batho ba feta bilione ba seelosotlhe sa bona se se kopaneng sa ditlhagisiwa tsa naga mo ngwageng (GDP) se ka fitlhang go $3.3 trilione.

Go bapa le diromelwantle, re tla rebola dikgato tse di tla oketsang ditheko tsa ka fa nageng, gare ga dilo tse dingwe, re oketsa sefala sa ditlhagisiwa le ditirelo tsa ka fa nageng tse di rekiwang ke maphata ka bobedi e leng la puso le la poraefete.

Go oketsa ditlhagisiwa tsa ka fa nageng, le go fokotsa go reka ditlhagisiwa go tswa kwa ntle ga naga, go botlhokwa thata gonne go tla oketsa ditšhono tsa gore batlhagisi mo nageng ya Aforika Borwa ba kgone go ka iponela maraka o o tla bong o le mogolo.

Ka letsholo leno, re tla kgona go godisa serodumo sa lenaane la “Reka ditlhagisiwa tse di tswang ka fa nageng ya Aforika Borwa fela”.

Ka ntlha ya seabe se se botlhokwa seo dikgwebopotlana di nang le sona mo ditirong tsa ikonomi le mo go tlholeng ditiro – le mo go tsweletseng matlafatso ya bathobatsho mo mererong ya ikonomi – monongwaga re tsepamisa mogopolo mo go atoloseng ka bogolo Lenaane la rona la Thuthuso ya Dikgwebopotlana.

Lenaane leno la thuthuso le tla tlamela ka botsalano jwa baitlhamedikgwebo ka go tlamela lefelo le le ka dirisiwang, mafaratlhatlha le ditirelo tse di abelanwang, phitlhelelo ya kitso e e itlhophileng, kgolaganyo ya mebaraka, katiso ka ga tiriso ya thekenoloji e ntšhwa le phitlhelelo ya matlole.

Lenaane leno la thuthuso ga jaanong le na le letlotlo la dikgwebo di le 51 tsa thuthuso ya dikgwebo tsa thekenoloji, dikgwebo di le 10 tsa thuthuso ya tlhabololo ya dikgwebo tsa tlamelo ya dikgwebo tse dikgolo mmogo le dikgwebo di le 14 tsa thuthuso ya dikgwebo tsa bašwa.

Jaaka karolo ya go atolosa lenaane leno, dikgwebo tsa bodutelo jwa dikgwebo tsa dijithale kwa makeišeneng di tla tlhomiwa, mme go tla simololwa ka diporofense di le nne, mme tse dingwe di tla latela.

Re solofela gore dikgwebo tseno tsa bodutelo di tla tlamela ka ditirelo tsa boitshimololedikgwebo tse di tlhokwang thata ke dikgwebopotlana le dikgwebo tsa mo magareng kwa metseselegae le kwa makeišeneng mmogo le go thusa bašwa ba ba batlang go itshimololela dikgwebo.

Kgwetlho e kgolo e re tobaneng le yona ke go tlhoma ditiro tsa gompieno tse re ka kgonang go thapa bao ba senang ditiro mo go tsona, fa mo letlhakoreng le lengwe re tshwanelwa ke go rulaganya badiri gore re ba baakanyetse ditiro tsa mo nakong e e tlang.

Samiti ya Ditiro ya Boporesitente mo ngwageng yo o fetileng e tlhagisitse ditumelano tse di utlwagalang magareng ga mekgatlho ya badiri, dikgwebo, mekgatlho ya baagi le puso.

Ditumelano tseno, tse ga jaanong di tsenngwang tirisong ke badirisanimmogo mo mererong ya loago, maitlhomo a tsona ke go tlhola ditiro tse dingwe gape tse di maleba ngwaga o mongwe le o mongwe di le 275 000

Re rebotse maano a magolo, dirala le matsholo a ka tsona re kgonang go tswelela go ngokela bašwa ba le bantsi go nna le mosola mo matsholong a ditiro tsa ikonomi a a jaaka Morokotso wa Phokoletsolekgetho la go Thapa Bašwa.

Letsholo leno le tla okelediwa nako gore le goge paka e nngwe gape ya dingwaga di le 10.

Mo godimo ga seno, re thankgolotse gape le letsholo la Tirelo ya go Thapiwa ga Bašwa, leo le tsenyang bašwa ba ba senang ditiro mo mananeong a go ithutela tiro ao mo go ona ba duelelwang megolo mo ditlamong tsa mo nageng go ralala le ikonomi.

Re ikuela mo ditlamong tsotlhe, ka bobedi tse dikgolo le tse dinnye, go tsaya karolo mo letsholong leno mme ka seno di tla nna le seabe e seng fela mo go ageng dikgwebo tsa tsona mme gape le mo go ageng ikonomi le mo go rotloetseng go nna seoposengwe.

Go tsweletswe go diriwa kgatelopele mo ditirong tsa mo mafelong a go gokelela, go baakanya le go tlhokomela mmogo le mo ditirong tsa maphata a dijithale le a thekenoloji tse di jaaka go dira dikhoutu le go phuruputsha tshedimosetso, mmogo le tsa ditiro tsa ditirelo tsa kgwebo lefatshe ka bophara.

Seno se re kgontsha go ngoka bašwa ba bangwe gape ba bantsi – bogolosegolo bao ba konosetsang dirutwa tsa bona kwa dikolong le kwa dikholotšheng, le bao ba sa tseneng dikolo, ba ba seng mo katisong epe kgotsa ba sa dire – go ba tsenya mo ditirong tsa ikonomi e e mosola le mo ditšhonong tse dingwe tsa tiro.

Jaaka puso re tsere tshwetso ya gore re fedise ditlhokwa tsa maitemogelo tse di neng di tlhokega gore o bone tiro mo lephateng la puso mo diphatlhatirong tsa kwa tlase.

Bašwa ba naga ya rona ba tlhoka go neelwa maitemogelo a boammaruri ka go tsenngwa mo ditirong.

Ga ba a tshwanelwa ke go kopana le dikgoreletsi fa ba batlana le ditiro.

Re lebisa megopolo ya rona, dipholisi tsa rona le manaane a rona kwa dikarolong tse di botlhokwa tsa ikonomi ya naga ya rona tse di tlhokang badiri ba le bantsi.

Tsone ke karolo ya temothuo, bojanala le ya ikonomi ya kwa mawatleng.

Bokgoni jwa temothuo mo nageng ya Aforika Borwa mo go tlholeng ditiro le mo go godiseng ikonomi bo santse bo tlhoka go tlhabololwa.

Aforika Borwa e santse e na le dikarolo tse dikgolo tsa lefatshe le le sa dirisiweng kgotsa le le sa re tswelelng mosola.

Go na le boradipolasa ba bannye ba b santseng ba supologa ba le 250 000 ba ba lemang mo lefatsheng mme ba tlhoka tshegetso gore ba kgone go ka tlhabolola dikgwebo tsa bona ka bojotlhe.

Ditlhagisiwa tse di romelwang kwa dinageng tsa kwa ntle tse di tswang mo lephateng la temothuo ke tse di botlhokwa thata mo go direng letseno mo ikonoming ya rona, mme go tlhabolola lekala la rona la temothuo go botlhokwa thata mo go tsholetseng tshireletso ya dijo go netefatsa gore ga re tlhoke dijo mme gape re kgona le go ngokela babeeletsi.

Re lesego thata go bo re na le lekala la temothuo le le tlhabologileng, le le tsetsepetseng e bile le phasaletse.

Re ikaelela go le dirisa jaaka motheo o o tsetsepetseng mo go thuseng go tlhabolola temothuo mo nageng ya borona gore e tswele batho botlhe mosola.

Ka go potlakisa lenaane la pusetso ya dinaga, re tla netefatsa gore re atolosa ditlhagisiwa tsa rona tsa temothuo le go tsholetsa ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona

Dipholisi le tsereganyo ya melao ya rona di tla netefatsa gore lefatshe le lentsi le dirisediwa temothuo, go thusa go tlhabolola diintaseteri le go netefatsa gore batho go na le mo ba nnang gone.

Ke rata go leboga maAforika Borwa a mantsi a a tsereng karolo mo tirong ya Komiti ya Kwalosešwa ya Molaotheo (CRC) mo dipuisanong tse di neng di rebotse go ralala le naga yotlhe. 

Ke leboga ditokololo tsa CRC go bo ba ne ba sa etsaetsege mo pakeng eo mme ba reetsa maikutlo otlhe a maAforika Borwa le a mekgatlho e e neng e ba emetse. 

Re tla tshegetsa tiro ya CRC ntle le go etsaetsega eo e rwesitsweng maikarabelo a go kwalolasešwa Karolo ya bo 25 ya Molaotheo gore e tlhagise melao e e tla re kgontshang go gapa naga ntle le go e duelela. 

Go tsamaelana le dithulaganyo tsa go kwalololasešwa molaotheo, re neile Motlatsamoporesitente maikarabelo a go etelela pele Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e rweleng maikarabelo a Pusetso ya Dinaga go potlakisa kgang eno ya dipusetsodinaga.

Phanele ya Boeletsi ya baitseanape eo e eteletsweng kwa pele ke Ngaka Vuyo Mahlathi, eo e tlhametsweng go tlhaba puso botlhale ka mananeo a yona a pusetso ya dinaga, go solofelwa fa e tla rebola pegelo ya yona kwa bokhutlhong jwa Mopitlwe 2019.

Jaaka karolo ya go potlakisa pusetsodinaga go beng, re nopotse mafatshana a a leng mo diatleng tsa puso gore re abelane ka ona.

Mafatshe a a leng mo dikarolong tse di botlhokwa go tla neelanwa ka ona gore batho ba nne mo go ona mo metseseteropong le mo metse sekateropong.

Jaaka karolo ya sephuthelwana sa tsosoloso mo maphateng a temothuo, re beeleditse go utlwagala mo tshegetsong ka kakaretso ya tlhabololo ya balemirui go netefatsa gore dinaga tse di buseditsweng beng mmogo le dinaga tsa baagi di solwa mosola.

Re tla tswelela go potlakisa tlhabololo ya bokgoni jo bo totilweng le manaane a tlhabololo ya bokgoni go thusa balemirui ba bannye le balemirui ba bathobatsho ba ba santseng ba supoga.

Mo ngwageng yo re o lebileng re tla tswelela go tsepamisa mogopolo mo ditlhagisiweng tsa temothuo tsa maemo a a kwa godimo le mo diintasetering tsa diromelwantle tse di rekisang thata tse di jaaka maungo, dibeine le merogo mmogo le tsa nama ya kgogo le e khibidu.

Mo go SoNA ya ngwaga yo o fetileng, re buile go tlala seatla ka ga dipoelo tse dintsi tse di leng teng mo lekaleng la bojanala.

Matsapa a rona rotlhe a go tsholetsa naga ya rona ya Aforika Borwa jaaka lefelo le e gaisang la go ketekela bojanala mo go lona a nnile le mosola o o seng kana ka sepe, moo re iponetseng palo e e oketsegileng thata ya bajanala ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle mo ngwageng.

Mo ngwageng yo o fetileng, re iponetse bajanala ba le 10 milione ba ba jetseng naga ya rona nala.

Re ikaeletse go oketsa palo eno go nna 21 milione mo ngwageng wa 2030, mo re lebileng, gareng ga tse dingwe, mebaraka e e golang ka lebelo e leng wa India led China,mmogo le dimaraka tse dingwe tse di tlang ka matla mo kontinenteng ya borona.

Mo godimo ga go tlhola ditiro tse di lebaneng le intaseteri eno, intaseteri eno ya diromelwantle e ka tlhola bokanaka dimilione di le pedi gape tsa ditiro mo intasetering ya dijo, temothuo, dipalangwa, mabenkele le ya botaki le setso ka 2030.

Re tla tsenyeletsa tirisanommogo magareng ga puso le dikgwebo gore ponelopele eno e kgone go diragala.

Maitlhomomagolo a rona monongwaga e tla nna a go tsenyatirisong melawana ya maemo a lefatshe ya eVisa.

Seno, se kopane le dikgato tsa go tsholetsa tlhatloso serodumo sa mafelo le dikgato tsa go matlafatsa pabalesego tebang le bojanala, se tla tlhola maemo a re a tlhokang tebang le kgolo ya ikonomi e re e bonelang kwa pele mmogo le ditiro le ditšhono tse di tla latelang.

Naga ya rona e ntle, Aforika Borwa, ke e nngwe ya dinaga tse di nang le loapi lo lo leele go gaisa, la boleele jwa dikhilomitara di le 3 000 go rutla losi lwa naga ya rona go tswa kwa botlhaba go leba kwa bophirima jwa yona.

Ka ntlha ya ka fao naga ya rona e kgaotsweng ka teng seno se re raya gore re ka dirisa mosola wa lewatle mo go godiseng ikonomi ya naga ya rona.

Fa e sale re simolola ka Operation Phakisa ya Ikonomi ya kwa Mawatleng, re setse re kgonne go bokeletsa dipeeletso tse di ka fitlhang go R30 bilione le go tlhola ditiro tse di tobaneng le intaseteri eno di le  7 000.

Bontsi jwa dipeeletso bo mo lekaleng la tlhabololo ya tlhagisodikuno, tlhagisodikuno ya dikepe, bolemirui jwa bolelokotlhapi mmogo le mo lekaleng la leokwane le gase.

Dipeeletso tse di solofetsweng go tswa mo Ikonoming ya kwa Mawatleng mo dingwageng tse di tlang di le tlhano go lebeletswe di tla balelwa go R3,8 bilione  go tswa mo makaleng a puso mmogo le R65 bilione go tswa kwa makaleng a poraefete.

Dipeeletso tseno tsotlhe go lebeletswe gore di tla tlhola ditiro tse di tobaneng le intaseteri eno di feta 100 000 mmogo le ditiro tse dingwe tse di sa tobanang le intaseteri eno di le 250 000.

Maabane bosigo Tona Gwede Mantashe o ne a ntetseditse mogala a ntlhalosetsa gore setlamo se segolo sa leokwane sa Total se tla bo se rebola dikgang tse di jesang monate gompieno tse di ka ga go ribololwa gwa “kgang ya maemo a a kwa godimo” gore go ribolotswe leokwane le gase kwa loaping lwa naga ya rona ya Aforika Borwa.

Re itumetse mo go maswe ka dipegelo tsa mothale ono mo mosong wa gompieno tse di ka ga setlhopha sa Brulpadda kwa Outeniqua Basin, tseo ba bangwe ba di tlhalosang e le sengwe se se tla tlisang diphetogo e le ruri.

Seno se ka fetola ka gotlhe tsela eo naga ya rona e dirang dilo mme e ka nna le mosola e le ruri mo tlhaelong ya leokwane mo nageng eno mmogo le mo tlhabololong ya intaseteri eno.

Re akgola setlamo sa Total mmogo le badirisanimmogo ba sona mme re ba lakaletsa tsotlhe tse dintle mo letsholong la bona.

Puso e tla tswelela go kwala melao ya lekala leno gore taolo ya lona e laolwe ka tshwanelo gore botlhe ba ba amegang ba unngwelwe ka tshwanelo.

Mo dingwageng tse di fetileng di le tlhano, re dirile go utlwagala fa go tla mo tlamelong ya mafaratlhatlha.

Madi a feta R1,3 trilione a beeleditswe mo go ageng dikolo di le makgolokgolo mmogo le diyunibesiti di le pedi tse dintšhwa, go aga makgolokgolo le diketekete tsa dintlo tse dintšhwa, go gogela dintlo di feta milione motlakase, go tlhotlha motlakase o montšhwa mmogo le go oketsa dipalangwa tsa setšhaba.

Dipeeletso tseno mo mafaratlhatlheng di thusitse gape mo go godiseng ikonomi le mo go tlholeng ditiro di le dintsintsi mo lekaleng la kago le mo makaleng a mangwe.

Kago ya mafaratlhatlha e ntse e le yona e e di gogang kwa pele mo ikonoming ya rona mme e tlhagiseditse naga ya rona dipoelo di le dintsintsi.

Ka jalo re tlhoka go dira go gongwe gape go le gontsi.

Kago ya mafaratlhatlha ya naga ya rona jaanong e setse e goga maoto mme seno ke ka ntlha ya mabaka a le mantsintsi.

Re lemogile le gore gape kabelo ya rona ya mafaratlhatlha e setse e utlwile botlhoko mo dikarolong tse di farologaneng tsa puso.

Ga e tsamaisane ka gotlhe le kago ya dintlo ya segompieno e e tlang ka ditšhono di le dintsi tsa ikonomi mmogo le mo kagong ya matamo, go tsenngwa ga dipeipi tse di gogelang metsi, dikolo le tse dingwe tse di botlhokwa.

Kabinete e amogetse tsela e ntšhwa ya go tsenya mafaratlhatlha go samagana le matsapa ano.

E tla tsamaisana le Letloletlamelo le lentšhwa la Mafaratlhatlha le le tsibositsweng mo kgweding ya Lwetse ngogola.

Puso e sweditse go tsenya letsogo ka go tlamela Letloletlamelo la Mafaratlhatlha ka madi a le kanaka R100 bilione mo pakeng ya dingwaga di feta di le 10 mme go tla dirisiwa seno go bona thuso ya tlamelo ya matlole go tswa kwa lekaleng la poraefete le kwa ditheong tsa tlhabololo ya matlole.

Kgato ya ntlha e tla nna go atolosa diporojeke tse go samaganweng le tsona, tse di jaaka go agiwa ga madulo a baithuti.

Re ikemiseditse go dira dilo ka tsela e e farologaneng le ya pele, mme re tla simolola ka go nna le tirisanommogo e e tseneletseng le baagi ba naga ya rona mo go logeng maano, mo go ageng le mo go tlhokomeleng mafaratlhatlha.

Fela jaaka re dirile ka Letamo la Vaal, moo Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) se neng sa tsenya letsogo go rarabolola matsapa a kgeleloleswe, re tla ikuela mo maphateng otlhe a puso le a makala a poraefete go thusa go rarabolola dikgwetlho tse re nang le tsona tsa mafaratlhatlha.

Re tla gagamatsa bokgoni jwa setegeniki mo pusong go netefatsa gore diporojeke di gatela ka bonako, re tlhome sefalana se se tona sa baenjenere, batsamaisi ba diporojeke, balogi ba maano a ka fao mafelo a tshwanetsweng go kgaoganngwa ka gone mmogo le baitseanape ba kitso ya ditlhokwa tse di tla tlhokegang mo diporojekeng – e leng kgato e e botlhokwa ya go tlhoma setlhopha se se ka dirang gore dilo di gate di gatoga mo diporojekeng.

Lekala la mafaratlhatlha a ditlhaeletsano le phophoma ka bokgoni jwa go tsweleletsa le go godisa ikonomi ya rona.

Tona ya Ditlhaeletsano go ise go ye kae o tla rebolela Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (ICASA) kaelo ya pholisi e e tshwanetsweng go latelwa fa go rebolwa dilaesense tsa makhubu a a tlhokegang thata a kgaso. 

Jaaka re le naga e e sokolelang metsi, re itemogela matsapa a metsi mo dikarolong di le dintsi tsa naga ya rona.

Re simolotse go loga leano la naga le le kopaneng le le tla samaganang le go tlhaela ga metsi, go samagana le mafaratlhatlha a rona a metsi a a onetseng mmogo le mekgwa e e bokoa ya go diragatsa diporojeke.

Ka lepotlapotla re tlhoma setlhopha sa setegeniki sa tsibogelo ya lepotlapotla ya maphata a puso a a kopaneng, seo se tla anngwang nokeng ke baporofešenale ba baitseanape go tsibogela dikarolong tse di itemogelang matsapa a a tseneletseng a go tlhoka metsi.

Mo go le lengwe la mafelo ano, kwa Giyani, go samaganwe le tiro e e namagadi ya go gogela baagi metsi, mme mo go diragatseng seno ka bonako go baakanngwa metsi a a borilweng, mme go tla latela go tsenngwa ga mafaratlhatlha a a tshwanetseng a go gogela metsi.

Pabalesego ya barutwana ba rona kwa dikolong ke selo se se botlhokwa thata mo go direng gore tikologo e go ithutelwang mo go yona e nne e e siametseng.

Re gopola ka dipele tse di rweleng botlhoko jwa go latlhegelwa ke botshelo jwa ga Michael Komape ka tsela e e masisi, yo a wetseng mo teng ga mosima wa ntlwanaboithusetso kwa Sekolopotlaneng sa Mahlodumela kwa Limpopo ka 2014,mmogo le Lumka Mkethwa,kwa Sekolong se Segolwane sa Luna kwa Kapa Botlhaba yo a tlhokafetseng mo kgweding ya Mopitlwe ngogola.

Re tsere dikgato tsa boruni mo ngwageng o o fetileng mme re fitlhetse gore go santse go na le dikolo di ka nna 4 000 tse di santseng di dirisa dintlwanaboithusetso tse di sa siamang.

Ka ntlha ya bontsi le botlhokwa jwa go rarabolola bothata jono, re thankgolotse letsholo la SAFE mo kgweding ya Phatwe ngogola, mme ka lona re bokeleditse metswedi yotlhe e e leng teng, go akaretsa le maikano go tswa kwa go borakgwebo, badirisanimmogo ba rona ba ditogamaano, mmogo le go tswa kwa diintasetering tsa kago go fedisa dintlwanaboithusetso tsotlhe tse di sa babalesegang kwa dikolong tsa setšhaba.

Fa e sale go thankgololwa letsholo leno, ke dikolo di le 699 tse di setseng di tlametswe ka mafaratlhatlha a a babalesegileng a kgeleloleswe mme gape diporojeke tse dingwe gape kwa dikolong di le 1 150  di setse di le mo kgatong ya go logelwa maano, kgotsa mo kgatong ya go rulaganyediwa sebopego kgotsa di setse di le mo kgatong ya go gagiwa.

Re ikemiseditse go fedisa dintlwanaboithusetso tse di sa siamang mo pakeng ya sebaka sa dingwaga di le tharo tse di tlang.

Seno ke sekao se sentle se se bontshang tirisanommogo magareng ga puso le dikgwebo mo go rarabololeng ka lepotlapotla matsapa a a gatelelang ditshwanelo tsa bana ba maAforika Borwa tse di mabapi le pabalesego le a go ba ntsha seriti mo mafelong a thuto.

Re gatetsepele thata mo go busetse sekeng seriti le bokgoni jwa di-SOE tsa rona tsa togomaano.

Go busetsa sekeng bobusi jo bo matshwanedi jwa dikoporasi tsa puso, ditokololo tse dintšhwa tsa bakaedi ba diboto ba ba tisegeng ba ba nang le maitemogelo a a maleba mme gabe ba na le maitsholo ba thapilwe kwa Eskom, Denel, Transnet, SAFCOL, PRASA le kwa SA Express.

Re tlhomile gape le Lekgotla la Boporesitente la di-SOE, le le tla elang tlhoko maemo a sepolotiki mmogo le bolaodi jwa ditogamaano gore le kgone go busetsa sekeng, go lebisa kwa tseleng e nngwe mmogo le go tsosolosa di-SOE, gore e tle di kgone go tshameka karolo ya tsona jaaka bafetodi ba ka fao tlhabololo ya kgolo ya ikonomi e diragalang ka teng.

Re batla gore di-SOE tsa rona di ikemele ka botlalo ka bo tsona gore di tle di kgone go diragatsa dithomo tsa tsona e leng go fitlhelela maikarabelo a tsona a tlhabololo ya ikonomi.

Fa di-SOE di retelelwa ke go iponela madi a a tlhokegang kwa dibankeng, kwa mebarakeng e megolo, kwa ditheong tsa tlhabololo ya matlole kgotsa kwa dikgwameng tse di leng teng, re tla tshwanelwa ke go lekola dikgato tse dingwe, tse di jaaka go rekisetsa ditheo tse di botlhokwa tse re dirisanang mmogo le tsona dišere kgotsa go rekisa dithoto tse di senang mosola go kgontsha seno. 

Fa re tsaya dikgato tseno, re tla dira jalo ntle le go tsaya dikgato tse di tla rekisang dithoto tsa puso tse di leng botlhokwa mo ikonoming le mo baaging.

Re na le maikarabelo a go tlhokomela, go aga le go netefatsa gore ditheo tseno tse di botlhokwa di a somarelwa go netefatsa gore le kamoso di tla thusa bana ba rona.

Re kopile maano a maemo a a kwa godimo mo ditokololong tsa diboto gore di tsenyetirisong kitso le bokgoni jo bo maleba jo bo tla laolang ditlamo tseno gore re tle re kgone go kgaotsa ka go senka tsetsepelo ya nakwana mme re simolole go lebelela tsetsepelo ya pakatelele.

Re batla gape go tirisanommogo ya mannete ya dikoporasi magareng ga puso, mekgatlho ya badiri mmogo le bannaleseabe mo makaleng a poraefete moo mmogo re ka logang maano a di-SOE di ka a latelang mo go tlholeng ditiro, go kgontsheng kgolo ya ikonomi e e akaretsang batho botlhe mme di tle di kgone go ikemela ka matlole le ka ditiro tsa tsona.

Go nna le eneji e e re lekaneng go botlhokwa mo go maswe.

Eskom e mo mathateng mme matshosetsi a yona mo nageng ya rona ya Aforika Borwa a mantsi thata.

E ka re busetsa morago tota mo maikemisetsong a rona a tlhabololo ya ikonomi le a loago.

Re tshwanetse go tsaya ditshwetso tse di masisi le dikgato tse di nonofileng.

Ditlamorago tsa teng di tla re utlwisa botlhoko, fela fa re diega go tsaya dikgato di tla nna setlhogo le go feta.

Mo go tsibogeleng mathata ano, re sedimosetswa gore go tlhokagala gore re re fokotse ditshenyegelo tse dikgolo tsa ikonomi mo bareking le mo baduelalekgethong.

Jaaka re tla bo re rarabolola dikgwetlho tse di tobaneng le Eskom re tla netefatsa gore go nna le ditshenkomaikutlo tse di tseneletseng go buisana le bannaleseabe ba ba botlhokwa mo ntlheng eno.

Re tla goga kwa pele thulaganyo eno re le mmogo le mekgatlho ya badiri, Eskom mmogo le bannaleseabe ba bangwe gore re kgone go atlhaatlha dintlha ka botlalo malebana le kgato eno, mmogo le go tlhagisa maano a a siameng, a a nang le mmooko mme e bile e le a leruri a a tla rarabololang matsapa a batho botlhe ba ka tswang ba ka anngwa ke seno.

Jaaka re tla bo re rarabolola dikgwetlho tse di tobaneng le Eskom, re tshwanetse gape go tlhokomela letlhomeso la rona la naga la matlole, re eme mo maemong a a itumedisang a dikoloto a puso e e ipusang mmogo le go ela tlhoko ditshwanelo le maikarabelo a batlamedi ka matlole ba Eskom.

Eskom e rebotse leano la dintlharobongwe la go fetola maemo a yona mme re le eme nokeng e bile re batla go le bona le diragadiwa.

Go ikaegilwe ka leano leno, Eskom e tla tshwanelwa ke go tsaya dikgato tse di potlakileng go fokotsa bontsi jwa madi a ditshenyegelo tsa yona.

E tla tlhoka pokeletso ya lekgetho e nngwe gape ka go tlhatlosa dituelelo ka tsela e e rekegang.

E tlhoka go tsaya dikgato go fokotsa setlwaedi sa dimasepala sa go se duelele mmogo le go tobana mo matlhong le setlwaedi seno sa go se duelele se se santseng se le teng mo dikarolong tse dingwe tsa baagi.

Go botlhokwa thata gore batho botlhe ba ba dirisang motlakase – go akaretsa botlhe le bao ba amogelang motlakase o o rebolwang wa mahala – gore ba tshwanetse go duela.

Puso e tla duelela dikoloto tsa Eskom, mme Tona ya Matlole o tla rebola dintlha ka botlalo mabapi le ntlha eno mo Puong ya gagwe ya Tekanyetsokabo.

Seno re tla tshwanelwa ke go se dira ntle le go imetsa matlole ka dikoloto tse re retelelwang ke go di duelela.

Go netefatsa gore leano leno le a diragadiwa le go efoga go wela mo bodibeng jono jwa mathata a matlole mo isagong, Eskom e tla tshwanelwa ke go simolola tsela e ntšhwa ya go tsamaisa kgwebo ya yona.

Tsela eno ya go tsamaisa kgwebo e tshwanetse go tseela tlhogong mabaka a a tlhodileng mathata ano a e leng mo go ona mmogo le dituelo tse di botlhokwa tse di fetogang go ya ka maemo a boditšhabatšhaba, mmogo le metswedi e e tseneletseng ya dimaraka tsa metswedi ya motlakase, bogolosegolo thekenoloji ya motlakase o o sa diriseng ditswaki tse di utlwisang tikologo botlhoko.

E tshwanetse gape e tseele karolo eo Eskom e tshwanetseng go e tshameka mo go tlhagiseng thekenoloji ya motlakase o o sa diriseng ditswaki tse di utlwisang tikologo botlhoko.

Mo go netefatseng gore diphetogo tseno di a diragadiwa le mo go rulaganyetseng lekala la motlakase la Aforika Borwa gore le nne le matshwanedi mo isagong, ka gangwe fela re tla simolola thulaganyo ya go kgaoganya setheo seno ka ditheo di le tharo tse di ikemetseng – e leng setheo sa Phetlho ya Motlakase, Tsamaiso ya Motlakase le sa Kabelano ya Motlakase – ka fa tlase ga taolo ya Eskom Holdings.

Seno se tla re kgontsha go kgaoganya madi a ditshenyegelo le go rwesa setheo se sengwe le se sengwe makarabelo a a tshwanetseng.

Seno gape se tla kgontsha Eskom gore e kgone go bokeletsa tlamelo ya matlole go tlamela ditiro tsa yona tse di farologaneng bonolo go tswa kwa batlameding ba matlole le kwa mebarakeng ba yona.

Se sengwe se se botlhokwa e bile se tlhoka go diragadiwa ka ona motsotso ono ke go dira gore setheo seno se kgone go laola geriti ya tsamaiso ya motlakase ya puso e e ikemetseng e e nang gape le taolo ya thulaganyo le go loga maano ka merero ya motlakase, Ditheko mmogo le dikgato tsa go reka.

Go botlhokwa thata gore re simolole go tsaya dikgato tseno ntle le go diega gore merero ya matlole ya Eskom e nonofe, go netefatsa gore ga re tlhaele motlakase, mmogo le go tlhoma dikgato tsa tlhokomelo ya motlakase mo pakeng e telele.

Se se botlhokwa thata mo maitlhomong otlhe a rona a go fitlhelela maemo a a kwa godimo ka go lekalekana mo kgolong ya ikonomi, go ngokela bašwa mo ditirong mmogo le go baakanyetsa naga ya rona paka ya tiriso ya ditlhagisiswa tsa dijithale, e tshwanetse go beela kwa setlhoeng thuto le tlhabololo ya bokgoni.

Ka bana ba feta ba le 700 000 ba ba tsenang dikolo tsa lenaane la thuto ya bomapimpana (ECD)  mo ngwageng o o fetileng wa matlole, re tlhomile motheo o o tsetsepetseng wa lenaale la ECD e leng karolo e e botlhokwa thata mo thulaganyong ya thuto.

Monongwaga re ya go tlosa ditikwatikwe tsa ECD mo diatleng tsa Lefapha la Tlhabololo ya Loago mme re tla di isa mo diatleng tsa Lefapha la Thuto ya Motheo mme re tswele pele go rulaganya ECD go nna thuto e bana botlhe ba tshwanetseng go e dira dingwaga di le pedi pele ba ka simolola ka dithuto tsa Mophato wa 1.

Se sengwe gape se se botlhokwa go gaisa ke go tswelela go tokafatsa thata lenaneo la go buisa mo dingwageng tsa ntlha tsa go ya sekolong.

Seno se botlhokwa thata mo go baakanyetseng bana gore ba atlege mo thutong, mo ditirong le mo botshelong – mme e bile e ka tswa e le yona fela tsela ya go tswa mo bohumeng, mo botlhokatirong le mo go se lekalekaneng.

Dithuto tsa lefapha tsa mophato wa kwa tlase di bontshitse seabe seo metswedi ya dipaki tsa go buisa, thotloetso ya go buisa mmogo le go rulaganya mananeothuto e nang le sona mo dipoelong tsa go buisa.

Re tla oketsa ka bontsi metswedi e re nang le yona ya go buisa ya mephato ya kwa tlase go ralala le kgato yotlhe ya motheo.

Mo dingwageng di le thataro tse di tlang re tla tsenyetsa morutwana mongwe le mongwe mo nageng ya Aforika Borwa dibuka tsa go buisa le tsa tiro tsa dijithale mo ditheboleteng.

Re tla simolola ka dikolo tseo mo malobeng di neng di kgapetswe kwa thoko mme gape di le kwa metseng e e humanegileng tota, go akaretsa tse di nang le mephato e le mentsi, tse di nang le dikgato di le dintsi, tse di kwa dipolaseng le tse di leng kwa metseselegae.

Ga jaanong 90% ya dibuka tseo dirutwa tsa teng di nang le barutwana ba bantsi mo go tsona go ralala le mephato yotlhe mmogo le dibuka tsa go buisa tsa tiro di setse di fetoletswe go nna tsa dijithale. 

Go tsamaisana le Letlhomeso la rona le le ka ga Bokgoni mo Lefatsheng le le Fetogang, re atolosa katiso ya bobedi barutabana le barutwana gore ba kgone go mekamekana le thekenoloji e e tlang go akaretsa le inthanete ya dilo, diroboto mmogo le thekenoloji e dirang ditiro tsa batho.

Go tla rutwa dirutwa di le mmalwanyana tsa thekenoloji, go akaretsa serutwa sa mmetshe wa setegeniki, serutwa sa saense ya setegeniki, saense ya merero ya mawatle, dirutwa tsa go fofisa difofane, saense ya merero ya kwa meepong mmogo le dirutwa tsa kwa boteng jwa mawatle.

Go atolosa go tseeng karolo mo dirutweng tsa setegeniki, dikolo tsa setšhaba di le mmalwa di tla fetolelwa go nna dikolo tse digolwane tsa setegeniki.

Go tsamaelana le maikano a puso a ditshwanelo tsa batho ba ba humanegileng gore ba kgotne go tsena sekolo kwa dikolong tsa thuto e kgolwane, mo nwageng yo o fetileng re tsentse tirisong thuto e e sa duelelweng kwa ditheong tsa thuto e kgolwane go thusa baithuti ba ngwaga wa ntlha gore bao ba fitlheletseng ditlhokwa tse di tlhokagalang ba kgone go ya sekolong.

Ka ntlha ya letsholo leno, go setse go tsosolositswe dikgolagano le ditheo tsotlhe mme ditlhogo tsa ditheo mmogo le baeteledipele ba mekgatlho ya barutabana ba tshamekile karolo ya botlhokwa mo go buisneng le baithuti.

Letsholo leno la tla nna tirisong sebaka sa dingwaga di le tlhano mme baithuti botlhe ba ba iseng ba aloge mme ba fitlheletse ditlhokwa tsotlhe go ya ka lenaneo la ditlhokwa ba tla unngwelwa.

Go tsetsepedisa thulaganyo ya kgwebo ya Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) le sona se tla beelwa mo maemong a a kwa godimo mo ngwageng yo re o lebileng gore re se tle se kgonwe go matlafadiwa gore se kgone go diragatsa tiro ya sona e e botlhokwa e leng go tshegetsa baithuti ba ba nang le matshwanedi.

Re tshwenyegile mo go maswe ka ntlha ya ditiragalo tse di bolotseng kwa dikhamphaseng tsa thuto e kgolwane mo bekeng eno, bogolosegolo tsa dintwa le matshosetsi

Se se re tshwentseng go feta e nnile, go bolawa ga Mlungisi Madonsela, moithuti wa kwa Yunibesiting ya Thekenoloji ya Durban.

Re lebisa matshediso a rona kwa lelapeng la gagwe mo botlhokong jono mme gape re ikuela mo bothating jwa tiragatso ya molao gore ba phuruphutse ka tsenelelo ntlha eno.

Re ikuela mo makokong otlhe a a emetseng baithuti mmogo le bothati jwa diyunibesiti gore ba dirisane mmogo gore ba tle ba kgone go fitlhelela ditharabololo tsa matsapa ao baithuti ba tobaneng le ona.

Re tla diragatsa maikano a rona a go aga mafelo a bodulo mo dikarolong tse di rulagantsweng sentle a a golaganyang ditšhono tsa ikonomi mmogo le ditirelo tsotlhe le ditlhokwa tseo batho ba di tlhokang.

Setheo sa Kago ya Dintlo se tla aga gape diyuniti tsa dintlo tse dingwe gape di le 500 000 mo dingwageng di le tlhano tse di tlang, mme madi a ka fitlha go R30 bilione a tla abelwa dimasepala mmogo le diporofense go di kgontsha go diragatsa maikarabelo a sona.

Le fa go le jalo, fa e le gore boammaruri re batla go samagana le tshalelomorago e kgolo e e leng teng ya dintlo mo nageng ya rona, re tshwanelwa ke gore re simolole go aga mekgwa ya go tlamela ka matlole a go aga madulo.

Ke ka ntlha ya mabaka ano re tlhomang Banka ya Tlhabololo ya Kago ya Madulo a Batho e leng se se tla thusang go kukisana joko ya tlamelo ka matlole go tswa mo makaleng ka bobedi la puso le la poraefeta go ka tsenya letsogo mo go abelaneng ka dintlo.

Re tla atolosa gape le Lenaane la Dintlo tsa Batho, moo malapa a tla neelwang ditene tse di nang le ditirelo tsotlhe tse di tlhokagalang mme bona ba tsena fela ka go ikagela dintlo, e ka tswa e le ka mokgwa wa go neela mongwe le mongwe setene kgotsa ka mokgwa wa go neela ditene tseno dikoporasi tsa dintlo tse di laolwang ke baagi.

Aforika Borwa e na le letlole la a mangwe a magolo go gaisa la tlhokomelo ya baagi mo lefatsheng, e leng se se thusang malapa a a humanegileng le a a leng mo khumanegong e e seng kana ka sepe.

Kgwedi e nngwe le e nngwe megolong ya loago e le kanaka 17,5 milione e tlamela maAforika Borwa ano.

Lefapha la Tlhabololo ya Loago le tshwanetswe go tlotlomadiwa go bo le tsibogetse taelo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya gore go fedisiwe tirelo ya Cash Paymaster Services.

Go fitlha jaanong bontsi jwa bajalefa ba megolo ya loago ba kgonne go tsenngwa mo lenaneotuelong la megolo la Kantoroposo ya Aforika Borwa (SAPO), mmogo le go neelwa dikarata tse dintšhwa tsa Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA).

Re gatetsepele go utlwagala mo go logeng leano ka botlalo la Togamaano ya Tlhokomelo ya Loago ka thuso go tswa mo Lekgotleng la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro.

Dintšhwafatso di lebagane le go fitlhelela ka botlalo ntšhwafatso mo tlhokomelong ya loago le mo go roleng tiro e leng se se duelegang, se se somarelegang e bile se le matshwanedi mo maAforika Borweng.

Ka thuso ya Komiti ya Togamaano a Naga, re dumelane ka dintšhwafatso tse di akaretsang Letlole la Naga la Tlhokomelo ya Loago, dithulaganyo tsa ditheo, kwalolosešwa ya melawana, dipoelo tse di tokafetseng fa o sa dire, thuso ua phitlhelelo e e tokafaditsweng, mmogo le dipholisi tsa mebaraka tse di matlhagatlhaga tsa ditiro go thusa baagi ba ba magareng ga dingwaga di le 18 le 59.

Ga jaanong re tla tsenya tumelano eno ya maphata otlhe mo letlhomesong la pholisi gore e re supetse tsela fa e tsenngwa tirisong.

Monongwaga, re tla tsaya kgato e kgologadi gore maAforika Borwa otlhe a fitlhelele tlhokomelo ya botlhe.

Morago ga gore go diriwe dipatlomaikutlo tse di tseneletseng, Molaotlhomo wa Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) go ise go ye kae o tla bo o siametse go ka isiwa kwa Palamenteng.

NHI e tla kgontsha maAforika Borwa gore a amogele tirelo e ba sa e dueleleng ya tlhokomelo ya boitekanelo kwa maokelong a puso le a poraefete a a nang le boleng.

Ka go diragatsa kgato eno ya go tshwaraganela merero ya loago le go abelana ka tlamelo go ralala le makala otlhe, re ikaelela go fokotsa tlhokego ya tekatekano e e leng teng mo go fitlheleleng ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo.

Ka go lemoga bogolo jwa dikgwetlho tse di leng teng mo tlhokomelong ya boitekanelo, re tlhomile NHI mmogo le Lefelo la Tharabololo ya Matsapa a a ka ga tokafatso ya boleng mo Kantorong ya Moporesitente, mme lona le tsenyeletsa mafapha a a farologaneng go kgontsha go rarabolola matsapa a a fitlhelwang mo maokelong a puso fa mo letlhakoreng le lengwe go tsewa dikgato tsa go ipaakanyetsa NHI.

Re tlametse ka matlole leano la go tokafatsa boleng jwa boitekanelo gore go tlhabololwe tleliniki e nngwe le e nngwe mmogo le dipetlele tse di tla tsenang mo dikoterakeng tsa NHI

Ka go tsenya tirisong NHI mmogo le lenaane la tokafatso ya boleng la dikgato di le dintsi tse di tla gogang lobaka mo maokelong a puso, re semeletse go dira diphetogo tse dikgolo mo maitemogelong a maAforika Borwa a tirelong ya tlhokomelo ya boitekanelo.

Le fa re dirile go tlala seatla fa e sale ka ngwaga wa 1994 mo go fokotseng mefuta e mengwe e e rileng ya bosenyi jo bo setlhogo, baagi ba le bantsi go ralala le naga ba santse ba aparetswe ke leru le lentsho la digongwana le tirisodikgoka.

Jaaka karolo ya matsapa a rona rotlhe a go dira gore naga ya rona e bolokesege le go babalesega, go thankgolotswe Togamaano ya Baagi ka Diphalane ngogola.

Togamaano eno e tobane le go tlhomeng tirisanommogo magareng ga baagi le mapodisi; e leng seo se tla oketsang metswedi ya thuso ya mapodisi mmogo le go tokafatsa kgolagano ya mapodisi le baagi mabapi le dikgato tse di ka thibelang bosenyi.

Seno se tla kgontsha banna le basadi ba mapodisi go nna mosola mo go samaganeng le bosenyi le mo pabalesegong ya baagi ka botlalo.

Mo godimo ga seno, re matlafatsa ditiro tsa diyuniti tse di itlhophileng tse di farologaneng tse di jaaka yuniti ya Dintwa tsa ka fa malapeng, Tshireletsego ya Bana le Ditlolo tsa Melao ya Thobalano mmogo le go tokafatsa thulaganyo ya rona ya tsamaiso mmogo le bokgoni jwa rona jwa go somarela direkoto mo maemong otlhe a a amegang. 

SAPS e rebotse kgato ya go rulaganyasešwa go isa metswedi e mengwe e mentsinyana ya sepodisi kwa sepodising sa selegae.

Go ketikiwa ga basadi le bana go setse go tswile mo taolong.

Letsatsi le letsatsi, basadi ba maAforika Borwa ba a tlhaolwa, ba a boga, ba a ketikiwa mme mo dinakong tse dingwe ba a bolawa, go le gantsi ke batho bao ba nnang le bona letsatsi le letsatsi.

Mo ngwageng yo o fetileng, re simolotse go samagana le ntlha eno ka dikgato tse bogale le ka tsela e e leng mo molaong.

Kwa Samiting ya Moporesitente e e ka ga Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) le Dipolao tsa Basadi, basadi go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa naga ba ne ba ikamaganya le puso le mekgatlho ya baagi go tlhalosa dikgato tse di ka tsewang go fedisa GBV, go tokafatsa thulaganyo ya go loga maano mmogo le go dira maikano a go tlamela ka ditlhokwa tse di tlhokagalang le ka maikarabelo. 

Tiro e tsweletse go tsenya tirisong ditshwetso tse di tserweng kwa samiting eno, go akaretsa le go rulaganya Leano la Naga la Togamaano ya GBV.

Monongwaga, re tla dirisanammogo le badirisanimmogo ba rona ba mekgatlho ya baagi go tsenya tirisong ditshwetso tsa Samiti ya Moporesitente e e ka ga GBV le Dipolao tsa Basadi.

Re tsweletse go gola le go oketsa matlole a mangwe mo ditheong tsa tshegetso tse di jaaka tsa Thuthuzela Care Centres le tsa Khuseleka Care Centres.

Re dirile ka natla go netefatsa gore dikgotlatshekelo tse go sekisetswang ditlolomolao tsa thobalano kwa go tsona di dira botoka.

Re tla tokafatsa boleng jwa ditirelo tsa mafelo a ditirelo tsa pabalesego ya batswasetlhabelo le go netefatsa gore a amogela batho ba LGBTQI+.

Re tla matlafatsa tikwatikwe ya naga ya mogala wa tshoganyetso ya batswasetlhabelo ba basadi ba ba iphitlhelang ba gosometse mo matsapeng a GBV mme re netefatse gore e dira bosigo le motshegare.

Re utlwile boikuelo jwa gore go beelwe kwa thoko matlole a go lwantshana le GBV, mme re beetse kwa thoko matlole a a tla tshegetsang ditshwetso tse di tserweng kwa samiting eno.

Puso e tla goga kwa pele matsholo a a tla gogelang banna le basimanyana go nna le seabe se segolo mo kgaratlhong ya go fedisa GBV

Go fedisa GBV ke selo se se tlhokegang gore se khutlhisiwe ka bonako mo nageng mme go tlhokega gore re le maAforika Borwa rotlhe re kopane mme re akaretse gape le ditheo tsotlhe tse di amegang.

Naga ya rona ya Aforika Borwa e aparetswe ke leuba le legolo la tirisobotlhaswa ya diritibatsi, mme seno se fetlha bosenyi le tirisodikgoka mo basading le mo baneng, se gakatsa khumanego le go tlhola matlhomola le kutlobotlhoko mo malapeng.

Jaaka puso re tswelela go tsenyatirisong dikgato tsa go tsereganya go rarabolola maitshwaro a a bodileng a a kgaoganyang ditšhaba tsa borona a a jaaka go sela notagi phetelela le go dirisa diritibatsi botlhaswa.

Jaaka re setse re itse gore go na le kgolagano e ntsi magareng ga tirisobotlhaswa ya diritibatsi, go tshedisa diritibatsi melelwane ka tsela e e seng mo molaong, bosenyi le go tlhobaela ga baagi – re tsepamisitse megopolo ya rona mo ntlheng ya go tlhasela bothata jono kwa moding ka go diragatsa manaane a thibelaketegelo a a tla bong a totile batho ba ba leng mo tlalelong bogolosegolo bašwa ba naga ya rona.

Re eme sejaro gore mafelo otlhe a go welwang mo nkgong kwa go ona a a butsweng gaufi le dikolo a tshwanetswe go tswalelwa.

Re lemoga gore, fela jaaka maAforika Borwa otlhe a setse a itemogetse, matsapa otlhe a magolo a re a tsayang go fedisa lehuma, botlhokatiro le go se lekalekane a tla wela fa fatshe fa re sa samagane le dikgato tsa go goga puso ka nko mmogo le bonweenwee jo bo iponagatsang ka dipopego tsa bona tsotlhe le mo dikarolong tsotlhe tsa puso mo bo iponagatsang teng.

Dikgato tse re tla di tsayang jaanong mo go fediseng bonweenwee le go dira gore botlhe ba ba amegang ba ikarabele kgatlhanong le ditatofatso tseno di tla re bontsha lebelo mmogo le mmila o re  tla o tsayang fa re leba kwa phetolothefosanong e e potlakileng  mo ikonoming ya rona ya loago.

Dikgang tse di ribololwang kwa Khomišeneng ya Diphuruphutso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko e e eteletsweng kwa pele ke Motlatsamoatlhodimogolo Zondo mmogo le  dikgang tse dingwe kwa dikhomišeneng tse dingwe di tota di tshwenya maikutlo, ka ntlha ya gore di bontsha boteng le bophara jwa bosenyo jo bo kgatlhanong le puso ya rona ya temokerasi.

Re akgola dikhomišene tseno tebang le tiro e ntle e di e dirang, le fa go le gantsi ba e dira boima, gore ba ribolole nnete

Dikhomišene tseno di tlhoka go dira tiro ya tsona ntle le go kgorelediwa ke sepe, mme ka jalo re ikuela go mongwe le mongwe yo a ka kgonang go di thusa mo dipatlisisong tsa tsona go tsholetsa seatla.

Le fa dikhomišene tseno mo tsamaong ya nako di tla rebola dikatlholo tsa tsona le ditshitshinyo tsa tsona go ya ka maikarabelo a tsona, bopaki jo bo supang ditiragalo tsa bosenyi jo bo tlhagelelang mo dikhomišene tseno bo tshwanetse go sekasekiwa semolao ke ditheo tsa molao.

Fa go ka fitlhelwa go na le melato e e tlhokang go lebisiwa kwa kgotlatshekelo, batšhotšhisi ba tla tshwanelwa ke go latela thulaganyo e e matshwanedi ya molao gore madi a puso a a utswitsweng a busediwe sekeng ka bonako.

Go fitlha ga jaana re dumelane le Tlhogo e ntšhwa ya Bothati jwa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba (NDPP) gore go na le tlhokego e e potlakileng gore kantoro ya NDPP e nne le lekala la bobatlisisi le le samaganang le bonweenwee jo bogolo le bosenyi bongwe le bongwe jwa mothale oo, go latela karolo ya bo 7 ya Molao wa Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA).

Go ise go ye kae ke tla bo ke golola molao o o tla tlhalosang ka botlalo tiro ya lekala leno.

Ka botlalo, lekala leno le tla samagana le bopaki jo bo rebotsweng ke Khomišene ya Diphuruphutso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nkoe e eteletsweng kwa pele ke Motlatsamoatlhodimogolo Zondo, mmogo le bopaki jo bongwe jo bo rebolwang kwa dikhomišeneng tse dingwe le kwa dikopanong tse dingwe tsa kgalemelo kwa tirong.

Le tla nopola dikgetse tse di botlhokwa tse di tlhokang go batlisisiwa le go tšhotšhisiwa mmogo le go thopa dithoto tsotlhe tse go tsewang di fitlheletswe ke motho ka ntlha ya bonweenwee.

Lekala leno le tla golaganya badiradipatlisiso mmogo le batšhotšhisi ba mefutafuta ba ba farologaneng go tswa mo ditheong tsa puso le kwa makaleng a poraefete go nna ka fa tlase ga taolo ya lekala la dipatlisiso le le ikarabelang mo go NDPP.

Mo tsamaong ya nako, re tla dirisana mmogo le NPA mmogo le ditheo tse dingwe tsa tiragatso ya mola go tlhoma ditharabololo tse dingwe gape tse di mosola tse di tla gagamatsang bokgoni jwa thulaganyo ya bosiamisi jwa ditlolomolao tsa bosenyi gore e kgone go mekamekana le bonweenwee.

MaAforika Borwa ka nna,

Jaaka re itharabologelwa dikgwetlho tse re fetileng mo go tsone mo malobeng mmogo le fa re leka ka gotlhe go samagana le matsadi a tlhaolele a a neng a re aparetse mo dingwagakgolong tse di fetileng, go botlhokwa thata gore re dire jalo re lebile bokamoso jwa rona ka leitlho le le ntšhotšho.

Lefatshe le re tshelelang mo go lona jaanong le fetoga ka lebelo le ka mokgwa o o sa tlwaelegang mo hisetoring ya batho.

Diphetogo tsa kgatelopele ya thekenoloji di fetola tsela eo batho ba dirang ditiro tsa bona le ka fao ba tshelang ka teng.

Di fetola ka fao batho ba amanang ka gone, ka fao ditšhaba di dirang ka teng le ka fao di busiwang ka gone.

Ditlamorago tse di setlhogo tsa mogote wa lefatshe ka bophara mo maemong a loapi lwa mo nageng ya rona di setse di simolotse go ikutlwatsa, ka maemo a bosa a a bogale a a senyang ditikologo tsa borona, ditšhaba tsa borona le maemo a ikonomi ya rona.

Jaaka naga e nnye, e e nang fela le dingwaga di le 25 mo temokerasing, re lebane le ditshwetso tse di bokete.

Re tla tshwanelwa ke go itlhophela gore re a itlogelela gore re siiwe ke diphetogo tsa thekenoloji kgotsa re a di kgobokanya gore di re thuse mo dipeelong tsa rona tsa  tlhabologo.

Re tla tshwanelwa ke go itlhophela gore re fedisa go tlhokatekatekano kgotsa re kgaogana khumo ya naga ka go diragatsa dikakanyo tsa boitshimololedi.

Fa re sa ikgolaganya le ditiragalo tse di tsweletseng, fa re sa tlhaloganye botlhokwa jwa diphetogo tse di bopang lefatshe la rona, le fa re sa rotloetse ditšhono tse di tlhagelelang, ditsholofetso tsa fa naga ya rona e ne e iponela kgololesego di tla nna di sa diragale  go ya go ile.

Gompieno re itlhophela go nna naga e e lebileng bokamoso.

Mo go direng seno, re agelela fa godimo ga serala sa diphitlhelelo tsa saense tse di gagamatsang.

Go agiwa ka katlego ga Thelesekoupu ya MeerKAT kwa Kapa Bokone, e leng thelesekoupu ya seyalemowa e kgolo mo lefatsheng e gape e leng diphatsa go gaisa, mmogo le go agiwa ga Arei ya Sekwere Khilomitara go kgontshitse naga ya Aforika Borwa go bokeleditse dikitso tse di diphatsa tse di jaaka dipatlisiso tsa kwa lefaufaung, boenjenere jo bo diphatsa mmogo le dikhomphiutara tse di diphatsa tsa maemo a kwa godimo.

Kitso le bokgoni jono di dirisediwa go aga HERA, e leng thelesekoupu ya seyalemowa e e agetsweng go nopola, lekgetlho la ntlha, pharologano ya melaetsa ya radio go simolola kwa dinaleding tsa ntlhantlha le lefaufaung tse di tlholegileng kwa tshimologong ya yunibese.

Seno ga se fela mabapi le go atolosa kitsotlhaloganyo ya tshimologo ya yunibese – ke ka ga go tsibogela dikgwetlho tse maAforika Borwa a tobaneng natso gompieno le tseo ba tla tobanang natso kamoso.

Ke ka ga go aga thekenoloji le bokgoni jo bo tla agang ikonomi e e matlhagatlhaga mme e gaisana e e tlholang ditiro tse di seriti tse di somarelegang.

Ke ka ga tlamelo ya dijo e e lekaneng e e tlhabologileng, go samagana botoka le malwetse, mmogo le go nna le motlakase o o seng boturu, o o sa utlwiseng tikologo botlhoko mme gape o tsamaya sentle.

Ke ka ga bodulo jwa batho jo bo nang le didiriswa tsa thekenoloji mmogo le ditharabololo tsa tlhabololo ya loago go ya ka ditlhokwa tsa batho le tseo ba di batlang.

Ke ka ga puso e e mosola, e e dirisang thekenoloji mme gape e tsibogela ditlhokwa tsa batho.

Go netefatsa gore re tsibogela ka potlako diphetogo tsa thekenoloji mo go lateleng kgolo e e akaretsang batho botlhe mmogo le tlhabololo ya loago, ke tlhomile Khomišene ya Boporesitente e e tla samaganang le Merero ya Phetogo ya Intaseteri e e ka ga Thekenoloji.

Khomišene eno, e  e nang le ditokololo tse di botlhokwa thata mo makaleng a a farologaneng le mo ditšhabeng tse di farologaneng, e tla dira jaaka mokgwa wa keletso ya naga ka ga phetogo mo mererong ya dijithale.

E tla nopola le go tshwaela ka dipholisi, ditogamaano le maano a a ka bayang naga ya Aforika Borwa mo maemong a a kwa godimo mo go gaisaneng mo maemong a lefatshe mo lephateng la phetogo mo mererong ya dijithale.

Go agelela mo tirong eo re neng re setse re e dirile mo ngwageng yo o fetileng, re tla tsepamisa mogopo mo go matlafatseng gape bokgoni jwa puso.

Re gatetse kwa pele mo go lekoleng bogolo le sebopego sa puso, mme re tla konosetsa tiro eno kwa bokhutlhong jwa tsamaiso puso ya ga jaana.

Re laletsa maAforika Borwa otlhe go tlhagisa maikutlo a bona mabapi le ka fao re ka rulaganyang botoka puso gore e tle e kgone go tsibogela ditlhokwa tsa batho.

Mo go tokafatseng bokgoni jwa badiredipuso, Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG) se tsenya tirisong lethathama la dirutwa tse di tshwanetsweng go dirwa ke badiredipuso botlhe, tse di akaretsang dikarolo tsa thuto tse di jaaka maitsholo le dikgato tse di kgatlhanong le bonweenwee, botsamaisibogolo le botsamaisi jwa tlamelo ya taolo ya dithoto.

Re tla sekaseka go tsenngwatrisong ga Karolo ya bo 8 ya Molao wa Taolo le Tsamaiso ya Puso e leng e e gagamatsang molao wa go kganetsa badiredipuso go tsena mo kgwebong le ditheo tsa puso mme seno se kgontsha puso go samagana ka tolamo le ditiragalo dingwe le dingwe tsa bonweenwee jwa mothale oo.

Seno se tla dira gore go rebolwe dikatlholo tse di bogale, go akaretsa le tsa go duedisiwa le/ tsa go atlholelwa kgolegelong go badiredipuso bao ba o tlolang.

Yuniti ya Thuso ya Setegeniki ya Maitsholo, Seriti le Dikgatokgalemelo e tla tlhomiwa gore e tshegetse taolo ya maitsholo le dikgato tse di kgatlhanong le bonweenwee mmogo le go netefatsa gore go nna le taolo ya ditlamorago fa go ka tshelwa tsamaiso mo pusong.

MaAforika Borwa ka nna,

Aforika Borwa monongwaga e rwesitswe maemo a go nna monnasetilo yo e seng wa leruri mo Lekgotleng la Pabalesego la Dinagakopano.

Re tla dirisa maemo ano go tsweletsa ditlhokwa tsa kontinente le tsa lefatshe ka bophara, ka go tsweletsa ponelopele ya ga Nelson Mandela ya go nna le lefatshe le le renang kagiso, le le sa etsaetsegeng e bile le rena le bosiamisi.

MaAforika Borwa ka nna,

Mo dikgweding di le mmalwanyana tse di tlang maAforika Borwa a tla leba kwa ditlhophong lekgetlho la borataro mo temokerasing ya rona go ya go tlhopha mokgatlho o ba batlang gore o ba buse mo maemong a bosetšhaba le mo maemong a porofense.

Eno ke tšhono ya gore batho ba borona ba diragatse ditshwanelo tsa bona tse ba di kgaratlhetseng mo go supetseng gore naga e lebe ntlheng efe.

Ke buisane le Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC) mmogo le ditonakgolo tsa diporofense tsotlhe, mme ke ikaeletse go rebola letlha la bo 8 Motsheganong 2019 jaaka letlha la semmuso la go leba ditlhophong.

Re rata go lemosa maAforika Borwa otlhe a a nang le tetlelelo ya go tsena mo ditlhophong mme ba ise ba ikwadise jaaka badiraditlhopho gore ba santse ba na le nako ya go ka dira jalo pele letlha la go tlhopha le ka rebolwa.

MaAforika Borwa ka nna,

Re batho ba letsopa la kgaratlho, la maikemisetso le matlhagatlhaga.

Le fa re ne re tshwerwe makgwakgwa motsing wa tlhaolele, fa re bona kgololesego ya rona ga re a ke ra tswa letsholo ra re jaanong re batla go ipusulosetsa.

Temokerasi ya rona e ne ya thunya le go phaphasela, ya tlhokomelwa ke botho jwa banna le basadi ba lefatshe leno le legolo, bao ba itseng sentle gore gore re fitlhe mo re leng fano go ikentshitswe setlhabelo go le kanakang.

Le fa go le jalo, mmila o o lebileng kwa kgololesegong ya boammaruri e motsopodia, mme re setse re iponetse ka matlho a rona baagi ba rona ba simolola go kgaogana le go feta.

Ba kgaogana ka gore rona re batho ba mmala wa sebilo rona re batho ba basweu, rona re bahumanegi rona re bahumi, rona re batho ba kwa metseselegae rona re batho ba kwa metseseteropong, rona re batho ba peo e e farologaneng, mmogo le ka gore rona re bua dipuo tse di farologaeng mme re na le ditso tse di farologaneng.

Ka dinako dingwe go bonagala ekete sediba seo re neng re nwa mo go sona botho jwa rona se se re kgontshitseng gore re boelane ka 1994 se tšhele.

Le fa go le jalo, re ka se fekeediwe ke diphisegelo tsa batho ba ba itlhobogileng le ba ba ineetseng.  

Setšhaba sa rona se nwa metsi mo moeding wa go itshokelana le go phela mmogo, ka jalo re eme sejaro, e bile ga re etsaetsege mme re tshwaragane kgatlhanong le dikgato tsotlhe tse di ikaelelang go re kgaoganya kgotsa tse di tshosetsang go phatlhalatsa tsotlhe tse re di kgobokantseng ka thata.

Ba ne ba re nyefola ba re bolelela gore ke digaboi go aga Aforika Borwa e e senang letlhoo la bosemorafe, le gore re ijesa dijo tsa ditoro fa re nagana gore re tla feletsa re wetse matshwafo mabapi le bosula jo ba re dirileng jone mo nakong e e fetileng. 

Mme go ne ga nna kwa modiga, mme ra gatelapele ka botshelo.

Ke tlhoafalo ya ponelopele e e tukang ka fa teng ga rona jaaka batho e e re boneseditseng gore re nne le tsholofelo mo dinakong tse re neng re aparetswe ke lefifi la mma ntshwarele ngwana. 

Ke tlhoafalo yona eo e e tla re gapang gore re gate re gatoga go leba kwa bokamosong jwa rona jo bontšhwa.

Jona ke Aforika Borwa oo monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe a tla nnang le bokamoso le bokgoni jwa go itirela bokamoso jo bo botoka.

Ke Aforika Borwa yo o ipaakanyeditseng go gapa ditšhono tse di tlisiwang ke diphetogo tsa thekenoloji tse di gapileng lefatshe ka bophara go kgontsha ikonomi ya rona go gola le go tlholela batho ba yona ditiro.

Ke Aforika Borwa yoo batho ba yona ba nang le ponelopele, phisegelo le maikemisetso; go e dira bodutelo jwa boitshimololedi, boitshimololedikgwebo le le boitshimololedi jwa dikgwebo tse dikgolo.

Ke Aforika Borwa yoo a amogelang matsapa a a tlhodilweng ke ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng, fela a sa ikobonye ka bokamoso jwa yona.

Ke Aforika Borwa yo baeteledipele ba yona ba leng pelokgale, ba ba sa lebaleng gore ba tletse go direla batho – bao go diragatsa tiro ya bona e leng selo se le esi fela se sekgologadi e bile e le sona fela se ba se tletseng.

Go feta tsotlhe tseno, ke Aforika Borwa yo botlhe re ikgantshang ka ene tebang le tseo re di fitlheletseng le fao re batlang go ipone re le teng mo nakong e e tlang.

Tiro e e re letileng e namagadi.

Go feta tsotlhe tseno, re tshwanetse go simolola ka go netefatsa gore ikonomi ya rona e a itharabologelwa le go boela sekeng.

Ke ikuela go moAforika Borwa mongwe le mongwe go rwala maikarabelo ano.

Go nne fa re atlega – e bile mo ntlheng eno re na le bonnete jwa gore re tla atlega – e tla bo e le naga yotlhe e e tla bong e atlega.

Jaaka puso, maphata a kgwebo, mekgatlo ya badiri le ya baagi, tla re tshwaraganeng go galaletsa bokamoso jwa rona.

Tla re tshwareng bokamoso jwa rona botlhe ka diatla tsoopedi, fa ke e baya ka mafoko a a sa sweng lentswe a Lokwalotumelano lwa Kgololesego: re tshegetsane, re na le matla le bopelokgale.

Tiro eno – ya go aga Aforika Borwa yo o botoka – re tshwanetse go e rwala mmogo rotlhe jaaka naga, jaaka re le baagi ba naga ya Aforika Borwa. 

Jaaka re tla bo re samagana le tditiro tseno le dikgwetlho tsa teng, re tshwanetse re gakologelwa mafoko a ga Theodore Roosevelt, yo a rileng:

“Ga se banyefodi ba ba ka bonang; ga se monna yo a ka supang fa monna wa seganka a thekesela, kgotsa modiri wa ditiro a ka bo a dirile botoka fa go tla fa kae.

“Tlotla e tshwanetse e lebisiwe kwa monneng yo a leng ka fa areneng, yo sefatlhego sa gagwe se setlhefaditsweng ke dithole le sethitho le madi; yo a kgaratlhang ka botswapelo; yo a dirang diphoso, yo a fosang gangwe le gape, go nne ga go se o ithutang sone fa go sena diphoso le go fosa; yo a tsayang matsapa a go diragatsa tiro ya gagwe; yo a itseng go tsaya matsapa a magolo, boinelo jo bogolo; yo a dirisang seo a nang naso go diragatsa tiro ya borongwa ya boammaruri; yo a itseng sentle gore kwa bofelong go fenya go monate go le kanakang, yo a itseng sentle gore fa go ka retela go tla bo go retetsa a lekile ka thata, gore kwa bofelong a seke a balelwa le magatlapa a a sa itseng go boganka kana go loba.”

Rotlhe re na le karolo e re tshwanetseng go e tshanoka jaaka maAforika Borwa, ditheo tsa bodumedi, mekgatlho ya metshameko, mekgatlho ya badiri, ya kgwebo, ya baithuti, ya ditheo tsa thuto ya godimo mmogo le ya baagi.

Tla re tsweleleng go tlhotlheletsa ditiro tsa baagi go tsamaisana le thotloetso ya Thuma Mina, mo letsholong le le rebotseng la go batla tekatekano, kgololesego le khumo mo ya batho botlhe.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore