Fa o batla go fudugela gongwe go dira kwa moseja, o tshwanetse go dira kopo ya setifikeiti sa Tshiamo sa Sepodisi kwa seteišeneng se se gaufi sa Tirelo ya sepodisi sa Aforika Borwa.
Setifikeiti se tlhomamisa gore a o na le rekoto ya bosenyi kgotsa nnyaaya.
O tshwanetse go tlamela mapodisi ka leina la gago ka botlalo, sefane, letlha la botsalo le lekwaloitshupo kgotsa lekwalo la mosepele kwa seteišeneng sa mapodisi koo go tla tsewang dikgatiso tsa menwana ya gago gona.
Fa o le kwa ntle ga naga, o ka dira kopo kwa seteišeneng sengwe le sengwe sa sepodisi kwa nageng eo gongwe kwa Embasing ya Aforika Borwa.
Bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le tsela ya go dira kopo ya Setifikeiti sa Tshiamo sa Sepodisi.
South African Criminal Record Centre | |
Tel | 012 393 3928 |
crc-nameclear@saps.gov.za | |
Physical address | Sanlam Plaza West, CRC Client Service Centre, 1st Floor, 271 Schoeman Street, Pretoria |
Postal address | South African Criminal Record Centre, Private Bag X308, Pretoria 0001, South Africa |
Web address | https://www.saps.gov.za/ |