Go kwadisa maAforika Borwa fa ba le kwa dinageng tsa kwa ntle

Lefapha la Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba (DIRCO) ga le sa tlhole e le lona le le nang le foromo ya go ikwadisa mo inthaneteng jaaka e se tlhole e le lona le le abelanang ka ditirelo tsa go Kwadisa maAforika Borwa fa ba le kwa Dinageng tsa kwa Ntle (ROSA).

MaAforika Borwa a a tla tsayang maeto go ya kwa dinageng tsa kwa ntle kgotsa a a nnang kwa dinageng tseo a rotloediwa gore a ikwadise le go ikgolaganya ka go dirisa difalana tse di latelang:

  • Ikgolaganye le dikantoro tsa boambasatara tsa naga ya Aforika Borwa, tsa dikantoro tsa mokomišenaremogolo kgotsa tsa boromiwa ba naga kwa dinageng tsa kwa ntle gongwe le gongwe koo di leng gone mme o ye go ikwadisa kwa go tsona ka namana.
  • Romela imeile kwa go: Rosahelp@dirco.gov.za
  • O ka ikwadisa gape le ka epe ya DIRCO Travel Smart App, eo e ka taoneloutiwang le go dirisiwa mo megaleng ya seatla e e dirisang thekenoloji ya iOS le ya Android.
  • Etela Ditirelo tsa Dikantoro tsa Boromiwa jwa Naga mo webesaeteng ya DIRCO go bona tshedimosetso e e botlhokwa mmogo le thuso e e tobileng go thusa baagi ba maAforika Borwa ba ba leng kwa dinageng tsa kwa ntle.

Maitlhomo a ditirelo tseno ke go tlhokomela maAforika Borwa a a leng kwa dinageng tsa kwa ntle le go kgontsha lefapha gore le kgone go ema batho bano nokeng fa ko ba leng teng go ka nna le matsapa a a jaaka a maemo a matlhotlhapelo, dintwa kgotsa mathata a tshoganyetso a lelapa.

Share this page